LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 4/1 ts. 3-9
  • “Dikopololō” tsa Mmuso o Mogolo di a Dirisiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Dikopololō” tsa Mmuso o Mogolo di a Dirisiwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • NAKO E Dl NEETSWENG KA YONE LE GO DIRISIWA
  • BAO SEKOPOLOLO SA BOBEDI SE NENG SA DIRISEDIWA BONE
  • “Dilotlolo Tsa Bogosi” ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • O Ruta Mosadi wa Mosamarea
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Bolela “Dikgang Tse di Molemo ka Jesu”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Modimo ga O Tlhaole
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 4/1 ts. 3-9

“Dikopololō” tsa Mmuso o Mogolo di a Dirisiwa

“Me ke tla gu neèla dikopololō tsa bogosi yoa legodimo: me se u tla se bōhañ mo lehatshiñ, se tla bo se bohilwe kwa legodimoñ: me se u tla bo se bohololañ mo lehatshiñ, se tla bo se boholocwè kwa legodimoñ.”—Math 16:19.

1, 2. (a) Mo dithutong tsa ditlhamane tsa bogologolo tsa Roma, ke mang yo e neng e le motlhokomedi yo mogolo kwa legodimong? (b) Go ya ka ditiragalo, go ka tweng ka Jesu Keresete jaaka motshola-sekopololo?

A GO na le motlhokomedi kana mothiba-kgoro kwa legodimong? Mo thutong ya ditlhamane tsa Roma tsa bogologolo Janus, modimo wa medimo, e ne e le motlhokomedi yo mogolo kwa legodimong le mo lefatsheng. Tempele ya ga Janus e kile ya nna teng kafa ntlheng ya bokone ya Kgotla ya Roma, gaufi le Curia, legale ga a sa tlhole a obamelwa. Lefa go ntse galo, go tweng ka raditiragalo wa maemo, Jesu Keresete, yo jaanong a galaleditsweng kwa legodimong kafa letsogong le legolo la “Modimo oa medimo” wa boammaaruri, Jehofa? (Dute. 10:17) Mo e ka nnang ka ngwaga wa 96 C.E., fa a kwadisa lekwalo gore le romelelwe phuthego e e mo Philadelphia mo Asia Minor, Jesu yo o galaleditsweng yo o ne a re go moaposetoloi Johane:

2 “Me u kwalelè moengele oa phuthègō e e mo Filadelfia; u re, Eo o boitshèpō, eo o boamarure, eo o chotseñ sekopololo sa ga Dafide, eo o bulañ, me go bo go se opè eo o tla cwalañ, a cwale, me go bo go se opè eo o bulañ, o bua dilō tse; a re, Kea di itse ditihō tsa gago—bōna, ke gu kaetse moyakō o o bulegileñ, o go señ opè eo o ka o cwalañ,—Kea itse ha u na le nonohanyana, me ua boloka lehoko ya me, me ua se ka ua itatola leina ya me.”—Tshen. 3:7, 8.

3. (a) Jesu Keresete o ne a tsalana jang le Dafide? (b) Ke ka baka lang fa Jehofa a ne a neela Jesu Keresete “sekopololō sa ga Dafide,” mme o se dirisa jang?

3 Fa go balwa go tswa kwa go Dafide, kgosi ya Mojuda ya ntlha ya Jerusalema, Jesu Keresete ke wa bo-43 mo tlhatlhamanong ya segosi ya ditlogolwana go tswa kgosing e e itsegeng eo. Tlhatlhamano eo ya segosi e felela ka Jesu Keresete, ka gonne a nnile mojaboswa yo o nnetseng ruri wa bogosi jwa ga Dafide. (Luke 3:23-31) Ka lone lebaka leo Jehofa Modimo o ne a neela Morwa wa gagwe yo o galaleditsweng “sekopololō sa ga Dafide.” Bogosi jwa ga Dafide e ne e le jwa bomodimo tota, bogosi jwa Modimo tota. (1 Ditih. 29:23; 2 Ditih. 13:5, 8) Bo le mo diatleng tsa setlogolwana se se galaleditsweng sa ga Dafide, Jesu Keresete, bogosi jo bo nna, bogosi jo bo emelang jwa Modimo tota. Jaaka motshola “sekopololō sa ga Dafide” yo o tshwanetseng, o bulela kana o tswalela batho ditshiamelo le dipaka mo lefatsheng malebana le bogosi jwa Modimo.

4, 5. Gaufi le Kaesarea Filipi, ke ditshiamelo dife tse Jesu Keresete a neng a re o tla di neela Petere yo o ikanyegang?

4 A lebile pele go buleleng moaposetoloi wa gagwe yo o ikanyegang Simone Petere ditshiamelo tsa tirelo, Jesu nako nngwe o ne a mo raya a re: “U Petero [Segerika: Petros; Selatine: Petrus], me ke tla aga phuthègō ea me mo lehikeñ [Segerika: tautēi tēi petrai; Selatine: hanc petram] ye; me dinonohō tsa Bobipō ga di ketla di henya. Me ke tla gu neèla dikopololo tsa bogosi yoa legodimo: me se u tla se bohañ mo lehatshiñ, se tla bo se bohilwe kwa legodimoñ: me se u tla se bohololañ mo lehatshiñ, se tla bo se boholocwe kwa legodimoñ.”—Math 16:18, 19.

5 Jesu o ne bua mafoko ao a ditiragalo nako nngwe morago ga Tlolaganyo ya 32 C.E., gaufi le Kaesarea Filipi, gaufi le letshitshi la Noka ya Joredane.—Math 16:13-17.

NAKO E Dl NEETSWENG KA YONE LE GO DIRISIWA

6. “Dikopololō [tseo] tsa bogosi yoa legodimo” e ne e le tsa mofuta ofe, mme di ne di emela eng?

6 Jaaka “sekopololō sa ga Dafide,” “dikopololō tsa bogosi yoa legodimo” e ne e se tsa mmatota, dikopololo tse di bonalang tsa selefatshe. E ne e le dikopololo tsa semoya, eleng, tshiamelo, tlotlo, kabelo ya tiro le bolaodi jwa go simolola kana go bula thulaganyo ya boikitsiso, taolo le go tsenelela ga motho malebana le bogosi jwa legodimo. Ka se, batho bao ba kgethang go batla bogosi jwa legodimo pele ba ne ba ka sola molemo tlamelo e Modimo jaanong o neng o dirile gore e nne teng ka Jesu Keresete, Moruaboswa wa bogosi jwa selegodimo. Ka gone ba tsena mo selong se ba neng ba sa se bulelwa pele.

7. Pelepele, kwa Jerusalema, Jesu o ne a senoletse Nikodemo maemo afe a motheo a gore mongwe le mongwe a tsene mo bogosing jwa selegodimo jwa Modimo?

7 Dingwaga tse pedi pele, kwa Jerusalema, Jesu o ne a senoletse mmusi wa Bajuda, Mofarisai yo o neng a bidiwa Nikodemo, maemo mangwe a motheo ao modumedi o neng a tshwanetse go a dirafatsa gore a kgone go tsena mo bogosing jwa selegodimo jwa Modimo. Jesu o ne a re: “Amarure, amarure, kea gu raea, Ha motho a sa tsalwe sesha, ga a kake a bōna bogosi yoa Modimo.” Eng, a ‘tsalwa sesha’ ke ene mmagwe wa motho? Nnya, mme Jesu a re go Nikodemo: “Amarure, amarure, kea gu raea, Ha motho a sa tsalwe ke metse le Mōea, ga a kake a tsèna mo bogosiñ yoa Modimo. Se se tsecweñ ke nama e nntse ke nama; me se se tsecweñ ke Mōea e nntse ke mōea.”—Yoh. 3:1-6.

8. A go ne go tla bo go utlwala gore mongwe yo o neng a ise a nne Mokeresete yo o kolobeditsweng, yo o tsetsweng ka moya a tshole le go dirisa “dikopololō” tse, mme re na le sekai sefe mabapi le se?

8 Jalo, a motho yo ka boena a neng a ise a “tsalwe ke metse le Mōea,” a ise a nne Mokeresete yo o kolobeditsweng, yo o tsetsweng ka moya, o ne a ka tshola a ba a dirisa “dikopololō” go bulela ba bangwe kgoro mo bogosing jwa Modimo jwa selegodimo? Se se ne se tla bo se sa utlwale le eseng. Ka gone “dikopololō tsa bogosi yoa legodimo” ga di aka tsa neelwa Johane, lemororo a ne a kolobetsa Jesu ebile e ne e le wa ntlha go rera: “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.”—Math. 3:1, 2.

9. Re itse jang gore Petere o ne a tsetswe ka moya fa a ne a neelwa sa ntlha sa “dikopololō,” mme go tweng ka mosokologedi-Sejudeng wa Moethiopia yo o rupileng yo o umakiwang go Ditiho 8:27, 28?

9 Mme he, jaanong, a moaposetoloi Petere o ne a tsetswe ka moya fa Jesu a ne a mo neela sa ntlha sa “dikopololō” go se dirisa? Ee, gonne, ka letsatsi la Pentekoste ya 33 C.E., Jehofa Modimo o ne a dirisa Jesu yo o galaleditsweng go kolobetsa ka moya o o boitshepo barutwa ba ba ka nnang 120, go kopanyeletsa le Petere, ba ba neng ba letetse mo ntlwaneng e e kwa godimo mo Jerusalema. Santlha morago ga Petere ka gone a sena go tsalwa ka moya wa Modimo, a ema go bua le Bajuda ba ba fetang 3 000 le basokologedi-Sejudeng ba ba sa rupang ba ba neng ba phuthegile go supa kafa boperofeti jwa go Yoele 2:28, 29 bo neng bo simoletse go diragadiwa ka teng. Fa mosokologedi-Sejudeng wa Moethiopia yo o rupileng yo o umakiwang go Ditihō 8:27, 28 a ne a le gareng ga “banna ba ba rapelañ Modimo” ba jaanong ba neng ba nna mo Jerusalema ka letsatsi leo la Pentekoste, ga ka a tswa kwa tempeleng go tla go reetsa Petere. (Dit. 2:1-12) Mme o ne a bona sebaka sa gagwe morago.

10. Ke leng le jang Petere a ileng a dirisa sa ntlha sa “dikopololō”?

10 Petere fela ka yona nako eo o ne a bolelela diketekete tseo tsa baelatlhoko gore ba ne ba dirile molato jaaka batho ba bodumeki ka go pega Jesu Keresete mo malatsing a le 52 a a fetileng. Ke gone he “banna ba ba rapelañ Modimo” ba ba amegileng mo segakoloding bao ba neng ba botsa: “Bakauleñwe, re tla dihañ?” Petere e ne e le ene a tshwanetseng go araba: “Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe oa lona a kolobelediwè boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete; me lo tla amogèla neō ea Mōea o o Boitshèpō. Gonne lehoko ya choloheco le raea lona, le bana ba lona, le botlhe ba ba kwa kgakala, eboñ botlhe ba Morèna Modimo oa rona o tla ba ipiletsañ.” Petere a tswelela pele. “Me a shupa, a ba a ba laea ka mahoko a mañwe a le mantsi, a re Ipolokeñ mo losikeñ lo, lo lo shōkameñ.” (Dit. 2:14-40) Ka gone Petere yo o tsetsweng ka moya o ne a dirisa santlha sa “dikopololō”.

11. Diketekete tsa bao ba neng ba reeditse Petere di ne tsa ‘tsalwa sesha’ kana tsa ‘tsalwa ke metsi le moya’ jang?

11 A ope wa Bajuda bao ba tlholego o ne a tsena ka kgoro e jaanong e neng e butswe jaaka Bajuda bao Jehofa Modimo a neng a dirile tsholofetso ya ga Yoele 2:28, 29 go borrabone-mogolo? Ditihō 2:41, 42 e a araba: “Me hoñ ba ba amogetseñ lehoko ya gagwè [lefoko la ga Petere], ba kolobediwa: me ba okediwa ka tsatsi yeuō, e ka ne e le ka batho ba le makgolo a mashomè mararo. Me ba nnèla rure mo thutoñ, le mo boñweheleñ le baaposetoloi, le mo go ñathoganyeñ senkgwè, le mo merapeloñ.” Ka go kolobediwa ga bone ka metsi mo leineng la ga Jesu Keresete mme morago ba amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo, ba ne ba ‘tsalwa sesha,’ ba ‘tsalwa sesha ke metse le moya.’—Yoh. 3:3, 5.

BAO SEKOPOLOLO SA BOBEDI SE NENG SA DIRISEDIWA BONE

12, 13. (a) Fa Petere a kabo a ne a tlhokile go dirisa sekopololo se le sengwefela fela, seo se kabo se ne se kaile eng? (b) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a reng kaga se go barutwa ba gagwe fela pele ga go tlhatlogela ga gagwe kwa legodimong?

12 Petere o ne a solofeditswe, eseng sekopololo se le sengwefela, mme “dikopololō tsa bogosi yoa legodimo.” Se se ne se raya bobotlana dikopololo di le pedi. Jalo, o ne a neelwa sekopololo sa bobedi leng, mme a se neelelwa bomang? Fa Petere a ne a tlhokile sekopololo se le sengwefela fela, he Bajuda ba tlholego le basokologedi-Sejudeng ba Bajuda ba ba rupileng fela e ne e le bone ba ba neng ba tla bopa setlhopha sa ba ba 144 000 seo Jesu Keresete a se agang mo godimo ga gagwe jaaka lehika go nna phuthego ya gagwe e e feletseng e e tsetsweng ka moya. (Math. 16:18; Tshen. 7:4-8; 14:1-3) Mme a poloka ya selegodimo e ne e tshwanetse go lekanyediwa mo go ba ba amogetsweng ka go dirisa ga ga Petere sekopololo ka letsatsi la Pentekoste fela? Jesu o ne a reng fela pele ga a tlhatlogela kwa legodimong mo letsatsing la bomasome a mane morago ga tsogo ya gagwe? Ka letsatsi leo mo teng ga Jerusalema, o ne a re go barutwa ba gagwe:

13 “Go kwadilwe yana ha èna Keresete a tla shwa yalo, me a coga mo bashwiñ ka letsatsi ya boraro; Le gore go rèrèlwè merahe eotlhe boikwatlhaō, le boichwarèlō yoa dibe ka leina ya gagwe, go simolola mo Yerusalema. Lona lo bashupi ba dilō tse. Me, bonañ, ke tlisa polèlō ea choloheco ea ga Rrè [go Yoele 2:28, 29] mo go lona: me lo namè lo sa diegile mo motsiñ oa Yerusalèma, go tlo go tsamaeè lo apesiwè nonohō e e cwañ kwa godimo.”—Luke 24:46-49.

14, 15. Go ya ka Ditiho 1:8, Jesu o ne a dira pharologanyo jang malebana le go atolosetsa thero ya boikwatlhao go “merahe eotlhe”?

14 Lefa go ntse jalo, go ya ka Ditiho 1:8, Jesu, o ne a tlhalosa ka bophara mabapi le kafa thero ya boikwatlhao mo motheong wa leina la gagwe e neng e tshwanetswe go atolosiwa ka teng ka mo go tsweletseng go “merahe eotlhe.” Moo o ne a re: “Me e tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalèma, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”

15 Mono Jesu o ne a kgaoganya Samaria mo “lehatshiñ yeotlhe ya Yudea.” Ka lebaka leo, mo bodireding jotlhe jwa selefatshe o ne a farologanya gareng ga Bajuda ba tlholego ba ba rupileng le Basamaria ba ba rupileng.

16. Go ne ga diragala jang gore mo go boeleng ga gagwe kwa Galilea Jesu a bo a sentse malatsi a le mabedi le baagi ba mo tse wa Samaria wa Sikara?

16 Morago ga Tlolaganyo ya 30 C.E., mo ngwageng wa ntlha wa tiro ya gagwe ya phatlalatsa, o ne a tshwanelwa ke go ralala Samaria mo tseleng ya gagwe go tswa Judea go ya Galilea. Mo tseleng eo go ne ga lemogiwa gore “Bayuda ga ba etelane le Basamaria.” (Yoh. 4:9) Lefa go ntse jalo, kwa sedibeng sa ga Jakobe gaufi le motse wa Sikara, Jesu o ne a batla go bua le mosadi wa Mosamaria. Totatota, o ne a itshupa go nna motho wa ntlha yo Jesu a neng a mo ipolelela gore o ne a le Mesia kana Keresete. A se e ne e le ka gobo e ne e se Mojuda? (Math. 16:20) Godimo ga moo, taletsong ya Basamaria ba ba agileng mo Sikara, ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba nna le Basamaria malatsi a le mabedi mme ba bua le bone. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba dumela mme ba re go mosadi wa Mosamaria yo o neng a ba neetse bosupi: “Yanoñ rea dumèla, eseñ ke ntlha ea go bolèla ga gago hèla: gonne ka rosi re mo ikutlwetse, me rea itse ha rure motho eo e le Mmoloki oa lehatshe.”—Yoh. 4:39-43.

17. Jesu o ne a tsaya boemo bofe malebana le Basamaria ba ba dumetseng bao le kolobetso ya metsing?

17 Lefa go ntse jalo, le eleng morago ga se, Jesu o ne a tswelela ka go farologanya Bajuda le Basamaria, go sa kgathalesege go dumela ga Basamaria bangwe mo go ene. A Jesu o ne a bitsa ope wa Basamaria ba ba dumelang bao go tla go kolobediwa mo metsing ka kolobetso ya ga Johane? Nnya! Se se ne se le botlhokwa, ereka fela pele ga polelo ya loeto lwa ga Jesu go ya Sikara wa Samaria, go kwadilwe: “Ke gōna e rileñ Morèna a itse yaka Bafarisai ba utlwile ha Yesu a diha a ba a kolobetsa barutwa ba le bantsi bogolo go Yohane.—Le morōrō Yesu ka esi a sa kolobetse, me e le barutwa ba gagwè,—A tloga mo Yudea, me a ba a boèla kwa Galilea. Me a bo a na le go ralala Samaria. Yalo a hitlha kwa motsiñ moñwe oa Samaria, go twe, Sikara, gauhi le sebata sa lehatshi se Yakobe o se neileñ Yosefe morwawè; Me sediba sa ga Yakobe sa bo se le gōna hoñ.”—Yoh. 4:1-6.

18. Dingwaga tse pedi morago, fa Jesu a ne a raletse Samaria mo leotong lwa gagwe la go ya Jerusalema, ba motsana wa Samaria ba ne ba bontsha boikutlo bofe?

18 A dilo di ne tsa siamela Jesu jaana dingwaga tse pedi morago? Ene le barutwa ba gagwe ba ne ba tsamaela ntlheng e nngwe, ba ya moletlong wa Bajuda wa megope kwa Jerusalema. Mme barongwa ba ga Jesu “ba ea ba tsèna mo motsaneñ oa Basamaria, go mo etleeletsa gōna. Me ba se ka ba mo chola, ka sehatlhōgō sa gagwè se nntse yaka ekete o èa [kae?] Yerusalèma. Me ea re barutwa ba gagwè Yakobe le Yohane ba bona yalo, ba re, Morèna, a u rata ra laola molelō oa hologa kwa legodimoñ, oa ba laila. Me a retologa, a ba ōmanya, Me ba ea kwa motsaneñ o sele.” (Luke 9:51-56) Fa Jesu a ne a ineetse mo maikutlong a ntwa a ga Jakobe le Johane, se se ka bo se dirile gore Basamaria ba nyatse Bokeresete.

19. (a) Fa Jesu a ne a roma baaposetoloi ba ba lesome le bobedi ka bobedi le bobedi, o ne a neela ditaelo dife malebana le Samaria? (b) Go ya ka Yohane 8:47, 48, boikutlo jwa Bajuda ka kakaretso e ne e le bofe mabapi le Basamaria?

19 Le eleng ngwaga pelenyana, pele ga TIolaganyo ya 32 C.E., fa Jesu a ne a roma baaposetoloi ka sebedi go ya go rera, o ne a ba raya a re: “Lo se ke loa tsèna mo tseleñ epè ea Badichaba, leha e le mo motsiñ opè oa Basamaria lo se ke loa tsèna mo go ōna: Me bogolo lo eeñ kwa dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea Iseraèla. Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Math. 10:5-7; Luka 9:1-6) Dikgwedi morago, morago ga moletlo wa megope wa 32 C.E., Jesu o ne a roma baefangele ba le 70 mme a ba neela ditaolo tse di tshwanang le tseo a di neetseng baaposetoloi ba ba lesome le bobedi. Metsana le metse e ba neng ba rera mo go yone Bogosi jwa Modimo ekane e ne e le mo Judea, eseng mo Samaria. (Luke 10:1-24) Ga ba ka ba bega sepe kaga go etela mafelo a Samaria. Ba ne ba ya kwa “dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea Iseraèla.” Ka baka lang jalo? Ka gonne baefangele bao ba ne ba sa neelwa taolo e e fetang ya baaposetoloi. Boikutlo jwa kakaretso jwa Bajuda malebana le Basamaria bo ne jwa senoga fa Jesu a ne a bolelela Bajuda ba ba sa dumeleng gore ba ne ba se ba Modimo, mme ba sotla: “U Mosamaria, me u na le diabolo.”—Yoh. 8:47, 49.

20. Ke ka baka lang fa Basamaria ba ne ba sa solegelwa molemo ka gope ke go dirisa ga ga Petere sa ntlha sa “dikopololō tsa bogosi” ka Pentekoste mo Jerusalema, mme go tsoga potso efe?

20 Jesu o ne a farologanya Basamaria le Bajuda fa a ne a raya mosadi wa Mosamaria a re: “Lona lo ōbamèla se lo sa se itseñ: rona re ōbamèla se re se itseñ: gonne poloko e cwa mo Bayudeñ.” (Yoh. 4:22) Jesu o ne a tsaya Mosamaria jaaka “moeñ” kana, totatota, ‘wa lotso lo sele.’ (Luke 17:16-18; bona go balega ga lefoko lengwe le lengwe ga Phetolelo ya Kingdom Interlinear.)a Basamaria, ba ba neng ba obamela kwa Thabeng ya Gerizim, ba ne ba seo kwa Pentekosteng mo Jerusalema ka 33 C.E. Jalo ba ne ba seka ba solegelwa molemo ke tiriso ya ga Petere ya sa ntlha sa “dikopololō tsa bogosi yoa legodimo.” (Dit. 2:5-11) Jalo he, ke leng baaposetoloi ba ba lesome le bobedi ba ileng ba tsaya Samaria tsia morago ga moya o o boitshepo o sena go tshololwa kwa Jerusalema gore ba tle ba arole mo go se Jesu a neng a se boleletse-pele go Ditiho 1:8?

21. Filipo wa moefangele o tlile jang mo Samaria, mme ke ka baka lang fa go nna teng ga gagwe go ne ga felela ka boitumelo jo bogolo?

21 Morago ga Pentekoste dilo di le dintsi di ne tsa diragalela phuthego ya Bakeresete mo Jerusalema. Pogiso e e neng ya latela go swela tumelo ga ga Setefane e ne ya gasagasa maloko otlhe a phuthego ya Jerusalema kontle ga baaposetoloi ba ba lesome le bobedi. (Dit. 8:1-5) Eseng ka ditaelo le ditaolo tsa boaposetoloi, mme ka baka la pogiso, Filipo, modiri-mmogo le Setefane yo o mo atametseng thata, le Bakeresete ba bangwe ba Bajuda ba tshabela kwa bokone ka kgaolong ya Samaria. (Dit. 6:1-6; 21:8) Koo Filipo, yo a neng a neetswe mpho ya go dira dikgakgamatso ka moya wa Modimo, a rera mafoko a a molemo kaga Jesu Keresete yo o tsositsweng le go galalediwa mme a dira ditshupho tse dintsi tse di gakgamatsang ka go fodisa. “Me ga nna boitumelo yo bogolo mo motsiñ ouō.”—Dit. 8:8.

22. Ka baka la go kolobediwa ka metsi ga banna le basadi ba bantsi ba Basamaria ke Filipo, go tlhaga potso efe?

22 Phelelo ya se e ne ya nna eng? “Erile ba dumèla Filipo, yaka a ba rèrèla Mahoko a a Molemō kaga bogosi yoa Modimo, le kaga leina ya ga Yesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi.” Se se ne se kopanyeletsa ramaselamose mongwe yo o neng a bidiwa Simone “eo e rileñ galè a bo diha boloi mo motsiñ, a tseanya batho ba Samaria.” (Dit. 8:9, 12, 13) Mo ntlheng e go tsoga potso, A Basamaria ba ba neng ba dumetse bao ba ne ba tsetswe “ke metse le Mōea”? Metsi a kolobetso a ne a dirisitswe, mme go tweng ka moya? Fa e le gore ba ne ba nna ba ba tsetsweng ka moya morago ga kolobetso ya bone ya metsi, he Filipo e ne e le ene yo o buletseng setlhopha se, Basamaria, tsela mo ‘bogosing jwa legodimo.’ Mme a tota o ne a dira jalo, lemororo e ne e se mongwe wa baaposetoloi ba ba lesome le bobedi? Pego e e tlhotlheleditsweng ya reng?

23. Ke ka baka lang fa go sa begiwe gore Filipo o ne a solofetsa sengwe ka moya o o boitshepo go bakolobediwa ba Basamaria ba kolobediwa mo leineng la ga Jesu?

23 Filipo yo e ne e se mongwe wa baaposetoloi bao Jesu a neng a ba raya a re: “Lefa e ka ne e le dilō dihe tse lo di bohañ mo lehatshiñ, di tla bo di bohilwe kwa legodimoñ: le gona leha e ka ne e le dilo dihe tse lo tla di bohololañ mo lehatshiñ, di tla bo di boholocwè kwa legodimoñ.” (Math. 18:18; 16:19; 10:2-4; Yoh. 1:43-48) Jalo ga go begiwe gore Filipo o ne a solofetsa sengwe ka mpho ya moya o o boitshepo go Basamaria malebana le kolobetso ya bone ya metsing. Ga ka a laolwa go re, jaaka Petere a ne a buwa go Bajuda ka letsatsi la Pentekoste: “Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe oa lona a kolobelediwe boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete; me lo tla amogèla nèō ea Mōea o o Boitshepō.”—Dit. 2:38.

24. (a) A Basamaria, ka go rupa le go keteka meletlo e e kwadilweng mo mekwalong ya ga Moshe, ba ne ba tsena mo kgolaganong ya Molao wa ga Moshe? (b) Morago ga kolobetso ya metsi mo leineng la ga Jesu, a ka bonako fela ba ne ba ‘tsalwa ke metse le moya’?

24 Basamaria ba ne ba se mo kgolaganong ya Molao eo Moshe a neng a le motsereganyi wa yona bakeng sa Baiseraele kwa Thabeng ya Sinai, lemororo Basamaria ba ne ba leba dibuka tse tlhano tsa ntlha tsa ga Moshe jaaka Lefoko la Modimo ba bile ba keteka Tlolaganyo le Pentekoste kwa Thabeng ya Gerizim mo kgaolong ya Samaria. (2 Dikg. 17:29, 30; Yoh. 4:19, 20) Jalo go rupisiwa ga bone ga nama ga go a ka ka bogone ga ba dira basokologela-Sejudeng. Basamaria ba ne ba sa amiwe ke pego ya ga Jesu mme jalo ba ne ba sa tshwanelwa go kolobediwa mo metsing gore ba itshwarelwe ke Modimo ka baka la sebe se se masisi jalo se se neng se tshwanetswe go ikwatlhaelwa. Mme Basamaria ba ne ba kolobediwa ke Filipo mo leineng la ga Jesu Keresete jaaka yo o leng Mesia (Keresete) le “Mmoloki oa lehatshe.” (Yoh. 4:25, 26, 28, 29, 42) Ka baka le, a ba ne ba nna ba ba ‘tsetsweng ke metsi le moya’? Nnya! Ka gonne ka nako eo ga ba ka ba bona moya o o boitshepo.

25. Ditiho 8:14-17 e bontsha jang gore ke ka baka lang fa Basamaria ba ba kolobeditsweng ba ne ba ise ba tsalwe ka metsi le moya?

25 Ka baka lang se se ne ntse jalo? Ditiho 8:14-17 e a re bolelela: “Me yana e rile baaposetoloi ba ba kwa Yerusalema ba utlwa ha ba Samaria ba amogetse lehoko ya Modimo, ba roma Petere le Yohane kwa go bōnè: Ba e rileñ ba hitlha, ba ba rapèlèla, gore ba amogèlè Mōea o o Boitshepō: Gonne o no o e se o wele mo go opè oa bōnè: ba ne ba kolobedicwe mo ineñ ya Morèna Yesu hèla. Me hoñ ba [Petere le Johane jaaka baaposetoloi] ba baea diatla, me ba [Basamaria ba ba kolobeditsweng ba] amogèla Mōea o o Boitshepō.” Se ga se reye dimpho tsa semoya tse di gakgamatsang tota.

26. Ka gone Basamaria ba ba kolobeditsweng ba ne ba tshwanelegela tshiamelo efe, mme Petere, a na le Johane, o ne a dirisa sedirisiwa sefe?

26 Mono Basamaria ba ntlha ba ba kolobeditsweng ba ne ba ‘tsalwa’ ka moya gammogo le ka metsi mme ba ne ba tshwanelega go tsena mo bogosing jwa Modimo jwa selegodimo. (Yoh. 3:5) Tiro ya moya mono e ne e tshwana le e e neng ya begiwa morago go Ditiho 10:44-46 le 11:15-17. Ka gone moaposetoloi Petere o ne a dirisa sa bobedi sa “dikopololō tsa bogosi yoa legodimo” mo Basamarieng ba ba dumetseng ba ba kolobeditsweng. Ke boammaaruri, moaposetoloi Johane o ne a le koo le Petere, mme, pelepele, ka letsatsi la Pentekoste, baaposetoloi ba bangwe ba ba lesome le bongwe ba ne ba na le motshola-sekopololo Petere.—Bona gape Mathaio 18:1, 18.

27. Ditiho 8:18-23 e bontsha Petere a eteletsepele jang mo go dirisaneng le Simone yo e ne e kile ya bo e le ramaselamose?

27 Tshwanelego ya ga Petere e supiwa ke se Ditiho 8:18-23 e se re bolelelang morago: “Me yana, ea re Simone [ramaselamose] a bōna ha Mōea o o Boitshèpō o nèwa ka pèō ea diatla tsa baaposetoloi, a ntsha madi, A re, Le nna, lo nnèè nonohō e, e tle e re eo ke mmaeañ diatla, a amogèlè Mōea o o Boitshepō. Me Petere a mo raea, a re, A selefera sa gago se nyèlèlè nau, ka go bo u gopotse ha u tla bona nèō ea Modimo ka madi. Ga u na kabèlō, leha e le boshwa mo tihoñ e: gonne pelo ea gago ga ea siama ha pele ga Modimo. Ke gōna, u ikwatlhaèlè boikèpō yo, me u rapèlè Morèna, e tle e re kgotsa kgakologèlō ea pelo ea gago u e ichwarèlwè. Gonne kea bōna ha u sa nntse u le mo santlhokweñ sa botlhoko, le mo kgoleñ ea boikèpō.” Se se supa gore Petere o ne a eteletse pele jaaka moemedi wa ga Keresete yo mogolo mo nakong e. O ne a bua jaaka yo o neng a neetswe dikopololo tsa Bogosi.

28. Sebaka sa Bogosi se ne se bulegetse bomang gape, mme Basamaria ba ba tsetsweng ka moya ba ne ba simolola go obamela kae?

28 Go tswa jaanong go ya pele sebaka se se tshwanang se ne se neelwa ba bangwe mo kgaolong ya Samaria. Ka tshwanelo, Ditiho 8:25 e a re bolelela: “Me ke gōna e rileñ ba sena [Petere le Johane] go shupa le go bolèla lehoko ye Morèna, ba boèla Yerusalèma, me ba rèra Mahoko a a Molemō mo metsaneñ e le mentsi ea Basamaria.” Jaanong Basamaria ba ba kolobeditsweng, ba ba tsetsweng ka moya ba simolola go obamela Rraabone wa selegodimo, Jehofa, eseng mo Thabeng ya Gerizim lefa e le kwa Jerusalema, mme mo tempeleng ya gagwe e kgolo ya semoya.—Yoh. 4:21.b

29. Morago ga go sokologela ga ga Saulo mo Bokereseteng, phuthego e e tsetsweng ka moya e e mo Judea Galilea le Samaria e ne ya diragalelwa ke eng, mme Filipo o ne a nnela ruri kae?

29 Filipo le Bakeresete ba bangwe ba Bajuda ba ne ba patelesega go tshabela kwa tlase kwa Samaria ka baka la pogiso e e neng e kgotediwa ke Saulo wa Tareso wa Mofarisai. Mme morago ga Saulo ka boene a sena go sokololelwa mo Bokereseteng, dilo mo phuthegong ya Palesetine tsa fetoga: “Yalo,” go ya ka Ditiho 9:31, “phuthègō yeotlhe ya Yudea, le Galilea, le Samaria, ea bōna kagishō, ka go cosholosiwa; me ereka e sepela mo poihoñ ea Morèna, le mo kgomocoñ ea Mōea o o Boitshepō, ea kōkōtlègèla.” Lefa go ntse jalo, labofelo Filipo o ne a nnela ruri mo motseng wa boemela-dikepe wa Kaesarea, koo molaodi wa Roma wa kgaolo ya Judea a neng a na le dintlo-kgolo teng le koo masole a Italy a neng a thibeletse teng.—Dit. 8:40; 21:8; 10:1; 23:23-35.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona Theological Dictionary of the New Testament, Bol. 1, ts. 266, tlase ga allogenēsʹ.

b Gotlhe mo go diragetse mo sephatlong sa bofelo sa beke ya bofelo ya “diweke di le mashomè a shupa” tsa dingwaga tse di boleletsweng pele mo go Daniele 9:24-27a. Mo ‘bekeng’ eo ya bomasome a supa Jehofa o ne a gagamaditse kgolagano ya ga Aberahame malebana le Baiseraele ba tlholego eo Baiseraele ba iphitlhetseng mo go yone ka botlogolwana jwa tlholego go tswa go Aberahame. (Gen. 12:1-3; 22:18) Phapaanong le Filipo yo o neng a tshabela pogiso kwa Samaria, Ditiho 11:19 e a re bolelela: “Ba ba haladicweñ yale ka pitlaganō e e cogileñ kaga Setefane, ba ea ba hitlha kwa Fenikia, le kwa [setlhaketlhakeng sa] Kupero, le kwa Antioka [mo Siria], ba sa bue le opè lehoko ha e se Bayuda ba le bosi hèla.” ‘Beke’ ya bomasome a supa ya go mpampediwa ka mo go kgethegileng ga Bajuda ba tlholego ka baka la kgolagano ya ga Aberahame e ne ya khutla mo tshimologong ya gwetla ya 36 C.E., e ne e simologile ka go kolobediwa le go tlodiwa ga ga Jesu ka 29 C.E. Jalo go amogelwa ga Basamaria ba ba kolobeditsweng mo ditshiamelong tsa Bogosi jwa selegodimo go ne ga seka ga bulela ba eseng-Bajuda ba bangwe botlhe “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe” tsela kana ga etelelapele go tsena ka bontsi ga Baditšhaba ba ba sa rupang ba mo phuthegong e e tsetsweng ka moya ya Bokeresete.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Sekopololo sa ga Dafide

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela