LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 1/1 ts. 8-10
  • Borukhutlhi—Ka Ntlhayang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Borukhutlhi—Ka Ntlhayang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO BOPÈLA GA BORUKHUTLHI
  • KA NTLHAYANG GO GASAGASAMA?
  • BO TLA KHUTLA JANG?
  • Borukhutlhi—Bo Tla Fela go Ise go ye Kae!
    Tsogang!—2001
  • Kgabagare Lefatshe la Nna mo Kagisong!
    Tsogang!—2006
  • Hisitori e e Tletseng ka Tshololo ya Madi
    Tsogang!—2006
  • Go Lebana le Matshosetsi a Borukhutlhi
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 1/1 ts. 8-10

Borukhutlhi—Ka Ntlhayang?

NAKONYANA e se kae e e fetileng banyalani ba barongwa, Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba iphitlhela mo polaong e kgolo e e boifisang e e diragetseng mo motseng wa Kolwezi, kwa Zaïre. Tlhaselo mo motseng e bonala ekete e dirilwe ke banna ba motse bao ba thusiwang ke Makomanisi, mme mo tshimologong ba ne ba bonala ba kgotsofalela go tshosa basweu ka go thuntsha ba le mo godimo ga matlo. Basweu ba bantsi ba itshireleditse mo magaeng a bone, mme batlhasedi ba bone moragonyana ba ne ba simolola tlhanaselo ya go thukhutha, go nwa bobe, go betelela basadi le go bolaya, mo go fetotseng motse go nna pono ya kgailo gotlhelele. Beke e e boitshegang ya borukhutlhi e khutlile ka go goroga ga Mophato wa Dinaga Disele wa Fora ka May 19, le masole a difofane a kwa Belgium tsatsi le le latelang. Go ne go lekantswe gore ekane basweu ba le 200 le bantsho ba le 700 ba sule mo tlhaselong.

Banyalani ba Basupi ba ne ba falola jang? Ka malatsi a le supa ba ne ba itshireleditse mo legaeng la bone kafa morago ga mosako wa mabokose a dibuka tsa Bibela, mme ka mabokose, bo-matarase le mesamo e sireleditse difensetere. Dibomo le marumo tse di phatlogang di ne di ba fofa go ba dikologa. Ntlo ya bone e ne e le leshope, mme ba ne ba falola go ka tshabisediwa kwa Kinshasha ka sefofane. Lefa bone ka bobone ba ne ba gobetse go le gonnye, kgagamalo e ne e le kgolo mo mosading, yo o ne a le boimana jwa dikgwedi di le thataro, mo eleng gore o ne a belega ngwana wa mosimanyana e ise e nne nako. A sa nonofela botshelo jwa kafa ntle ga popelo ya ga mmaagwe, o ne a tshela malatsi a le mane fela. Batsadi ba ne ba gomodiwa, lefa go le jalo, ke kitso ya gore o tla tshela gape mo lefatsheng le le molemo bogolo, gape le tsholofelo ya gore bone ka bobone ba ka falola motlha o wa borukhutlhi go mo amogela gape mo paradaiseng eo.—Luke 23:43; Yoh. 5:28, 29.

GO BOPÈLA GA BORUKHUTLHI

Leba gongwe le gongwe kwa o ka kgonang mo lefatsheng le gompieno—borukhutlhi bo tsholetsa tlhogo ya jone e e maswe. Barukhutlhi ba ribegeditse mebuso ya puso ya batho-ka-batho mo dinageng tsa Amerika. Dikete-kete di sule ka ntlha ya tlhabano ya borukhutlhi magareng a Makatoliki le Maprosetanta mo Ireland Bokone. Mo Japane, barukhutlhi ba diegisitse go bulwa ga boemafofane jwa merafe yotlhe jwa kwa Tokyo ka dingwaga tse tlhano. Barukhutlhi ba Palesitina ba ntse ba tsweleditse ntwa ya bone kgatlhanong le Iseraele, le eleng go bolaya batho mo beseng e tletse. Mo Jeremane le mo Italy go nnile dipolao tsa ba ba utswitsweng, ka polao e e setlhogo ya Aldo Moro yo o neng e le tona-kgolo mo Roma e le kwa setlhoeng sa tsone.

Mme gape go na le borukhutlhi joo bo kailang mo mebileng tsatsi le letsatsi mo metseng e mentsi e megolo mo lefatsheng. Ditlhaselo tsa bogodu, bogodu, dipetelelo tsa basadi le dipolao e setse e le ditiragalo tsa tsatsi le letsatsi. Ke ba se kae fela bao tota ba ikutlwang ba bolokesegile gongwe le gongwe. Ee, borukhutlhi bo a tlhanasela go dikologa kgolokwe.

Makasine wa beke le beke o tlhalositse boemo jaaka “bolwetsi jo bo gasagasamang jwa bothubaki.”a Mo potsolotsong, o tsopotse “mokwadi yo o eteletseng-pele kaga borukhutlhi,” eleng Walter Laquer, jaaka yo o reng:

“Barukhutlhi ba gompieno ba farologana le bao ba nako e e fetileng mo ntlheng e le nngwe ya botlhokwa. . . . Barukhutlhi ba lekgolo la bo-19 la dingwaga ba ne ba tlhaola. . . . Barukhutlhi ba gompieno ba tlhaka-tlhakanya fela—ka bosetlhogo jo bo gaisang jwa nako e e fetileng kgakala. Barukhutlhi ba tlogela bomo mo lefelong le legolo la borekelo ebile ba sa kgathale gore ke mang yo o tla bolaiwang. O a bona, lobaka lwa go fitlha ka Ntwa ya Lefatshe ya ntlha, ka kakaretso, lo ne lo le botho bogolo. Ke maswabi go kaya gore botshelo jwa motho e nnile jo bo tlhwatlhwa-tlase mo motlheng wa rona—ka ntlha e nngwe e le ka lebaka la boitemogelo jwa polao ya bontsi ya Dintwa tsa Lefatshe ya ntlha le ya bobedi. Gape, jaanong re na le bo-ramatlhale ba bothubaki bao ba neng ba se teng mo lekgolong la bo-19 la dingwaga—batho bao ba ganetsang gore bothubaki bo bontle, gore bo go direla dilo dingwe mo tlhaloganyong, gore eleruri re tlhoka bothubaki.”

Rre Laquer gape o tlhagisitse kaga kgonego ya go nna le dibetsa tsa “bothubaki-bogolo” ga barukhutlhi, tseo ka tsone ba ka nnang ba senya naga yotlhe, go akaretsa le malapa, ditsala le baba ba bone—mongwe le mongwe!

KA NTLHAYANG GO GASAGASAMA?

Tlhokomela gore mokwadi yo o tsopotsweng fa godimo o kaya gore motlha o wa borukhutlhi jwa bosekasebatana, jo bo setlhogo o simolotse ka ntlha ya ntwa ya ntlha ya lefatshe. Bolwetsi jo bo gasagasamang jwa bothubaki bo tswetsepele fa esale ka nako eo. Se ke sa kgatlhego e e kgethegileng go baithuti ba Bibela, gonne Jesu ka boene, fa a ne a bua kaga ‘sesupo sa go tla ga gagwe, le sa bokhutlo jwa lefatshe,’ o ne a bolelela-pele gore ‘morafe o ne o tla tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi’ jaaka “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga”—ntwa ya kakaretso e e akaretsang lefatshe. Jesu o kaile gore seno se ne se tla salwa morago ke ‘go ntsifala ga boikepo’ le “poiho le tebèlèlo ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.”—Math. 24:3, 7, 8, 12; Luke 21:10, 11, 26.

Jesu o bontshitse gore ditiragalo tse di boifisang tse e ne e tla nna karolo ya sesupo sa gore ene, jaaka “Morwa motho,” o gone mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang kwa magodimong, go atlhola merafe le batho ba lefatshe, le go dirafatsa katlholo go baikepi. Jaaka go supega, re ntse re le mo motlheng oo wa katlholo fa esale bolwetsi jo bo gasagasamang jwa borukhutlhi bo simolola ka 1914.—Math. 25:31-33, 41, 46.

Filosofi ya bothubaki eleruri e ne ya etelela-pele fa esale ka 1914, e tshwaya lekgolo le la dingwaga go nna le le boifisang bogolo go gaisa makgolo a dingwaga a a fetileng. Lefa go le jalo, ke mo go kgatlhisang gore go ne go le motlha o o tshwanang le ono wa bothubaki le borukhutlhi go feta lobaka lwa dingwaga di le dikete tse nne tse di fetileng. E ne e le mo motlheng wa ga Noa. Bibela e o tlhalosa ka mafoko ano:

“Me lehatshe le ne le bodile ha pele ga Modimo, me lehatshe le ne le tletse thubakanyō. Me Modimo oa bōna lehatshe, me bōna, le ne le bodile; gonne nama eotlhe e ne e bodisitse mokgwa oa eōna mo lehatshiñ.”—Gen. 6:11, 12.

Ba ba thubakang kwa morago koo thata-thata e ne e lotsalo lo lo maatla lwa motswako wa bomorwadia batho le bomorwa Modimo ba moya ba ba sa utlweng, bao ba neng ba itirile batho mo lefatsheng. Lotsalo lo lo ne lo bidiwa ‘Banefilimi,’ ke gore ‘mekaloba’—“ba ba diganka” ba ba rukhutlhileng setho. (Gen. 6:4) Ba simolotse motlha wa bothubaki o o ka tshwantshiwang le seo re se bonang mo lefatsheng gompieno. Losika lo lo boikepo loo lo ganne go tsaya tlhagiso ya ga Noa kaga tshenyo e e tlang tsia. Jaaka Jesu a kaile mo polelelong-pele e e tsopotsweng fa godimo: “Ba ne ba sa itse (tseye-tsia, NW), morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe.” Mme Jesu o phepafaditse gore ‘go nna gone ga gagwe jaaka Morwa motho’ e tla nna bakeng sa boikaelelo jwa go dirafatsa katlholo e e tshwanang godimo ga losika lo lo boikepo kwa bokhutlong jwa lefatshe.—Math. 24:37-39.

BO TLA KHUTLA JANG?

Gore motlha wa borukhutlhi o tla tla bokhutlong jo eleng jwa one jo bo tsubutlang go itsisitswe ka phepafalo mo dipolelelongpele tse dintsi tsa Bibela. (Yer. 25:31-33; 2 Bathes. 1:7-9; 2 Pet. 3:5-7) Mme se ga e ne e nna ka banna kana merafe ya barukhutlhi e dirisa dibetsa tsa “bothubaki-bogolo,” gore e fedise lefatshe kana dikarolo tsa lona. Bogolo, e tla nna ka tiro ya ga Jesu Keresete, yo o ratang setho ebile a na le kgatlhego ya boammaaruri mo go gololeng barati ba tshiamo mo borukhutlhing jwa metlha ya rona. Ke ka moo, morago ga go tlhalosa “pitlaganō” ya merafe ka ntlha ya borukhutlhi jwa motlha wa rona, Jesu o bua mafoko ano a a kgothatsang:

“Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.”—Luke 21:25, 28.

Ee, ke nako ya gore barati ba tshiamo botlhe gare ga setho se se gateletsweng ba tsholetse ditlhogo tsa bone ka tebelelo ya metlha ya boitumelo e e tlang. E ne e le tumelo e e tiileng mo Modimong, mmogo le tsholofelo ya lefatshe la paradaise le tsogo ya baswi eo e tlametseng barongwa ba ba boikanyo ka nako ya boitemogelo jo bo maswe mo Zaïre. Tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo e tswelapele go tlamela batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo gongwe le gongwe koo ba direlang gone mo lefatsheng le le tsubutlang le. A ko e go tlamele le wena, mo go faloleng motlha o wa borukhutlhi go tsena mo ‘lefatsheng le lesha, leo go tla agang tshiamo mo go lona.’—2 Pet. 3:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

a U.S. News & World Report, May 22, 1978, dits. 35, 36.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela