China le Bokeresete
DIKETE-KETE tsa batho di etela China—palo e e lekanyeditsweng e e kana ka 10 000 ya baeti monongwaga. “Seo o tla se bonang,” go bega setlhogo bakeng sa baeti mo The Wall Street Journal, “ke dikamore tse di boatlhamo jo bo siameng, diterena tse di manobonobo, difofane tse ka tlwaelo di nnang di tletse, . . . tee e e monate le bangwe ba batho ba ba maitseo bogolo le go nna botsalano ba o tla ba bonang gongwe le gongwe.” Mme go tweng ka bodumedi, mme, segolo thata, Bokeresete?
Bodumedi ga bo a tlwaelega—kwantle ga “bodumedi jwa bokomanisi.” Bokeresete tota-tota ga bo tlhole bo le gone. Molaetsa wa semmuso wa Associated Press ya July 31 go tswa Peking o a tlhokomela: “Dikereke tse dintsi di fetoletswe go ditiriso tse dingwe, jaaka dikolo, dikaratšhe kana dintlo tsa go bolokela dilwana. Go na le dikereke di le pedi tsa Bokeresete mo Peking, ga jaanong di dirisiwa segolo ke baagi ba dinaga disele le baeti. E nngwe ke Roma Katoliki mme e nngwe ke Protestanta.”
Ke ka ntlhayang go na le kgatlhego e le nnye jaana mo go Jesu le dithuto tsa gagwe? Bokomanisi mo China, legale, bo pitlagantse bodumedi jo bo jalo. Mme go na le mo gontsi go na le moo. Dikereke di ne tsa emela dithuto tsa ga Keresete bosula, jaaka Times ya New York ya January 15, 1979, e kaile: “Setshwantsho sa morongwa wa Lekgoa se lekantswe le dipolotiki tsa Sekgoa fa esale barongwa ba ntlha ba Presbiteri, ba Methodist le ba Roma Katoliki ba tsena mo nageng e moragonyana mo lekgolong la bo-19 la dingwaga.”
Ee, go bonala ekete barongwa ba bantsi ba ne ba direla jaaka babueledi ba mebuso ya bone ya bomorafe bogolo go na le bogosi jwa Modimo. Go ya ka pego ya go sale galenyana ya New York Times, kopano ya tsa bodumedi ya merafe yotlhe e ne ya lela: “Ke bomadimabe gore Bokeresete jaaka bodumedi jwa semmuso bo ne jwa dirisediwa ka ditsela tse di farologaneng go siamisa katoloso ya puso ya Engelane, go dira gore merafe e ikaege ka Yuropa, go dira dikolone le go dira kgwebo e e sa amaneng le mmuso.”
Ka June 1947, lefa go le jalo, barongwa ba babedi ba Bakeresete, ba mofuta o o farologaneng gotlhelele le barongwa ba dikereke tsa La-Bodumedi, ba ne ba tsena mo China. E ne e le Harold King le Stanley Jones, baalogi ba setlhopha sa borobedi sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gilead. Ba ne ba kopana le setlhopha se sennye sa Basupi ba ga Jehofa kwa Shanghai, mo China, ba arola le bone mo go rereng kaga bogosi jwa Modimo go ya ka ntlo-le-ntlo.
Fa nako e ntse e tswelela jalo, Stanley Jones o ne a kopana le mma-lapa Nancy Yuen fa a ntse a dira ka ntlo-le-ntlo. Lemororo monna wa gagwe a ne a sa kgatlhegele Bibela, Nancy ene o ne a kgatlhega, mme ka bofefo a bona pharologano gareng ga La-Bodumedi le dithuto tse di theilweng Bibeleng tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka bonako e nnile Mosupi yo o matlhagatlhaga thata. O ne a tswelapele ka bofefo, a itshupa go nna tlhoafalo thata mo go rereng ka ntlo le ntlo le mo go tsamaiseng dithuto tsa Bibela, tsotlhe tse ka puo ya Sechina.
Go bo-1950 mo tshimologong, bontsi jo bo kana ka 175 bo ne jwa nna gone mo dipokanong mo Shanghai, lemororo dithibelo di ne di dirilwe mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa. Mme he, ka 1956 Nancy Yuen o ne a tshwariwa mme a golegwa ke babusi. Fa King le Jones ba ne ba botsa kaga katlego ya gagwe, ba ne ba lelekiwa ka mafoko a: “Eno ke kgang ya Machina fela. Tlhokomelang ditiro tse eleng tsa lona.” Dingwaga di le pedi morago ga foo, King le Jones ka bobone ba ne ba tshwariwa, mme King a fetsa dingwaga di le tlhano mme Jones di le supa mo dikgolegong tsa Machina pele ga go gololwa le go busediwa morago kwa ga bone.
Mme go tweng ka Nancy Yuen? Re dumela gore o tla bona kgang e e latelang kaga gagwe e le ya kgatlhego e e gogelang.