Dipotso tse di Tswang go Babadi
▪ Go botlhale go le kana-kang go neela ba-losika ba selefatshe ngwana wa gago go nna nae fela ka go bo ba tla mo neela sengwe le sengwe sa dilo tse bonalang?
Dikwalo di bontsha gore batsadi ba na le tshiamelo le boikarabelo jwa go tlhokomela bana ba bone, mo go akaretsang go ba baakanyetsa tlhokomelo ya semoya. E tla bo e le pono-khutshwane ka monna le mosadi wa Mokeresete go tlhokomologa kabelo ya bone e ba e filweng ke Modimo e le fela gore ngwana a tle a bone letlotlo la dilo tse di bonalang ka go nna le ba-losika ba eseng Bakeresete.
Mo mafatsheng a mangwe go tlwaelegile go romela ngwana go nna le ba-losika ka dipaka tse ditelele. Gantsi se se dirwa ke batsadi ba ba nnang kwa dikgaolong tse di kwa thoko kwa didirisiwa tsa thuto di leng dipotlana. Ba romela ngwana go ba-losika kwa toropong (kana kwa “boarding School”) gore ngwana a tle a kgone go bona thuto e e botoka kana a kgone go bona botshelo jo bo manobonobo. Gantsi ngwana o solofetswe gore a dire tiro ya gae kana ka tsela nngwe a duele balosika go mo amogela ga bone mo legaeng ja bone.
Thulaganyo eno go akanngwa e na le melemo mengwe ya dilo tse di bonalang, mme e ka nna ya seka ya nna megolo jaaka e lebega. Boitemogelo gantsi bo bontshitse gore go na le matswela a a maswe fa ngwana a ntshiwa mo ditikologong tse a di tlwaetseng mme a patelediwa kwa legaeng ja ba-losika go tlogela batsadi ba gagwe. Gantsi-ntsi, mo boemong jwa gore ngwana a tsewe jaaka mongwe le mongwe wa bana ba ba mo lapeng, o tsewa jaaka lelata la ntlo mme a kgethololwe. Fela jaaka o ka bona, tlalelo le kgomahalo gantsi di a tlhaga fa mosha, go na le lebaka kana le seo, a ikutlwa gore o tshwarwa ka tsela e e makgwakgwa. (Bapisa Genesise 27:30-41.) Matswela a go tlhakana tlhogo le go sa itumela a ka itlhakanya le tsela eo a ka ithutang ka yone, lefa e le gore o tsena sekolo se se molemo. A mme jalo o solegelwa molemo ele ruri? Boganana ke maduo a mangwe a a tlwaelegileng fa ngwana a amogiwa kotlhao ya ka metlha mo batsading ba ba lorato.
Kgakololo ya Lefoko la Modimo e thusa go thibela matswela a a hutsahatsang a a ntseng jalo. Ka motheo Bibela e kgothaletsa batsadi go tlhokomela bana ba bone. Legale, Jehofa Modimo o ne a lemoga gore maemo mangwe a a feteletseng a ne a ka tlhaga kwa batho bangwe go na le batsadi ba neng ba tla tlhokomela bana.a Ka gone, o ne a gakolola batlhanka ba gagwe go thusa bana ba ba senang borraabo kana masiela a a nnileng gone ka loso lwa batsadi ba bone boo-babedi. (Duteronome 14:28, 29; 16:9-14; 24:17-21; 26:12, 13; Pesalema 10:14; Yakobe 1:27) Mme kgatelelo ya konokono mo Dikwalong ke ya batsadi go tlhokomela bana ba bone ka dilo tse di bonalang, tsa semoya le ditlhokafalo tsa maikutlo.—Bapisa 1 Timotheo 5:8.
Modimo o ile wa gakolola batsadi mabapi le mafoko a gagwe ka gore: “Me lo a rutè bana ba lona, lo buè kaga aōna, ha u dutse mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa.” (Duteronome 11:18, 19) A batsadi ba ka dira jalo fa ka go rata ba ile ba romela bana ba bone kgakala kwa go ba-losika ba lefatshe ka dipaka tse ditelele? Nnya, batsadi ba tlhoka go nna le bana ba bone go ba neela kgakololo ya ka metlha le tao ya botsadi, ga mmogo le tikologo e e lorato e batho ba basha ba e tlhokang mo go kalo. (Baefesia 6:4; Diane 6:20) Ka mo go utlwalang, molemo, (le eleng wa bosakhutleng) wa ngwana wa Mokeresete o o nnelang ruri o ka se ke o godisiwe fa a ne a ka romelwa go ya go nna le ba-losika ba lefatshe go bona thuto ya boitshediso, mo boemong jwa tao ya semoya mo legaeng ja gagwe. Bakeresete go dikologa lefatshe ba itse gore mo tsamaisong eno ya dilo go godisa mosha go direla Jehofa ke tiro e e bokete, e e tlhokang tlhokomelo ya motsadi ya ka metlha. Ele ruri tebelelo pele ya katlego e ne e tla koafala fa ngwana a ne a ka kgaupediwa mo lelapeng la Bokeresete fela ka ntlha ya melemo ya dilo tse di bonalang.
Mo ntlheng eno akanyetsa ka sekao sa ga Jesu, yo o neng a godisediwa mo toropong e e kwa thoko ya Nasaretha ya Galalia. Ka go utlwa Modimo, Josefe le Maria ba ne ba dira gore Jesu a nne le bone mo Nasaretha, kwa o neng “a cwèlèla mo botlhaleñ le mo go goleñ, le mo go ratweñ ke Modimo le batho.”—Luke 2:41-52.
Tsamaiso ya gompieno ya dilo e gatelela thuto ie katlego ya letlotlo la madi. Batsadi ba lefatshe ba utlwiwa ba bua dipuo tse di tshwanang le tse, ‘ga ke batle morwaake a gola fela go nna motlhanka.’ Le eleng batsadi ba Bakeresete ba ka nna ba tshwaediwa ke pono e e tshwanang tebang le thuto le melemo ya dilo tse di bonalang. Mme batsadi ba ba ikanyang mo botlhaleng jwa ga Jehofa ba tla baya kwa pele go thaya ga bana ba bone “mothèō o o molemō, gore ba tlè ba chwarè botshelō yo e leñ botshelō rure.”—1 Timotheo 6:9, 19.
▪ Jesu o ne a bolelela monna yo o neng a mo fodisitse gore: “U se ka ua tlhōla u leoha, e se re kgotsa se se boshula bogolo sa gu wèla.” A o ne a raya gore re lwala ka ntlha ya go bo re leofile?
Nyaa, ga se gore bolwetse bongwe le bongwe bo tla ka ntlha ya, boleo jo bo papametseng.
Johane kgaolo ya botlhano e bolela ka go fodisa ga ga Jesu monna mongwe yo o neng a lwetse dingwaga di le dintsi. Moragonyana Jesu o ne a bona monna yoo fa tempeleng mme a mo raya a re: “Bōna, u hodisicwe: u se ka ua tlhōla u leoha, e se re kgotsa se se boshula bogolo sa gu wèla.”—Yohane 5:14.
Rotlhe re ruile sebe le bosaitekanelang mo go Adame. (Baroma 5:12) Bosupi jo bongwe ke gore ka “tlholego” re a lwala ka dinako tse dingwe. Ka phepafalo monna yo Jesu a neng a mo fodisitse o ne a lwetse ka ntlha ya bosaitekanelang jo bo ruilweng. Ka kutlwelo botlhoko ya Modimo monna yoo o ne a fodisiwa mme a bontshiwa tsela ya poloka ka Keresete. O ne a tshwanetse he a latele Mmoloki. Fa, mo boemong, monna yoo a ne a ka leofa ka bomo, sengwe se se maswe go feta bolwetse se ne se tla mo wela; o ne a tla bo a le molato wa go leofela moya, a tshwanelwa ke tshenyego ya bosakhutleng.—Mathaio 12:31, 32.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Boemo jo bo sa tlwaelegang bo bile bo hutsafatsa ke jwa mosetsanyana yo o nnileng le ngwana ka lebaka la petelelo. Ba ba kopanyelediwang thata-thata, mosetsana le batsadi ba gagwe, ba ka dira phetso ya gore ke tsela efe e e botlhale mo ponong ya mabaka otlhe, go akaretsa boemo jwa gagwe jwa mmele le jwa boikutlo. Mo maemong mangwe a a tshwanang le ano losea lo ile lwa amogelwa mme lwa neelwa kgodiso ee lorato ya Bokeresete mo lelapeng la gaabo mosetsana. Mo mabakeng a mangwe banyalani ba bangwe ba Bakeresete ba ba batlileng go tlhokomela ngwana, mme ba le mo seemong sa go ka dira jalo, ba ile ba letlelelwa go ka itseela ngwana yoo.