“Lebèlèlañ”
“Lebèlèlañ, lo rapele, gore lo se tsene mo thaeloñ.”—Math. 26:41.
1, 2. (a) Ke ditiragalo dife tse di tlhotlheleditseng Jesu go ka raya baaposetoloi ba gagwe, “Lebèlèlañn”? (b) Mme baaposetoloi ba gagwe ba ne ba arabela jang?
E NE e le lobaka lofe fa Jesu a ne a bua mafoko ao? E ne e le ka nako ya tlalelo e kgolo mo botshelong jwa gagwe mo lefatsheng—lobaka pele ga go okiwa, go tshwarwa, go sekisiwa le go bolawa ga gagwe. Letsatsi leo le ne le tla itshupa go nna le le botlhokwa jo bogolo mo ditiragalong tsa batho. Ditiragalo tse di ne di tla diragala di ne di tla isa polokong ya setho sotlhe. Ka letsatsi leo, Jesu o ne a tla neela botshelo jwa gagwe mo setlhabelong. Jaaka Morwa yo o diretseng ka boikanyego go ya bokhutlong, o ne a tla kgona go begela Rraagwe ka mafoko a gagwe fa a ne a swa: “Go wedicwe.”—Yoh. 19:30.
2 Lefa go le jalo, baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba dira eng? Ba ne ba sa tswa go arola le Morena wa bone mo go simololeng Segopotso sa loso lwa gagwe. Lemororo ba ne ba sa anaanele botlhokwa jwa sona, ba ne ba itse gore ke lobaka lo lo masisi. Lefa go le jalo, jaaka a ne a rapela, mo tshimong ya Gethesemane, ba ne ba thulamela! O ne a ba reile a re: “Mōea oa me o hutsahetse thata, e le mo go isañ loshuñ hela: nnañ ha, lo lebèlèlè le nna.” Lefa go le jalo, eseng gangwe fela, mme ka makgetlo a mararo, o ne a boa mme a ba fitlhela ba otsela. Ka lekgetlo la boraro, Jesu o ne a goa: ‘Ka lobaka lo lo jaana lo ntse lo robetse, lo ikhuditse! Bonang, nako e atametse.’ Mme ka nako eo baba ba gagwe ba ne ba setse ba le godimo ga gagwe!—Math. 26:36-47.
3. (a) Ke ka ntlhayang e e le nako e e botlhokwa bogolo go nna re thantse? (b) Ke ka ntlhayang go tlhaela go tsaya Tshenolo 16:15 tsia go tla nna botlhoka-lesego?
3 Gompieno re eme mo serepoding sa tiragalo e nngwe e kgolo mo ditiragalong tsa setho—“sepitla se segolo,” se se tla fitlhelelang tlhora ya sona mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona. (Math. 24:21; Tshen. 7:14; 16:14, 16) Ke nako e e fetang dinako tsotlhe go nna re thantse! Mme lefa go le jalo polelelo-pele yone eo e e tlhalosang ntwa e e tlang eo e tlhagisa ka batho ba ba ka nnang ba seka ba nna ba thantse. Tlhagiso e e sukunyeditswe mo gare ga go kaiwa ga ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ le “Hara-Magedona.” Ke Morena Jesu Keresete ka boene yo o neelang tlhagiso: “Bōna, ke tla yaka legodu. Go segō eo o disañ, a boloka diaparō tsa gagwè, gore a se tsamaee a sa apara, me batho ba bona ditlhoñ tsa gagwè.” Bao ba leng mo tirelong ya Modimo ya seperisiti gompieno, mme gape le “boidiidi yo bogolo yoa batho,” ba tshwanetse go nna kelo-tlhoko gore ba se latlhegelwe ke diaparo tsa bone tsa kgethololo. Mme ke eng seo se ba kgethololang jaaka batlhanka ba Modimo gompieno? Ebu, ke ditiro tsa bone tse di tlhoafalo, jaaka ba bua le batho mo ma ga bone le mo mafelong a phatlalatsa, le go dirisa ga bone melaometheo e e siameng ya Bokeresete eo ba e hakang go ba bangwe mo matshelong a bone. Go robala ga semoya ga motlhanka wa Modimo go ka mo tlisetsa ditlhong tse dikgolo. O ne a tla apolwa boikgethololo jwa gagwe jaaka mosupi wa Modimo wa boammaaruri. Seno e ne e tla nna botlhoka-lesego mo lobakeng lo lo khutshwane pele ga ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’—Tshen. 16:14-16.
TLHABANA LE KOTSELO YA SEMOYA
4. Pòpò e kgolo go tsamaiso ya lefatshe gompieno ke eng?
4 Maemo mo lefatsheng ga ise a ko a nne diphatsa bogolo jaana. Baeteledipele ba sepolotiki ba dumela ntlha e. Go tsuologela puso le bothubaki di ntse di ata go dikologa lefatshe. Le eleng go tswa ponong ya selefatshe, tsamaiso ya dilo ya jaanong e kgokologela tlase ka bofefo, mme e bopèlwa ke tshenyo mo bokamosong jo bo bonelwang-pele. Mme go tswa ponong ya Modimo, tsamaiso e e eme kae? Jehofa o kaya gore o tla e thubaganya go nna dikomotwana fa e santse e le ‘mo katlegong.’ (Dan. 2:44, 45) Moo go tla tlhoka go diragala ka bonako, gonne dilo di senyegela pele ka bofefo mo motlheng ono wa bokebekwa le borukhutlhi.
5. Ke eng se Jesu a neng a se gatelela fa a ne a bua ka “bokhutlō yoa lehatshe”?
5 Morena Jesu Keresete o boleletse-pele ka tlhamalalo malebana le motlha wa rona. Gangwe le gape mo dipolelelong-pele tse, o ne a gatelela tlhokafalo ya go nna ga rona re thantse. Dipolelo tse dingwe tsa gagwe ke tse, jaaka di begilwe ka mo go farologaneng:
“Ke gōna, disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.”—Math. 24:42.
“Me ke gōna, le lona nnañ hèla lo iketleeditse: gonne Morwa Motho o tla ka nakō e lo sa mo sholoheleñ ka eōna.”—Math. 24:44.
“Ke gōna disañ, gonne ga lo itse letsatsi leha e le nako.”—Math. 25:13.
“Me lona lo itisè: bōnañ, ke lo boleletse dilō cotlhe go sa le galè.”—Mar. 13:23.
“Itiseñ, lo lebèlèlè, lo rapèlè: gonne ga lo itse lobaka, go re, ke lohe.”—Mar. 13:33.
“Ke gōna, lebèlèlañ: gonne ga lo itse, go re, morèna . . . o tla tla leñ.”—Mar. 13:35.
“Me se ke se raeañ lona, ke se raea botlhe hèla, ka re, Lebèlèlañ.”—Mar. 13:37.
“Go segō batlhanka bauō, ba e tla reñ morèna oa bōnè a tla, a ba hitlhèle ba lebeletse.”—Luke 12:37.
“Le lona, etleetsègañ; gonne Morwa Motho o tla ka nakō e lo sa e gopoleñ.”—Luke 12:40.
“Me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru: Gonne le tla wèla yalo botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ yeotlhe hèla. Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe.”—Luke 21:34-36.
6. Jesu o gatelela eng maloka le “dilō tse di tla akohañ di dihala”?
6 Gape, mo tshenolong ya gagwe ya bofelo ya “dilō tse di tla akohañ di dihala,” Jesu gape o gatelela tshoganetso eo a tlang ka yone:
“Ke tla ea ka bonakō koñ go wèna, . . . Kea tla ka bonakō: se u nañ nashō u se chware thata.”—Tshen. 2:16; 3:11.
“Me bōnañ ke tloga ke tla ke bonakō, . . . E: Ke tloga ke tla ka bonakō.” (Tshen. 22:7, 20)
Mo karabelong go dipolelo tse tsa bofelo tsa Morena wa rona, eleruri mongwe le mongwe wa rona a ka tlhakanela le moaposetoloi Johane ka go re: “A go nnè yalo: Tla, Morèna Yesu.”
7. Ke ka ntlhayang re tshwanetse go nna tlhaga ka metlha?
7 O seka wa dira phoso! Lefatshe le le ya ka bofefo kwa bokhutlong jwa lone jo bo boleletsweng-pele. Le mo ditlhabing tsa lone tsa loso. Go kailwe phatlalatsa gore bontsi jwa ditoropo tse dikgolo bo a nyelela. Mme Jehofa o tla di ntsha mo bohutsaneng jwa tsone jo bogolo pele ga di ka swa loso lwa tsone lwa tlholego. Re tshwanetse go nna tlhaga ka metlha, re iketleeleditse letsatsi le legolo leo baperofeti ba bantsi ba ga Jehofa ba le tlhalositseng.—Isa. 2:12, 17; Yer. 30:7; Yoele 2:11; Amos 5:18-20.
8. (a) Ke ka ntlhayang re tshwanetseng go nna re ‘letile’ Jehofa? (Sef. 2:3) (b) Ke popego efe mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng e e tlhotlheletsang botlhaga?
8 Moperofeti Sefania, yo o neng e le kgosana mo moralong wa ga Dafide, o ile a bolela:
“Ke gōna Ntetañ, go bua Yehofa, go tsamaea letsatsi le hitlha ye ke tla nanogèlañ thopō ka yeōna: gonne boikaèlèlō yoa me ke go phutha merahe, gore ke kokwanyè magosi, go tla ke gorometsa chakgalō ea me mo go aōna, eboñ bogale yoa me yotlhe yo bo hisañ; gonne lehatshe yeotlhe le tla lailwa ke molelō wa lehuha ya me.” (Sef. 3:8)
Letsatsi leo la ‘bogale jo bo fisang’ jwa ga Jehofa le ntse le atamela ka poitshego. Polelelo-pele e kgolo ya ga Jesu ka boene malebana le “bokhutlo yoa lehatshe” ga jaanong e bone tirafatso ya yone e e tshwaegang mo lekgolong la rona la bo-20 la dingwaga fa esale ka 1914. Ka phepafalo re bona dikarolo tsa sesole tsa “se se makgapha a a shwahatsañ,” mokgatlho wa Merafe e e Kopaneng, di eme sentle go ka dirafatsa tshenyo mo bogosing jwa La-Bodumedi. Maatla a sekomanisi ga a dire sephiri sepe kaga kilo ya ona go bodumedi—“matokwane a batho” jaaka a bo bitsa. O seka wa dira phoso! Ka lobaka lo lo tshwanetseng lwa Modimo, “dinaka” tsa sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo, Merafe e e Kopaneng, di tla retologela go bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka—motlhapatsi yoo wa leina la ga Jehofa wa nako e telele—go bo swafatsa le go bo senya.—Math. 24:15; Tshen. 17:3-6, 16.
9. Ke ka ntlhayang “sepitla se segolo” e tla nna lobaka lwa go leka tumelo go batho ba Modimo mo lefatsheng?
9 “Sepitla se segolo” kwantle le pelaelo e tla nna lobaka lo lo lekang tumelo go batho bao eleng ba Modimo mono lefatsheng. Gonne “dinaka tse shomè” di tla tlhabana gape le Morena Jesu Keresete yo e leng “Morèna oa barèna, le Kgosi ea dikgosi.” (Tshen. 17:14) Maatla a a selefatshe ga a kgone go mo kgoma a le kwa legodimong, ka jalo a tla tlhasela bomang faese baemedi ba ba boikanyo ba gagwe mono lefatsheng, mme segolo masalela a a tloditsweng a basupi ba ga Jehofa? Mme ga a ne a atlega! “Me Kwana o tla di henya, . . . le bōnè ba o nañ nabo, ba tla henya, e le ba ba bidicweñ, ba itshenketswe, ba boikanyō.” Tshenolo 19:11-21 e neela dintlha ka botlalo tsa phenyo ya maatla a lefatshe a sepolotiki ka “Kgosi ea dikgosi le Morèna oa barèna.”
BAPAGAMI BA NTSE BA PAGAME
10. Ke ka ntlhayang re ka solofelang gore Jesu o tla fenya mo boemong jwa rona?
10 Mofenyi yo o maatla kwa Hara-Magedona o tlhabana go tswa legodimong. Moaposetoloi Johane o mmone a pagame pitse e tshweu, e e tshwantshetsang ntwa e e tshiamo. O rile: “Me ka bōna legodimo le atlhamologile; me bonañ, ga bo go le pitse e le chweu, le eo o e pagameñ, ga twe, Boikañō le Boamarure; me oa atlhola, o bile o diha ntwa mo tshiamoñ.” Ntwa eo e tla felela ka masego bakeng sa barati ba tshiamo. (Tshen. 19:11) Mo go Tshenolo fa moragonyana, Johane o kwadile pono e nngwe ya ene mopagami yo, ka mafoko a: “Me ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le chweu, me eo o e pagameñ a bo a chotse bora: me a nèwa serwalō: me a cwa a henya, a ba a cwèlèla pele go henya.” (Tshen. 6:2) Fano, he, re na le pono ya go tla ga ga Jesu mo maatleng a Bogosi ka 1914, eseng jaaka lesea le le senang thuso mo bojelong, kana setopo se se senang botshelo mo thupeng, mme jaaka motlhabani yo o maatla go gaisa botlhe ba ba kileng ba tsaya patlelo ya ntwa. (Tshen. 11:15; Math. 25:31) Re ka nna le tsholofelo e e feletseng gore “Kgosi ea dikgosi” e e tla fenya mo boemong jwa rona.
11. (a) Ke ka ntlhayang bapagami ba bangwe ba Tshenolo 6 ba le babotlana mabapi le phenyo? (b) Mopagami wa “pitse e khonou” o fitlheletse eng, mme fa esale leng?
11 Lefa go le jalo, bapagami ba bangwe ba a bonwa mo ponong. Ga go umakiwe sepe kaga go fenya ga bone, mme, bogolo, kaga go tlhokofatsa setho. Phenyo e beetswe mopagami wa pitse e tshweu a le nosi, gonne ke tshiamo e e tla fenyang le ene. Mme Johane o ile a reng ka bapagami bao ba bangwe? “Me ga cwa pitse e ñwe, e le pitse e khonou: me eo o e pagameñ a nèwa gore a tlosè kagishō mo lehatshiñ, le gore batho ba bolaanè: me a nèwa chaka e tona.” (Tshen. 6:4) Fano go kaiwa ntwa e e gotetseng, e e kgailo bogolo ya mofuta wa yone e e ileng ya simolola go thunya ka 1914, eo bo-raditiragalo ba e tshwaileng jaaka “Ntwa e Kgolo.” Mme kgailo e ne e menagane sene ka bogolo fa “chaka e tona” e ne e kgatikangwa mo Ntweng ya Lefatshe II e e tshenyo-kgolo, go tloga ka 1939 go ya go 1945. Mme bothubaki bo tswelapele go thunya go phololetsa le lefatshe. Go tloga ka 1914 go ya pele, ga go ise go ke go nne kagiso ya sebele, jaaka pitse e khonou e ntse e tswelela ka go paraganya ga yone mo go boifisang. Lemororo Basupi ba ga Jehofa e le baitlhaodi mo ntweng, tota le bone ba bogile ka tlhamalalo kana eseng ka tlhamalalo mo bothubaking, dipogiso le dipitlagano tseo di tsamaisanang le go tlosiwa mo ga “kagishō mo lehatshiñ.”
12. Mopagami wa boraro o tshwantshetsa eng, mme se se ama batho ba eleng ba Modimo jang?
12 Johane yo o khidiegileng o ile a bona gape mopagami yo mongwe a tsena mo ponong a ntse a pagame. “Bōnañ, ga bo go le pitse e ncho; me eo o e pagameñ a bo a chotse selekanyō sa pègō ka seatla. Me ka utlwa . . . lencwe . . . le re, Seèlwanyana sa mabèlè ke tushiliñ, le dièlwanyana di le tharo tsa barele ke tushiliñ; me u se ka u senya loukwane le boyalwa.” (Tshen. 6:5, 6) Mopagami yo wa boraro o tshwantshetsa leuba, mme kana selekanyo sa dijo se ya tlase fa leuba le le gone, jaaka ka nako ya ntwa ya kakaretso. Tota le eleng tse eleng tsa botlhokwa, jaaka mabele le barele, ga di bonwe ka bontsi. Ba ba humileng ba a rerega, esere kgotsa menate ya bone, jaaka “loukwane le boyalwa,” tsa tsewa. Mopagami yo o ntse a pagame a senya mo lefatsheng lotlhe fa esale ka 1914. Go ya godimo ga ditlhwatlhwa, go gola ka bonya ga tsona, go reketla ga tsamaiso ya tsa madi le go rerega ka ntlha ya tlhaelo ya maatla tsotlhe tse di amana le go paraganya mo go lobelo ga gagwe. Lefa go le jalo, batho ba eleng ba ga Jehofa ga ba tshwanela go ka kgobega marapo ka ntlha ya go tlhaela ga selekanyo sa dijo kana dipitlagano tsa tsa itsholelo tseo ba patelediwang go di itshokela ka nakwana. Gakologelwang, mopagami wa pitse e tshweu o ntse a le kwa pele mme o tla fedisa dilo tse di jalo.
13. Mopagami wa bone o tlisa eng, mme ka phelelo efe go batho ba ga Jehofa?
13 Lefa go le jalo, mopagami yo mongwe gape o a bonala. Johane o neela tlhaloso e: “Me ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le tshètlha; me eo o e pagameñ, leina ya gagwè, ga twe, Losho; me Bobipō a bo a na naè a mo setse moragō. Me ba nèwa taolō ea go re, lehatshe ha le kgaogañwa senè ba bolaeè kgaolō ea senè, ka chaka, le ka popamō, le ka losho, le ka dibatana tsa lehatshe.” (Tshen. 6:8) Fano ke mopalami wa bofelo, mme yo o boifisang bogolo, gonne o tlisa bolwetsi jo bo ropefatsang mo lefatsheng. O ne a simolola ka bofefo fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I fa a ne a bolaya ekane didikadike di le 20 tsa batho ka leroborobo la Sepanishe ka 1918-1919. Mme pitse e e ntse e tswetsepele go paraganya. Go sa tlhokomelege dikgatelo-pele tse di hakegang mo go tsa bongaka, lotso lwa motho lo ntse lo boga dipobolo tse di gasagasamang gompieno. Go nowa ga dipilisi le melemo e mengwe go ntse go golela godimo. Mme ditlhaselo tsa pelo, go swa mofama, kankere, Malwetsi a thobalano le ditlhokofatso tse dingwe tse di oketsegang di ntse di tlisa ba bantsi mo diatleng tsa Bobipo, lebitla le le tlwaelegileng la setho sotlhe. Segolo mo “motlheñ oa bokhutlō” ono, Bobipo (Sheol ka Sehebera) ga bo re “Go lekane.” (Dia. 30:15, 16) Jaaka batho ba ba nang le go lwala, batho ba ga Jehofa ba ile ba boga, le bone, mo go paraganyeng mo go bolayang ga pitse e tshetlha. Mme fela ba itse lebaka la go lwala ga bone ga senama, mme ba tlhometse go itshoka ka boitumelo ba na le kitso ya gore thekololo ya ga Jesu e tla felela ka bonako mo go tlosiweng ga dipobolo tse di gasagasamang tseo tsotlhe—le eleng mopagami Loso ka boene. Lefa ba ka nna batlhokofadiwa ba Bobipo (lebitla), tsogo ya bone go tsena mo thulaganyong e ntšha ya tshiamo e tlhomamisitswe.—Yoh. 5:28, 29.
14. Ke ka ntlhayang re tshwanetse go lebogela pono e, mme e tshwanetse go re tlhotlheletsa jang?
14 Go palama ga bapagami go itshupa sentle gompieno. Ntwa ya kakaretso, tlhaelo ya dijo, dipobolo tse di gasagasamang le loso lo lo palo-kgolo jaanong ke boitemogelo jo bo bopelang jwa setho sotlhe. Mme ke bao ba bonang ka leitlho la tumelo bosi ba kgonang go lemoga pitse e tshweu, le “Kgosi ea dikgosi” e e fenyang ka mo go feletseng, Ra-bora yo o rwesitsweng serwalo sa bogosi. Abo re tshwanetse go lebogela jang pono e e nitamisang tumelo e! E tshwanetse go re tlhotlheletsa go nna tlhaga mo go supeng kaga dilo tse. Mo go se, re ka nna boikanyo go thomo ya rona go tswa go Jehofa re sala sekao sa ga Jesu morago, yo o ileng a bidiwa “Boikanō le Boamarure”—“moshupi eo o boikañō le boamarure.”—Tshen. 3:14; 19:11.
O SEKA WA FAPOSIWA!
15. Ke ka ntlhayang re tshwanetse go dumela Lefoko la Modimo go feta lefoko la motho?
15 Lefatshe ga le dumele gore bokhutlo jwa lone bo atametse. Le ka itumelela go re akantsha gore re ithibe mo go dumeleng seo le rona. Mme ke mang yo o tla mo dumelang—lefoko la bone kana Lefoko la Modimo? Ke lefoko la Modimo leo le tlhalosang gore re mo “bokhutloñ yoa lehatshe.” Tota le eleng ditlhabano tsa nuklea tsa “modimo oa dikagō tsa tlhabanèlō”—tse di tlotliwang ke “kgosi ea botsheka”—ga di ne di kgona go emelana le “Kgosi ea dikgosi” e e fenyang ka mo go feletseng.—Dan. 11:38, 45.
16. Ke kgakololo efe e e molemo eo Paulo a e atolosang go Baroma 13:11, 12, mme re ka arabela jang?
16 Moaposetoloi Paulo o atolosa kgakololo e e molemo go mongwe le mongwe yo o ka neng a otsela, ka go re:
“E setse e le lobaka loa lona go coga mo borokoñ: gonne gompiyeno polokō e re atametse bogolo go yale ka re simolola go dumèla. Bosigo bo setse bo hetile, me bosa bo atametse; me ke gōna, a re latlheñ ditihō tsa lehihi, me re apareñ moichomèlō oa phemelō oa lesedi.” (Bar. 13:11, 12)
Meitshomelo ya phemelo ya lesedi re e itse sentle thata, gonne e nnile tshiamelo ya rona e kgolo go e dirisa mo go boleleng “mahoko a a molemō a, a bogosi” mo lefatsheng lotlhe jaaka bosupi.—Math. 24:14; Baef. 6:11-17.
17. Ke jang re ka ikehang go “ditihō tsa lehihi”?
17 Lefa go le jalo, go tweng ka “ditihō tsa lehihi”? Tse ke ditiro tsa selefatshe, dilo tseo batho ba ba ratang dilo tse di bonalang ba itumelelang go di dira kwantle le kgopolo ya Modimo le tsela ya ona ya lesedi. Ka jalo re tshwanetse go di ikeha. “A re sepeleñ ka tshiamō, yaka mo motshegariñ; e señ mo tlhapeloñ, le mo go tagweñ, e señ mo boakeñ le mo bohaweñ, e señ mo kgañyeñ le mo lehuheñ.” (Bar. 13:13) Tseno ke dilo tsa selefatshe tseo di neng di tla tsenelela mo matshelong a rona a Bokeresete le mo phuthegong faele gore rea di letlelela. Ke tseo re tshwanetseng go itisa kgatlhanong le tsone. Mo mafatsheng a a atlegang bogolo, batho ka kakaretso ba kaela botlhokwa jo bogolo mo boiketlong le dilo tse di bonalang. Mo mafelong a mantsi, beke ya go dira e tswelela go nna e khutshwane fa lorato lwa maiketlo lo ntse lo gola, mme batho ba Modimo ba gatelelwa go tshwana le lefatshe. A re ka kgatlhantsha kgwetlho e ka moya wa Bokeresete wa go intsha setlhabelo?
18. Go tshwarega thata ka dilo tsa semoya go ka re sireletsa jang?
18 FaeIe gore re matlhaga-tlhaga mo tirelong ya Modimo, re le tlhaga le go thanya ka gale bakeng sa tirelo eo, he ga re ne re nna le nako ya go rarega mo “tlhapeloñ, le mo go tagweñ,” “mo boakeñ le mo bohaweñ.” Lorato lwa rona go Jehofa le tirelo ya gagwe, le go baya tseno e le tsa ntlha, go tla re direla jaaka tshireletso. (Math. 6:33) Ka dikakanyo tsa rona mo dikgannyeng tsa semoya, le mo go godiseng loungo lwa moya, re tla nna ba ba boingotlo le go tlhaloganya mo dikamanong tsa rona le malapa a rona mmogo le bakaulengwe ba rona. Re tla ikeha “mo kgañyeñ le mo lehuheñ.”
19, 20. (a) Jesu o ne a re tlogelela sekao sefe se se molemo? (b) Go tsaya ga rona Baroma 13:14 tsia go tla re sologela molemo jang?
19 MoaposetoIoi Paulo o tswelapele: “Me lo aparè Morèna Yesu Keresete, me lo se ka loa etleeletsa nama, go dihatsa dithatō tsa eōna.” (Bar. 13:14) Abo ke sekao se se molemo jang, eleruri, seo re nang le sone mo go Morena Jesu Keresete! Mo bodiheding jotlhe jwa gagwe mo lefatsheng o ne a thantse gotlhelele mo go lemogeng tshiamelo e kgolo ya go dira thato ya ga Jehofa. Ga a ise a ke a fapoge le ka motlha o le mongwe mo tirelong ya gagwe ya moya otlhe mo go itsiseng leina la ga Rraagwe go ba bangwe. Le eleng tota mo letsatsing leo a neng a tshwanetse go swa ka lona, abo o itshupile a se pelotshetlha jang le go intsha setlhabelo ka go tlatsa lobaka longwe le longwe lo lo teng lwa dioura tse di setseng ka thuto e e botlhokwa le go tlhokega bakeng sa barutwa ba gagwe! (Yohane dikg. 13 go ya go 17) Fa Jesu a ne a atamela bokhutlo mo thupeng ya tlhokofatso, o ile a gana seokobatsi seo se ka bong se kokobeditse botlhoko jwa gagwe jo bogolo. O ne a batla go boloka maikutlo a gagwe ka botlalo, jaaka mmoloka-boikanyegi go ya bokhutlong.—Math. 27:34.
20 Ekete rotlhe re ka balwa mmogo le bao ba ‘aparang Morena Jesu Keresete,’ ba sala dikgato tsa gagwe gaufi-ufi morago. (1 Pet. 2:21; Math. 16:24, 25) Ka go rulaganyetsa dilo tsa semoya kwa pele, eseng tsa senama, re ka nna re thantse gotlhelele mo tirelong ya ga Jehofa jaaka go dirile Jesu. A re lebeleleng, ka jalo, re tlatsa matshelo a rona ka tirelo ya Bogosi ka tlhoafalo go fitlha ka oura eo “Morwa motho” a tlang go dirafatsa katlholo ka yone. Abo tuelo ya rona e tla nna kgolo eleruri!