LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 8/1 ts. 29-31
  • A O Moagisanyi yo o Tlhomeletseng Sentle?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Moagisanyi yo o Tlhomeletseng Sentle?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dibolao tsa Semoya
  • Nnelang Ruri mo Thapelong
  • “Aparang Diaparo tse di Feletseng Tsa Tlhabano tse di Tswang kwa Modimong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • “Aparañ Diaparō tsa Phemèlō Cotlhe tsa Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Emang Le Tiile Kgatlhanong Le Maano A Ga Satane!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Madimona—Re ka Emelana le One Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 8/1 ts. 29-31

A O Moagisanyi yo o Tlhomeletseng Sentle?

“GO SEGO ba ba letlanyañ,” ga rialo Jesu Keresete mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng. (Math. 5:9) Baagisanyi ba ba dira ka natla go tshegetsa botsalano jo bomolemo le ba bangwe. Ba duela bosula ka bopelonomi, mme ba tila go omana. (Bar. 12:17, 18) Ka boikutlo, lefoko le tiro, ba dira kagiso. Ka gone, ruri ke “baagisanyi,” ba leka go thusa ba bangwe go ipelela kagiso le Modimo gammogo le ba ga bone.

Ka baka lang, he, go ka twe baagisanyi ba ba tshwanetse ba bo ba tlhomeletse sentle? Ka gonne baba ba ba maatla thata ba ikaeletse go ba senya jaaka batho ba semoya. Malebana le baba ba le ntwa ya Mokeresete kgatlhanong le bone, moaposetoloi Paulo o ne a kwala: “Ga re lwe le nama le madi, me re lwa le magōsana, le bathata, le babusi ba lehatshe ye le lehihi ye, le mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.” (Baef. 6:12) Jalo ya rona ke ntwa kgatlhanong le maatla a Bosatane a lefifi, Diabolo le badimona ba gagwe. Dibetsa tse di bonalang le dibolao ga di na go nna le mosola mo ntweng kgatlhanong le meya e e fetang motho e.

Dibolao tsa Semoya

Ka gone, re tlhoka dibolao tsa semoya tse di umakilweng ke moaposetoloi Paulo. O ne a tlhagisa badumedi-ka-ene: “Lo tseeñ dibolaō cotlhe tsa Modimo, gore lo itse go èma mo motlheñ oa boshula, le go re, lo sena go diha gotlhe, lo bo lo nntse lo eme. Ke gōna, lo emeñ lo itlamile mo dithekeñ ka boamarure, lo bile lo apere letlatla ya tshiamō ya sehuba. Le mo dinaoñ lo bo lo rwele iketleeco ea Mahoko a a Malemō a kagishō; Le mo godimo ga cotlhe lo bo lo tseè thèbè ea tumèlō, e e leñ eōna lo tla itseñ go tima mecwi eotlhe e e molelō ea eo o boshula ka eōna. Me lo tseè tlhoro ea phemèlō ea poloko, le chaka ea Mōea, e e leñ lehoko ya Modimo.”—Baef. 6:13-17.

Lemororo re ka ne re ‘dirile gotlhe’ jaaka batlhanka ba Modimo go fitlha jaanong, ga re kake ra ba ra repisa go disa ga rona. Go botlhokwa gore re lebe go Modiri wa rona le moya wa gagwe go re thusa mo go ‘nitameng.’ Se se tlhoka go iteka ka tlhoafalo mo go dirisaneng le kaelo ya moya o o boitshepo. Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga botlhokwa jwa se mo temeng e e leng ya gagwe. O ne a kwalela Bakorintha: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rèrèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.” (1 Bakor. 9:27) Fa rona, jaaka Paulo, re eletsa go nna re amogelwa, re tlhoka dibolao tsa semoya tse a di umakileng mo lekwalong la gagwe go Baefesia.

Moitlamo wa boammaaruri o emela eng mo “dibolaoñ cotlhe tsa Modimo”? Mo motlheng wa ga Paulo moitlamo wa batlhabani e ne e le lebanta la letlalo le le neng le tswalwa mo lethekeng. Le ne le farologana ka bophara go tswa go disentimetara tse 5 go ya go tse 15 mme gantsi le ne le gokelelwa dipapetlana tsa tshipi, selefera kana gouda. Tšhaka ya motlhabani e ne e lepelediwa go tswa mo go lone mme ka dinako tse dingwe lebanta le ne le tshegediwa ka kgole e e fitlhang kwa legetleng. Le eleng baki ya moitshomelo e ne e ka nna ka gone ya tshwarisiwa mo lethekeng. (Baatlh. 3:15-17; Pes. 45:3, 4) Moitlamo o o ne o tshegetsa le go sireletsa lotheka. Ka mo go tshwanang, boammaaruri bo ka thatafatsa Mokeresete yo o mo ntweng mo boikaelelong jwa gagwe jwa go fela a nitame fa a rakana le maemo a a lekang tota.

Gape, sa botlhokwa, ke “letlatla ya tshiamō ya sehuba.” Tlhokafalo ya tshiamo jaaka letlatla ja sehuba le le sireletsang e ka anaanelwa kwantle ga tikatiko fa re elatlhoko tlwaelo ya boleo ya pelo. Dikwalo di a re bolelela: “Go akanya ga pelo ea motho go le boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” (Gen. 8:21) “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata: e mañ eo o ka e itseñ?” (Yer. 17:9) Ke tshiamo e e thailweng mo tumelong mo thulaganyong ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng fela le e e dirwang ke moya wa gagwe e e ka thibelang pelo go ineela mo ditshekamelong tsa boleo.—Bar. 6:15-20.

Le eleng dinao tsa rona di tlhoka diaparo tsa tshireletso, eleng, “Mahoko a a Molemō a kagishō.” A dinao tsa gago di a rwele? Fa go ntse jalo, o tlabo o itshwara tumalanong le “Mahoko a a Molemo,” thuto yotlhe ya Bokeresete. (Bapisa Baroma 6:17.) Ereka dinao di dirisiwa go gata mo bosoleng, go nna ga motlhabani le “Mahoko a a Molemō a kagishō” go kopanyeletsa go feta boitshwaro jo bo phepa jwa botho. Gape re tshwanetse go tlhagafalela go gasa “Mahoko a a Molemō.” Ka jalo he, le eleng fa re le mo mathateng, go arola ga rona ka botlhaga mo go itsiseng ba bangwe “Mahoko a a Molemo” go ka re thusa go itshoka ka boikanyegi.

Karolo e kgolo bogolo ya dibolao tsa rona ke tumelo. Moaposetoloi Paulo o e bitsa “thèbè ea tumèlō.” O ka ba a ne a gopotse thebe ya Roma e e bogolo jwa dimitara di ka nna 1, 2 boleele le di le 0,8 bophara, go na le thebe e nnye e kgolokwe e e neng ka tlwaelo e tsholwa ke bahudi. Thebe e kgolo e e ne e sireletsa bontsi jwa mmele sentle thata. Ka mo go tshwanang, tumelo ya rona mo go Jehofa Modimo, go ikaega ka botlalo mo go ene, go re thusa go itshoka tlase ga dipitlagano tsa mefuta yotlhe. Tumelo e ga se go dumela fela mo bogoneng jwa Mmopi. (Baheb. 11:6) E kopanyeletsa tsholofelo e e tiileng ya gore Rraarona wa selegodimo o tla dirolola gotlhelele kgobalo nngwe le nngwe e re ka kopanang le yone. Le eleng loso ga lo kake lwa thibela go amogela ga rona masego a a molemo ao Modimo o a solofeditseng batlhanka ba ona.—Math. 10:28.

‘Thebe e ya tumelo’ e tla tima metswi e e molelo mengwe le mengwe e Satane, ka baemedi ba gagwe, a ka re hulang ka yone. Tumelo e tla re thusa go emelana le ditlhaselo tsa “meōea e e boshula,” gammogo le dikgogedi tsa go dira phoso, go itsenya mo tseleng ya botshelo ya dilo tse di bonalang, le go ineela mo poifong, pelaelong, bogagapeng, kutlobotlhoko e e feteletseng kana tshwenyego. Ka tumelo e re sireleditse jaaka thebe e kgolo, re tla kgona go itlhalosa tumalanong le mafoko a a latelang a a tlhotlheleditsweng: “Yehofa ke mothusi oa me; ga nketla ke boiha: ana motho o ka ntihañ?”—Baheb. 13:6

Ereka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo ya motlhabani, jalo “tlhoro ea phemèlō ea polokō” e sireletsa maatla a go akanya a Mokeresete. Ka go boloka pono ya rona ya tlhaloganyo e tlhomame mo polokong ya rona ya bofelo, tuelo ya botshelo jo bosakhutleng, re thusega mo gogolo mo go fenyeng ntwa e e thata kgatlhanong le sengwe le sengwe se se ka dirang gore re fapoge mo mokgeleng wa rona. “Cholohèlō ea polokō” e e tlhomamisegang e Modimo o e abileng e ka nna maatla mo e ka lekanang go re sireletsa ka mokgwa o tlhoro ya phemelo e neng ya sireletsa batlhabani ba bogologolo.—1 Bathes. 5:8.

Gantsi Bakeresete ba tlhaselwa ka dipuo tse di sokamisitsweng le dikganetsano. Fa se se diragala, re tlhoka “chaka ea Mōea,” Lefoko la Modimo Bibela. Dikwalo ke leungo la moya o o boitshepo mme di diretswe “go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.” (2 Tim. 3:16) Fa re na le kitso e e siameng ya Bibela, re ka farologanya gareng ga molemo le bosula. (Baheb. 5:14) Se se re thusa go “diga ditlhatlhanyō, le señwe le señwe se se choletsegileñ, se se ikgoleletsañ go thiba kicō ea Modimo.”—2 Bakor. 10:5.

Nnelang Ruri mo Thapelong

Le gale, ga re a tshwanela le ka motlha re latlhegelwe ke pono ya ntlha ya gore monei wa dibolao tsa rona tsa semoya ke Modimo. Ke Ene yo o tla re bolokelang botshelo jo bo sa khutleng jaaka re leka go ineela mo tirong ya moya wa gagwe. Ke gone ka moo re dirang sentle fa re nnela ruri mo thapelong, ka gone re bontsha boikaego jwa rona jo bo feletseng go Jehofa Modimo. Ponong ya ntlha ya gore Bakeresete botlhe ba na le karolo mo kgotlhanyeng e e tshwanang ya semoya, ga re kake ra batla go lekanyetsa dithapelo tsa rona fela mo go rona mme re tla batla go kopanyeletsa bakaulengwe botlhe. Se se dumalana le kgothatso e nngwe ya ga moaposetoloi Paulo: “Lo nntse lo rapèla ka metlha eotlhe mo Moeeñ, ka thapèlo eotlhe le kōkōtlèlō, lo nntse lo nnetse gōna ka bocwèlèlō pele yotlhe, lo nntse lo kōkōtlèlèla baitshepi botlhe.”—Baef. 6:18.

Ereka poloko ya rona ya bofelo e le kotsing, re na le lebaka le le molemo go fela re le baagisanyi ba ba tlhomeletseng sentle. Ka jalo he, tswelela ka go itlhatlhoba. Tlhomamisa gore o ipelela kgogo le kemo-nokeng ya boammaaruri jwa Bokeresete, gore tshiamo e sireleditse pelo ya gago, gore tumelo ya gago e tiile mo e ka kgonang go emelana le ditlhaselo tse di tswang ka kwantle le mo teng, gore tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng e sireleditse maatla a gago a go akanya, le gore o kgona go dirisa Lefoko la Modimo sentle mo go lweng le megopolo e e senyang tumelo le “mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.” Leka thata go nna o ntse o lebeletse semoyeng, o itetla go gogwa ke moya wa Modimo jaaka o rapela ka ditsela tse di nyalanang le maemo a le mantsi kana dipaka tse di tlhokang malebogo, pako le kopo ya thuso le kgogo go tswa kwa legodimong. Ee, iteke go nna moagisanyi yo o tlhomeletseng sentle.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela