Ke Gololesegile! Morago ga Dingwaga Di le 20 mo Kgolegong
Jaaka e boletswe ke Nancy Yuen
MOREKWALEDI wa “Awake!” mo Hong Kong o a kwala:
Lelapa la rona kwa legaeng la lekala la Watch Tower Bible and Tract Society mo Hong Kong le tlwaelane thata le go amogela baeti go tswa kwantle. Mme Labone, February 15, 1979, e ne e le lobaka lo lo kgethegileng thata. Moeti wa rona e ne e le Nancy Yuen, mosupi yo o boikanyo wa ga Jehofa yo o neng a sa tswa go tswa mo China morago ga dingwaga di le 20 mo kgolegong. O ne a re: “Abo ke itumetse jang go nna le lona. Ke bone lelapa la me.”
Botlhe re ne re utlwile kaga Nancy Yuen le rekoto ya gagwe ya boikanyego, mme jaanong o ne a na le rona ka sebele mme re utlwile kgang ya gagwe e bolelwa ke ene ka boene. A re busetsa morago go 1949, o ne a simolola kgang ya gagwe. Seno ke seo a se re boleletseng:
ENE EKANE e le dingwaga di le 30 tse di fetileng fa Stanley Jones, morongwa wa Watch Tower, a ne a etela legae la rona lantlha mo Shanghai, China. Ka nako eo ke ne ke setse ke nyetse ebile ke na le bana ba le babedi. Molaetsa oo a o tlisitseng kaga Jehofa le boikaelelo jwa Gagwe bakeng sa setho o ile wa nkgatlha thata.
Ke kolobeditswe ka 1950 mme ka tswelapele go ithuta ka tlhaga go tokafatsa kitso le go tlhaloganya ga me. Ke itumela bogolo gobo mo dingwageng tse di simololang tseo ke ile ka tsaya maikarabelo a me a Bokeresete masisi, ka gonne fa nkabo ke sa dira jalo, nkabo ke sa kgona go emelana le dithaelo tseo di neng di nkeme fa pele.
Ka 1954 ke ne ke na le bana ba le bane mme gape ke tsaya karolo e e matlhagatlhaga mo go boleleng mafoko a a molemo a bogosi jwa ga Jehofa. Ka 1956 mo tshimologong, mmuso wa Bokomanisi o ne o laola ka mo go feletseng mo Shanghai. Re ne ra simolola go amogela ditlhagiso go emisa go rera ga rona mme re lekanyetse tiro ya rona go felela mo Holong ya Bogosi fela. Lefa go le jalo, ke ne ka ikutlwa gore ke ne ke tshwanetse go dirafatsa thomo eo re e neilweng ke Modimo ya go rera, ka jalo ka tswelapele go tlhakanela mo tirong ya ntlole-ntlo.
Gangwe le gape ke ne ke tshwariwa le go golegwa gore ke tle ke botsolotswe, go botsolotswa ka nako dingwe go ke go nne lobaka lwa dioura di le tlhano gongwe malatsi a le mararo. Fa go ntse go le jalo, ereka monna wa me a ne a fudugetse kwa Hong Kong ka 1953, ke ne ka kopa tetlelelo ya go kopana le ene koo. Babusi ba ne ba re ba ne ba tla nnaya tetlelelo ya me ya go tswa fa fela ke ka emisa go rera. Ke ile ka gana go emisa mme ka lebaka leo ka seka ka bona tetlelelo.
Badiredi ba mmuso ba Makomanisi ba ne ba gakatsega thata ka ntlha ya boikemisetso jwa me jo bo tlhomameng jwa go tswelapele ka go rera. Ka nako e nngwe ya go botsolotswa, ke ile ka bolelelwa gore ke tshwanetse ka bo ke le motho yo o tlhogoethata go gaisa botlhe mo China. Labofelo, ka 1956 fa e ya bokhutlong, morago ga fa ke sena go tshwariwa ka makgetlo a le marataro ka ntlha ya go rera, ke ne ka tshwariwa gape fa mungwantlo a ne a itsise babusi gore ke ne ke rera ka ntlo-le-ntlo. Ga ke ise ke ke ke gololwe morago ga foo.
GO TSENNGWA KGOLEGONG GO A SIMOLOLA
Ke goletse mo lelapeng le le itumetseng ebile ke na le lelapa le lesha le eleng la me. Mme ke ne ke kgaogantswe le bone botlhe mme ke ntse ke bofilwe ka ditshipi mo kamotshaneng e e lefifi ya kgolegelo. Ke ne ka tsholola dikeledi. Ke ne ka ikutlwa ke le bokoa le go tlhoka thuso! Go ne ga bonala ekete ga go tsela ya phalolo. Ka bonako, dikakanyo tsa Bibela di ne tsa tla mo kgopolong ya me kaga Jehofa e le “Modimo oa kgomoco eotlhe,” yo o neelang batlhanka ba ona nonofo. (2 Bakor. 1:3, 4) E ne e le go tloga foo ke neng ka retologela go ona ka thapelo e e tlhoafetseng.
Go tloga ka nako eo ke ne ka bua le Jehofa ka metlha mo thapelong mme ke ile ka ikutlwa ke nonofa tsatsi le letsatsi. Ereka balebedi ba kgolegelo ba lemogile gore ke ne ke rapela ke beile diatla fa pele ga me, segolo fa nakong ya dijo, ke ne ke tshwanetse go bogisiwa ka matsogo a me a gogetswe kwa morago ga me mme ditshipi di bofeletswe fa godimo ga dijabana ka malatsi a mararo go fitlha matsogo le diatla tsa me di bo di ruruga thata. Legale, seno ga sea ka sa nkitsa go rapela. Mme le gompieno jaana o ka bona mabadi ao fa godimo ga dijabana tsa me.
Ke feditse dingwaga tse nne mo kgolegelong, mme ka nako eo ke ntse ke botsolotswa. Ba ne ba batla gore ke oke bakaulengwe ba babedi ba barongwa le go re Watch Tower Bible and Tract Society e ne e le moemedi wa katoloso ya puso ya Engelane. Seno ke ne ke se kitla ke se dira. Ke dirisitse dipaka tseno go ba neela bosupi le go ba bolelela seo Lefoko la Modimo le nang le go se bolela. Mongwe wa bone o ne a akgela ka gore o dirisane le ditlhopha tsotlhe tsa bodumedi, mme tsotlhe di ile tsa ineela. Mme o ne a kgatlhwa ke bopelokgale le tlhoafalo ya me. O ne a re: “Ke maswabi a magolo gore ga o a ka wa fetolelwa Bokomanising pele ga fa o fetolelwa Bokereseteng, gonne setlhopha sa rona se tlhoka batho ba boineelo jwa boammaaruri jaaka wena.” Ka 1960 ke ne ke atlholetswe dingwaga tse 10 kwa kgolegong, go di direla go simolola go tloga fa ke sale ke tshwariwa ka 1956.
Ka 1961 ke ne ka fudusediwa kwa kampong ya tirelo kwantle mo nageng, mme koo ke nnile le dipaka tsa go arola “mahoko a a molemō” le bagolegwa-ka-nna. Ga kea ka ka emisa go rera, mme fa nako e ntse e tswelela, ke ne ka nna pelokgale go feta. Ka lobaka lo longwe, ke reretse setlhopha sa batho ba le 12 bao ba neng ba reeditse ka tlhoafalo. Seno ga sea ka sa tswelela se sa lemogiwe. Morago ke ne ka tsenngwa mo ntlung ya kgolegelo ya kotlhao ka malatsi a le 19, mme ba oketsa katlholo ya me ya ntlha ka dingwaga tse pedi. Dingwaga tseo tse 12 di ile tsa feta ka bofefo.
KGOLOLO LE GO BUSEDIWA KGOLEGONG GAPE
Ka 1968 ke ile ka gololwa mo kampong ya tirelo, lemororo metsamao ya me e ne e lekanyeditswe. Jaanong ke ne ke kgona go dira le go amogela tuelo e e kafa tlase ga $10 ka kgwedi. Ka nako e ke ile ka letlelelwa go ka fudugela kwa setlhopheng sa tirelo seo ke se batlang mme mmè o ne a fudugela mo kgaolong yone eo go nna gaufi le nna.
Ereka ke neilwe kgololesego ya go ka tsamaya ka lefelo le lefelo, ke ile ka simolola loeto lo lo nkisitseng kwa metseng e mentsinyana, go akaretsa le Anching, Hangchow, Nanking le Shanghai. Ke ile ka etela ba-losika le ditsala mme ka abalana le bone dinnete tsa Bogosi tseo ke neng ke di itse mmogo le botlhe bao ba tlwaelaneng le bone bao ba neng ba ba nkitsise. Ekane ngwaga otlhe o ne wa feta mme ka kopa tetlelelo ya go tswa mo China le go kopana le monna wa me kwa Hong Kong. Go bona tetlelelo, ke ile ka kopiwa gore ke boele kwa kgaolong ya Chinsang koo ke neng ke dira gone le koo mmè a neng a le gone. Lefa go le jalo, pele ga fa ke fitlha kwa Chinsang ke ne ka tshwariwa, ka isiwa kwa seteisheneng sa mapodisi mme ka bewa gona ka malatsi a le 10. Mapodisi a ne a botsolotsa malapa a mabedi ao ke neng ke a reretse. Phelelo e nnile gore ke busediwe kwa Chinsang mme ke tsenngwe mo kgolegong morago ga go gololesega ka dingwaga tse pedi.
TSHEKO YA PHATLALATSA
Jaaka gale ke ne ke le tlase ga potsolotso ya ka metlha. Molaodi wa mapodisi o ne a nkaya jaaka yo o tlhogoethata mme a mpolelela gore go botoka fa ke ka ipolela “ditlolo” tsa me go seng jalo go tla tsamaega boima ka nna. Ke mmoleletse tsotlhe tse ke di buileng fa ke ne ke ntse ke buisana le ba bangwe, ke dira jalo mo eleng gore ke mo neele bosupi jo bo molemo kaga bogosi jwa Modimo le thulaganyo ya Ona e ntšha ya dilo. Ke ile ka bolelela molaodi wa mapodisi ka phepafalo gore mebuso yotlhe e tshwanetse go sutela bogosi jwa Modimo. (Dan. 2:44) Tsotlhe tse di ne tsa kwalwa ka kelotlhoko.
Morago ka tsamaisiwa mo mebileng mmogo le magolegwa a banna ba fera bongwe. Melato ya bone e ne e tloga go bogodu go ya go polao le petelelo. Mongwe le mongwe wa rona o ne a tshotse khateboto e kwadilwe ditlolo tsa rona. Morago, fa pele ga batho ba le sekete mo lolwapeng lo logolo lwa sekolo, molaodi wa mapodisi o ne a bala “ditlolo” tsa me ka tiriso ya dibuelakgakala. O ile a bala tsotlhe tse ke di buileng. Ke ne ke itumeletse go bona gore, tota-tota, o kgonne go neela bosupi jo bo molemo go batho ba bantsi mo motseng oo go na le nna.
Moragonyana, ke ile ka utlwa gore dipatlisiso mo tirong ya me ya go rera di akareditse batho ba ba fetang 100 mo dikgaolong tsa naga di fera bongwe tse di farologaneng. Modiredi wa puso mo boemong jo bo kwa tlasenyana o ne a rile ke ne ke le motho yo o tlhogoethata go gaisa, yo o ka se keng a fetolwa mme ka jalo ke tshwanetse go bolaiwa. Mme modiredi wa puso yo o kwa godimo thata ga a ka a dumalana le seo mme ke ne ka atlholelwa ka lekgetlo la bobedi dingwaga di le 20 kwa kgolegong.
Ka dingwaga tse nne tse di latelang, letsatsi lengwe le lengwe le ne le na le thulaganyo e e beilweng. Ke ne ke letlelelwa go tswa mo kamotshaneng ya kgolegelo go sa le maphakela thata go tlhatswa diaparo tsa me le go tlhapa, mme ke busediwe gape mo kamotshaneng ya me go fitlha maitsiboa, fa ke ne ke letlelelwa gape ka lobakanyana lo lo khutshwane go ya go tsaya diaparo tse ke di tlhatswitseng. Mme morago ke ne ke notlelelwa bosigo jotlhe.
Ka November 1, 1978, ke amogetse lefoko la gore ke ne ke tla letlelelwa go tswa mo China le go kopana le monna wa me kwa Hong Kong. Ka jalo e ne e le gore kwa bokhutlong jwa January 1979, monna wa me, le nna le bana ba rona ba le bane re ne re le mmogo gape jaaka lelapa lekgetlo la ntlha mo dingwageng di le 26.
JEHOFA O NTLAMETSE
Botshelo mo kgolegong le mo kampong ya tirelo bo ne bo le lolea thata, lemororo ke ne ke na le mo go lekaneng go ka go ja le go go apara ka metlha. Dijo gantsi e ne e le reisi le merogo, ka namanyana ekane gane ka ngwaga. E ne e le dijo tse di nonotshang, mme ke ne ke kgona go nna ke itekanetse le go nna sentle. Ke ne ke tshola kakanyo ya me e dira, ke ikgakolola ditemana le dinnete tsa Bibela tse ke di ithutileng mo dingwageng tsa me tsa bosheng. Ka gale ke ne ke lebelela dipaka tseo ke ka arolang tsholofelo ya me le ba bangwe mme seno se nkgonisitse go nna ke dira le go nna ke itumetse.
Mo ditshekong tsotlhe tsa me, ga ke ise ke ikutlwe ke latlhilwe. Ke ne ke rapela ka metlha bakeng sa kgogo gore ka metlha ke dire selo se se tshwanetseng. Ke ne ke rapelela nonofo le bopelokgale gore ke itshoke. Morago ga go rapela, ka metlha ke ne ke ikutlwa ke tlhomamisegile bogolo gore ga kea dira phoso le gore tsela eo ke neng ke e tsere e ne e le e e tshwanetseng. Eleruri ke ka re thapelo e nthusitse go ka atamela Jehofa, gaufi-ufi mo eleng gore ka dinako dingwe e ne ekete kea mmona. Ka makgetlho a mantsi ke ne ke gopola tlhomamiso e e go Isaia 66:2, ya gore Jehofa o leba kwa go “eo o humanegileñ, a le mōea o o ñomogileñ.” Seno ka metlha e ne e le motswedi wa nonofo le kgomotso e kgolo go nna.
Fa a ne a bodiwa gore ekane o fitlhetse go botsolotswa go go tswelelang ke badiredi ba puso le mapodisi go le boima go ka go itshokela, Nancy Yuen o ne a araba:
Lantlha go ne go tlhoka go tlwaelana le gone go le gonnye. Mme jaaka ke ne ke siamisetsa kgopolo ya me boemong jo, go ne go sa tshwenye jalo. Go botlhokwa thata go nna le pono e e siameng ya maemo. Go sa le mo tshimologong thata ya kgolegelo ya me ke ne ka gakologelwa mafoko ano a ga Jesu a a kwadilweng go Luke 21:14, 15: “Ke gōna lo itlhōmamisè mo dipeduñ tsa lona ha lo se ketla lo akanya pele kaha lo tla hetolañ ka gōna: Ka gonne ke tla lo naea molomo, le botlhale yo baba botlhe ba lona ba se ketlañ ba nonoha go bo ganetsa, leha e le go èmelana nayō.” Ka jalo ke ithutile gore ke seke ka tshwenyega ka dipotsolotso. Ke ile ka di lebelela jaaka dipaka tse di molemo go neela ba-mmuso bosupi. Ka metlha ke ne ke na le sengwe go se ba bolelela kaga Jehofa Modimo le boikaelelo jwa gagwe ka setho, mme ka metlha go ne go bonala ekete lokwalo lo lo tshwanetseng lo ne lo tla mo kakanyong ka lobaka lwa teng.
Fa a lebelela kwa morago, o ikutlwa jang kaga dingwaga tsa gagwe tse di 20 mo kgolegong? A re:
Go ntsholegetse molemo thata mme ke leboga Modimo wa me, Jehofa, ka lobaka lo ke nnileng le lone go bontsha lorato lwa me le boineelo go ene. Jaaka go kwadilwe go Mathaio 13:45, 46, Jesu o tshwantshitse Bogosi le moreki yo o etang a batla diperela tse dintle. Fa a sena go bona nngwe ya tlhwatlhwakgolo, a rekisa tsotlhe tse a neng a na natso mme a e reka. Ke ne ke tshwanetse go tlogela sengwe le sengwe, le eleng bana ba me ba bannye, go nna boikanyo go Modimo wa me. Jehofa ga a ise a ntshwabise ka tsela epe. O ile a ntlamela le go tlhokomela lelapa la me ka tsela ya gagwe e ntle.
Fa a ne a botswa gore a o ne a na le kgakololo epe e e molemo go ka e neela Bakeresete-ka-ene, Nancy Yuen o ne a araba ka go akanya:
Le ka motlha o se kgoberege kakanyo kana go boifa dithaelo tseo di ka go tlelang. Rotlhe re tshwanetse go letela dithaelo ka ditsela tse di farologaneng. Di molemo go rona. Di a re otlhaya le go re tlhaolosa le go bontsha gore re Bakeresete ba ba jang tota-tota. Dithaelo di re bontsha gore tumelo ya rona e nitame go le kana-kang le moo e ka nitamisiwang gone. Ke ikutlwa ke nitame thata mo tumelong gompieno ka ntlha ya dithaelo tsa me. Ka jalo o seke wa boifa. Ka dipaka tse dintsi ke ile ka bona kgomotso e kgolo mo mafokong a ga moaposetoloi Petere a go “latlhèla tlhobaèlō eotlhe ea lona mo go (Jehofa), ka oa lo babalèla.” (1 Pet. 5:6, 7) Le wena o ka dira mo go tshwanang.
Sekao se sa kgaitsadi yo o ineetseng sa boitshoko le boikanyo sea kgothatsa le go nitamisa tumelo. Mo dithapelong tsa bone go Jehofa Modimo, go feta dingwaga tse 20 Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe ba ntse ba gopola bakaulengwe ba bona le bokgaitsadi ba ba rategang mo China. Rea ithuta jaanong ka borona ka moo ka lorato a ba tlhokometseng le go ba tlamela go fitlha jaanong.
Nancy Yuen o etetse ofisi ya lekala la Watch Tower Society mo Hong Kong ka February 15, 1979, a tlhakanela pokano ya gagwe ya Bokeresete ya ntlha mo dingwageng tse 22 ka February 16 mme gape o ne a arola le bakaulengwe ba gagwe mo go boleleng bogosi jwa Modimo go ya ka ntlo-le-ntlo ka February 17. Re tlhotlheletswa go leboga Jehofa bakeng sa dikai tsa motlha wa gompieno tsa boikanyegi joo bo kgothatsang Bakeresete botlhe ba boammaaruri go ikanyega mo Modimong wa bone, Jehofa.
[Setshwantsho sa Nancy Yuen mo tsebeng ya 4]