LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 1/1 ts. 13-18
  • Metlha Ya Rona E Potlakile Go Le Kana-kang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Metlha Ya Rona E Potlakile Go Le Kana-kang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “ME YAKA GO KILE GA DIHALA MO METLHEÑ EA GA NOA”
  • “YAKA GO DIHETSE MO METLHEÑ EA GA LOTE”
  • GO NEELA ‘BOSUPI JO BO FELETSENG’
  • RONA RE FA KAE MO LOBAKENG LO LWA DITIRAGALO?
  • Re Goteditswe ke ‘Tsholofelo e e Tshelang’ ya Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Go Falola “Letsatsi la ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Ipaakanyetse go Gololelwa mo Lefatsheng le Lesha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 1/1 ts. 13-18

Metlha Ya Rona E Potlakile Go Le Kana-kang?

“Me lo tla ilwa ke batho botlhe ka ntlha ea leina ya me (la ga Jesu): me eo ichokelañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.”—Mar. 13:13.

1. Ke sepitla sefe seo Jesu a se boleletseng-pele bakeng sa batho ba Modimo, seno se dirafetse go bomang, mme jang?

JAAKA karolo ya polelelo-pele ya gagwe e e tlhotlheletsang kaga “bokhutlō yoa lehatshe,” Jesu o rile: “Ke gōna ba tla lo tsenyañ mo dipitleñ, me ba lo bolaea: me lo tla ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya me.” (Math. 24:9) Mafoko a a dirafetse go setlhopha sefe sa batho mo metlheng ya rona? Ebu, go basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa! Gare ga ditlhopha tsotlhe tsa bodumedi, ba eme ba le bosi jaaka ba ba tlhasetsweng ke Ma-Nazi, Makomanisi, babusanosi ba sesole le eleng mafatshe a go tweng ke a puso ya batho-ka-batho, lefatshe ka bophara.

2. Basupi ba ga Jehofa mo Afrika ba ne ba lebana le kgang e jang? (Pes. 37:39)

2 Mo dingwageng tsa bosheng jaana, tumelo e e sa reketleng ya Basupi ba kwa Malawi mo dipolaong, dipetelelong, dititeong le dikgolegong, e gapile tlotlo le kgatlhego, eseng fela ya bakaulengwe ba bona ba semoya, mme le ya batho ba ba ratang kgololesego gongwe le gongwe. Lemororo boemo bokane bo tokafetse go se gonene kwa Malawi, mafatshe a mangwe mo Afrika a bega dipogiso tse di golang.

Morafe mongwe o mosha o laotse baagi botlhe ba ona go rwala dibetšhe tsa sepolotiki. Mo nageng e nngwe, mo bosigong jwa Segopotso, “mokaulengwe” wa maaka o okile phuthego, mo eleng gore mapodise a ne a tla mme a dikaganyetsa lefelo la pokano, ba kitlanya mapodise a bone, ka ntlha ya lebaka le le rileng, gaufi le mojako wa ka kwa morago. Fa ba ne ba tlhagisiwa, Basupi ba fitlhetse mojako o o ka kwa pele o sa disiwa, mo eleng gore botlhe ntle le ba babedi ba ne ba kgona go sutlha le go gasagana mo lefifing. Bakeresete ba babedi ba ba ne ba itewa setlhogo, mme tumelo ya bone e ne e sa boele morago mme ba neile bosupi jo bo kgatlhisang mo ntlo-tshekelong.

Gape mo lefatsheng le lengwe, Basupi ba ba boikanyo bao ba ganneng go goa polelo ya semorafe ba ne ba itewa mme ba lelekiwa mo metseng ya bone. Bangwe ba ne ba bolelelwa, ka go sotliwa, “Lo ka nna lwa ya gongwe le gongwe, le eleng kwa go Jehofa wa lona.” Fano go nnile boima go eta, mme balebedi ba ba etang ba tshwerwe. Lefa go le jalo, ga go na tlhaelo ya “dijo” tsa semoya mo dikampong tsa kgolegelo. Basupi ba ba kampeletsweng ba ba ne ba lebeletse pele mo go aroleng mo dikopanong tsa “Tumelo e e Fenyang” tsa 1978.

Naga e nngwe ya Afrika e bega gore Basupi ba le 22 ba ne ba tshwerwe, ba latofatswa ka maaka kaga tiro ya sepolotiki, ba itewa mo go maswe, ba apolwa go fitlha mo diaparong tsa kafa gare mme ba golegwa kgwedi e le nngwe mo boemong jo jwa go sa ikategang jo. Gape mo lefatsheng le lengwe, ba bararo ba ne ba itewa gore ba bo ba swe, mme palo e e rileng ya ba bangwe ba ne ba atlholetswe loso mo kgannyeng ya boitlhaodi; ba ne ba ipiletsa go katlholo e. Gape mo lefatsheng la Afrika, moruti wa Kereke ya Seegepeto o ne a dira ditatofatso tsa maaka gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhakanetse mo dipolotiking tsa Botlhabagare, ka gona a dira gore banna ba le 13 le basadi ba le 20 ba Basupi ba golegwe, mongwe wa bone a le moimana mme yo mongwe a tshotse mosetsanyana yo monnye.

3. Batho ba ga Jehofa ba bontsha tumelo ya bone jang?

3 Lemororo tshupiso fano e dirilwe segolo go ditiragalo tsa bosheng jaana mo Afrika, mafatshe a mangwe a mantsi a ntse a tlhasela Basupi ba ga Jehofa, mo eleng gore tiro ya go rera ya ka metlha le go baakanyetsa dikopano tsa Bokeresete go tswetse pele go nna boima. Barongwa ba lelekilwe mo mafatsheng a a mmalwa, mme go ntse go nna boima go romela barongwa mo masimong a masha. Go ntse fela jaaka Jehofa a boleletse-pele ka moperofeti wa gagwe Jeremia: “Ba tla tlhabana nau.” Ba dira fela jalo! Mme lefa ba lebane le thuto ya sepolotiki e e bogalaka le dipogiso, batho ba ga Jehofa ba tswelapele go neela bosupi jo bo tletseng. Ba na le tumelo e e tletseng mo tsholofetsong ya ga Jehofa: “Me ga ba ketla ba go henya: gonne ke na nau, go bua Yehofa, go gu golola.”—Yer. 1:19.

“ME YAKA GO KILE GA DIHALA MO METLHEÑ EA GA NOA”

4. Ke ka ntlhayang Noa a kgonneng go ka itshoka? (Yak. 1:2-4)

4 Tlhogo ya lotso Noa e ne e le mongwe yo o tshetseng mo metlheng e e lekang segolo. Tiro ya gagwe e e kgethegileng ya go baakanyetsa morwalela go bonala e tsere dingwaga di le 60—ekane e lekana ka boleele le go rera ga rona ka bogosi jo bo tlhomamisitsweng jwa Modimo mo metlheng ya segompieno. Lemororo “lehatshe le ne le bodile ha pele ga Modimo, . . . le tletse thubakanyō,” Noa o kgonne go ka itshoka ka ntata ya go baya tumelo ya gagwe mo tirong. Fela jaaka Basupi ba ga Jehofa ba metlha ya segompieno, o tswetsepele go direla ka tlhoafalo jaaka “moreri oa tshiamō.”—Gen. 6:11; 2 Pet. 2:5.

5, 6. (a) Ke dipapiso dife tse di tla tlhokomelwang magareng a motlha wa ga Noa le motlha wa rona? (b) Bakeresete ba tshwanetse go tshwarega thata mo go eng, mme ka ntlhayang?

5 Lefa go le jalo, bontsi jwa batho morago koo ba ne ba ntse fela jaaka lefatshe la setho gompieno. “Me ba sa itse, morwalela oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe.” Go ya ka polelo ya ga Luke ya mafoko a a ga Jesu:

“Ba ne ba ya, ba nwa, ba nyala, ba neèlwa nyaloñ, ga tsamaea ga tla letsatsi ye Noa o tsènañ mo tluñ e e kokobalañ ka yeona, me morwalèla oa tla, oa ba senya botlhe hèla.”

Gompieno, lefatshe le le kakanyo e e tshwanang, le le bosula le le lebane le “sepitla se segolo” se se tlisang phetogo sa kgolokwe yotlhe!—Math. 24:21, 37-39; Luke 17:26, 27.

6 A mafoko a ga Jesu a a tsopotsweng fa godimo fa a ne a kaya gore Bakeresete ba fositse mo malatsing ano a bofelo fa ba ja, ba nwa le go nyalana? Nnya, Jesu o ne a sa rialo. Go siame go itumelela dijo tse di molemo le go nwa ka tekanyetso. Ka mo go tshwanang, lenyalo ke paakanyetso ya Modimo bakeng sa setho. Seo Jesu a neng a se kaya ke gore ga rea tshwanela go leba dilo tse jaaka ditiro tse di botlhokwa-tlhokwa tsa botshelo, re tshwarega thata mo go tsone go ya ntlheng ya go hupetsa dikgatlhego tsa semoya. (1 Pet. 4:3; 1 Bakor. 7:8, 29) Bogolo, re tshwanetse go rulaganya matshelo a rona gore re tle re nee tiro e kgolo ya go ‘rera mafoko a a molemo a a bogosi jo bo tlhomamisitsweng jaaka bosupi’ maemo a ntlha, pele bokhutlo bo tla.—Math. 24:14.

“YAKA GO DIHETSE MO METLHEÑ EA GA LOTE”

7. Go tsogile potlako efe mo motlheng wa ga Lote?

7 Ka nako ya fa Aberahame le Lote ba ne ba direla jaaka basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng, Jehofa o ba tlhagisitse ka katlholo ya gagwe kgatlhanong le Sodoma le Gomora. Ga go a ka ga bonwa le eleng batho ba le 10 koo! Fa baengele ba ga Jehofa ba ne ba ipaakanyetsa go tlisa tshenyo e e boleletsweng-pele, Lote gangwe le gape o tlhotlheleditse banna ba ba neng ba beeleditse barwadie: “Nanogañ, lo cwè heloñ ha: gonne Yehofa o tla senya motse o.” Lefa go le jalo, bao ba neng ba tshwanetse go nna bagwe, fela jaaka batho ba lefatshe le le boitshwaro jo bo maswe le gompieno, ba ile ba tsaya tlhagiso ya bomodimo jaaka nyao fela. Mme go ne go se nako e e ka senngwang. “Hoñ baengele ba akohisa Lote, ba re, Nanoga, o tseè mosadi oa gago le bomorwadio ba babedi, ba ba hano; u ka tla ua nyelediwa mo tshiamololoñ ea motse.”—Gen. 19:14, 15.

8. (a) Ke ‘tshiamololo’ efe e e tlisitseng tshenyo go Sodoma le Gomora? (b) Ke ka ntlhayang se se tshwanetse go direla jaaka tlhagiso go rona gompieno?

8 ‘Tshiamololo’ eo e ne e le eng? E akareditse le ditiriso tse eseng tsa tlholego tsa bonna le bosadi tseo e leng karolo e kgolo ya botshelo mo ditoropong tse dintsi tsa lefatshe le la gompieno, le eleng go ka di galaletsa mo seraleng le mo dibaesekopong. “Sodoma le Gomora, le metse e e neñ e le mo tikologoñ ea eōna, . . . ea ineèla mo kgokahaloñ, ea latela mokgwa oa nama e sele.” Gape, ba sena kakanyo epe kaga tshiamo ya Modimo, “ba ne ba ya, ba nwa, ba rèka, ba rekisa, ba tlhōma, ba aga.” Ba ne ba tshwaregile gotlhelele mo tseleng e e leng ya bone e e bohula ya botshelo. Mme go ne ga diragala eng go bone? “Ga na molelō le sulefera mo go cwañ legodimoñ, me ga ba laila botlhe hèla.” Jesu o tlhagisa gore o tla diragatsa katlholo e e jalo fa a senotswe, gaufinyana, jaaka “Morwa Motho.”—Gen. 19:24-26; Luke 17:28-30; Yude 7.

9. Ke potlako efe e e tlhokiwang go rona jaanong, mme re ka bona tshireletso jang?

9 A re ko re tshwaneng le Lote wa mosiami mo go neeleng potlako go molaetsa wa katlholo wa ga Jehofa bakeng sa motlha wa rona. Mme a re se tshwaneng le mosadi wa ga Lote, mme, bogolo, re itise kgatlhanong le go gadima kwa morago ka keletso ya mesola ya dilo tse di bonalang tsa lefatshe le le hutsitsweng le. (Luke 17:31, 32) Go tshwarega gotlhelele ga rona mo go direng thato ya Modimo ya motlha o go tla direla jaaka tshireletso ya rona. Gakologelwa, e ne e le mabapi le kgololo ya ga Lote fa Petere a re: “Morèna (Jehofa) o itse go golola badumedi mo thaeloñ, le go cwalèla basiamolodi mo pecoñ, go tlo go tsamaeè letsatsi ya tshekishō le bè le ba hitlhèlè.”—2 Pet. 2:6-9.

GO NEELA ‘BOSUPI JO BO FELETSENG’

10. (a) Ke potlako efe e e neng e le gona fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba le mo lefatsheng? (b) Ke jang, mme boikaelelong bofe, Jesu a neng a thapisa barutwa ba gagwe?

10 Fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba le mo lefatsheng, go ne go potlakile gore bosupi jo bo feletseng bo neelwe mo motlheng oo wa katlholo. Jesu ka boene o beile sekao sa tiro eo, “a tlhatlologanya metse le metsana eotlhe, a èta a ruta mo matloñ a bōnè a thutō, a rèra Mahoko a a Molemō a bogosi (jwa Modimo).” Baaposetoloi ba ba 12 le ba bangwe, go akaretsa le basadi, ba ne ba tsamaya mmogo le ene. Ka boikaelelo bofe? E ne e le gore a tle a ba thapisetse go agelela matshelo a bone mo tirelong ya bone go Jehofa. Ka gone, gape ba ne ba tla kgona go arola mo go utlwatseng tlhagiso kaga tshenyo e e tlang ya ‘tsamaiso ya dilo’ ya Sejuda, le mo go gomotseng ba ba gateletsweng. Go feta moo, ba ne ba tla thusiwa go apara motho wa Bokeresete, mo matshelong a bone ba bontsha dinonofo tse di tshiamo, tse di boikanyo tse di tshwanang le tse ba di boneng go Morena wa bona.—Math. 9:35–10:15; Luke 8:1, 2; 9:1-6; 10:1, 13-15; Baef. 4:24.

11. Barutwa ba bontshitse jang gore ba ithutile thuto ya bone sentle?

11 Barutwa bao ba pele ba ithutile thuto ya bone sentle. Ba ile ba ikgorometsa mo tirelong e e tlhaga ya Bogosi, ka botlhomogapelo ba ya gare ga batho gongwe le gongwe koo ba neng ba ka ba bona gona—mo dipatlelong tsa borekelo le mafelo a mangwe a botlhe, mo matlung a thuto (go ya ka tlwaelo ya malatsi ao) le mo ma ga bone. Le eleng fa ba ne ba gasagantswe ke pogiso, ba nna ba tswelapele, “ba èta ba rèra lehoko.”—Dit. 5:42; 8:4; 16:13; 17:17.

12. Go neetswe mofuta ofe wa bosupi mo metlheng ya baaposetoloi, mme ka phelelo efe?

12 Go ya kwa bokhutlong jwa dingwaga tse dintsi tse ditelele tsa go rera ka tlhaga, moaposetoloi o ne a ka bolelela bagolwane-ka-ene: “Kaha ke sa kañ ka boiha ka gōna go lo bolèlèla señwe le señwe se se molemō, ke ruta mo ponoñ, le ka go nna ke tsamaea le matlo, Ke shupetsa (ka mo go feletseng) Bayuda le Bagerika tlhabologèlō Modimoñ, le tumèlō mo go Morèna oa rona Yesu Keresete.” (Dit. 20:20, 21) Malebana le bosupi jo bo potlakileng jo bo neetsweng ke baaposetoloi le badiri-ka-bone, mafoko ‘felela’ le ‘ka mo go feletseng’ a bonala gangwe le gape mo bukeng ya Ditiho, go New World Translation. (Dit. 2:40; 8:25; 10:42; 20:24; 23:11; 28:23) Phelelo ya bosupi jo ‘bo feletseng’ joo e nnile efe? Diphuthego tsa badumedi di ne tsa tlhagelela mme tsa segofala gongwe le gongwe kwa “mahoko a a molemō” a neng a rerwa gona. Mme jaaka balebedi ba ba etang ba etela bano go ba kgothatsa mo tirelong ya bone, diphuthego di ne tsa nitama. Tsa “kgothala mo tumeloñ, me tsa ntsihala mo paloñ ka malatsi aotlhe.”—Dit. 15:36–16:5.

13. Ke katlholo efe eo Jehofa a e dirafaditseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme ke ka ntlhayang phuthego ya Bokeresete e ile ya falola?

13 Mo tirafatsong ya tlhagiso eo e neetsweng ke Jesu le barutwa ba gagwe, Jehofa mo lobakeng lo lo tshwanetseng a dirafatsa katlholo “mo losikeñ . . . lo lo shokameñ” lwa Bajuda, losika lo lo neng “loa bolaea Kgōsana ea botshelō,” Morena Jesu Keresete. (Dit. 2:40; 3:15) Go ne ga tsamaega jang ka phuthego ya Bokeresete—setlhotswana sele se se neng se le tlhaga jaana mo go reetseng taolo ya Morena wa bona go dira gore ‘mafoko a a molemo a bogosi, a rerwe mo lefatsheng lotlhe go nna tshupo’? E rile fa bofelo bo tla, tumelo ya bone e e tlhaga ya kaya phalolo. Boitshoko jwa bone bo nnile le maduo a jone.—Math. 24:13-16.

RONA RE FA KAE MO LOBAKENG LO LWA DITIRAGALO?

14. Ka papiso, “mahoko a a molemō” a rerilwe go ya bokgakaleng bofe gompieno, mme ka katlego efe?

14 Ka mo go tshwanang gape, kwa setlhoeng sa motlha, “mahoko a a molemō” a ‘reretswe lobopo lotlhe tlase ga legodimo.’ (Bakol. 1:23) Mme gompieno tshimo ya go rera e akaretsa ‘lefatshe lotlhe le le agilweng,’ go akaretsa le mafatshe a “kgosi ya botsheka” le “kgosi ea borwa,” mmogo le mafatshe a mangwe a mantsi mo Afrika, a Amerika, Asia, Australasia le ditlhaketlhake tsa lewatle. E ne e ka nna fela ka moya wa ga Jehofa gore bosupi jo bo dikologang kgolokwe jo bo jalo bo ne bo ka neelwa mo lobakeng lo lo khutswane lwa dingwaga di kane di le 60. Mme lefa go le jalo ba basha ba ntse ba thologela mo phuthegong ya ga Jehofa! Tshimo e atologile thata go gaisa mo metlheng ya baaposetoloi, moo go tsereng kafa tlase ga dingwaga tse 40 go utlwatsa tlhagiso ya bofelo go batho ba Bajuda ba ba phatlhaletseng.

15. “Diphehō tsa lehatshe coo nnè” tsa Tshenolo 7 di ntse di tsherwe ka ntlhayang?

15 Lefa go le jalo, tota rona re fa kae mo lobakeng lwa ditiragalo? Tshenolo kgaolo 7 e a re bolelela. Fano, Moaposetoloi Johane o ne a “bōna baengele ba le banè, ba eme mo dintlheñ coo nnè tsa lehatshe, ba chwere diphehō tsa lehatshe.” Tse ke diphefo tsa tshenyo, gonne mo lobakeng lo lo tshwanetseng di tshwanetse go senya “mo lehatshiñ, . . . le mo lewatleñ, le mo setlhariñ.” Pele, legale, “batlhanka ba Modimo oa rona” ba tshwanetse go tshwaiwa mo diphatleng tsa bone. Morago ka 1914, ka nako ya fa “bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna oa rona (Jehofa), le yoa ga Keresete oa gagwè,” batlhanka bano ba ne ba tlhoafaletse go bona bokhutlo bo tla, gore ba tle ba kokoanyetswe go Morena wa bona kwa legodimong. Mme nnya—Jehofa o ne a santse a na le tiro eo ba neng ba tshwanetse go e dira mono lefatsheng. Gape, bone ka bobone ba ne ba tshwanetse go itshekisiwa mme ba baakanyetswe tiro ya bone ya boperisiti e e tlang mo bogosing jwa ga Keresete jwa dingwaga di le 1 000. Ka jalo, “diphehō tsa lehatshe coo nnè” di ne di tshwerwe ka lobaka lwa motlha.—Tshen. 7:1-4; 11:15.

16. Ke setlhopha sefe se sengwe seo se rekegetsweng ke ‘go tshwara diphefo’ ga baengele, mme tsholofelo ya bone ke eng?

16 Go tswa letlotlong la mautlwelo-botlhoko le bopelonomi jo bo lorato jwa gagwe, Jehofa o dirisitse “batlhanka” bano ba Iseraele wa gagwe wa semoya, “Iseraela oa Modimo,” mo tirong e kgolo mo boemong jwa setlhopha se sengwe—“boidiidi yo bogolo yoa batho, . . . e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuo.” Morago ga fa ditokololo tsotlhe tsa ba 144 000 tsa Iseraele wa semoya di setse di tsene mo tirelong ya bone kwa magodimong, “bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè” bo tshwanetse go tswelapele bo busa godimo ga setho mono lefatsheng. Go tloga ka bo-1930 bogareng, he, “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo ne jwa tlhagelela, mo eleng gore gompieno batho ba ba fetang didikadike di le pedi ba lebeletse pele go direleng ka metlha jaaka babusiwa ba selefatshe ba Bogosi. Ba dira tshimologo ya “lehatshe ye lesha,” mokgatlho o o siameng wa setho o o tla tshelang ka bosakhutleng tlase ga bolaodi jwa ga Jehofa Modimo. (Tshen. 7:9, 10; 21:1, 3-5; 2 Pet. 3:13) Lefa go le jalo, baengele ba ntse ba “chwere diphehō tsa lehatshe coo nnè.” Ka ntlhayang?

17. Ke ka lebaka lefe baengele ba ntse ba tswetsepele go ‘tshwara diphefo’?

17 E ka nna fela gore Jehofa o na le tiro e e saletseng bakeng sa basupi ba gagwe go e dira mono lefatsheng. Go santse go na le ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” go ka kokoanngwa. Didikadike tsa batho ba ba nnileng gone mo modirong wa Segopotso mo dingwageng tsa bosheng jaana, mmogo le go gola ka iketlo go go tswelang pele ga Basupi mo mafatsheng a mantsi a Asia, ditlhaketlhake tsa lewatle le dinaga tsa Katoliki tsa Yuropa, di bontsha gore tiro ya go kokoanya ga e ise e wediwe. Go potlakile gore batho botlhe ba ga Jehofa ba ineele ka mo go feletseng mo tirelong ya gagwe go ya go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso e, e e bosula.—Mar. 13:10; Baef. 5:15, 16.

18. (a) Ke go olosa gofe mo go bonalang go tswetsepele? (b) Ke ka ntlhayang re tshwanetse go kaela tlhokomelo e e tlhoafalo go tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo go 2 Bakorintha 13:5?

18 Gape, fela jaaka go ne go na le go olosa mo gogolo gare ga masalela a a tloditsweng mo lesomeng la dingwaga morago ga 1914, go bonala ekete jaanong go na le go olosa mo go tswelang pele gare ga bao ba ipolelang go nna ba “boidiidi yo bogolo yoa batho.” Mafoko a ga moaposetoloi Paulo a dira segolo go rona rotlhe mo metlheng e e tlhokofatsang e: “Itekeñ ka losi bo lo mo tumeloñ; itlhotlhomiseñ rure.” (2 Bakor. 13:5) A eleruri re bona molemo wa boineelo jwa rona go Jehofa—kamano ya botsalano eo re nang le yone le ene, le e e kgonisitsweng ke setlhabelo sa ga Jesu? A re anaanela kutlwano ya rona le Rre le Morwa mo tirong e kgolo eo re nang le tshiamelo ya go arola mo go yone ka oura e? A re direla ka lorato lwa sebele bakeng sa Jehofa le moagelani wa rona? Kana, a boitlhomo jwa rona e nnile fela go ‘ipoloka rona fela’ mo ntweng ya Hara-Magedona? Faele gore re ba “boidiidi yo bogolo yoa batho,” a re tla tswelapele go direla Modimo “motshegare le bosigo” go ralala “pitlaganoñ e kgolo”? Kana, a re tla repisa meitlamo ya rona, re letlelela Satane go re khurumetsa ka maipelo, boitshwaro jo bo maswe kana ditlhodiego tsa botshelo?

19. (a) Ke ka ntlhayang re ka itumelang ha e bo ne ne baengele ba ntse ba “chwere diphehō” go fitlha oureng e? (b) Jaaka go bontshitswe ke 2 Bakorintha 13:11, ke jang re ka tsamaisanang le kgatelopele ya phuthego ya Modimo gompieno?

19 Baengele ba bane ga ba kitla ka metlha yotlhe ba ‘tshwara’ diphefo tse nne tsa lefatshe. Re ka itumela ha e bo ne ne ba dirile jalo go fitlha mo oureng e, le gore go tla felela ka poloko go didikadike tsa setho. Mme nako e ntse e khutswafala ka bofefo. Re tlhoka go nna re tshedile, re le tlhaga, ka metlha re gatela pele le phuthego ya Modimo mo lefatsheng. Abo re na le boitumelo jang mo go nneng karolo ya bokaulengwe bo le bosi jwa lefatshe ka bophara jo bo leng mo kagisong, le mo kutlwanong mo go bakeng leina la ga Jehofa mo dinakong tse di tlhokofatsang tse! Gore re tle re tsamaisane, go ka nna ga re tlhoka go siamisa boikutlo jwa rona jwa botho kana ntlha ya pono ka dinako dingwe. Mme a re nneng re iketleeditse go dira se ka boingotlo, gore re tle re direle ka potlako le go tswelapele mo boitumelong jo re bo arolang le batho botlhe ba Modimo. Jaaka Paulo a gakolotse: “Sa bohèlō, ba ga echo, Dumèlañ. Lo itekanediwè; lo gomodiwè; lo nnè pelo ñwe hèla; tshelañ mo kagishoñ: me Modimo oa loratō le kagishō o tla nna le lona.”—2 Bakor. 13:11.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

‘GA BA TSEYE TSIA’ Jaaka mo metlheng ya ga Noa le Lote, batho ba bantsi ba tshwaregile thata mo dikgannyeng tsa botshelo tsa tsatsi le letsatsi mo eleng gore ba tlhokomologa go potlaka ga metlha e.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela