Fa go Diragala se Segolo
Polelo ya tumelo e e kgothatsang ya mosetsanyana
NGWANA wa rona wa mosetsana Elise o ne a tsholwa ka 1962 mo Helsinki, Finland. Go tla ga gagwe go ne ga leretse rona le kgaitsadie, Esa boipelo jo bogolo. Elise o ne a tlhoafaletse go ithuta, mme nna le monna wa me re ne ra mo ruta go bala a ise a simolole sekolo. Gape, o ne a na le ditshekamelo tsa mmino, jaaka ba bangwe ba lelapa.
Mo ngwageng wa boraro re ne ra kwadisa Elise mo setlhopheng sa banana sa mmino. Mo ngwageng wa boroba-bobedi o ne a kgonne mo go lekaneng mo seletsong sa ‘violin’ go ka tshameka mo Ditlhopheng tsa Baopedi tsa Vivaldi tsa setlhopha sa Ntlha sa ba babotlana kwa meletlong ya manyalo. Re ne ra dira setlhopha sa baopedi ka lelapa. Monna wa me one a tshameka seletso sa ‘viola,’ Esa sa ‘cello’ mme Elise sa ‘violin.’ Go ne go lebega kete Elise o ne a tla nna seopedi se se sethakga ka mo go kgethegileng.
Re kgatlhegela mmino jalo, re ne ra baya le eleng kgatelelo e kgolo mo go goleng ga semoya ga ngwana wa rona wa mosetsana, re ithuta Bibela le ene go tswa bonyaneng. Ka gone, nako ya fa a le dingwaga di le tlhano, o ne a tsamaya ntlo le ntlo a le nosi mme a neelana ka dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! Mongwe wa baagelani ba rona o ne a sa tseege sentle ka gonne a ne a sa akanye gore go siametse ngwananyana yo o kana go dira tiro e.
Mosadi o ne a raya Elise a re: “Mosetsanyana yo monnye jaaka wena a tla go buisana le nna kaga Bibela! Ka baka lang, ga o kgone lefa e le go bala dimakasine tseo ka bowena!”
“Ah, ee, ke ka kgona,” ga fetola Elise, mme a tswelela ka go bala le go tlhalosa serapa mo makasineng o a neng a neelana ka one. Go ne ga re itumedisa fa re utlwela kaga se. Gape re ne ra itumelela go lemoga karabelo ya gagwe fa phuthego e ne e akanyetsa go aga Holo ya Bogosi e ntšha. O ne a tsaya madi a gagwe otlhe a a neng a a bolokile a di-marks di le 15 ($3.75, U.S.) kwa polokelong mme a abela boikaelelo jo.
TEMOGO E E TSHOSANG
Letsatsi lengwe mo selemong sa 1972, fa Elise a na le dingwaga di le lesome, re ne re boela gae re tswa leotong. Ka lemoga boruruga jo bo gakgamatsang mo nkong ya gagwe. Bo ne bo le bonnye thata, mme bo ne jwa simolola go gola. Jalo ka mo isa Lefelong la Kalafi mo Puotinharju. Ngaka e ne ya mpolelela gore ga e ise e ko e bone boruruga jo bo ntseng jaaka jo pele, mme ya re gakolola gore re ye kwa Univesithing ya Kokelwana ya Ditsebe. Malatsi a sekae morago re ne ra wela dibete go utlwa tlhaloso ya bolwetse: Ga bo maswemaswe.
Melemo e ne ya neelwa, ka tlhomamiso ya gore go gola go tla tloga go nyelela. Mme ga goa ka ga nna jalo. Morago ga dibeke tse pedi go sa tokafale, re ne gape ra isa Elise kwa ngakeng. Ka nako e o ne a robadiwa mo kokelong, mme ka September a le 24, a ariwa. Ke yone nako eo re neng ra bolelwa dikgang tse di botlhoko: “Mosetsanyana wa lona o bolawa ke kankere.”
NTWA YA BOPELOKGALE YA BOTSHELO
Go ne go belaelwa gore kankere e ne e anemetse kwa dikodung tsa ga Elise. Jalo di ne tsa ntshiwa. Mo dikgweding tse di latelang, jaaka kankere e ntse e tswelela ka go anama, dikaro tse di oketsegileng di ne tsa dirwa go leka go emisa go tswelela. Elise o ne a na le bukana ya ditiragalo tsa tsatsi le letsatsi, e re santse re na nayo. O ne a kwala kwa bofelong jwa 1973:
“Morago ga ke sena go ariwa gararo ke ne ke emetse sebaka mo karolong ya karo ya go bitia karolo ya mmele. Ke ne ka tloga ka robadiwa mme go ne go le maswe thata go boela mo kokelong gape. Mme go ne go na le tsala nngwe e e molemo, Ritva, yo o neng a arilwe mo leitlhong. Re ne re tle re tshameke go iphitIhelelana le Pekka le Tiina. Ke ne ka neela Ritva dibuka di le tharo, Go Reetsa Morutisi yo Mogolo, Is the Bible Really the Word of God? le Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. Ritva o ne a di bala tsotlhe. Kafa ke bonang ka teng gwetla eno e nnile gwetla e e maswe go gaisa mo botshelong jwa me.”
O ka akanya kafa dikaro tse di senyang popego tsa kgapetsakgapetsa di neng di re hutsafatsa ka teng. Bukana ya ga Elise e lemotsha go boga ga gagwe le ditlhabi. Lefa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang, se se bonalang ke tumelo ya gagwe e e tiileng le go tlhoka poifo. Bukana ya gagwe ya tswelela:
“Ka January [1974] ka ariwa labone mme ka segwa thata mo letlhaeng. Malatsi a le mmalwa tlhogo ya me yotlhe, gammogo le ditsebe, di ne dl hapilwe. Ke ne ke sa hapiwa thata mo tsebeng ya me ya molema, mme jalo ke ne ka tshwanelwa ke go baya seamogela-mogala mo tsebeng eo. Fa ke hapololwa ke ne ke lebega ke le maswe fela thata, mme fa ditlhale dl ntshiwa gaufi le leitlho la me ke ne ke tshogetse gore leitlho la me le lona le ka ntshiwa. Ka tswa mo kokelong ka January a le 19. E ne e le letsatsi le le itumedisang.”
Mo nakong e yotlhe bakaulengwe ba rona ba Bakeresete le bokgaitsadi, go kopanyeletsa le baopedi-ka-ene mo setlhopheng sa baopedi sa kopano, ba ne ba mo tlhola ebile ba ne ba kgothatsa. Gape, ba a tsenang nabo sekolo le mathitšhara ba ne ba le botsalano thata ba bile ba thusa. Ba ne ba mo romelela dimpho tse dintsi, mme ba dira se ba ka se kgonang go mo dira gore a ikutlwe a amogelesega a bile a batlega. Mme Elise gantsi o ne a dira mo gontsi go gomotsa ditsala tsa gagwe go feta jaaka ba ne ba dira go mo gomotsa.
O ne a bolelela ba gore lefa a ka swa, o tla ba a “robetse” fela ka nakwana mme morago o tla tsoga mo paradaiseng. “Lefatshe le lesha le tla simologa fela fa ke swa, gonne ga go ope yo o itseng sepe kaga go tsamaya ga nako fa ba robala,” o ne a rialo. Ditsala tsa gagwe di ne di palelwa ke go laola maikutlo a bone fa ba bona go boga ga ngwana wa rona, mme lefa go ntse jalo ba ba utlwa a bua ka bonolo le ka tsholofelo malebana le tsholofetso ya Modimo ya tsogo.
Re ne ra seka ra itlhoboga gore kankere gongwe ka tsela nngwe e ne e ka alafesega. Kalafi ya marang a cobalt e ne ya simololwa ka March ka 1974, e latelwa ke kalafi ya diokobatsi. Elise gape o bua kaga se mo bukaneng ya gagwe:
“Ka ntlha ya kalafi ya marang ke ne ka nna bokoa thata. Se se ne sa tswelela dibeke di le tharo. Se segolo, lefa go ntse jalo, se ne se santse se ise se bolelwe. Letsatsi pele ga sekolo se simologa ka May ke ne ka neelwa diokobatsi tse di neng tsa ntira bokoa mo eleng gore mo kgweding yotlhe ya June go ne go sa bonale go na lefa e le tlhakanyana ya tsholofelo. Ke ne ke sa je lefa e le sepe dibeke di le tharo ebile ke sena lefa e le nonofo ya go tsoga mo bolaong. Ke ne ka fokotsega ka dikilogeramo di le tlhano mme moriri wa me o ne wa foforega otlhe. Mme go ne go na le ntlwana ya botshamekelo; e ne e le ntle tota fa Rre a ne a e aga.
“Ka lesego ka July ke ne ke le botokanyana mme ke ne ka kgona go nna teng kwa kopanong ya kgaolo. Ke ne ka ikutlwa ke le botoka ka kopano mme go simolola ka nako eo mewa ya me e ne e le molemo fela thata. Ka August ka nna le beke e nngwe ya kalafi, mme ga ke a ka ka lwala thata ka nako e. Kalafi ya me ya melemo e ne e rulaganyeditswe dingwaga di le pedi.”
Lefa go ntse jalo, maiteko a otlhe a ne a na le katlego e e lekanyeditsweng, boemo jwa ga Elise jwa senyegela pele. Fa a lemoga gore o tloga a swa, a romelela ditsala tsa gagwe dilo tsa gagwe tse di tshamekang. A ba gakolola gore o ne a tla ba bona gape fa a ne a tsosiwa. O ne a sadisa ‘violin’ ya gagwe, lefa go ntse jalo, gonne a ne a solofela gore o tla kgona go boa a opela mo setlhopheng sa baopedi sa lelapa la rona mo tsamaisong e ntšha.
Gape, mo nakong e yotlhe Elise o ne a neela bosupi jo bontsi matshitšhareng a gagwe, ba a tseneng nabo sekolo, dingaka le baoki. O ne a tlogela dikaelo di le 12 tsa buka A Botshelo jo ke Jotlhe jo bo Gone?, di kwadilwe leina le eleng la gagwe. Morago ga loso la gagwe, o ne a batla gore di neelwe bahiriwa ba kalafi ba ba tsereng karolo mo go mo alafeng. Kgang ya ga Elise ya itsege ka bophara mo Helsinki. Mme labofelo a swa, a tloga a nna dingwaga di le 14, ka January a le 4, 1976.
GO KOPANA MO GO GAKGAMATSANG
Ngwaga le sephatlo morago nna le monna wa me re ne re le mo kopanong ya kgaolo kwa lce Stadium mo Helsinki, fa motho a re atamela, a botsa: “A lo a nkgakologelwa?” Re ne re akabetse lantlha, mme morago ra lemoga monna fa e le ngaka eo, ka nako nngwe, e neng ya alafa Elise. O ne a lebega a fapaane a sa apara baki ya gagwe e tshweu ya bongaka, gape o ne a beotse ditedu tsa gagwe. Go ne go diragetseng?
Elise o ne a buile le ene, jaaka a ne a dirile go dingaka tsotlhe, mme o ne a le botsalano thata a bile a lebega a bontsha kgatlhego nngwe mo Bibeleng. Jalo le rona ra mo neela bosupi. Re ne re rutile Elise go rapelela ditsala tsa gagwe le ba a ba ratang, mme mo dithapelong tsa rona tsa maitsiboa gantsi o ne a umaka ngaka e, a rapela gore ekete o ka Ithuta boammaaruri kaga maikaelelo a Modimo. Jaanong ngaka e e ne e re bolelela kafa tumelo ya ngwana wa rona mo go lwalang ga gagwe ga bofelo e mo amileng fela thata ka teng.
“O ne a nneela buka Kagiso ya Boamarure le Polokesego,” a tlhalosa, “mme ke ne ke sena nako ka e baya fa dibukeng tse dingwe. Morago ga nako, merero ya me ya lenyalo e ne e sa tsamaye sentle thata, mme ka boiteko jwa go tokafatsa dilo, ka fetsa gore ke tlogele boikarabelo jwa me jo bo bokete kwa kokelwaneng ya X-ray mo Helsinki. Jalo ra fudugela kwa Åland, koo ke neng ka dira tiro ya kakaretso kwa Lefelong la Botsogo.
“Go fuduga ka bogone ga go a ka ga tokafatsa botsalano jwa rona jwa lelapa, mme ka bonako Mosupi wa lefelo leo a etela mosadi wa me, mme a amogela dibuka dingwe. Mme a gakologelwa gore re na le buka e Elise a neng a e mphile, mme a e ntsha mo dibukeng tse dingwe a e bala yotlhe. Ka bonako fela o ne a tlhatswegile pelo gore se ke boammaaruri, mme Mosupi wa lefelo leo a simolola thuto ya Bibela nae. Lantlha, o ne a tshaba go sekae go mpolelela kaga gone, a gopola gore ke tla gana go mo letlela go ithuta. Mme ke ne ka re: ‘Sengwe le sengwe se se ka thusang botsalano jwa rona jwa lelapa se molemo.’ Ke ne ke batla go kopana le Mosupi, mme ka bonako se se ne sa rulaganyediwa. Phelelo e ne ya nna gore le nna ke ne ka kopanela mo thutong. Melao-metheo ya Bibela e ne ya tokafatsa merero ya rona ya lelapa mme ya re naya ponelopele e ntšha mo mesoleng ya botshelo. Ka 1976 re ne ra kolobediwa mme jaanong mosadi wa me ke mmulatsela yo o tlwaelegileng. Ba bararo ba bana ba rona ba bane ke baboledi ba ‘mafoko a a molemo,’ mme yo monnye go botlhe, yo o dingwaga di supa, o tsamaya le rona ka metlha yotlhe mo tirelong ya tshimo.”
O ka akanya gore re ne ra kgothatsega jang go utlwa se! Thapelo ya ngwana wa rona e lebega e bone karabo e e molemo go gaisa. Fa fela Elise a ne a itse kaga gone! Fa tsogo e diragala, go tla bo go na le dilo tse di itumedisang thata go di mmolelela.
Lemororo letsatsi le le maswe go gaisa mo botshelong jwa me e ne e le fa ngaka e ne e re, “Mosetsanyana wa lona o bolawa ke kankere,” go lwela go tshela ga ga Elise lefa go ntse jalo go ne go kgothatsa. Go ne go thuthafatsa pelo go bona gore tumelo e e tiileng mo go Jehofa Modimo le ditsholofetso tsa Bibela ya gagwe di ka laola le eleng botshelo jwa ngwananyana thata. Ga ke kitla ke lebala go re: “Ke tla bo ke robetse fela jaaka ekete mo bosigong bo le bongwefela, mme ke tla tsoga mo lefatsheng le lesha” ga ga Elise.—E neetswe.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
E ne ekete letsatsi le a fifala fa ngaka e ne e fe: “Mosetsanyana wa lona o na le kankere.”