LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 1/1 ts. 10-13
  • A Eleruri Re mo “Metlheñ ea Bohèlō”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Eleruri Re mo “Metlheñ ea Bohèlō”?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DITSHUPO TSA GORE RE MO “METLHEÑ EA BOHÈLÔ”
  • BOSUPI JO BO MAATLA
  • “MO METLHEÑ EA MORAGŌ”
  • Ntlo ya ga Jehofa e a Tsholediwa
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Boikaelelo jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Kagiso—Selo sa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Kafa Re Itseng Ka Teng Gore Re Tshela Mo “Metlheñ Ea Bohelō”
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 1/1 ts. 10-13

A Eleruri Re mo “Metlheñ ea Bohèlō”?

A MOTLHA ono wa bothubaki o kaya gore jaanong re tshela mo “metlheñ ea bohèlō”? Bao ba botsang potso e ka tlhoafalo yotlhe ba tla bona karabo e e kgotsofatsang. Mme bangwe ba botsa ka tlhotlheletso e e phoso, mme kaga ba moaposetoloi Petere o a kwala: “Mo metlheñ ea bohèlō bashotli ba tla tla ka chotlō, ba tsamaea kaha dithatoñ tsa bōnè, Ba re, Polèlō ea go tla ga gagwè (Morena Jesu Keresete) e kae? gonne e sa le ka borara ba rōbala, dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse mo tshimologoñ ea popō.” (2 Pet. 3:3, 4) Mo lefatsheng le la boikepo la gompieno, palo ya basotli ba ba jalo ba Lefoko la Modimo e a gola—ka boyone ke pontsho ya gore re tsene mo “metlheñ ea bohèlō.”

Petere o tlhokomedisa basotli ka tshenyo ya lefatshe ya motlha wa ga Noa ka morwalela, mme a oketsa:

“Me magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe, e nntse e le ka yeōna lencwe yeuō (la Modimo), ka a letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.” (2 Pet. 3:5-7)

Maatla a semmuso le a mokgatlho wa batho a lefatshe le le boikepo le a lebane le tshenyo e e ntseng fela jalo. Mme a eleruri re ka tlhomamisega gore re mo “metlheñ ea bohèlō”?

DITSHUPO TSA GORE RE MO “METLHEÑ EA BOHÈLÔ”

Moaposetoloi Paulo o re bolelela gore “mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ,” mme a oketsa:

“Batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlholègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gope, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.”

Paulo morago o re bolelela gore re kgaogane le ba ba jalo. (2 Tim. 3:1-5) A ga re bone tlhaelo e ya lorato lwa sebele, boikutlo jo jwa “nna pele” jo bo gateletsweng go kgabaganya lefatshe gompieno? Bo tlatseletsa thata go mathata a a tlhokofatsang a metlha e.

Moya o wa go rata dilo tse di bonalang, wa selefatshe o bopela le eleng phuthego ya Bokeresete. Ke ka lebaka le monnawe Jesu ka mmè Jakobe a tlhagisang batho ba ba humileng kgatlhanong le go tshela mo manobonobong, kana go tshelela go kgatlha maikutlo, a ba bolelela gore, “lo ipoloketse khumō (sengwe se se jaaka molelo) ea lona mo metlheñ ea bohèlō.” (Yak. 5:1-5) Ka jalo, ‘metlha ya bofelo’ ga se nako ya gore Bakeresete ba sebele ba ka latelela ditsela tsa boitumediso tsa lefatshe le le ikgogonneng mo Modimong.

Re ile ra tlhokomela mo setlhogong se se fetileng gore motlha wa ntwa ya kakaretso le borukhutlhi di simolotse mo lefatsheng ka ngwaga wa 1914. Ba se bakae ba ka ganetsa gore 1914 e tshwaile tiragalo e kgolo e e iseng e nne gone mo dikgannyeng tsa batho, “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga,” jaaka Jesu a ne a e tlhalosa. Ee, “tshimologō,” mme polelelo-pele e kgolo ya ga Jesu, e e kwadilweng go Mathaio dikgaolo 24 le 25, Mareka kgaolo 13 le Luke kgaolo 21, e neela dintlha tsa ditlalelo tse go seng dipe tse di kileng tsa nna gone tseo di itemogetsweng ke setho fa esale ka 1914: dintwa, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe, malwetsi a dikgogodi, ditebelelo tse di boifisang, boikepo, botlhoka-lorato, go rerega, tlalelo. “Se se makgapha a a shwahatsañ,” seo gape se tlhalositsweng go Tshenolo 17:3, 8 jaaka “sebatana señwe se se mmala o bohibidu yo bo letlhōlōlō,” se ne sa bonala pele jaaka Kgolagano ya Merafe mme morago jaaka Merafe e e Kopaneng, mme ga se a ka sa tlisetsa setho tsela ya phalolo.—Math. 24:15, 16; Dan. 11:31.

Mmogo le lefatshe ka kakaretso, balatedi ba ga Keresete ba ne ba tshwanetse go itshokela ditlalelo tse. Bakeresete gape ba fetile mo matlhokong a a oketsegileng ao a tlhalositsweng ke Jesu mo polelelong-pele ya gagwe: ditsheko, dititeo, dikilo le dipogiso. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I ba ne ba tlhorontshiwa le go gatelelwa, tota le eleng mo dinageng tse eleng tsa mmuso wa batho botlhe. Pele le morago ga Ntwa ya Lefatshe II, e nnile ba ba ilwang ke Ma-Nazi, ke mokgatlho wa ba ba kgatlhanong le bokomanisi wa kwa Italy le ke ba bodumedi jwa Majapane. Bosheng thata jaana, Yuropa wa Bokomanisi le dinaga tsa Afrika tse di lwelang phetogo ba ne ba bogisa Basupi kwantle ga lebaka. Mme, Bakeresete, nnang pelokgale! Gotlhe mo go nnile jalo “gore go lekwa ga tumèlō ea lona, ka e ratèga bogolo go gouda e e nyèlèlañ, leha e lekilwe ka molelō, go hitlhèlwè e le pakō le kgalalèlō le tlotlō, mo tshenoloñ ea ga Yesu Keresete.”—1 Pet. 1:7.

BOSUPI JO BO MAATLA

Sesupo se se tlhomamisang sa gore jaanong re mo “metlheñ ea bohèlō” se ka bonwa mo tirong eo Morena Jesu Keresete a e kaetseng mo lefatsheng le fa esale ka ngwaga o o tlholetsweng wa 1914. Se mo tirafatsong ya karolo eo ya polelelo-pele ya gagwe e kgolo e e kwadilweng go Mathaio 24:14:

“Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”

Kwa pelenyana mo go yone polelelo-pele e, Jesu o ile a tlhalosa ka moo tiro e e tla dirwang ka teng mo lefatsheng tlase ga kaelo ya gagwe le baengele ba ba boitshepo ba legodimo:

“Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.”

Setlhopa sa “dinku” tse di thokgamo se tsena mo botshelong jo bo sa khutleng, mme “dipodi” tse di sa anaaneleng mo tshenyong e e sa khutleng.—Math. 25:31-46.

Ka gona, mo “metlheñ ea bohèlō,” bosupi jo bogolo jwa lefatshe ka bophara bo tshwanetse go neelwa mabapi le bogosi jwa ga Keresete jo bo tlang. A bosupi jo bo jalo bo bonetse fa esale ka 1914? Eleruri bo bonetse! Bo-raditiragalo ba metlha ya gompieno ba kwala gore Basupi ba ga Jehofa ba setse ba akareditse lefatshe ka go rera ga bone. Mme ka phelelo efe? Ka 1978 ba ne ba phatlhaladitse Dibibela le dikgatiso tseo di tlhalosang Bibela go ya palong ya 257 398 484 mo dipuong tse di farologaneng di le 210, ba dirile barutwa ba Bakeresete go batho ba ba fetang didikadike di le pedi mo mafatsheng le dikgaolong di le 205 mme ba gomoditse didikadike tsa ba bangwe ka dithuto tsa mahala tsa Bibela mo magaeng a bone. Tiro e, e e fitlheletsweng mo tirafatsong ya polelelo-pele ya ga Jesu, eleruri ke bosupi jo bo maatla gore tota re mo “metlheñ ea bohèlō.”

“MO METLHEÑ EA MORAGŌ”

Dipolelelo-pele tsa Bibela tse dingwe, mo go tlhokomelegang Isaia kgaolo 2 le Mika kgaolo 4, di supela go “metlheñ ea moragō.” Bosupi jwa baperofeti ba babedi bano bo batlile bo tshwana ka mo go feletseng, bo boelediwa, kwantle ga pelaelo, bakeng sa tiiso. Tlhokomela seo Mika 4:1, 2 e se bolelang:

“Me mo metlheñ ea moragō go tla dihala, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōmamisiwa mo tlhoreñ tsa dithaba, e tla golediwa mo godimo ga makhubu: me dichaba di tla sailèla kwa go eōna. Me merahe e le mentsi e tla hitlha, e re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, le kwa tluñ ya Modimo oa ga Yakoba; o tla re ruta ditsela tsa ōna, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa ōna.”

Ka gona, mo puong ya ditshwantsho e ntle, moperofeti o tlhalosa ka moo, ka nako ya bokhutlo jwa lefatshe, tempele ya ga Jehofa ya semoya—ntlo ya gagwe ya kobamelo—e godisiwang ka teng godimo ga mefuta yotlhe ya kobamelo ya batho, ee, “godimo ga makhubu.” Batho ba merafe yotlhe ba sailela kwa ntlung ya ga Jehofa ya kobamelo, koo ba amogelang taelo ya gagwe le go ithuta go tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe tsa tshiamo. Go na le nako e le nngwe fela mo ditiragalong tsa batho fa batho “ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō,” go dikologa kgolokwe, ba kopantswe mo kobamelong e le nngwe ya Modimo wa boammaaruri. (Tshen. 7:9) Polelelo-pele e mabapi le “mo metlheñ ea moragō” e dirafadiwa fa pele ga matlho a eleng a rona gompieno, gare ga basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete.

Lefa go le jalo, polelelo-pele eno e na le tirafatso e nngwe e e botlhokwa. Mme eo ke efe? Reetsa mafoko a a kwa pelenyana ano:

“Me ba tla thula dichaka tsa bōnè megoma, le marumō a bōnè dithipa tse di segañ mabèlè: morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè.”—Mika 4:3.

A ditšhaka di thulwa go nna megoma gompieno? Eleruri merafe ya selefatshe ga e dire se! E tswelapele go tlhomela, ebile ka tse di fetang ditšhaka le marumo! Ba tswelapele go kgobela dibetsa tse di boifisang tsa go khutlisa bontsi jwa batho gangwe hela, mo dithulaganyong tsa dibetsa tseo di golang mo eleng gore ga di laolege sentle. Dikgonego tsa se dia boitshega. Jaaka Richard J. Barnet a kwadile go Times ya kwa New York ya June 6, 1978:

“Ekane re fetola melawana eo mebuso yotlhe e megolo e e dirisang mo go tshamekeng—ka go fedisa dibetsa ka tlhonamo le ka mo go feletseng, go lekanyetsa mafelo a bosole, mo go laoleng palo ya dibetsa tsa lefatshe lotlhe, ditiro tsa bosole tsa sephiri—go seng jalo motshameko oo re leng go ona o tla khutla ka ntwa ya nuklea mo motlheng wa rona.”

Lefa go le jalo, go na le setlhopha sa batho mo motlheng wa rona seo se sa tlhakaneleng mo “motshamekong” oo. Seno ke setlhopha sa merafe yotlhe seo se itsiweng jaaka Basupi ba ga Jehofa. Fa ba kabo ba “ithuta ntwa,” seno se ne se tla ba thulanya le bakaulengwe ba bone ba Bakeresete mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Ba bona go le botoka go tlhagolela lorato go Bakeresete-ka-bone, le go setho sotlhe, mme ka gone ba arola mo go dirafatseng polelelo-pele ya ga Mika. Boitlhaodi jwa Basupi bo dirile gore ba tlotliwe mo dikarolong tse dintsi tsa Afrika, mo Ireland, mo Lebanon le mafelo a mangwe moo bodumedi bo kgaogantseng batho go nna ditlhopha tsa sesole. Ka go tswelapele ga bone ba ntse ba “thula dichaka tsa bōnè megoma,” le eleng tlase ga kgatelelo ya dipogiso, batho ba ga Jehofa ba kgethololwa e le ba ba dirafatsang polelelo-pele e mo “metlheñ ea moragō.”

Mo go itumedisang, “mo metlheñ ea moragō” go na le setlhopha se le sengwe sa batho mo lefatsheng, se se kopantsweng lefatshe ka bophara ke sebofo sa lorato, seo se ikitlieditseng go tsamaya, eseng go ya ka ‘medimo’ ya bodumedi jo bo kgaoganeng, mme mo leineng le le botlhokwa la ga ‘Jehofa Modimo wa bone,’ ka bosakhutleng. (Mika 4:5) Ba dumela ka tlhomamo, mo motheong wa polelelo-pele e e dirafaditsweng, gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō,” le gore, jaaka Petere a go tlhalositse, “Me letsatsi ya Morèna (Jehofa) le tla tla yaka legodu” go nyeletsa tsamaiso e e bosula eo ga jaanong e laolang lefatshe la Modimo. Ka jalo, ba tlhoafatse mo go tseyeng tlhagiso e e latelang tsiya:

“Me ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo, Lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya Modimo, ye e leñ yeōna magodimo ka a sha a tla nyeregañ ka yeona, le dipopō tsa magodimo a tla tlhapologa ka mogote o o tukañ?”—2 Pet. 3:10-12.

“Letsatsi” leo ga le ne le khutlisa go ‘tsamaya ga bone mo leineng la Modimo wa bone,’ gonne ba lebeletse go dira se ka bosakhutleng. Ka jalo, ka go tlhoafalela paakanyetso ya ga Jehofa e ntle ya thulaganyo e ntšha, ba dira bojotlhe jwa bone gore ba itshupe ba tshwanelega go ka tsena mo motlheng o o galalelang oo. Tsholofelo ya bone e e phatsimang e bontshitswe mo mafokong a a tswelelang a ga Petere:

“Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (2 Pet. 3:13)

Se ke tsholofelo ya sebele, tsholofelo e eleng gone, gonne bosupi jotlhe bo okeletsa go bontsha gore eno eleruri ke ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya jaanong ya lefatshe. Go potlakile gore re e lemoge jaaka ya bofelo.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Le ka motlha batho ba merafe yotlhe godikologa kgolokwe ga ba ise ba ke ba kopanngwe jaana mo kobamelong ya boammaaruri mo motheong wa Bibela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela