Jehofa o Tlamela Mophato wa Gagwe wa Batlhanka ba Nako e e Tletseng
“Boutlwèlō botlhoko yoa gago, Yehofa, yoa ntshegetsa.”—Pesalema 94:18.
1. Ke eng se se gogetseng Kgosi Dafide gaufi le Jehofa?
“KE TLA gu baka ka malatsi aotlhe; me ke tla baka leina ya gago ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Pesalema 145:2) A o ka akanya gore kgosi Dafide, yo o kwadileng mafoko ao, o tshwanetse a bo a ikutlwile a le gaufi le Modimo go le kana-kang? O ka lemoga kanaanelo ya gagwe, go ineela ga gagwe mo go boteng. Go feta moo, o ne a bolela poifo le tlotlo tseo a nnileng le tsone ka Mmopi wa gagwe, Ene yo o neng a mo diretse dilo tse dintsi jaana.
2. Dafide o bontshitse kanaanelo ya gagwe ka molemo wa Modimo jang?
2 Jaaka Pesalema ya 145:2 e bontsha, ka dinako dingwe go anaanela ga ga Dafide molemo wa ga Jehofa go ne go penologa mo mafokong le mo dipineng tsa pako. Mme mafoko le dipina tseno di ne di bontshiwa gape ke tsela ya gagwe ya botshelo. Akanya ka bosupi bongwe. O ne a batla go agela Modimo tempele, mme erile a ganelwa ka tshiamelo eo, Dafide o ile a neela madi a mantsintsi le dilo tsa kago gore e baakanyediwe. Gaa ka a kgotsofala go fitlha a ntsha baba botlhe ba Modimo mo Lefatsheng la Tsholofetso. Ka lobaka lo loleele o ne a itshokela mathata le matshwenyego, tota le pogiso, bogolo go go itumolola Modimo ka go ipusolosetsa go motlodiwa wa Modimo, Kgosi Saulo. Dafide o ne a ka gopola nako ya fa a ne a lwantsha Goliate a bo a bolaya tau le bera. Ee, Modimo o ne wa tlamela Dafide.
3. O ikutlwa jang ka molemo wa Modimo, mme seno se ka bontshiwa jang?
3 Ao kile wa ikutlwa fela jaaka Dafide, o tletse ka kanaanelo ya molemo wa Modimo mo go wena? O ka nna wa ikutlwa o tlaletswe ka go bo o ne o batla go bontsha kanaanelo e kgolwane go feta jaaka o dira. Mo dinakong tseo go a gomotsa go gakologelwa gore Jehofa o itumedisiwa ke tirelo ya moya otlhe go sa kgathalesege gore tirelo eo e ka ngotliwa go le kana-kang ke go nna ga gago le dipatelesego tse dingwe tsa Dikwalo. (Bapisa Bakolosa 3:23) Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba bantsi ka thapelo ba sekasekile matshelo a bone go bona fa sebaka se ka bulegela go dira mo go oketsegileng mo go bontsheng lorato lwa bone le go ineela ga bone go Modimo. Dikete-kete di kgonne go rulaganya go tsenela tirelo ya go rera le go ruta Bibela ka nako e e tletseng, e leng tirelo ya bobulatsela.
Basha ba Atamela Jehofa
4. (a) Basha ba bantsi ba lemogile eng, mme sa ba tlhotlheletsa go dira eng? (b) Buka ya Organization e akantsha eng ka seno?
4 Bontsi jwa bao ba atametseng Jehofa mo dingwageng tsa bosheng e nnile basha. Ba bone boitimokanyi jwa bodumedi jwa maaka le go retelelwa ga jone go itshokela makhubu a boikepo jo bo gogolang lefatshe. Ba etse tlhoko go palelwa gotlhelele ga motho mo go ipuseng ka katlego mme ba boifisiwa ke fa borakgwebo ba ba bohula ba senya lefatshe la rona le lentle. Erile ba itse tharabololo e e kgotsofatsang ya Bibela ya mathata ano, ba tsaya kgakololo ya mokwadi yo o botlhale yo o rileng: “U bo u gakologèlwè Mmopi oa gago mo metlheñ ea bokau yoa gago.” (Moreri 12:1) Gantsi go feletse ka gore ba direle jaaka badiredi ba babulatsela. Ka ntlhayang? Buka ya Organization for Kingdom-preaching and Disciple-making e akgela ka seno: “Mosha mongwe le mongwe o tshwanetse go akanyetsa tema eno ya tirelo [bobulatsela] ka tlhoafalo. Fa a wetsa dingwaga tsa gagwe tsa thuto e e tlhokegang ya lefatshe, o tla dira eng ka botshelo jwa gagwe? A ruri o rata Jehofa le go utlwela batho bao ka go se rate ba tlamilweng ke tsamaiso eno e kgologolo ya dilo botlhoko? Fa e le mmaki yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, ga go a tshwanela go nna le pelaelo. Pelo ya gagwe e tla mo tlhotlheletsa go direla Jehofa ka moya otlhe.”—Tsebe 136.
5. Basha ba babedi ba lebile boemo jwa bone jang?
5 Mosha mongwe mo Japane o ile a tlhotlhelediwa thata ke boammaaruri jwa Dikwalo joo a bo ithutileng moo a ileng a nna mmulatsela yo o thusang ga 19 morago ga kolobetso ya gagwe ka 1978. Ya re ka December 1980, a le dingwaga di le 18, dikgwedi di le tharo pele a aloga kwa sekolong, a nna mmulatsela yo o tlwaelegileng. Erile mmaagwe, yo le ene e leng mmulatsela, a mmotsa ka maikaelelo a gagwe a nako e e tlang, karabelo ya gagwe e e bonako e ne e le gore ga go sa tlhole go na le sengwe se se botlhokwa go gaisa go rera le go falola “sepitla se segolo.” (Mathaio 24:21) Kanaanelo e e tshwanang e ne ya bontshiwa ke mmulatsela mongwe kwa Netherlands, yo o simolotseng dingwaga di le bofera-bongwe tse di fetileng fa a ne a le dingwaga di le 19. Erile a botswa lebaka la go bo a tsere tirelo ya nako e e tletseng, a araba ka go re: “Segakolodi sa me se ne se ntshwenya ka go bo ke ne ke hupeditswe gotlhelele ke tiro ya me mme nakonyana e e neng e setse ke ne ke e naya Jehofa.”
Ditsela tseo Jehofa a Ba Tlamelang ka Tsone
6. Ke ka ntlhayang fa o ka ikanya maatla a Modimo a a tlamelang?
6 Go atamela Modimo ka tlhoafalo jalo go mo dira gore a arabele. Morutwa Jakobo o re bolelela gore: “Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla.” (Yakobo 4:8) Akanya fela ka seo! Molaodi Mothatayotlhe wa lobopo tota o tla atamela motho yo o mo atamelang ka bopelo-ephepa ka ditiro tsa boineelo jo bo boteng. Modimo o dira jalo jang? Ka bontlhanngwe, o dira jalo ka go tlamela motho yoo semoyeng le e leng ka dilo tse di bonalang fa go tlhokega. (Pesalema 34:10; 146:7) Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela wa dingwaga di le 71 wa kwa Philipines, yo o nnileng mmulatsela yo o ungwang segolo ka dingwaga di le 31, o kwala jaana: “Ka lemmenyana la madi a re a bonang re kgona go itlhokomela ka dilo tse re di tlhokang le go tlhokomela tirelo ya me ya bobulatsela. Ga ke ise ke ikutlwe ke koafetse moyeng.”
7. (a) Boitumelo le nonofo ya semoya di amana jang? (b) Seno se itshupile go nna boammaaruri go bokgaitsadi ba babedi jang?
7 Tsela e nngwe eo Jehofa a tlamelang mophato wa gagwe wa batlhanka ba nako e e tletseng ke go ba neela BOITUMELO, e leng leungo la moya wa gagwe. (Bagalatia 5:22, 23) Moaposetoloi o e umaka e le ya bobedi fela mo loratong fa a bala maungo a moya, mme seo se a tshwanela. Boitumelo bo naya maatla, ao kwa ntle ga one go seng “lesole” lepe le le ka itshokang. Nehemia 8:10 e re: “Boitumèlō yoa ga Yehofa ke thata ea lona [kana, “bo tla lo nonofisa,” Today’s English Version].” Bonnete jwa seno bo bontshiwa ke kakgelo ya kgaitsadi mongwe wa Mokeresete mo Los Angeles, California:
“Ke ne ke batla fela go lo itsise gore ke itumetse jang. Ke bone kopo ya me ya bobulatsela go tswa go molebedi wa potologo . . . mme ka rulaganyetsa go simolola ka January 1, 1981. Fa January a fitlha ke ne ke kgwetlha thata, mme ke ne ka rapela Jehofa gore a segofatse maiteko a me le gore ka tswee ke bone mongwe yo o neng a rata go ithuta ebile a batla boammaaruri. Ga re, ‘Senwelo sa me sa penologa.’ Mo godimo ga go bona batho ba bantsi ba ba kgatlhegang, pego ya me ya January 1981 e ne e le dioura di le 102 mo tirong ya go rera, dimakasine di le 135, dibuka di le 23, maeto a go boela a le 47, dibukana di le 2, dipeeletso di le 3 le dithuto tsa Bibela di le 9. Dikgoro tsa legodimo di ne di bulegile mme tshegofatso e e tswang go Jehofa e ne ya tlala mo go nna moo ke neng ke utlwa ekete pelo ya me e tla tlola-tlola gore e bo e tswele kwa ntle.”
Boitumelo jono jo bo nonofisang gape bo bontshiwa ke kgaitsadi mongwe wa dingwaga di le 14 wa kwa Brazil yo o neng a dirisa maikhutso a gagwe a sekolo go nna mmulatsela yo o thusang le mmaagwe. O tlhalosa jaana:
“Nako nngwe le nngwe fa ke ya tirelong ya tshimo, ke ikutlwa ke kgothatsega, mme fa ke ntse ke tswelela ka go rera ke elelelwa gore go motlhofo gore ke buisane le batho. Ke tirelo e e itumedisang thata, ka ke itse gore ke itumedisa Jehofa le gore ke tsela e e molemo-lemo ya go sola bosha jwa me mosola.”
8. Go bula tsela go ka ama go rera ga gago phatlalatsa jang?
8 A o etse tlhoko seo kgaitsadi yo mosha yo a se buileng kaga go tlhofofalelwa ke go buisana le batho jaaka a ntse a ‘tswelela ka go rera’? A o kile wa itemogela seno? Babulatsela ba bantsi ba tlhomamisitse boammaaruri jo, ka go bolela gore ruri ba simolotse go ipelela tirelo ya tshimo thata-thata fa ba ne ba kgona go e dira ka tsatsi le letsatsi. Ka ntlhayang? Ka go bo, Bakeresete ba bantsi bao ba ka kgonang go nna le seabe mo go yone ka sewelo fela ba fitlhela e le gore ba na le poifonyana nako nngwe le nngwe fa ba simolola ka go rera ka ntlo le ntlo. Fa ba setse ba fetile matlo a se makae ruri ba simolola go go itumelela. Lefa go ntse jalo, babulatsela ba nna le seabe mo go rereng phatlalatsa le mo go ruteng tsatsi lengwe le lengwe, mme ba fetogile ditswerere thata mo go yone, jalo e motlhofo ebile e ipedisa bogolo.
9. Molebedi mongwe yo o etang o akantshitse eng ka bobulatsela?
9 Molebedi mongwe yo o etang mo United States o lemogile gore ba bantsi kwa ntle ga pelaelo ba ne ba ka nna babulatsela ba ba molemo fa ba ne ba ka latswa fela boitumelo le nonofo tseo bobulatsela bo di neelang mme ba ka tlhomamisega gore ba ka tswelapele e le babulatsela. O tlhalositse seo a se akantshitseng jaana:
“Go bonala ekete bontsi jwa bao ba nang le moya wa bobulatsela baa ikgogona, ba boifa gore ba ka se kgone go tswelela mo temeng eo ya tirelo. Ke akantshitse gore ba itlhomele mokgele wa go nna babulatsela ka ngwaga o le mongwe fela; mme ba ka bona gore boitekanelo, thulaganyo, le tse dingwe, di atlega jang. Fa kwa bofelong jwa ngwaga ba ikutlwa gore ba ka se kgone go tswelapele, ba tla bo ba ntse ba nnile le ngwaga o o molemo wa go bula tsela oo ba se kitlang ba o lebala. Lefa go ntse jalo, ba bantsi ba kgona go tswelapele, fa ba kile ba latswa boitumelo jwa gone.”
Thulaganyo ya bobulatsela jo bo thusang, moo Mokeresete a ka direlang bobotlana sebaka sa kgwedi kana dikgwedi tse dintsi ka moo a ratang ka teng, gantsi e nnile botantabelo jwa go ya bobulatseleng jo bo tlwaelegileng.
10. Babulatsela ka tshwanelo ba ikutlwa jang ka go tlamelwa ka dilo tse di bonalang?
10 Babulatsela ba kwa pele-pele mo ntweng ya semoya mme ba dira tiro e kgolo tota. Lefa go ntse jalo, ga ba akanye gore ba tshwanetse go neelwa tlhokomelo e e kgethegileng ka ntlha ya seno. Ba lemogile gore ke ‘masole-mmogo’ le dimilione tsa bao ba direlang Modimo ka boikanyegi mme ba sa kgone go direla jaaka babulatsela. Ka go ya ka maemo a bone, bobulatsela bo ba thusa mo go neeleng tirelo ya moya otlhe, eo e batlegang go botlhe bao ba amogelwang ke Modimo. Ga baa lebelela gore bangwe ba ba otle, ba ba apese kana ba ba tlamele ka tsela nngwe ka dilo tse di bonalang. Ba ikutlwa fela jaaka Paulo yo o neng a re: “Ka mohuhucō le thekisègō, re diha bosigo le motshegare, gore re seka ra imèla opè oa lona.”—2 Bathesalonia 3:8.
11. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba bantsi ba itumelela go thusa bao ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng?
11 Lefa Paulo a ne a sa batle go nna morwalo wa ope, bangwe ba Bakeresete ba pele ba bontshitse kanaanelo ya bone mo tirelong ya gagwe ka go mo thusa ka dilo tse di bonalang. Ka gone ba ne ba mo thusa go tswelela ka seo bone ba neng ba ka se kgone go se dira ka nako eo. (Bafilipi 4:14-19; 2 Bakorintha 11:8) Ka mo go tshwanang, go na le Bakeresete ba bantsi gompieno bao ruri ba berekelang mokgele wa go bula tsela, mme maemo a sa ba letle jaanong. Gantsi bano ka go ithaopa ba abalana dilo tse di bonalang le bao ba kgonang go bula tsela jaanong, mme kabo eno ya bone, lefa e sa lebelelwa, e anaanelwa segolo ke babulatsela.
12. Babulatsela ba santse ba tlhoka go ikanya eng, jaaka go bontshitswe ke kgaitsadi mongwe?
12 Tota lefa ditsala tse dintsi tsa Bakeresete di ba abela, babulatsela ba tlhoka go ikanya mo kgonong ya Modimo ya go ba thusa. Mmulatsela mongwe o kwadile bosheng jaana:
“Ke nnile le boitumelo jwa go nna mmulatsela yo o tlwaelegileng dingwaga di le tharo tse di tletseng. E nnile dingwaga tse di molemo-lemo tsa botshelo jwa me. Ke leboga Jehofa thata ka go ntetla go mo direla mo selekanong seno. E nnile karolo e e nonofisang tumelo segolo ya botshelo jwa me mo boammaaruring, ka dinako tse dintsi ke bone Jehofa a dira gore ke bone dijo. Tirelo ya nako e e tletseng e nthusitse go anaanela thata mafoko a ga Jesu go Mathaio 6:25-33. Ke tshwanetse go ipolela gore ka dinako dingwe ke ne ke nna le tlhobaelo nngwe, mme gantsi ke ya nakwana, ka go bo ke ikgakolola fela gore Jehofa o bolokile tsholofetso ya gagwe mo nakong e e fetileng jang. Ke ka ntlhayang fa ke tshwanetse go mmelaela jaanong? Tsatsi lengwe le lengwe ke leka go sekaseka boemo jwa me mme ke fetse ka gore ke na le dijo, diaparo le ntlo fela jaaka Jesu a boletse gore ke tla nna natso. Fa o dira tiro ya boitshediso masigo a le mabedi fela ka beke, o a itse gore ke Jehofa yo o go tlhokometseng. A bo e le boikutlo jo bo sireletsang jang ne!”
Bobulatsela—Pontsho ya Tumelo
13. Re fitlhela dithuto dife tsa tumelo e e supilweng mo Bibeleng?
13 Bibela e tletse ka dipontsho tsa tumelo. Go agiwa ga areka e ne e le tshupo e kgolo thata ya tumelo ya ga Noa le lelapa la gagwe. Ebile ga re kitla re lebala tumelo e e bontshitsweng ke Aberahame, Sara, Josefa, Moshe le Rahabe. Mme, jaaka Paulo a umakile, “ke tla tlhaèlwa ke lobaka ha ke bolèla kaga Gideone, le Barake, le Samesone, le Yefethe; le kaga Dafide, le Samuele, le baperofeti.” (Bahebera 11:32) Ditiro tsa bone tsa tumelo di ne di sa tlwaelega, e le tseo bangwe ba ka di tlhalosang e le ditiro tse di ka kwa ga tse di tlhokegang. Lefa go ntse jalo, ba ne ba sa tlhotlhelediwe fela ke go ikanyega mo tirong ya bone. Lorato lwa bone go Modimo le tumelo ya bone go ene, go akareletsa le ntlha ya gore Modimo o ba akanyeditse “lehatshe ye le molemō bogolo,” go ba tlhotlheleditse gore ba ‘ipolele’ tumelo ya bone phatlalatsa. Jehofa o ikutlwile jang ka ditiro tsa bone tsa tumelo? Lefoko la gagwe le araba jaana: “Ke gōna Modimo o sa ba tlhabelweñ ke ditlhoñ go bidiwa Modimo oa bōnè: gonne o ba baakanyeditse motse.”—Bahebera 11:13-16.
14. Bobulatsela e ka nna tiro ya tumelo go wena jang gompieno?
14 Gompieno go ka dirwa ditiro tsa tumelo dife tse di sa tlwaelegang? Go ba bantsi karabo e akareletsa tirelo ya nako e e tletseng, e leng tirelo ya bobulatsela. Ka mo go utlwalang, ga se botlhe ba ba dirang ‘bokopano jwa bakaulengwe’ mo lefatsheng lotlhe ba ka bulang tsela kana le e leng go dira bobulatsela jo bo thusang ka metlha. (1 Petere 2:17) Mme le mo go bao maemo a bone a ba letlang, tumelo e a tlhokega. Mokaulengwe mongwe mo Yuropa o kwala jaana: “Ba bantsi ba nneile kgakololo ya gore ke seke ka nna mmulatsela, ka go bo e le jwa batho ba ba nonofileng. Ga ke a nonofa mo mmeleng, ebile tota ke na le serota. Lefa go ntse jalo, ke ne ka simolola mme ka thuso ya ga Jehofa ke nnile mmulatsela ka dingwaga di le 30 jaanong.” O oketsa ka go re ‘o bone kgotsofalo e kgolo ka go nna le thulaganyo e e tletseng eo e mo thusang go nna gaufi le Jehofa.’ Ruri Jehofa o tlametse mokaulengwe yono mo tirelong ya bobulatsela.
15. Mokaulengwe mongwe mo Japane o bontshitse tumelo ya gagwe ka tsela efe?
15 Ebile go bontsha tumelo mo tirelong ya bobulatsela ga se ga setlhopha sa dingwaga tse di rileng. Mokaulengwe mongwe kwa Japane o ithutile boammaaruri jwa Bokeresete morago ga go wetsa tiro ya gagwe jaaka morutabana, o ile a kolobediwa ka bonako a le dingwaga di le 60, mme o ne a tlhamalalela mo tirong ya bobulatsela jo bo thusang. Erile a nna modiredi wa mmulatsela yo o tlwaelegileng a le dingwaga di le 61, a akanya ka motse o o neng o le kwa dithabeng o a goletseng mo go one moo go neng go sena Basupi ba ga Jehofa teng. Ene le mosadi wa gagwe, yo le ene e leng mmulatsela, ba ne ba rekisa ntlo ya bone e e neng e le mo toropong mme ba fudugela kwa motseng oo. Ka madi ao lelapa leno le a boneng fa le rekisa ntlo, lelapa le ne la aga Holo ya Bogosi koo, mme ba nnile le lesego la go bona phuthego e tlhomiwa.
16, 17. Ke ka ntlhayang fa jaanong e le nako e e siametseng go akanya ka tlhoafalo ka go nna mmulatsela?
16 Nako e felela tsamaiso eno e e kgopo ya dilo ka bofefo. Fela jaaka fa Baiseraele ba ne ba oketsa go potologa ga bone motse o o kgopo wa Jeriko pele fela ga o senngwa, ka jalo jaanong, pele fela ga fa Jehofa a senya tsamaiso eno, o laletsa batho go thela loshalaba lo logolo. (Yoshue 6:20) A le wena o mo boemong jwa go nna le seabe ka mo go tletseng mo loshalabeng loo lwa phenyo ka go nna mmulatsela? Fa e le gore o ka rulaganya maemo a gago gore a go letle, a o na le tumelo ya go dira jalo? Tlhomamisega gore Jehofa o tla dira karolo ya gagwe, a go tlamela le go go okeletsa boitumelo. O tla segofatsa maiteko a gago. O ka tswa o tshwana le kgaitsadi yo o nnileng mmulatsela ka dingwaga di le 10 mo Netherlands, yo o rileng: “Segakolodi sa me se ne sa simolola go bua le nna ka go bo ke ne ke na le nako. Ke ne ka simolola go bula tsela gore ke didimatse segakolodi sa me se se tshwenyegileng le gore ke ipontshe gore botsogo jwa me jo bo bokoa bo ka se ntetle go tswelela ke le mmulatsela. Ke santse ke bulatsela.”
17 Ee, Jehofa o dira dilo tse dikgolo mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso eno e e kgopo ya dilo. Jaanong ke nako ya go mo atamela le go segofatsa leina la gagwe tsatsi lotlhe, jaaka Dafide a dirile. Dumela mo tsholofetsong ya Modimo ya go go tlamela. Dafide o kwadile jaana: “E rile ke re, Lonaō loa me lo a rèlèla, boutlwèlō botlhoko yoa gago, Yehofa, yoa ntshegetsa.”—Pesalema 94:18.
A O NE O KA TLHALOSA GORE . . .
◻ Ke ka ntlhayang fa go tshwanela gore basha ba Bakeresete ba akanyetse bobulatsela?
◻ Jehofa o tlamela batlhanka ba gagwe ba nako e e tletseng jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa bobulatsela e le pontsho e e kgethegileng ya tumelo?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Babulatsela ba bona tiro ya go rera phatlalatsa e le e e ipedisang ebile gantsi ba nna ditswerere thata.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Ba bantsi bao ba sa kgoneng go bula tsela jaanong ba kgona go abalana dilo tse di bonalang le bao ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng