LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 9/15 ts. 30
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tshwanelega Jaaka Barutisi mo Phuthegong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Nna o Tlhokometse go Ruta ga Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • ‘Lo Tshwanetse Lwa Bo ne ne Fano Lo Le Barutisi’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • ‘Gopolang Bao Ba Lo Laolang’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 9/15 ts. 30

Dipotso Tse di Tswang go Babadi

Ke eng se morutwa Jakobe a neng a se kaya fa a ne a re: “Bagaetsho, lo se ka lwa nna baruti lo le bantsi, ka lo itse fa rona baruti re tlaa bona tshekiso e e bokete bogolo”?—Jakobe 3:1.

Totatota Jakobe o ne a sa kgobe Bakeresete marapo gore ba se ka ba ruta ba bangwe boammaaruri. Mo go Mathaio 28:19, 20, Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore “lo dire merafe yotlhe barutwa, . . . lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” Ka gone, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ruta. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba Bahebera ka gonne ba ne ba ise ba nne baruti. O ne a kwala jaana: “Fa e le ka ga lobaka, lo bo lo tshwanetse lwa bo ne ne fano lo le baruti, mme lo bile lo sa ntse lo tlhoka gore bangwe ba lo rute ditlhaka tsa tshimologo tsa mafoko a Modimo.”—Bahebere 5:12.

Jaanong he, ke eng se Jakobe a neng a se kaya? O ne a bolela ka ba ba nang le ditshiamelo tse di kgethegileng tsa go ruta mo phuthegong. Mo go Baefeso 4:11, re bala jaana: “[Jesu Keresete, yo o leng Tlhogo ya phuthego] a neela bangwe gore ba nne baaposetole; ba bangwe gore ba nne baperofeti; ba bangwe bareri ba Mafoko a a Molemo; le ba bangwe badisa ba phuthego, le baruti.” Go ne go na le ditshiamelo tse di kgethegileng tsa go ruta mo diphuthegong tsa lekgolo la ntlha la dingwaga jaaka di le teng gompieno. Ka sekai, Setlhopha se se Laolang se emela “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” mme se na le boikarabelo jo bo kgethegileng jwa go okamela thuto ya phuthego ya lefatshe lotlhe. (Mathaio 24:45) Balebedi ba ba etang le bagolwane ba diphuthego le bone ba na le maikarabelo a a kgethegileng a go ruta.

A Jakobe o ne a bolelela banna ba Bakeresete ba ba tshwanelegang gore ga ba a tshwanela go amogela seabe sa go ruta ka ntlha ya go boifa tshekiso e e boima ya Modimo? Tota nnyaa. Tiro ya bogolwane ke tshiamelo e kgolo, jaaka go bontshitswe mo go 1 Timotheo 3:1, e e reng: “Fa motho a senka boemo jwa mookami wa phuthego o eletsa tiro e e molemo.” Sengwe sa dilo tse di tlhokegang gore monna a tlhomiwe jaaka mogolwane mo phuthegong ke gore a bo “a itse go ruta.” (1 Timotheo 3:2) Jakobe o ne a sa ganetse mafoko a ga Paulo a a tlhotlheleditsweng.

Lefa go ntse jalo, go lebega gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., batho bangwe ba ne ba itira baruti, le mororo ba ne ba sa tshwanelege e bile ba sa tlhomiwa. Gongwe ba ne ba akanya gore seabe seo e ne e le sa maemo a a kwa godimo, mme ba ne ba eletsa go galalediwa ka bobone. (Bapisa Mareko 12:38-40; 1 Timotheo 5:17.) Moaposetoloi Johane o umakile Dioterefese, yo ‘o neng a eletsa go nna tlhogo, mme a se ka a tshola Johane.’ (3 Johane 9) Timotheo wa Ntlha 1:7 e bolela ka batho bangwe ba ‘ba neng ba eletsa go nna baruti ba molao, le mororo ba ne ba sa tlhaloganye se ba se buang, le fa e le se ba neng ba tlhomamisa ka ga sone.’ Mafoko a ga Jakobe 3:1 a tshwanela thata banna ba ba eletsang go nna baruti mme ba na le boikutlo jo bo phoso. Batho ba ba ntseng jalo ba ne ba ka senya letsomane ka tsela e e masisi mme ba ne ba tla amogela katlholo e e boima e e ba tshwanetseng.—Baroma 2:17-21; 14:12.

Gape Jakobe 3:1 e gakolola sentle bao ba tshwanelegang le ba ba direlang e le baruti. E re ka ba neetswe boikarabelo jo bogolo, go tlhokega gore ba dire mo gontsi. (Luke 12:48) Jesu o ne a bolela jaana: “Lefoko lengwe le lengwe la boithamako le batho ba tlaa le buang, ba tlaa le bodiwa mo motlheng wa tsheko.” (Mathaio 12:36) Seno se tla nna jalo tota mo bathong ba mafoko a bone a nang le tlhotlheletso e kgolo, e bong bagolwane ba ba tlhomilweng.

Bagolwane ba tla ikarabela malebana le tsela e ba tshwarang dinku tsa ga Jehofa ka yone. (Bahebere 13:17) Se ba se bolelang se ama matshelo a batho. Ka gone, mogolwane o tshwanetse go nna kelotlhoko gore a se rotloetse megopolo ya gagwe ka namana kana a se tshware dinku ka tsela e e makgwakgwa fela jaaka Bafarisai ba ne ba dira. O tshwanetse go leka gore a bontshe lorato lo logolo lo Jesu a neng a le bontsha. Mogolwane o tshwanetse go tlhopha mafoko a gagwe fa a ruta, mme segolobogolo fa a le mo dikgannyeng tsa boatlhodi, a se ka a dirisa dintlha tse di sa baakanyediwang kana a ntsha maikutlo a gagwe ka namana. Fa modisa a ikanya Jehofa thata, Lefoko la gagwe le dikaelo tsa gagwe tse di tswang mo mokgatlhong wa gagwe, Modimo o tla mo segofatsa fela thata, e seng ka “tshekiso e e bokete bogolo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela