Go Nna O Nitame mo Tumelong mo Dinakong tse di Boima
MO DIKAROLONG tse dintsi tsa lefatshe, pogiso e shakgala kgatlhanong le Bakeresete ba boammaaruri, le eleng jaaka e ne e dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Fela jaaka Bakeresete nakong eo ba ne ba nitama mo tumelong, ba ntse ba dira jalo le gompieno. Go ya bofelong jwa 1978, lokwalo lo lo tswang go molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa lo ya kwa ofising ya lekala la naga eo a direlang mo go yona o boletse ka dipogiso tse di bogale kgatlhanong le Basupi mo karolong e e rileng. Go nitama ga bone go phatsima gape jaaka sekai se sentle sa boikanyegi jwa Bokeresete.
Go ya ka pego ya molebedi yo o etang, batshwenyi ba boleletse setlhopha sa Basupi: “Ga re sa tlhole re batla go utlwa go rera ga lona kaga Jesu gape.” Mme ba araba: “Ga re bone phoso epe mo go seo Jesu a se dirileng. Ka jalo ga go sepe se se phoso kaga go rera ga rona kaga gagwe.”
Seno sa galefisa banna bao. Ka jalo ba dira gore Basupi—bakaulengwe ba bararo le bokgaitsadi ba babedi—ba tlise dibuka tsotlhe tsa bone kwa lefelong le le bokgakala bo kaneng bo le dikhilomitara di le tlhano (di-maele di le 3). Koo ba fisa dibuka. Jalo, morago ga fa ba sena go tsamaisa bakaulengwe sekgala se sennye, ba simolola go itaya yo mongwe wa bokgaitsadi—mosetsanyana yo monnye fela—bakaulengwe ba ntse ba bogetse. Fa ba boela go bakaulengwe, ba ne ba re: “Mosetsana a re lo mo gapeleditse go nna Mosupi.” Lefa go le jalo, kgaitsadi yo mmotlana yo o sa tswang go itewa a utlwa se, mme a goa: “Baa fosa!”
Jalo matsogo a yo mongwe wa bakaulengwe a ne a bofelelwa kafa morago ga gagwe. O ne a itewa go fitlha a idibala. Morago ga go goa “A Jesu a ye koo,” babogisi ba itaya mokaulengwe yo mongwe ba bo ba kgaola tsebe e nngwe ya gagwe. Mokaulengwe wa boraro le ene o ne a itewa setlhogo, goo go batlileng go fedisa pono ya gagwe mo leitlhong le lengwe. Mme ope wa bona a se latole tumelo ya gagwe go sa kgathalesege go tshwariwa setlhogo jaana.
Labofelo, ba isa bakaulengwe kwa nokeng, ka maikaelelo a go ba betisa. Mo tseleng bakaulengwe ba rapela ka tlhonamo thata. Jalo babogisi ba fetola maikaelelo a bona mme ba ba isa magaeng a bone. Koo ba bolelelwa gore ba seka ba ya kwa toropong eo Holo ya Bogosi e neng e le gona pele ga dikgwedi tse tharo. Lefa go le jalo Sontaga e e latelang mongwe wa bakaulengwe a ya pokanong kwa toropong.
Moragonyana, bone basupi ba le batlhano bao gape ba emisiwa ke setlhopha se sengwe sa banna. “Lo atamela Modimo ka mang?” ba ne ba botswa. Mongwe wa bakaulengwe a araba, “Ka Jesu.” Mme o ne a tsenwa ganong ka mantswe a: “Re atamela Modimo ka meya ya bagologolo.” Mme mongwe wa babotsolotsi a tlatseletsa: “Ka jalo ga lo obamele bagologolo ba lona.” Basupi ba didimala.
Jalo mongwe wa setlhopha a tsaya thobane e kgolo mme a simolola go itaya bakaulengwe. Ba bangwe ba kopanela nae, ba ba itaya ka mabole le go ba raga ka ditlhako. Mo nakong eo, mongwe wa bakaulengwe o ne a tlosiwa mo go ba bangwe mme a tsewa ke setlhopha se sengwe go botsolotswa. O ne a bolelelwa go boeletsa polelo “A ntwa e tswelele.” Gonne o ne a gana, o ne a itewa gape. Mongwe wa babogisi o ne a re: “Re nee lerama le lengwe gonne Jesu o rile fa mongwe a go itaya mo go le lengwe o tshwanetse go mo naa le lengwe.”
Mokaulengwe a dira jalo, mme a nyeba jaaka ba bangwe ba dira dinyao ka ene. Lefa go le jalo, yo o mo reileng gore a mo nee lerama le lengwe ga a ka a tlhola a mo itaya gape, mme ka go mo sotla a re: “O tshwana fela le motho yo o tsenwang. Tsamaya!” Ba bangwe, lefa go le jalo, ba simolola go mo itaya ka mefenyana ya ditlhobolo tsa bone le ka mabole, fa ba bangwe ba ntse ba mo ragaka ka ditlhako tsa bone tse di bokete. Go fitlha ka nako eo o ne a setse a le mo boemong jo bo maswe.
Morago ga fa ba palelwa go mo dira gore a ineele, ba busetsa mokaulengwe kwa setlhopheng sa ntlha sa babogisi. Bano ba tswelapele go leka go mo dira gore a ineele le gore a re “A ntwa e tswelele.” “Ke selo se se potlana fela go se dira,” ba ne ba rialo. Mme mokaulengwe a ema a nitame, a gana go ineela mo kgannyeng e go sa kgathalesege go itewa ka mo go oketsegileng.
Ekane ka nako e, mosadi wa mokaulengwe a bonala. Fa ba sena go mo itse, banna ba leka go mo gapeletsa go kgona monna wa gagwe go boeletsa polelo ya bone. Mme kgaitsadi a didimala. Ka nako eo e ne e setse e fetile bosigogare—bakaulengwe ba ntse ba itshoketse gotlhe motshegare otlhe—mme babogisi ba ineela ba tsamaya.
Letsatsi le le latelang, bakaulengwe ba ikaelela go sutlha ka tidimalo, ba tlogela thoto le dilo tsa bone gore ba tle ba tile tlhokomelo e e sa tlhokafaleng. Ba bona Basupi ba bangwe, mme bano ba ba tlhokometse bakaulengwe ba bone ba ba itshokileng jaana.
Boikutlo jwa Basupi ba ba bogisiwang ba ke bofe? ‘Re ikaeletse, fa go ka tlhokega, go swa ka ntlha ya leina la ga Jehofa,’ ba rialo. Mme ke sona seo ba se boleletseng babogisi ba bone mo matlhong. Ke eng se se nnileng phelelo ya go nna boikanyego jo bo ntseng jalo? Selo se le sengwe, bangwe ba ba ba boneng ba itshoka tlase ga go tshwariwa setlhogo moragonyana ba ne ba utliwa ba tshwaya: “Jehofa ke Modimo wa boammaruri.”