“Dikopololō tsa Bogosi” le “Boidiidi yo Bogolo”
1. Ponong ya go fudugela la bofelo kwa Kaesarea ga ga Filipo, go tsoga dipotso dife kaga gagwe maloka le 36 C.E.?
KA NGWAGA wa 36 C.E. tiragalo e e tshwailweng mo ditiragalong tsa Bokeresete ya diragala mo Kaesarea mo losing lo le kafa botlhaba lwa Lewatle la Mediteranean. Tebang le gore a Filipo wa moefangele o ne a setse a agile koo ka ngwaga oo ga re itse tota. Fa a ne a dirile jalo, he ke ka baka lang fa a ne a sa dirisiwa malebana le mosimegi mongwe wa batlhabani wa masole a Italy yoo jaanong a neng a thibeletse koo? Filipo o ne a eteletse moaposetoloi Petere pele mo tirong ya Bokeresete mo Samaria, jalo ka baka lang jaanong a sa dire jalo mo Kaesarea ka 36 C.E.? Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di re neela karabo.
2. Kgolagano ya Molao wa ga Moshe e ne ya fedisiwa leng, mme lefa go ntse jalo go tshwarwa ka mo go kgethegileng ga Bajuda ba ba rupileng go ne ga tswelela lobaka lo lo kanakang?
2 KgoIagano ya Molao eo Moshe a neng a le motsereganyi wa yone gareng ga Jehofa Modimo le Iseraele kwa Thabeng ya Sinai mo Arabia e ne ya fedisiwa mo motheong wa go pegiwa ga ga Jesu Keresete, setlogolwana sa ga Aberahame le Kgosi Dafide. E ne e le dingwaga tse tharo le sephatlo go tswa go go kolobediweng ka metsi le go tlodiwa ka moya ga ga Jesu kwa morago ka 29 C.E. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a tswelela go tshwara Bajuda ba tlholego le Basamaria ka mo go kgethegileng gape mo nakong e dingwaga di le tharo le sephato gape, go dirafatsa boperofeti jwa ga Daniele 9:24-27a. ‘Beke’ e kana lobaka lwa dingwaga di supa e khutlile mo kgweding ya bosupa ya ngwedi (Tishri) ya 36 C.E. Go tswa jaanong go ya pele ditlogolwana tsa ga Aberahame tsa Iseraele di ne di tla bewa mo boemong jwa semoya jo bo tshwanang fela le jwa batho ba merafe e e seng ya Bajuda, Baditšhaba ba ba sa rupang. Morago ga moo go ne go se kitla go nna le go tshwarwa ka mo go kgethegileng ga Bajuda ke Modimo wa ga Aberahame! Se se ne sa supiwa jang ka 36 C.E.?
3. (a) Moaposetoloi Petere o ne a le kae ka nako e, mme ka baka lang? (b) Ke ka baka lang fa Petere a ne a nyadiwa ke Bakeresete ba Bajuda ba ba rupileng kwa Jerusalema ka ntlha ya kgato ya gagwe e e sa tlwaelesegang?
3 Mo e ka nnang ka nako e, ka baka la go kopiwa ka mo go potlakileng ke phuthego ya Bakeresete ya mo motseng wa boemeladikepe wa Jopa, Petere o ne a tlile go tsosa Mokeresete wa Mojuda Dorekase yo o setswerere mo baswing. Koo o ne a nna malatsinyana le Simone, mosuga matlalo. (Dit. 9:36-43) Ka nako eo Moditšhaba yo o sa rupang o ne a sa eletsege go ka nna tsala ya Mojuda, fela jaaka, tota, motho yo o kgaotsweng mo phuthegong ya batho ba Modimo. (Math. 18:17) Jalo, go fitlha nako eno, Mokeresete wa Mojuda Petere o ne a ise a ko a tsene ka go rata mo ntlung ya Moditšhaba yo o sa rupang. (Se kontle ga pelaelo se ne se le boammaaruri gape ka Filipo wa moefangele.) Ka jalo, fa, morago, Bakeresete ba ba rupileng ba Bajuda kwa Jerusalema ba ne ba utlwalela gore Petere labofelo o ne a tsene mo legaeng la Moditšhaba, ba mo nyatsa, ba re “u ile ua tsèna mo banneñ ba ba sa rupañ, me ua ya nabō.”—Dit. 11:3.
4. Mokeresete wa Mojuda moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa jang maikutlo a gagwe morago ga a sena go tsena mo tlung ya Moditšhaba mo Kaesarea?
4 Le eleng Petere, lemororo a ne a nnile moaposetoloi wa Mokeresete dingwagangwaga jaanong, o ne a re go mung wa ntlo yoo a neng a okaokile go baya lonao mo tlung ya gagwe kwa Kaesarea: “Le lona ka losi loa itse yaka e le mo go sa letlèlèlèlwañ motho eo e leñ Moyuda ha a ka ikōpanya le moñwe oa morahe o sele, leha e le go tsèna kwa go èna.” (Dit. 10:28) Merafe ya Baditšhaba e ne e tsewa jaaka e e leswafetseng kana e e seng phepa.
5, 6. Petere o ne a ntsha mabaka afe fa a iphemela mo kgatong ya gagwe e e nyaditsweng mo Kaesarea?
5 A iphemela, Petere o ne a tshwanelwa ke go tlhalosetsa baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba ba rupileng ba Bajuda kwa Jerusalema mabaka. Mabaka e ne e le afe? A: Gore Petere o ne a sa itshimololela kgato e ka bogagagwe. O ne a dirile jalo ka go utlwa Jehofa Modimo.
6 Fa Petere a ne a le kwa tlung ya ga Simone wa mosuga-matlalo kwa Jopa, Modimo o ne wa romelela Petere ponatshegelo go itsise gore se Modimo o neng o se phepafaditse jaanong Petere o ne a sa tshwanela go tswelela a se bitsa se se seng phepa. Jalo banna ba bararo ba ba neng ba romilwe ke moeteledi-pele wa lekgolo la masole wa Italy Korenelio wa Kaesarea ba ne ba tsena mo tlung go botsa kaga Petere. Modimo jaanong wa bolelela moaposetoloi yo wa Mojuda yo eleng Mokeresete go tsamaya le bone, “u sa belaele sepè: gonne ke ba romile.” Ba barataro ba Bakeresete ba Bajuda ba ba rupileng ba phuthego ya Jopa ba tsamaya le Petere ba iphaphathile ka lewatle go ya kwa Kaesarea. Letsatsi le le latelang, fa ba tsena mo tlung ya moeteledi-pele wa lekgolo le masole wa Moditšhaba Korenelio, o ne a tlhalosa gore moengele wa Modimo o ne a tlhagile kwa go ene mme a mmolelela gore a ye go bitsa Petere kwa Jopa, “eu o tla buañ nau mahoko a u tla bolokwañ ka aōna, wèna le botlhe ba ntlo ea gago.”—Dit. 10:1-33; 11:14.
7. Petere o ne a ya bokgakaleng jo ba kana-kang mo puong ya gagwe go Baditšhaba mo tlung ya moeteledi-pele wa lekgolo la masole la Italy Korenelio?
7 A sa lemoge se se tlogang se diragala, Petere a tswelela ka go neela molaetsa kaga tirelo ya selefatshe ya ga Jesu Keresete, go swa ga gagwe le go tsosiwa ga gagwe mo baswing ke Modimo mothatayotlhe. Mo go bueng ga gagwe Petere o ne a ya bokgakaleng jwa go re: “Eo e le èna eo o laocweñ ke Modimo gore a nne moatlhodi oa batshedi le bashwi. Ke èna eo baperofeti botlhe ba shupañ kaga gagwè, ha moñwe eo o dumèlañ mo go èna a tla bōna boichwarèlō yoa dibe ka leina ya gagwè.”—Dit. 10:34-43.
8. Fa Petere a santse a bua, Modimo o ne wa neela bosupi bofe jwa gore jaanong o ne a amogela Baditšhaba ba ba sa rupang mme ba dumela mo phuthegong e e tsetsweng ka moya?
8 Mo ntlheng e Jehofa Modimo o ne a neela bosupi jwa gore jaanong o ne a amogela Baditšhaba ba ba dumelang, lefa ba sa rupa, mo phuthegong ya Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya, gonne re a bala: “Ea re Petere a sa nntse a bua mahoko a, Mōea o o Boitshepō oa wèla botlhe ba ba utlwañ lehoko. Me ba bogwèra ba ba dumetseñ, ba gakgamala thata, eboñ ba ba tsileñ le Petere, ka go bo nèō ea Mōea o o Boitshèpō e goromedicwe le mo go Badichaba. Gonne ba ba utlwa ba bua ka dipuō di sele, ba baka Modimo.”—Dit.10:44-46.
9. Fa a bolela se a se boneng kwa Jerusalema, Petere o ne a tlhalosa tiro ya moya o o boitshepo mo Kaesarea jang, mme o ne a e tshwantsha le efe?
9 Fa a bolela se a se boneng kaga se kwa Jerusalema, Petere o ne a Re: “Me e rile ke simolola go bua hèla, Mōea o o Boitshepō oa ba wèla, hèla yaka rona mo tshimologoñ [ka Pentekoste, 33 C.E.]. Me ka gakologèlwa lehoko ya Morèna, yaka a rile, Le gale Yohane o kolobeditse ka metsi; me lona lo tla kolobediwa ka Mōea o o Boitshèpō. Ke gōna e re ha Modimo o ba neile nèō e e etsañ e o e re neileñ le rona, yale ka re dumèla mo go Morèna Yesu Keresete, ka bo ke le mañ, ha nka ganèla le Modimo?”—Dit. 11:15-17.
10. Petere jaanong o ne a laola gore go dirweng ka Baditšhaba ba ba sa rupang ba, mme ka baka lang?
10 Jalo Petere jaanong o ne a dirang? “Hoñ Petere a bua, a re, A moñwe [wa Bakeresete ba Bajuda ba barataro ba ba neng tlile le Petere] o ka itsa metse, gore batho ba, ba se kolobediwe, ba ba amogetseñ Mōea o o Boitshèpō yaka rona [Bakeresete ba Bajuda ba ba rupileng]? Me a laola gore ba kolobediwe mo ineñ ya ga Yesu Keresete.”—Dit. 10:46-48.
11. (a) Go tswa jaanong go ya pele, badumedi ba Baditšhaba ba ba tsetsweng ka moya ba ne ba gololesegile go dirang ka bogolo jo bo kana-kang? Ka baka lang? (b) Tiro ya moya o o boitshepo e ne e tshwana jang mo ditiragalong tse tharo, mo ditlhopheng tse tharo tse di farologaneng?
11 Ka gone “pele Modimo oa lekola Badichaba [ba ba sa rupang], gore o tlhaolèlè leina ya ōna batho mo go bōnè.” (Dit. 15:14) Ka nako e, mo tlung ya moeteledi-pele wa lekgolo la masole yo o sa rupang Korenelio mo Kaesarea, Petere o ne a dirisa se sengwe sa “dikopololō tsa bogosi yoa legodimo,” sekopololo sa boraro. Go tswa jaanong go ya pele, barutwa ba ba tloditsweng ka moya ba ga Jesu ba ne ba nna basupi ba gagwe “go ya hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Dit. 1:8) Se Modimo o neng o se butse ka Petere wa motshola-sekopololo se ne sa nna se ntse se butswe bakeng sa bosupi jwa lefatshe ka bophara. Tumalanong le se, moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa “wèla” (Segerika: epipipto) mo ditlhopheng tse tharo tse di farologaneng tsa badumedi, (1) mo barutweng ba ba kolobeditsweng ba ba 120 le, morago, mo Bajudeng ba le 3 000 ba ba sokologileng, botlhe kwa Jerusalema ka Pentekoste ya 33 C.E.; (2) mo Basamarieng ba ba kolobeditsweng, mme morago ga go tla le tirelo ya baaposetoloi Petere le Johane fela; le (3) mo Baditšhabeng ba ba dumetseng ba ba neng ba kgobokane mo ntlung ya ga Korenelio mo Kaesarea, ka 36 C.E.—Dit. 1:15; 2:1-4, 38, 41; 8:15-17; 10:44, 45; 11:15, 16.
GO BULELA “BOIDIIDI YO BOGOLO” TSELA
12. Fa esale jaanong Jehofa o ne a ntse a tlhopha setlhopha sefe gareng ga bomang?
12 Go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga go fitlha jaanong Jehofa o ne a ntse a ‘tlhaolela leina la gagwe batho’ mo gareng ga Bajuda ba ba rupileng, Basamaria ba barupileng le Baditšhaba ba ba sa rupang. (Amose 9:12) Batho ba ba leina la ga Jehofa ba ne ba tshwanetse go nna 144 000 fela, ba ba neng ba tshwanetse go kopana le Jesu mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo.—Tshen. 7:4-8; 14:1-3.
13. Food for Thinking Christians le The Divine Plan of the Ages di ne tsa bontsha jang kaga maemo le dipoloko tse di farologaneng?
13 Ka September 1881 kgatiso ya Watch Tower Food for Thinking Christians e ne ya ntshiwa. Morago, ka 1886, buka The Divine Plan of the Ages e ne ya ntshiwa. Dikgatiso tse pedi tse di ne di bontsha gore sebopego sa semoya le senama kana selefatshe ke dilo tse di kgaoganeng le go farologana. Ka tshwanelo, poloko ya phuthego e e tsetsweng ka moya ya ba ba 144 000 go ya legodimong e ne e tla farologana le ya setho se se rekololetsweng botshelong mo lefatsheng la paradaise. Lefa go ntse jalo setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thekololo e ne e tla nna selo sa motheo mo dipolokong tsoopedi.
14. Puo ya phatlalatsa e e neng ya neelwa mo Los Angeles, California, ka Sontaga, February a le 24, 1918, e ne e gatelela eng?
14 Ka February 24, 1918, mo gare ga Ntwa ya Lefatshe I, J. F. Rutherford jaaka mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society o ne a neela puo ya phatlalatsa mo Los Angeles, California, U.S.A. Setlhogo sa yone e ne e le “Didikadike tse Jaanong di Tshelang di ka se Tlhole di Swa.” Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, boikitsiso jwa puo e e kwa godimo e bo ne jwa gatisiwa mo bukeng. Neelano e e ne e gatelela gore go ne go tla nna le batho ba ba itsegeng ka tshiamo mo lefatsheng bao ba tla bolokwang ba tshedile mo letsatsing la bogale jwa Modimo. Ba tla falolela mo thulaganyong ya Modimo e ntšha mme ba nne le sebaka sa go se tlhole ba swa mo lefatsheng le le fetoletsweng mo paradaiseng.
15. Puo ya 1923 kwa Los Angeles, ya setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi, e ne ya bontsha eng?
15 Gape mo Los Angeles, ka 1923, go ne ga nna le kopano mme mookamedi wa Mokgatlho o ne a bua ka setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi. Ka Dikwalo o ne a bontsha ntlha ya gore “dinku” tsa tshwantshetso tsa setshwantsho se e ne e le bao jaanong, mo ‘motlheng ono wa bokhutlo,’ ba direlang bakaulengwe ba ga Jesu ba semoya kana ba ba ‘tsetsweng ka moya’ molemo ka ditsela tse di farologaneng. Tuelong ya se, badiri ba ba molemo ba ba ne ba tla bolokwa go kgabaganya ntwa ya Hara-Magedona e e tlang, mme “Morwa Motho” yo o galaleditsweng, Kgosi ya selegodimo Jesu Keresete, o ne a tla ba bulela mo pusong ya selefatshe ya bogosi jwa gagwe jwa dingwaga tse di sekete. (Math. 25:31-46) Se se ne sa phephafaletsa batho ba le bantsi ba seka-dinku ditsholofelo tsa selefatshe ba ba neng ba diretse ‘bomonna’ Keresete molemo jaaka ekete ba ne ba o direla ene ka sebele.
16, 17. Fa botswelelo jo bogolo jwa kutlwisiso ya Bibela bo ne bo tla dingwaga di le 12 morago, ke ka baka lang fa e ne le tiragalo e e sa tlwaelegang?
16 Lefa go ntse jalo, botswelelo jo jwa kutlwisiso ya Bibela jo bogolo bo ne jwa tla dingwaga di le 12 morago. E e ne ya itshupa e le tiragalo e e sa tlwaelesegang mo ditiragalong tsa setho. Leuba le legolo jaanong le ne le le mo ngwageng wa borataro. “Ngwaga o o Boitshepo” wa kereke ya Roma Katoliki wa 1933 o ne o reteletswe ke go lere “kagiso le letlotlo” tse di solofeditsweng. Ka baka la go sa utlwane le Mmuso wa Ethiopia, Italy ya mmuso wa Fascist e ne ya ipaakanyetsa ntwa mme ka October 3, 1935, masole a Italy a tlhasela Mmuso. Adolf Hitler o ne a le mo ngwageng wa boraro wa bolaodi jwa gagwe mo Jeremane, mme o ne a bogisa Basupi ba ga Jehofa ka bosetlhogo. Ka October 4, 1934, o ne a tlhagisitswe ka melaetsa ya megala e le makgolokgolo gongwe le gongwe mo lefatsheng gore, fa a ne a sa tlogele go ba bogisa, Jehofa o ne a tla senya ene le lekgotla la gagwe la Nazi ka bobedi. Mme ka botlhodi o ne a ikaelela go feletsa ruri “ditsuane” tse tsa Bakeresete ba eseng ba bopolitiki mo Nageng ya Jeremane.
17 Ka 1935, tautona ya Amerika, Franklin D. Roosevelt, o ne a tsena mo mathateng malebana le mokgatlho o a neng a o simolotse, NRA (National Recovery Admistration), jalo mmuso wa morafe o ne o ineela mo kgatelelong ya Kgato ya Katoliki. Soviet Russia e ne e le tlase ga puso ya “monna yo o thata” Joseph Stalin. Mmuso wa Japane, jaaka moganetsi yo o bogale wa Bokomanisi, o ne a fetogela “Tshwaraganong ya Boraro” e eseng lesego le Italy ya mmuso wa Fascist le Jeremane ya Nazi, go dira Maatla a a Kopaneng a mararo. Ntwa ya Lefatshe II e ne e kukela!
18. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwarela kae kopano ka dikgakologo tsa 1935, mme setlhogo sa puo ya phatlalatsa e ne e le eng?
18 Lemororo merero ya mmuso e ne e le maswe lefatshe ka bophara ka 1935, e ne ya itshupa e le nako e e itumedisang ka mo go farologaneng ya Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba nna kopano mo bonnong jwa mmuso jwa morafe wa Amerika, Washington, D.C., ka May a le 30 go ya go June a le 3. Puo ya phatlalatsa e e neng ya neelwa ka Sontaga, June a le 2, setlhogo sa yone e ne e le “Mmuso” mme e ne ya gasiwa ka diromamowa mo Great Britain, Yuropa, Afrika le ditlhaketlhake tsa mawatle.—Bona tokololo ya August a le 29, 1935, ya The Golden Age.
19. Thapameng ya Labotlhano, May a le 31, go ne ga lemogiwa maloko a setlhopha sefe, mme ke eng se e neng e tshwanetse go nna boitemogelo jwa setlhopha se maloka le “sepitla se segolo”?
19 Pele ga moo, thapameng ya Labotlhano, ka May a le 31, polelo e e kgothatsang e ne ya neelwa baphuthegi. Ka baka la botlhokwa jwa yone, e ne ya gasiwa ka nako e le nngwe mo diromamoweng tsa mafelo a mabedi. Batho ba seka-dinku ba ba neng ba kgatlhegela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la boemo jwa paradaise ba ne ba lalediwa bogolo go nna teng mo kopanong. Kgatlhego ya baphuthegi botlhe e ne ya gapiwa ke setlhogo se se neng se ntse se sa utlwisisiwe go fitlha jaanong, e leng, “boidiidi yo bogolo” jo bo bonweng mo ponatshegelong ke moaposetoloi Johane go ya ka Tshenolo 7:9-17. Boitumelong jo bo kgethegileng jwa bareetsi ba ba bonalang le ba ba sa bonaleng, “boidiidi yo bogolo” bo ne jwa lemogiwa. Ga se setlhopha sa Bakeresete se se yang legodimong, se se ‘tsetsweng sesha.’ Ke setlhopha sa “dinku” tsa selefatshe sa setshwantsho sa ga Jesu se se kwadilweng go Mathaio 25:31-46. Ba falolela mo lefatsheng mme ka tsela e ‘ba tswa mo pitlaganong e kgolo.’—Tshen. 7:14.
20. Ke boineelo bofe jo bao ba neng ba batla go nna ba e tla nnang maloko a “boidiidi yo bogolo” ba neng ba patelesega go bo dira, mme, morago ga go bo supa phatlalatsa, ke eng se ba neng ba sa tshwanela go solofela moya go se dira?
20 Ba ba patelesega go ineela mo Modiseng yo o Molemo wa ga Jehofa, Jesu Keresete. Ba bontsha go ineela ga bone ka go “itshwaela,” kana go ineela go Jehofa ka Keresete. Go ya ka Dikwalo boineelo jo bo tshwanetse go supiwa ka kolobetso ya metsing mo leineng la Rara, le Morwa le moya o o boitshepo. (Mat. 28:19, 20) Jalo, fa bangwe ba eletsa go nna ba e tla nnang maloko a “boidiidi yo bogolo,” ka tshwanelo ba tshwanetse go ineela jaanong le go supa boineelo jwa bone ka kolobetso ya metsing. (The Watchtower, August 15, 1934, ts. 250, ser. 34) Go ne go sa tshwanelwa go solofelwa gore, morago ga go kolobediwa ga bone, moya wa Modimo o ne o tla ba “wèla” le go ba tsalela botshelong jwa selegodimo jo ba neng ba sa bo batle.
21. Ka polelo e, makgolokgolo a ne a kgorometsega go dirang mo letsatsing le le latelang, mme ba ne ba tsena mo ‘letsomaneng’ lefe?
21 Polelo e ne e tshikinya maikutlo, bogolo jang go bao ba seka-dinku ba ba neng ba eleditse kutlwisiso e e tlhamaletseng ya boemo jwa bone mo thulaganyong ya ga Jehofa. Jalo ba ne ba kgothalediwa mo tirong ke go lemoga “boidiidi yo bogolo.” Letsatsi le le latelang, Matlhatso, June a le 1, le ne le rulaganyeditswe go neela sebaka sa kolobetso ya metsing. Bakolobediwa ba ba 840 ba ne ba itumetse fela thata, bontsi jwa bao ba neng ba kolobelediwa ka tsholofelo ya go tsenngwa mo setlhopheng sa ba e tla nnang “boidiidi yo bogolo” ke Jehofa. E ne ya itshupa go nna tiragalo ya kolobetso e e tlhomolosegileng. E ne ekete dikgoro tsa metsi di ne di bulegile, mme batho ba le bantsi ba tsenelela mo kamanong e e boletsweng phatlalatsa le Jehofa, ba tsena mo ‘letsomaneng le le lengwefela’ la Modisa yo o Molemo go kopana le ‘bomonnawe’ ba semoya.—Yoh. 10:16; Math. 25:34.
22. (a) Go ne go dirisitswe “sekopololō” sefe, mme ka phelelo efe? (b) Tlhokomelo ya bone e ne ya lebisiwa mmusong ofe mo letsatsing le le latelang, mme e ne e le jwa bone go bo bolela jaaka eng?
22 E ne ekete setlhopha sa “motlhanka eo o boikanō le eo botlhale” se ne se dirisitse “sekopololō sa kicō” (Math. 24:45-47; Luke 11:52) mme se ne se buletse ba e tla nnang maloko a “boidiidi yo bogolo” kgoro go tsena mo ditshiamelong tse di molemo thata. Go di bona go ne go tla ba thusa go ‘tswa mo pitlaganong e kgolo’ le go tsena mo lefatsheng le le phepafaditsweng tlase ga mmuso wa lefatshe wa lone o mosha ka Keresete. Tlhokomelo ya bone e ne ya lebisiwa mmusong oo mo letsatsing le le latelang ka polelo ya phatlalatsa mo setlhogong “Mmuso,” setlhogo se se neng se dumalana le boemo jwa lefatshe jwa nako eo. Polelo e ne ya neela bareetsi ba ba bonalang ba bantsi le bareetsi ba bantsi go feta ba seromamowa tlhagiso go sa le gale ya phediso e e neng e emetse mebuso yotlhe ya selefatshe ya batho ba selefatshe mo ntweng ya Modimo ka Hara-Magedona. Go feta moo, polelo e ne e tlotlomatsa mmuso wa bolegodimo wa ga Jehofa ka Keresete jaaka e le ene tsholofelo e le yosi ya setho. O e ne e le mmuso wa bomodimo wa “boidiidi yo bogolo,” go bo bolela jaaka tsholofelo ya bone e e galalelang!a
23. (a) Ka tiriso ya “sekopololō sa kicō,” a badumedi ba ba tshwanetseng bogosi jwa selegodimo ba ne ba tswaletswe kgoro? (b) Go ka neelwa eng jaaka bosupi maloka le se?
23 Lefa ntse jalo, ka tiriso eo ya “sekopololō sa kicō” a kgoro e e amogelang badumedi ba ba tshwanetseng bogosi jwa selegodimo e ne e tswetswe ka nako eo? Nnya, gonne Jesu Keresete ke Ene yo o tshotseng “sekopololō sa ga Dafide” mme ke ene a le nosi yo o ka tswalang kgoro eo. Kamogelo e ne e santse e kgonega go bangwe go ya ka thato ya Modimo. Jaaka bosupi jwa se, bangwe ba maloko a masalela a a tloditsweng a Basupi ba ga Jehofa a ne a kolobediwa mo metsing mo dingwageng tse di latelang polelo ya “boidiidi yo bogolo” ya nako e kgolo eo mo dikgakologong tsa 1935 le kgatiso ya polelo e mo tokololong ya August a le 1 le 15, 1935, ya makasine wa The Watchtower.—Tshen. 3:7; Luke 11:52; Math. 23:13.
24. (a) Ke eng se se tla tswalelang ba ba oketsegileng mo ‘letsomaneng le le lengwefela’ tlase ga Modisa yo o Molemo? (b) Modisa o amogela “dinku” mo ‘letsomaneng le lengwefela’ ka bogolo jo bo kana-kang?
24 Ke go simologa ga “sepitla se segolo” fela mo go ka tswalelang batho go tsena mo maemong a ba seka-dinku ba ba tla dirang “boidiidi yo bogolo.” Tsela ya go falola phediso ka tsamaiso eno ya dilo e e atlhotsweng jaanong e tla bo e le sebaka se se latlhegileng bakeng sa poloko. Mo dingwageng tse tsotlhe fa esale ka 1935 kgoro ya go tsena mo ‘letsomaneng le le lengwefela’ la Modisa yo o Molemo le ntse le bulegile. Go ya ka pego, ba ba fetang didikadike tse pedi ba tsene. Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete, o ne a re: “Ke nna kgōrō ea dinku.” (Yoh. 10:7-9) Ka gone he, o santse a amogela ditsala tsa ‘bomonnawe’ ba semoya mme o ba kgaoganya le “dipodi” bao ba se kitlang ba falola “sepitla se segolo” le “ntwa” ya sone ka Hara-Magedona. Botlhe ba jaanong ba batlang, a ba reetse “lencwe” la Modisa yo o Molemo jaaka jaanong le tla ka ‘bomonnawe’ ba semoya ba ba santseng ba le mo lefatsheng. (Yoh. 10:16) Abo lesego la bone le le molemo jang go ipelela polokesego ya “lecomane le le leñwe hèla” tlase ga “modisa a le moñwe hèla”!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Makgolokgolo a ba ba sa tswang go kolobediwa ba kopanela mo karabelong ya bareetsi ba ba bonalang fa sebui sa phatlalatsa se neela phetso kwa bowelong jwa puo ya gagwe: “Mme jaanong ditsala tsa me tse di molemo tsa bareetsi bano, ba ba bonalang le ba ba sa bonaleng, ke akantsha gore mongwe le mongwe wa lona yo o eletsang go bona mmuso oo mo go one kagiso, letlotlo le boitumelo di tla tlelang botlhe ba ba utlwang, a eme mme a re Ee.”
Malebana le se se neng sa latela kakantsho e, pampiri ya dikgang ya Washington Herald e ne ya re:
“Boidiidi jo bogolo jo bo mo teng le ka kwantle ga holo jwa emelela ka dinao jaaka lekhubu le legolo la metse. Mabogo a tsholeleditswe kwa godimo, Basupi ba ga Jehofa ba goela tlhomamiso ya bone kwa godimo. Difensetere tsa holo tsa tshikinyega jaaka modumo o itaagana le tsone, mme mantswe a boidiidi, mapodisi a akanyetsa, a ne a ka utlwiwa sentle go ya bokgakaleng jwa mmaele.”
Dipono tse di tshwanang di ne tsa dirwa ka nako e e tshwanang mo London, Belfast, Glasgow, Copenhagen le makgolokgolo a mafelo a mangwe mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.—The Golden Age, tokololo ya June a le 19, 1935, ts. 598; bona gape le Year Book of Jehovah’s Witnesses ya 1936, ts. 62, ser. 3.