Dipotso tse di Tswang go Babadi
● “Serwalō sa botshelō” se se umakiwang go Yakobe 1:12 se supela go eng, mme ke bomang ba ba ka bolelwang gore ba gapa serwalo se?
Yakobe 1:12 ea balega: “Go segō motho eo o ichokèlañ ditekō: gonne o tla re a sena go lekwa a lebogwe, a bōne serwalō sa botshelo, se Morèna o se sholoheditseñ ba ba mo ratañ.”
Tlhaloso “serwalō sa botshelō” e tlhalositswe go raya sebopego se se kwa godimo thata sa botshelo, botshelo jwa go sa swe, jo bo etsang joo balatedi ba ba tloditsweng ba dikgato tsa ga Keresete ba ba bo amogelang tsogong ya ntlha. (1 Bakor. 15:53, 54; Tshen. 20:4, 6) Ga gona pelaelo gore botshelo jo bo ntseng jalo e tla nna serwalo go bao ba nnang najo mme ke sebopego se se kwa godimo thata sa botshelo. Mme fela a Jakobe, mo go diriseng lefoko “serwalo,” o ne a raya sebopego se se ntseng jalo se segolo sa botshelo?
Ga go bonale re tshwanetse go kgomaretsa mogoplo wa sengwe se segolo mo lereong “serwalō sa botshelō.” Lefoko la Segerika ke stephanos. Le tserwe mo tlhalosong ya motswedi e e rayang go “dikanyetsa,” mme ka jalo le dirisiwa go supela go serwalo, sedikadikwe, tefo kana tuelo eo mofenyi mo lobelong a e amogelang. Ka gone moaposetoloi Paulo go 2 Timotheo 4:7, 8 oa kwala: “Ke dihetse sebaka sa tshianō. . . . Go tloga hano ke setse ke beecwe serwalō sa tshiamō, se Morèna, moatlhodi oa tshiamō, o tla se nnaeañ mo tsatsiñ yeuō.” O ne a sa supele tshiamisong ya sebopego se segolo, mme fela tefetsong, tuelo ya tshiamiso eo a neng a tla e amogela. (Bapisa Bafilipi 4:1; 1 Bathesalonia 2:19, 20.) Mme ka jalo go Yakobe 1:12, “serwalō sa botshelō” ke tefo kana mpho ya botshelo e e amogetsweng ka ntlha ya go itshokela dipitlagano. Go ka bolelwa jalo ka “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa bafalodi ba sepitla gore, fa ba itshoka ka boikanyego, ba tla gapa “serwalō sa botshelō,” jwa bone e le botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng.—Tshen. 7:9, 10.
Go Tshenolo 2:10 re na le tlhaloso e e tshwanang eo e supelang go tefo ya botshelo. Bao ba e amogelang ke batho bao ba itshokileng ka boikanyego go fitlha losong. Mo lebakeng le, lemororo, bao go buiwang le bone e le Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba bonang botshelo jwa go sa swe kwa magodimong. (Tshen. 2:26, 27) Mafoko go Yakobe 1:12 a ka bolelwa go tlhalosa molao-motheo o o akaretsang go na le go supela setlhopheng se se rileng sa batho jaaka go dira Tshenolo 2:10.