LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 9/1 ts. 30-31
  • A Modimo oa Amega ka Wena?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo oa Amega ka Wena?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO TWENG KA LEFATSHE?
  • “MOTHO E BE E LE EÑ?”
  • MODIMO O AMEGA GO LE KANA-KANG?
  • Go na le Lebaka Lengwe Le Le Molemolemo la Go Bo Botshelo Bo le Gone
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Ke ka Ntlha Yang Fa re Le Mono?
    Tsogang!—2009
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • Itumelele go Nna Karolo ya Lelapa la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 9/1 ts. 30-31

A Modimo oa Amega ka Wena?

“FA ke simolola go akanya kaga me, ke itseela kwa sephiring, jaaka go ne go ka buiwa, mme ke re: ‘Wena tlhakanyana ya lerole. Ke eng se o ka ikgantshang ka sone?’”

Polelwana eo, e e boletsweng ke modiredi wa Mokeresete wa dingwaga tse di fetileng, e ne e bontsha mokgwa o o tlhokafalang thata—boikokobetso. Mme nonofo eo ruri e a eletsega, gonne “tuèlō ea boiñōtlō, le go boiha Yehofa ke khumō, le letlōtlō, le botshelō.”—Dia. 22:4.

Fa re akanyetsa bogolo jwa lobopo le mebele ya lone e e dimilone ya selegodimo, re lemoga gore baagi ba lefatshe le ba bannye ebile tota ba na le lebaka la go ikokobetsa. Go ne go sa buiwe fela fa go twe batho ke ‘ditlhakanyana fa godimo ga tlhaka’ fela mo lobopong.

Mme a se se raya gore Mogodimodimo o ipegile thata go ka amega ka batho mo naletsaneng e nnye e e tsalaneng le one? Tota, a Modimo oa amega ka wena?

GO TWENG KA LEFATSHE?

Ke boammaaruri, lefatshe ke karolo e nnye thata mo lefaufaung. Lefa go ntse jalo, a ke tlhakanyana e e sa tlhokafaleng? Eseng mo Modimong, gonne a re: “Legodimo ke setulō sa me sa bogosi, me lehatshe ke sebeō sa me sa dinao.” (Isa. 66:1) Ruri, “sebeō sa dinao” se sa tshwantshetso se se dirisiwang ke Mogodimodimo ga se “tlhakanyana” fela e e sa tlhokafaleng.

Le gone tota, Jehofa o na le dilo tse di molemo mo mogopolong bakeng sa ‘sebeo sa gagwe sa dinao,’ lefatshe. Motlha mongwe le tla bo le lefelo la bontle jwa paradaise, legae le lentlentle la setho se se utlwang. (Isa. 45:18; Luke 23:43) Ka gone he, fa baithuti ba Bibela ba bolela bonnye jwa lefatshe, ba lemoga gore le bopilwe ke Jehofa Modimo le gore ke la botlhokwa go ene.—Gen. 1:1.

“MOTHO E BE E LE EÑ?”

He, ponong ya Modimo, lefatshe ga se “tlhakanyana” e e seng ya botlhokwa mo sebakeng sa lobopo. Mme go tweng ka batho?

A gamarisitswe ke ditiro tsa legodimo tsa Modimo, mopesalema yo o tlhotlheleditsweng Dafide o ne a botsa: “Ea re ha ke akanya magodimo a gago, tihō ea menwana ea gago, kgwedi le dinaledi tse u di baakantseñ; Kana motho e be e le eñ, ha e bo ne ne u mo gopola? le morwa motho, ha e bo ne ne u mo lekola?” (Pes. 8:3, 4) Ke boammaaruri, tebo ya lefelo la rona mo lobopong e tshwanetse go re kokobetsa ka tlhamalalo. Motho, a bopilwe a le kwa tlase ga baengele, ka mo go tshwanang a ka seke a tsholetse kakanyetso ya ga Jehofa Modimo. Lefa go ntse jalo potso ya mopesalema e bontsha gore Modimo oa amega ka batho.

Elatlhoko: Dafide o ne a botsa, ga botlhokwa: ‘Motho e be e le eng fa Modimo o ka mo gopola, gore Jehofa a ka mo tlhokomela?’ Ka mo go phepafetseng, he, Modimo ruri o gopola motho. Mogodimodimo ruri o tlhokomela motho. Boemong jwa go tshwara batho jaaka “ditlhakanyana” tse eseng tsa botlhokwa, Modimo o letlelela letsatsi go tlhaba le pula go nela basiami le basiamolodi ka bobedi. (Math. 5:45) Ebile tota, masika a batho ka go tlhatlologana ga one a na le lebaka la go leboga Modimo gobo a sa ba lebala, gonne o ba neetse ‘dipula tse di tswang mo legodimong, le metlha ya maungo.’—Dit. 14:16, 17.

Jehofa Modimo ruri o amega ka lelapa la motho. Le gone a ka seke a amege ka lebaka lang? Re a bolelelwa mo dikwalong: “Modimo oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo; oa ba tlhōla nona le tshadi.” (Gen. 1:27) Ereka Modimo e le “Mōea,” ga go na tshwano ya botho gareng ga Modimo le motho. (Yoh. 4:24) Lefa go ntse jalo, motho o na le dinonofo tse di bontshang tseo tsa Modiri wa gagwe wa selegodimo, mekgwa eo tota e farologanyang motho mo popong ya diphologolo. Ka sekai, jaaka Modimo, motho o na le dimpho tsa motheo tsa lorato, tshiamiso, botlhale le nonofo. (1 Yoh. 4:8; Dute. 32:4; Yobe 12:13; Isa. 40:26) Jalo setho ke sa botlhokwa go Mmopi.

Fa motho a ne a ka leba kana a tshwara mogagabo jaaka “tlhakanyana” e e senang mosola, o ne a tla ba, tota, a tlhasela Mmopi wa setho. Ka mo go tshwanelang, re a bolelelwa mo Lefokong la Modimo: “Leha e le mañ eo o shotlañ mohumanegi o kgōba Mmopi oa gagwè.” (Dia. 17:5) Gape, go Diane 14:31 rea bala: “Eo o patikañ mohumanegi o kgōba Mmopi oa gagwè: me eo o tlhomogèlañ motlhoki pelo oa mo tlotla,” ke gore Jehofa Modimo.

Totatota, motho yo o patikang motlhoki kana yo o mo sotlang o kgoba Mmopi wa motho eleruri. Ebile tota, kobamelo ya rona e ka se kaye sepe fa re lebela ba bangwe kwa tlase. (Yak. 3:17) Ka gone he, re tshwanetse re bontshe kamego bathong-ka-rona, le eleng fela jaaka Jehofa a dira. Mme potso e santse e sala:

MODIMO O AMEGA GO LE KANA-KANG?

Ponong ya lobopo lotlhe, lefatshe le motho ka bobedi di dinnye thata. Mme, tota, bonnye jwa motho bo bonala sentle fa a bapisiwa le Modimo. Ka lone lebaka leo, sebe se se ruilweng le bosaitekanelang di ka bo di tlogetse motho a sena tsholofelo fa Modimo tota a ne a sa amege ka motho.—Bar. 5:12.

Mme Jehofa Modimo oa amega tota! “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo,” ga bua Jesu Keresete, “oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi gore leha e le mañ eo o dumelañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelo yo bo sa khutleñ.” Mme neelano e ke e leng ya botho thata, gonne moaposetoloi Johane o ne a kwala: “Eo o dumèlañ mo go Morwa Modimo o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me eo o ganañ go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bōna botshelō, me bogale yoa Modimo bo nntse mo go èna.”—Yoh. 3:16, 36.

A se se raya gore Modimo o tlhoafaletse go senya batho ba ba leofang? Nnya ruri! Gonne moaposetoloi wa Mokeresete Petere o ne a bolela gore Jehofa ga a “rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ” ba na le tebelelo ya botshelo jo bosakhutleng mo tsamaisong e ntšha ya gagwe ya dilo e e solofeditsweng. (2 Pet. 3:9, 13) Ene moaposetoloi yo gape o ne a bontsha gore Modimo o kgatlhegela batho-ka-bongwe, gonne o ne a bolela: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.”—Dit. 10:34, 35.

Jalo Jehofa tota oa amega ka setho—jaaka motho-ka-mongwe. O tla boloka le go segofatsa botlhe ba ba ratang bopelonomi mme ba tsamaya le ene ka boikokobetso. (Mika 6:8) Ka jalo he, tlhagolela botsalano jo bo gaufi le Mmopi wa gago, gonne Modimo ruri oa amega ka wena.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela