LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 16 ts. 89-99
  • Bapalami ba Dipitse ba Banè ba a Patakela!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bapalami ba Dipitse ba Banè ba a Patakela!
  • Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pitse e Tshweu le Mopalami wa Yone yo o Tlotlometseng
  • Go Tswelela a Fenya
  • Bonang, Pitse e Khunou!
  • Go Tsena Pitse e Ntsho
  • Pitse e Tshetlha le Mopalami wa Yone
  • Tiro e e Galalelang E E Tlang Morago ga Bapalami ba Dipitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Bapalami ba Dipitse ba Tshenolō—Ka Moo Go Palama Ga Bone Go Go Amang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Go Senolwa ga Masaitsiweng a Bapalami ba Dipitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 16 ts. 89-99

Kgaolo 16

Bapalami ba Dipitse ba Banè ba a Patakela!

Ponatshegelo 3​—Tshenolo 6:1-17

Setlhogo: Go palama ga bapalami ba dipitse ba banè, basupi ba ba bolaetsweng tumelo ya bone ba kafa tlase ga sebeso, le letsatsi le legolo la tšhakgalo

Nako ya go diragadiwa: Go simolola ka 1914 go fitlha tsamaiso eno ya dilo e senngwa

1. Jehofa o senolela Johane jang diteng tsa lokwalo lo lo tsosang kgatlhego loo Jesu a lo bulang?

MO MOTLHENG ono wa dikgoberego, a ga re kgatlhegele thata “dilo tse di tla akofang di diragala”? Ruri re a di kgatlhegela, ka gonne rona ka borona re a kopanyelediwa! Jalo a jaanong re kopaneleng le Johane jaaka Jesu a tswelela go bula lokwalo lo lo tsosang kgatlhego thata loo. Ntlha nngwe e e kgatlhang ke gore Johane ga a tlhoke go bala lokwalo loo. Ka ntlha yang? Ka gonne o bolelelwa diteng tsa lone ka “ditshupo,” ka metseletsele ya dipono tse di maatla, tsa ditiragalo tse dintsi.​—Tshenolo 1:1, 10.

2. (a) Ke eng se Johane a se bonang le go se utlwa, mme sebopego sa tšheruba se akantsha eng? (b) Taelo e e ntshiwang ke tšheruba ya ntlha e ya kwa go bomang, mme ke ka ntlha yang fa o araba jalo?

2 Reetsa Johane jaaka Jesu a bula sekano sa ntlha sa lokwalo: “Mme ka leba fa Kwana a ne a bula se sengwe sa dikano tse supa, mme ka utlwa sengwe sa dibopiwa tse nnè tse di tshelang se bua ka lentswe le e keteng tumo ya maru se re: ‘Tla!’” (Tshenolo 6:1) Leno ke lentswe la tšheruba ya ntlha. Sebopego sa yone se e keteng sa tau se akantsha Johane gore phuthego ya ga Jehofa e tla dira ka bopelokgale mo go diragatseng dikatlholo tsa Gagwe tsa tshiamo. Mme taolo eo e kwaletswe bomang? Ga e kake ya bo e le Johane, ka gonne Johane o setse a laleditswe go tsaya karolo mo diponong tseno tsa polelelopele. (Tshenolo 4:1) ‘Lentswe le e keteng tumo ya maru’ leo le bitsa ba bangwe ba ba tlileng go tsaya karolo mo metseletseleng eo ya ntlha ya ditiragalo tse nnè tse di kgatlhisang.

Pitse e Tshweu le Mopalami wa Yone yo o Tlotlometseng

3. (a) Johane jaanong o tlhalosa eng? (b) Tumalanong le ditshwantsho tsa Baebele pitse e tshweu e tshwanetse ya bo e tshwantshetsa eng?

3 Johane, gammogo le ba setlhopha sa Johane ba ba tlhagafetseng le bapati ba bone ba gompieno, ba na le tshiamelo ya go bona tiragalo e e diragalang ka bofefo! Johane a re: “Ka leba, mme, bona! pitse e tshweu; mme yo o e pagameng o ne a tshotse bora; a newa serwalo, mme a tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.” (Tshenolo 6:2) Ee, ka go arabela pitsong eo e e kabang ditsebe ya gore ‘‘Tla!’’ pitse e tshweu e tla patakela. Mo Baebeleng, pitse gantsi e tshwantshetsa ntwa. (Pesalema 20:7; Diane 21:31; Isaia 31:1) Pitse eno, e e tshwanetseng ya bo e le pheke e ntle, e lakasela ka bosweu jo bo supang boitshepo jo bo se nang selabe. (Bapisa Tshenolo 1:14; 4:4; 7:9; 20:11.) A bo seno se tshwanela jang ne, ka gonne se tshwantshetsa tlhabano e e phepa le e e siameng mo matlhong a ga Jehofa a a boitshepo!​—Bona le Tshenolo 19:11, 14.

4. Mopalami wa pitse e tshweu ke mang? Tlhalosa.

4 Mopalami wa pitse eno ke mang? O tshotse bora, sebetsa sa go tlhasela sa ntwa, mme gape o newa serwalo. Basiami fela ba ba bonwang ba rwele dirwalo tsa bogosi ka letsatsi la Morena ke Jesu le setlhopha se se emelwang ke bagolwane ba ba 24. (Daniele 7:13, 14, 27; Luke 1:31-33; Tshenolo 4:4, 10; 14:14)a Ga go bonale ka gope gore mongwe wa setlhopha sa bagolwane ba ba 24 o ka bontshiwa a amogela serwalo ka go bo go mo tshwanela. Ka gone, mopalami wa pitse yo o nosi yono e tshwanetse ya bo e le Jesu Keresete mme e seng ope o sele. Johane o mmona a le mo legodimong ka nako ya ditiragalo tse di kgethegileng ka 1914 fa Jehofa a ne a bolela jaana, “Nna, e leng nna, ke tlhomile kgosi ya me,” a ba a mo raya a re seno e ne e le ka boikaelelo jwa “gore ke tle ke ntshe ditšhaba go nna boswa jwa gago.” (Pesalema 2:6-8)b Ka gone, fa a bula sekano sa ntlha, Jesu o senola kafa ene ka boene, jaaka Kgosi e e sa tswang go rwesiwa serwalo, a simololang go tlhabana ka bofefo ka nako e e beilweng ya Modimo.

5. Mopesalema o tlhalosa Mopalami yono ka tsela e e tshwanang le ya Tshenolo 6:2 jang?

5 Pono eno e dumalana sentle le Pesalema 45:4-7, e e buang le Kgosi e e tlhomilweng mo setulong sa bogosi ke Jehofa: “Mme mo bontlentleng jwa gago tswelela o atlega; palama ka ntlha ya boammaaruri le boikokobetso le tshiamo, mme seatla sa gago sa moja se tla go ruta dilo tse di boitshegang. Metswi ya gago e bogale​—ditšhaba di nna di wa kafa tlase ga gago—​mo pelong ya baba ba kgosi. Modimo ke setulo sa gago sa bogosi ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae; lore lwa segosi lwa bogosi jwa gago ke lore lwa segosi lwa thokgamo. O ratile tshiamo mme o tlhoile boikepo. Ke gone ka moo Modimo, Modimo wa gago, a go tloditseng ka leokwane la boitumelo go gaisa balekane ba gago.” Ka go bo Johane a ne a itse kaga tlhaloso eo ya polelelopele, o ne a tlhaloganya gore e bua ka tiro ya ga Jesu jaaka Kgosi.​—Bapisa Bahebera 1:1, 2, 8, 9.

Go Tswelela a Fenya

6. (a) Ke ka ntlha yang fa Mopalami a tshwanetse go tswelela a fenya? (b) Go palama ka phenyo go tswelela go kgabaganya dingwaga dife?

6 Le fa go le jalo, ke ka ntlha yang fa Kgosi e e sa tswang go rwesiwa serwalo sa bogosi a palame pitse go ya ntweng? Ke ka gonne fa puso ya gagwe e ne e tlhongwa, e ne ya lebagana le kganetso e e botlhoko ya mmaba o mogolo wa ga Jehofa, e bong Satane Diabolo, le ba ba mo lefatsheng ba​—ba itse kana ba sa itse—​ba direlang Satane. Go tsalwa ga Bogosi ka bogone go tsosa ntwa e kgolo mo legodimong. Jesu, a tlhabana a bidiwa Mikaele (mo go rayang “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?”), o fenya Satane le badimona ba gagwe a ba a ba latlhela kwa tlase mo lefatsheng. (Tshenolo 12:7-12) Jesu o tswelela a ntse a palame pitse ka phenyo go ya fela kwa tshimologong ya dingwaga tsa letsatsi la Morena le batho ba sekadinku ba phuthiwang. Le mororo lefatshe lotlhe le sa ntse “le namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” Jesu ka lorato o tswelela go disa bomorwarraagwe ba ba tloditsweng le balekane ba bone, a thusa mongwe le mongwe wa bone go fenya ka tumelo.​—1 Johane 5:19.

7. Jesu o ne a nna a fenya ka tsela efe mo lefatsheng mo masomeng a ntlha a dingwaga mo tshimologong ya letsatsi la Morena mme rona re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

7 Jesu o fentse mo dikarolong dife gape mo dingwageng tse di fetileng tse 90 le go feta tsa letsatsi la Morena? Go dikologa lefatshe, motho ka bongwe le jaaka phuthego, batho ba ga Jehofa ba nnile le mathata a mantsi, dikgatelelo, le dipogiso, tse di tshwanang le tse di tlhalosiwang ke moaposetoloi Paulo fa a neela bosupi jwa bodiredi jwa gagwe. (2 Bakorintha 11:23-28) Basupi ba ga Jehofa ba nnile ba tlhoka ‘‘maatla a a fetang a a tlwaelegileng,’’ segolo bogolo fa go le ntwa le thubakanyo, e le gore ba kgone go itshoka. (2 Bakorintha 4:7) Mme le e leng mo maemong a a lekang eleruri, Basupi ba ba ikanyegang ba kgonne go bua jaaka go ne ga bua Paulo fa a re: “Morena o ne a ema gaufi le nna mme a tsenya maatla mo go nna, gore go rera go wediwe ka nna ka botlalo.” (2 Timotheo 4:17) Ee, Jesu o ne a ba leretse phenyo. Mme o tla tswelela go nna a re leretse phenyo, fa fela re ikemiseditse go wetsa phenyo ya rona ka tumelo.​—1 Johane 5:4.

8, 9. (a) Phuthego ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e nnile le seabe mo diphenyong dife? (b) Go oketsega ga Basupi ba ga Jehofa go nnile gogolo thatathata kae?

8 Phuthego ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e nnile le seabe mo diphenyong di le dintsi ba kaelwa ke Kgosi ya bone e e fenyang. Ka tsela e e tlhomologileng, o ne a sireletsa Baithuti bano ba Baebele gore ba se ka ba nyelediwa ka 1918, fa bone ka bobone ba ne ba ‘fenngwa’ ka nakwana ke phuthego ya sepolotiki ya ga Satane. Le fa go ntse jalo, ka 1919, o ne a putlaganya ditshipi tsa kgolegelo go ba golola, mme go tswa foo a ba tsosolosetsa go bolela dikgang tse di molemo “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”​—Tshenolo 13:7; Ditiro 1:8.

9 Pele le ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, babusi ba ba gatelelang ba lekoko la Axis ba ne ba leka go fedisa Basupi ba ga Jehofa mo mafatsheng a le mantsi koo baeteledipele ba bodumedi, segolo bogolo babusi ba sedumedi ba kereke ya Katoliki ya Roma, ba neng ba ema nokeng phatlalatsa kana ka ditsela dingwe babusi ba ba gatelelang bao. Mme Basupi ba ba 71 509 ba ba neng ba rera fa ntwa e ne e simologa ka 1939 ba ne ba nna 141 606 fa e fela ka 1945, le mororo ba ba fetang 10 000 ba ne ba feditse dingwaga tse dintsi ba le mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogiso, e bile ba bangwe ba ka nna 2 000 ba ne ba bolailwe. Palo ya Basupi ba ba tlhagafetseng mo lefatsheng ka bophara e oketsegile go feta dimilione tse thataro gompieno. Koketsego e nnile e e tlhomologileng mo mafatsheng a Katoliki le mo dinageng tse dipogiso di neng di le setlhogo thata mo go tsone​—jaaka mo Jeremane, Italy, le Japane, tseo mo go tsone Basupi jaanong ba begang badiredi ba ba fetang 600 000 ba ba tlhagafetseng mo tshimong.​—Isaia 54:17; Jeremia 1:17-19.

10. Kgosi e e fenyang e segofaditse batho ba yone ka diphenyo dife “mo go sireletseng le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao”?

10 Gape Kgosi ya rona e e fenyang e segofaditse batho ba gagwe ba ba tlhagafetseng ka go ba etelela pele mo diphenyong tse dintsi “mo go sireletseng le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao.” (Bafilipi 1:7; Mathaio 10:18; 24:9) Seno se nnile jalo mo ditšhabeng tsotlhe​—kwa Australia, Argentina, Canada, Greece, India, Swaziland, Switzerland, Turkey, le kwa mafatsheng a mangwe. Mo ditshekong tse 50 tse di fentsweng ke Basupi ba ga Jehofa mo Kgotlatshekelong e Kgolo ya United States go nnile le tse di ba neelang tshwanelo ya go bolela dikgang tse di molemo ‘phatlalatsa le ka ntlo le ntlo’ le go sa tsenelele mo meletlong ya kobamelo ya medimo ya disetwa ya semorafe. (Ditiro 5:42; 20:20; 1 Bakorintha 10:14) Ka gone, go ntse go butswe tsela ya go anamisa bosupi mo lefatsheng lotlhe.

11. (a) Mopalami o “digela phenyo ya gagwe” jang? (b) Go kanololwa ga sekano sa bobedi, sa boraro, le sa bone go tshwanetse ga re ama jang?

11 Jesu o “digela phenyo ya gagwe” jang?c Seno o se dira, jaaka re tla bona, ka go fedisa bodumedi jwa maaka mme go tswa foo a bo a latlhela karolo nngwe le nngwe e e setseng ya phuthego e e bonalang ya ga Satane mo “bodibeng jo bo molelo” jwa tshwantshetso jwa tshenyego, kgalaletsong ya bolaodi jwa ga Jehofa. Jaanong ka tshepo, re lebeletse pele letsatsing leo la Haramagedona fa “Kgosi ya dikgosi” ya rona e tla bo e fenya phuthego ya sepolotiki e e gatelelang ya ga Satane la bofelo! (Tshenolo 16:16; 17:14; 19:2, 14-21; Esekiele 25:17) Mo nakong eno, Mofenyi yo o sekeng a fenngwa yo o palameng pitse e tshweu o tswelela go palama jaaka Jehofa a ntse a oketsa setšhaba sa Gagwe se se tshiamo mo lefatsheng ka batho ba dipelo tse di ikanyegang. (Isaia 26:2; 60:22) A o dira mmogo le ba setlhopha sa Johane sa batlodiwa mo koketsegong eo e e ipedisang ya Bogosi? Fa go ntse jalo, se moaposetoloi Johane a se bonang fa dikano tse dingwe tse tharo di bulwa kwantle ga pelaelo se tla go tlhotlheletsa go tsaya karolo le e leng ka mo go golwane mo tirong ya ga Jehofa ya motlha ono.

Bonang, Pitse e Khunou!

12. Jesu o rile go nna gone ga gagwe mo go sa bonaleng jaaka Kgosi go tla tshwaiwa ke eng?

12 Fa Jesu a ne a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa jaana kwa thoko: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” Fa a ba araba, o ne a bolelela pele ka masetlapelo a e neng e tla nna “tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.” Jesu o ne a re: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba, le bogosi bo tsogologele bogosi; mme go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, mme mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo le ditlhaelo tsa dijo; mme go tla nna le dipono tse di boifisang le ditshupo tse dikgolo go tswa legodimong.” (Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:10, 11) Dilo tse Johane a di bonang fa dikano tse di setseng tsa lokwalo di bulwa di tshwana fela thata le tsa polelelopele eo. Jaanong ela tlhoko jaaka Jesu a bula sekano sa bobedi!

13. Johane o tloga a bona eng se se farologaneng le sa ntlha?

13 “E rile a bula sekano sa bobedi, ka utlwa sebopiwa sa bobedi se se tshelang se re: ‘Tla!’” (Tshenolo 6:3) Ke tšheruba ya bobedi, e e tshwanang le poo, eo e ntshang taolo eo. Fano go tshwantshediwa nonofo ya maatla, mme e le maatla a a dirisiwang ka tshiamo. Le fa go le jalo, phapaanong le seo, Johane jaanong o tloga a bona maatla a a dirisiwang ka tsela e e maswe, ya go bolaya.

14. Morago Johane o bona pitse efe le mopalami wa yone, mme ponatshegelo eno e tshwantshetsa eng?

14 Jaanong he, pitso eno ya bobedi ya “Tla” e arabiwa jang? Ka tsela eno: “Mme e nngwe ya tla, pitse e e khunou; mme yo o e pagameng a newa go tlosa kagiso mo lefatsheng gore ba bolaane; mme a newa tšhaka e kgolo.” (Tshenolo 6:4) Ponatshegelo e e setlhogo eleruri! Mme ga go na pelaelo ya gore e tshwantshetsa eng: ntwa! E seng ntwa ya tshiamo, ya phenyo ya Kgosi e e fenyang ya ga Jehofa mme ke ntwa ya bosetlhogo, ya batho, ya ditšhaba tsotlhe ya go tshololwa ga madi mo go sa tlhokegeng le go utlwisa botlhoko. A bo go tshwanela jang ne go bo mopalami yono a palame pitse e khunou!

15. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go batla go amana ka gope le go palamiwa ga pitse ya bobedi?

15 Tota, Johane ga a batle go amana ka gope le mopalami yono wa pitse le go palama ga gagwe mo a sa go laoleng, ka gonne go boleletswe pele jaana kaga batho ba Modimo: “ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” (Isaia 2:4) Le mororo Johane, mmogo le setlhopha sotlhe sa Johane le boidiidi jo bogolo, ba sa ntse ba le “mo lefatsheng,” ‘ga ba karolo’ ya tsamaiso eno e e tladikilweng ka madi. Dibetsa tsa rona ke tsa semoya gape ke tse di ‘nonofileng fa pele ga Modimo’ tsa go bolela boammaaruri ka tlhagafalo, kwantle ga go tlhabana ga senama.​—Johane 17:11, 14; 2 Bakorintha 10:3, 4.

16. Mopalami wa pitse e khunou o ne a newa leng “tšhaka e kgolo” mme jang?

16 Go nnile le dintwa di le dintsi pele ga 1914, ngwaga wa fa Mopalami wa pitse e tshweu a ne a amogela serwalo sa gagwe sa bogosi. Mme jaanong mopalami wa pitse e khunou o newa “tšhaka e kgolo.” Seno se kaya eng? Fa e sa le Ntwa ya Lefatshe I e simologa, dintwa tsa lefatshe di tshololela madi kwa pele, le go senya go feta pele. Mo polaong e kgolo ya batho ka 1914-18, ditanka, digase tse di nang le botlhole, difofane tsa ntwa, disabomarine, dikanono tse dikgolo, le dibetsa tse di itirisang di ne tsa dirisiwa e kane e le lwa ntlha kana ka selekanyo se di iseng di ko di dirisiwe ka sone. Mo merafeng mengwe e le 28, batho botlhe, e seng fela masole a a thapisitsweng, ba ne ba patelesega go ya ntweng. Batho ba ba neng ba swa ba ne ba le bontsi jo bo tshosang. Go ne ga bolawa masole a feta dimilione di le robongwe, mme batho ba e seng masole ba ba suleng ba ne ba le bantsi fela thata. Le e leng morago ga ntwa e sena go fela, go ne ga se ka ga tlhola go nna le kagiso ya mmatota mo lefatsheng. Dingwaga tse di fetang 50 morago ga ntwa eo, tonakgolo ya Jeremane e bong Konrad Adenauer o ne a akgela jaana: “Matshelo a batho ga a tlhole a babalesegile le go ritibala fa e sale ka 1914.” Eleruri, mopalami wa pitse e khunou o ne a neetswe gore a tlose kagiso mo lefatsheng!

17. Go dirisiwa ga “tšhaka e kgolo” go ne ga tswelela jang, morago ga Ntwa ya Lefatshe I?

17 Ka gone, ka go bo go nyorelwa madi ga gagwe go rokoditswe, mopalami wa pitse e khunou o ne a itatlhela mo Ntweng ya Lefatshe II. Didirisiwa tsa go bolaya batho e ne ya nna tse di setlhogo le e leng go feta pele, mme babolaiwa ba ne ba feta ba Ntwa ya Lefatshe I go menagane ganè. Ka 1945 go ne ga thuntshiwa dibomo tse pedi tsa atomo kwa Japane, nngwe le nngwe ya tsone ya nyeletsa​—ka motsotswana fela—​diketekete tsa batho. Ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, mopalami wa pitse e khunou o ne a nyeletsa matshelo a batho ba ba ka nnang dimilione tse 55, mme le e leng ka nako eno o ne a sa kgotsofala. Pego ya boammaaruri e bontsha gore batho ba ba fetang dimilione di le 20 ba bolailwe ke “tšhaka e kgolo” fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe II.

18, 19. (a) Go na le go nna phenyo ya boranyane jwa sesole, go bolaiwa ga batho fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe II ke bosupi jwa eng? (b) Setho se lebane le kotsi efe, mme Mopalami wa pitse e tshweu o tla dira eng go e thibela?

18 A re ka re seno ke phenyo ya boranyane jwa sesole? Go na le moo, ke bosupi jwa gore pitse e khunou e e setlhogo e a patakela. Mme go patakela moo go tla felela kae? Baitsesaense bangwe ba bolela gore go ka nna ga nna le ntwa ya nuklea e e ka runyang ka kotsi​—go sa buiwe ka tshenyo e kgolo ya nuklea e e rulaganyeditsweng! Mme ka boitumelo Mopalami yo o fenyang wa pitse e tshweu o na le megopolo e mengwe kaga seno.

19 Fa fela batho ba sa ntse ba na le boikgogomoso jwa bomorafe le kilo, setho se tla nna se sa je di welang ka ntlha ya bodiphatsa jwa nuklea. Le e leng fa ditšhaba, ka ntlha ya go latlhegelwa ke tsholofelo, di ka nyeletsa dibetsa tsotlhe tsa nuklea, di tla nna di itse kafa di dirwang ka teng. Mo nakong e khutshwane, ba ka boa ba dira dibetsa tsa bone tsa nuklea tse di bolayang gape; ka gone, ntwa epe fela e e lowang ka dibetsa tse e seng tsa nuklea mo nakong e khutshwane e ka felela ka tshenyo e kgolo. Boikgogomoso le kilo tse di kgomaretseng ditšhaba gompieno di tshwanetse go gogela setho sotlhe kwa go ipolayeng, kwantle ga fa​—ee, kwantle ga fa Mopalami wa pitse e tshweu a ka emisa go patakela ga botsenwa ga pitse e khunou. A re tlhomamisegeng gore Keresete Kgosi o tla palamela, go tswelela a fenya lefatshe le le laolwang ke Satane gammogo le go tlhoma mokgatlho o mosha wa selefatshe o o thailweng mo loratong​—lorato lwa go rata Modimo le moagelani—​tlhotlheletso ya kagiso e e nonofileng thatathata, go gaisa kgakala dithibedi tse di sa nonofang tsa ntwa ya nuklea tsa metlha ya rona ya botsenwa.​—Pesalema 37:9-11; Mareko 12:29-31; Tshenolo 21:1-5.

Go Tsena Pitse e Ntsho

20. Re tlhomamisa jang gore Mopalami wa pitse e tshweu o tla dirisana sentle le seemo sengwe le sengwe sa masetlapelo?

20 Jesu jaanong o bula sekano sa boraro! Wena Johane, ke eng se o se bonang? “E rile a bula sekano sa boraro, ka utlwa sebopiwa sa boraro se se tshelang se re: ‘Tla!’” (Tshenolo 6:5a) Ka boitumelo, tšheruba eno ya boraro e “na le sefatlhego se se tshwanang le sa motho,” e tshwantshetsa nonofo ya lorato. Lorato lo lo nonofileng lo tla ntsifala mo lefatsheng le lesha la Modimo, fela jaaka nonofo eo e e molemo e le teng mo phuthegong yotlhe ya ga Jehofa gompieno. (Tshenolo 4:7; 1 Johane 4:16) Re ka tlhomamisega gore Mopalami wa pitse e tshweu, yo ‘o tshwanetseng go busa e le kgosi go fitlha Modimo a sena go baya baba botlhe kafa tlase ga dinao tsa gagwe,’ ka lorato o tla fedisa boemo jwa masetlapelo jo bo latelang jo bo bontshiwang Johane.​—1 Bakorintha 15:25.

21. (a) Ke eng se se tshwantshediwang ke pitse e ntsho le mopalami wa yone? (b) Ke eng se se supang gore pitse e ntsho e sa ntse e tlhasetse?

21 Johane o bona eng, he, fa pitso ya boraro ya “Tla” e arabiwa? “Ka leba, mme, bona! pitse e ntsho; mme yo o e pagameng o ne a tshotse sekale ka seatla.” (Tshenolo 6:5b) Leuba le legolo! Ono ke molaetsa o mogolo wa pono eno ya polelelopele. E lebisitse go maemo a a tla nnang teng mo tshimologong ya letsatsi la Morena fa dijo di tla tshwanela go abiwa ka dilekanyo. Fa e sa le ka 1914 leuba e nnile bothata jo bo sa feleng mo lefatsheng ka bophara. Ditlhabano tsa motlha wa segompieno di dira gore go nne le leuba, ka gonne madi a a neng a ntse a dirisiwa go otla ba ba bolaiwang ke tlala gantsi jaanong a dirisiwa mo go rekeng dibetsa tsa ntwa. Balemi ba bilediwa go ya ntweng, mme masimo a a sentsweng ke ntwa le melawana ya komelelo ya lefatshe di ngotla dijo tse di lengwang. A bo seno se ne se le boammaaruri jang ne ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe, fa batho ba le dimilione ba ne ba bolawa ke tlala ba bo ba swa! Go feta moo, mopalami wa pitse e ntsho ya tlala o ne a se ka a ineela kwa bokhutlong jwa ntwa. Ka bo1930, go ne ga swa batho ba le dimilione tse tlhano mo leubeng le le lengwe fela kwa Ukraine. Ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne ya baka tlhaelo e ntsi ya dijo le mauba. Jaaka pitse e ntsho e ntse e tsweletse ka go patakela, Lekgotla la Lefatshe la Dijo le ne la bega mo bogareng jwa 1987 gore batho ba le dimilione tse 512 ba ne ba bolawa ke tlala le gore bana ba le 40 000 ba bolawa ke makoa a a bakwang ke tlala letsatsi le letsatsi.

22. (a) Lentswe le bua le reng, mme jalo le bolela gore ke eng se se tlhokegang? (b) Ke eng se se kaiwang ke tlhotlhwa ya kwatara ya korong le dikwatara di le tharo tsa barele?

22 Johane o sa ntse a tla re bolelela dilo tse dingwe: “Mme ka utlwa lentswe le e keteng le mo gare ga dibopiwa tse nnè tse di tshelang le re: ‘Kwatara ya korong ke denario, le dikwatara di le tharo tsa barele ke denario; mme o se ka wa senya lookwane lwa motlhware le beine.’” (Tshenolo 6:6) Ditšheruba tsotlhe ka bonè di bontsha botlhokwa jwa go nna kelotlhoko ka dijo tse di leng teng​—fela jaaka batho ba ne ba tshwanelwa ke go “go ja senkgwe sa bokete jo bo lekanyeditsweng le ka go tshwenyega ka tlhobaelo” pele ga tshenyego ya Jerusalema ka 607 B.C.E. (Esekiele 4:16) Mo motlheng wa ga Johane, kwatara ya korong e ne e tsewa e le selekanyo sa dijo tsa letsatsi tsa lesole. Dijo tseo di ne di ka ja bokae? Dinario​—e leng tuelo ya letsatsi lotlhe! (Mathaio 20:2)d Go tweng fa motho a ne a na le lelapa? Ebu, o ne a ka reka dikwatara di le tharo tsa barele e e sa feferwang. Mme le tsone di ne di ka otla lelapa le lebotlana fela. Gape barele e ne e sa tsewe e le sejo se se nang le dikotla jaaka korong.

23. Ke eng se se kaiwang ke polelwana e e reng, “o se ka wa senya lookwane lwa motlhware le beine”?

23 Ke eng se se kaiwang ke polelwana e e reng, “o se ka wa senya lookwane lwa motlhware le beine”? Bangwe ba ile ba akanya gore seo se raya gore fa batho bangwe ba tla bo ba tlhaela dijo mme le e leng go bolawa ke tlala, dikhumo tsa bahumi di ne di se kitla di amega ka gope. Mme kwa Botlhabagare, lookwane le bojalwa tota ga se dikhumo. Mo metlheng ya Baebele senkgwe, lookwane, le bojalwa di ne di tsewa e le dijo tsa letsatsi le letsatsi. (Bapisa Genesise 14:18; Pesalema 104:14, 15.) Gantsi metsi a ne a sa siama, jalo batho ba le bantsi ba ne ba nwa bojalwa thata jaaka metsi mme fa gongwe bo nowa jaaka molemo. (1 Timotheo 5:23) Malebana le lookwane, mo motlheng wa ga Elija, motlholagadi wa kwa Sarepate, lefa a ne a humanegile go le kalo, o ne a sa ntse a na le lookwane lo a neng a ka apaya boupe jo bo setseng ka lone. (1 Dikgosi 17:12) Ka gone, taelo ya “o se ka wa senya lookwane lwa motlhware le beine” e lebega e le tlhagiso ya gore dijo tseno tsa motheo di se ka tsa fediwa ka bonako thata mme gore di dirisiwe ka go ngomaelwa. Kwantle ga moo, di ne di tla ‘senngwa,’ ke go re, di ne di tla fela pele ga leuba le fela.

24. Ke ka ntlha yang fa pitse e ntsho e se kitla e patakela ka lobaka lo loleele?

24 A bo re ka itumela jang ne go bo Mopalami wa pitse e tshweu a tla tloga a emisa pitse e ntsho eo e e patakelang! Ka gonne go kwadilwe jaana mabapi le thulaganyo ya Gagwe e e lorato ya lefatshe le lesha: “Mo metlheng ya gagwe mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng. Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”​—Pesalema 72:7, 16; bona le Isaia 25:6-8.

Pitse e Tshetlha le Mopalami wa Yone

25. Fa Jesu a kanolola sekano sa bone, Johane o utlwa lentswe la ga mang, mme seno se supa eng?

25 Polelo ga e ise e bolelwe yotlhe. Jesu o kanolola sekano sa bone, mme Johane o re bolelela phelelo ka go re: “E rile a bula sekano sa bonè, ka utlwa lentswe la sebopiwa sa bonè se se tshelang le re: ‘Tla!’” (Tshenolo 6:7) Leno ke lentswe la tšheruba e e tshwanang le ntsu e e fofang. Go supiwa botlhale jwa go bonela kgakala, mme ka boammaaruri Johane, setlhopha sa Johane, le batlhanka botlhe ba bangwe ba ba mo lefatsheng ba Modimo go ile ga tlhokega gore ba ele tlhoko le go tsaya kgato ka botlhale malebana le se se tlhalosiwang fano. Ka go dira jalo, re ka bona tshireletsego e e rileng mo sebetsong se se welang batlhalefi ba lefatshe ba kokomana ya gompieno e e boikgogomoso, ya boitsholo jo bo sa siamang.​—1 Bakorintha 1:20, 21.

26. (a) Mopalami wa pitse ya bonè ke mang, mme ke ka ntlha yang fa mmala wa pitse ya gagwe o tshwanela? (b) Ke mang yo o setseng mopalami wa pitse ya bonè morago, mme batho ba a ba tlhaselang ba diragalelwa ke eng?

26 Go bipololwa dilo dife tse di tshosang tse disha, he, fa mopalami wa pitse ya bonè a arabela pitso? Johane o a re bolelela: “Ka leba, mme, bona! pitse e tshetlha; mme leina la yo o e pagameng e ne e le Loso. Hadese e ne e mo setse morago e le gaufi thata.” (Tshenolo 6:8a) Mopalami wa pitse ya bofelo o na le leina: ke Loso. Ke ene fela mo bapalaming ba dipitse ba banè ba Apokalipise yo o itlhalosang gore ke mang ka tlhamalalo jalo. Ka mo go tshwanelang, Loso o palame pitse e tshetlha, e re ka lefoko tshetlha (Segerika, khlo·rosʹ) le dirisiwa mo dibukeng tsa Segerika go tlhalosa difatlhego tse di setlhafetseng, jaaka e kete di setlhafaditswe ke bolwetse. Gape jaaka go tshwanela, Loso o setswe morago ka mokgwa o o sa tlhalosiweng ke Hadese (lebitla), e re ka Hadese a amogela palo e kgolo ya ba ba bolawang ke tlhaselo ya mopalami wa pitse ya bonè. Ka boitumelo, bano ba tla bona tsogo, fa ‘loso le Hadese di ntsha baswi ba ba mo go tsone.’ (Tshenolo 20:13) Mme Loso o bolaya batho bao jang?

27. (a) Mopalami Loso o gapa batlhaselwa ba gagwe jang? (b) Ke eng se se kaiwang ke ‘karolo ya bonè ya lefatshe’ eo Loso a e laolang?

27 Ponatshegelo eo e tlhalosa dingwe tsa ditsela tseo: “Mme ba ne ba newa taolo godimo ga karolo ya bonè ya lefatshe, gore ba bolaye ka tšhaka e telele le ka tlhaelo ya dijo le ka sebetso se se bolayang le ka dibatana tsa naga tsa lefatshe.” (Tshenolo 6:8b) Ga go tewe sephatlo sa bone sa batho botlhe ba ba mo lefatsheng ka mmatota mme go tewa gore karolo e kgolo ya lefatshe, e ka ne e na le batho ba bantsi kana ba se bantsi thata mo go yone, ba tla amiwa ke go palama gono. Mopalami yono wa pitse o tsaya ba ba bolailweng ke tšhaka e tona ya mopalami wa pitse ya bobedi le ke mauba le ditlhaelo tsa dijo tsa wa ya boraro. Gape, ene ka boene o ikgapela ba gagwe, ka sebetso se se bolayang gape le ka ba a ba gapang ka dithoromo tsa mafatshe, jaaka go tlhalosiwa mo go Luke 21:10, 11.

28. (a) Tiragatso ya polelelopele e e malebana le ‘sebetso se se bolayang’ e diragaditswe jang? (b) Batho ba ga Jehofa ba ile ba sirelediwa jang mo malwetseng a mantsi gompieno?

28 Se jaanong e leng sa botlhokwa mono ke ‘sebetso se se bolayang.’ Morago ga tshenyo e kgolo ya Ntwa ya Lefatshe I, leroborobo la foluu ya kwa Spain le ne la bolaya batho ba feta dimilione tse 20 mo dikgweding di sekae fela tsa 1918-19. Lefelo le le losi fela mo lefatsheng lotlhe le le neng la falola sebetso seno e ne e le setlhaketlhake se sebotlana sa St. Helena. Mo mafelong a batho ba neng ba sule ba le bantsi mo go one, go ne go godiwa molelo o mogolo wa phitlho go fisa mekoakoa ya ditopo. Mme gompieno go na le malwetse a a tshosang a pelo le kankere, a gantsi bo bakiwang ke go kgotlelwa ke motsoko. Mo go se se tlhalositsweng jaaka “dingwaga tse di lesome tse di maswe” tsa bo1980, tsela ya botshelo e go ya ka ditekanyetso tsa Baebele e leng e e bosula e okeditse ‘sebetso se se bolayang’ ka thupa ya AIDS. Mo ngwageng wa 2000, go ne ga begiwa gore ngaka nngwe e e arang ya kwa United States e bitsa AIDS, “bolwetse jwa leroborobo jo bo maswe go a feta otlhe a lefatshe le a itseng.” O ne a re batho ba le dimilione di feta 52 lefatshe ka bophara ba tshwaeditswe ke HIV/AIDS, mme ba le dimilione di le 20 ba bone ba setse ba sule. A bo batho ba ga Jehofa ba leboga jang ne go bo kgakololo e e botlhale ya Lefoko la gagwe e ba thiba mo kgokafalong le tiriso e e sa siamang ya madi, tse malwetse a mantsintsi a tshelanwang ka tsone gompieno!​—Ditiro 15:28, 29; 1 Bakorintha 6:9-11.

29, 30. (a) ‘Ditiro tse nnè tse di utlwisang botlhoko’ tsa Esekiele 14:21 di dira jang gompieno? (b) Re ka tlhaloganya jang gore ‘‘dibatana’’ tsa Tshenolo 6:8 di raya eng? (c) Ke eng se go lebegang se tlhalosiwa thatathata ke tiragalo eno ya polelelopele?

29 Ponatshegelo ya ga Johane e umaka dibatana jaaka selo sa bonè se se bakang loso lwa tshoganetso. Eleruri, dilo tse nne tse di nnang gone fa go kanololwa sekano sa bonè​—e bong ntwa, leuba, bolwetse, le dibatana—​mo metlheng ya bogologolo di ne di lebiwa jaaka dilo tse dikgolo tse di neng di baka loso lwa tshoganetso. Jalo, di tshwantshetsa dilo tsotlhe tse di bakang loso lwa tshoganetso gompieno. Go ntse fela jaaka Jehofa a ne a tlhagisa Iseraele: “Go tla nna jalo gape fa go tla bo go na le ditiro tsa me tse nnè tse di utlwisang botlhoko tsa katlholo​—tšhaka le leuba le sebatana se se utlwisang botlhoko sa naga le bolwetse jwa leroborobo—​tse ke tla di romelang mo Jerusalema gore ke fedise mo go ene motho wa mo lefatsheng le seruiwa.”​—Esekiele 14:21.

30 Ke ka sewelo fela o ka utlwang dikgang tsa dintsho tse di bakilweng ke diphologolo tsa naga di ile magoletsa mo motlheng wa rona, le mororo mo dinageng tsa boboatsatsi diphologolo tsa naga di bolaile batho. Mo nakong e e tlang, di ka nna tsa bolaya le e leng ba le bantsi go feta fa mafatshe a ka kgakgabadiwa ke ntwa kana batho ba bopamisiwa thata ke leuba mo ba sa kgoneng go lwantsha diphologolo tse di tshwerweng ke tlala. Mo godimo ga seo, go na le batho ba le bantsi gompieno ba, jaaka diphologolo tse di se nang tlhaloganyo, ba nang le mekgwa e e tshwanang le ya dibatana e e fapaaneng gotlhelele le e e tlhalosiwang mo go Isaia 11:6-9. Batho bano ba ikarabelela fela thata mo go ntsifaleng mo lefatsheng lotlhe ga bokebekwa jo bo amanang le tlhakanelodikobo, polao, borukhutlhi, le go thuntshiwa ga dibomo mo lefatsheng la segompieno. (Bapisa Esekiele 21:31; Baroma 1:28-31; 2 Petere 2:12.) Mopalami wa pitse ya bonè le ene o gapa ba ba bolawang ke batho bano. Tota, ntlhakgolo ya pono ya polelelopele eno e lebega e le gore mopalami wa pitse e tshetlha o bolaya setho ka tshoganetso ka ditsela tse dintsi.

31. Go sa kgathalesege ditshenyo tse di bakiwang ke bapalami ba pitse e khunou, e ntsho, le e tshetlha, ke ka ntlha yang fa re ka kgothatsega?

31 Tshedimosetso e e senolwang ke go kanololwa ga sekano sa ntlha sa tse nnè e a re gomotsa ka gonne e re ruta gore re se ka ra felelwa ke tsholofelo ka ntlha ya ntwa, tlala, bolwetse, le dilo tse dingwe tse di bakang loso lwa tshoganetso tse di ntsifetseng fela thata gompieno; le gone ga re a tshwanela go itlhoboga ka gonne baeteledipele ba batho ba reteletswe ke go rarabolola mathata a gompieno. Fa maemo a lefatshe a bontsha sentle gore bapalami ba pitse e khunou, e ntsho, le e tshetlha ba tsamaya kgakala, re se lebale gore Mopalami wa pitse e tshweu ke ene wa ntlha go palama. Jesu ke Kgosi, mme o setse a fentse mo a kgonneng go leleka Satane kwa magodimong. Diphenyo tsa gagwe tse dingwe di akareditse go phuthela ga gagwe bana ba Iseraele wa semoya ba ba setseng le boidiidi jo bogolo jwa merafe yotlhe, ba ba leng dimilione, go falola pitlagano e kgolo. (Tshenolo 7:4, 9, 14) O tshwanetse go palama go fitlhela a wetsa phenyo ya gagwe.

32. Ke eng se se diragalang fa go kanololwa sekano sengwe le sengwe sa tsa ntlha tse nnè?

32 Go kanololwa ga sengwe le sengwe sa dikano tse nnè tsa ntlha go nnile ga salwa morago ke pitso e e reng: “Tla!” Nako le nako, go ne go tlhaga pitse le mopalami wa yone ka potlako. Go simolola ka sekano sa botlhano, ga re tlhole re utlwa pitso eo. Mme bapalami bao ba dipitse ba sa ntse ba di palame, mme ba tla nna ba patakela ka tsone go kgabaganya bofelo jwa tsamaiso ya dilo. (Bapisa Mathaio 28:20.) Jesu o senola ditiragalo dife tse dingwe tse dikgolo jaaka a kanolola dikano tse tharo tse di setseng? Go na le ditiragalo dingwe tse batho ba sa kgoneng go di bona ka matlho. Tse dingwe, le fa di bonala, ke tse di tla diragalang mo nakong e e tlang. Le fa go le jalo, go diragadiwa ga tsone go a tlhomamisega. A re boneng gore ke dife.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore “mosadi” wa Tshenolo 12:1 o rwele “serwalo sa dinaledi di le lesome le bobedi” sa tshwantshetso.

b Go bona bosupi jo bo tletseng jwa gore Jesu o ne a tsaya Bogosi jwa gagwe ka 1914, bona tsebe 215-18 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ka Basupi ba ga Jehofa.

c Le mororo baranodi ba bantsi ba ranola polelwana eno ka go re “go fenya” (Revised Standard Version, The New English Bible, King James Version) kana “a ikaeletse go fenya” (Phillips, New International Version), tiriso ya modirisokeletso wa paka e e sa tlhomamang fano mo Segerikeng sa pele e tlhagisa mogopolo wa tigelo kana bofelo. Ka gone, Word Pictures in the New Testament ya ga Robertson e akgela jaana: “Paka e e sa tlhomamang [aorist] fano e kaya phenyo ya bofelofelo.”

d Bona mokwalo o o kwa tlase mo go New World Translation Reference Bible.

[Lebokoso mo go tsebe 92]

Kgosi e Palamela go Fenya

Mo dingwageng tsa bo1930 le 1940, baba ba ba neng ba sa ipone tsapa ba ne ba leka go dira gore go nne jaaka e kete bodiredi jwa Basupi ba ga Jehofa e ne e se jwa kafa molaong, gore ke jwa bokebekwa, kana le e leng jwa bosenyi. (Pesalema 94:20) Ka ngwaga wa 1936 fela, go ne ga tshwarwa ba le 1 149 kwa United States. Basupi ba ne ba seka ditsheko di le dintsi tsa semolao ba bo ba ya go fitlha le kwa Kgotlakgolong ya United States, mme tse di latelang ke dingwe tsa diphenyo tsa bone tse di tlhomologileng.

Ka May 3, 1943, Kgotlakgolo mo tshekong ya Murdock kgatlhanong le Pennsylvania e ne ya atlhola ka gore Basupi ba ne ba sa tlhoke setlankana se se ba letlelelang go tsamaisa dibuka ka madi. Ka lone letsatsi leo, katlholo ya tsheko ya ga Martin kgatlhanong le City of Struthers e ne ya atlhola ka gore e ne e se go tlola molao go letsa dibele tse di fa ditswalong fa ba le mo tirong ya go aba dipampitshana le dilo tse dingwe tsa kanamiso ka ntlo le ntlo.

Ka June 14, 1943, Kgotlakgolo mo tshekong ya ga Taylor kgatlhanong le Mississippi e ne ya atlhola ka gore Basupi ba ne ba sa kgothaletse batho go tsogela puso fa ba rera. Ka lone letsatsi leo, mo tshekong ya West Virginia State Board of Education kgatlhanong le Barnette, Kgotlatshekelo e ne ya atlhola ka gore lekgotla la sekolo le ne le se na tshwanelo ya go leleka bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba gana go dumedisa folaga. Fela mo letsatsing le le latelang, Kgotlatshekelo e Kgolo e e neng e tletse ya Australia e ne ya fedisa thibelo ya Basupi ba ga Jehofa mo nageng eo, e bolela fa seo e le “kgatelelo, go sa ikanyege le patiko.”

[Lebokoso mo go tsebe 94]

“A Newa go Tlosa Kagiso mo Lefatsheng”

Maranyane a re isa kae? The Globe and Mail, ya Toronto, kwa Canada, ya January 22, 1987, e ne ya bega se se latelang go tswa puong ya ga Ivan L. Head, mookamedi wa International Development Research Centre:

“Re batla re tlhomamisegile gore moitseanape le ramaranyane a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba banè mo lefatsheng ba ba tshwaregileng mo dipatlisisong le ditlhabololo ba tshwaragane le go dira dibetsa. . . . Go ya ka ditekanyetso tsa 1986, ditshenyegelo di nnile tse di fetang [diranta di le dimilione di le 3] motsotso mongwe le mongwe. . . . A rotlhe re bolokesegile ka ntlha ya mokgwa ono wa go tshwarega thata mo go tsa boranyane? Mabolokelo a dibetsa tsa nuklea a mebuso e megolo e nang nao a na le dithunyi tse maatla a tsone a lekanang le a dibetsa tsotlhe tse di neng di dirisiwa ke masole otlhe mo Ntweng ya Lefatshe ya Bobedi yotlhe​—a menagane ga 6 000. Dintwa tsa Bobedi tsa Lefatshe di le 6 000. Fa e sa le ka 1945, go nnile le dibeke di le kwa tlase ga tse supa tse mo go tsone lefatshe le neng le sa tshwarega mo ntweng. Go nnile le dintwa di feta 150 tsa ditšhaba di lwa le ditšhaba tse dingwe kana tsa maraganela teng a bana ba mpa, tse go fopholediwang fa di bolaile batho ba feta dimilione di le 20, bontsi jwa bone e le ka ntlha ya boranyane jo bosha jo bo runtseng mo motlheng ono wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.”

[Lebokoso mo go tsebe 98, 99]

Kafa Buka ya Tshenolo e Kwadilweng ka Teng

Ka go bo re setse re fitlhile fano mo puisanong ya rona ya buka ya Tshenolo, re simolola go bona sentle fela thata kafa buka eno e kwadilweng ka teng. Morago ga tshimologo ya yone e e tsosang kgatlhego (Tshenolo 1:1-9) go ka tsewa gore Tshenolo e kgaogantswe ka diponatshegelo di le 16 tse di latelang:

PONATSHEGELO YA 1 (1:10–3:22): Ka tlhotlheletso Johane o bona Jesu yo o galaleditsweng, yo o romelang melaetsa ya bopelonomi e e fang diphuthego tse supa kgakololo.

PONATSHEGELO YA 2 (4:1–5:14): Pono e ntle ya setulo sa bogosi sa selegodimo sa ga Jehofa Modimo. Modimo o neela Kwana lokwalo.

PONATSHEGELO YA BO-3 (6:1-17): Fa a kanolola dikano tsa ntlha tse thataro tsa lokwalo, Kwana o senola ponatshegelo e e dikarolo dintsi ya ditiragalo tse di tla diragalang ka letsatsi la Morena. Bapalami ba dipitse tse nnè ba Apokalipise ba di palame, batlhanka ba baswelatumelo ba Modimo ba amogela diaparo tse ditshweu, mme go tlhalosiwa kaga letsatsi le legolo la bogale.

PONATSHEGELO YA BO-4 (7:1-17): Baengele ba tshwere diphefo tsa tshenyo go fitlha ba ba 144 000 ba Iseraele wa semoya ba tshwaiwa. Boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo merafeng yotlhe ba bolela fa poloko e tswa kwa Modimong le kwa go Keresete mme ba phuthelwa go falola pitlagano e kgolo.

PONATSHEGELO YA BO-5 (8:1–9:21): Fa go kanololwa sekano sa bosupa, go utlwala medumo ya diterompeta tse supa, tsa ntlha tse thataro di diragala mo ponatshegelong ya botlhano. Medumo eno e merataro ya diterompeta e bolela dikatlholo tse Jehofa a atlholang setho ka tsone. Modumo wa terompeta ya botlhano le ya borataro le yone e itsise tatlhego ya ntlha le ya bobedi.

PONATSHEGELO YA BO-6 (10:1–11:19): Moengele yo o nonofileng o naya Johane lokwalonyana, go lekanngwa tempele, mme re utlwa ka se se diragalelang basupi ba babedi. E konela ka go lediwa ga terompeta ya bosupa, e e bolelang tatlhego ya boraro mo babeng ba Modimo​—Bogosi jo bo tlang jwa ga Jehofa le jwa ga Keresete wa gagwe.

PONATSHEGELO YA BO-7 (12:1-17): Eno e tlhalosa go tsalwa ga Bogosi, mo go felelang ka gore noga, e bong Satane, a latlhelwe mo lefatsheng ke Mikaele.

PONATSHEGELO YA BO-8 (13:1-18): Sebatana se se maatla se tswa mo lewatleng, mme sebatana se se dinaka di pedi jaaka kwanyana se kgothaletsa batho botlhe go se obamela.

PONATSHEGELO YA BO-9 (14:1-20): Ponelopele e ntle ya ba ba 144 000 ba le mo Thabeng ya Siona. Melaetsa ya baengele e utlwiwa mo lefatsheng, mofine wa lefatshe o a kgaolwa, mme segatisetso sa bogale jwa Modimo se a gatwa.

PONATSHEGELO YA BO-10 (15:1–16:21): Pono e nngwe ya nako e khutshwane ya kgotlatshekelo ya selegodimo, e e latelwang ke go thelwa ga megopo e e supang ya bogale jwa ga Jehofa mo lefatsheng. Karolo eno, le yone, e felela ka tlhaloso ya polelelopele ya bofelo jwa tsamaiso ya ga Satane.

PONATSHEGELO YA BO-11 (17:1-18): Seaka se segolo, e bong Babelona o Mogolo, o palame sebatana sa mmala wa bohibidu jo bo letlhololo, se se yang mo moleteng o o se nang bolekanngo ka nako e khutshwane mme se boe gape se bo se mo nyeletsa.

PONATSHEGELO YA BO-12 (18:1–19:10): Go wa le go senngwa la bofelo ga Babelona o Mogolo go a itsisiwe. Morago ga go bolawa ga gagwe, ba bangwe ba a lela, ba bangwe ba baka Jehofa; go itsisiwe ka lenyalo la Kwana.

PONATSHEGELO YA BO-13 (19:11-21): Jesu o etelela pele masole a selegodimo go ya go diragatsa katlholo ya bogale jwa Modimo mo tsamaisong ya ga Satane, mo masoleng a yone, mo go ba ba e emang nokeng; magakabe a ja ditopo tsa bone.

PONATSHEGELO YA BO-14 (20:1-10): Go tsenngwa mo moleteng o o se nang bolekanngo ga ga Satane Diabolo, Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete le dikgosikaene, teko ya bofelo ya setho le go senngwa ga ga Satane le badimona ba gagwe.

PONATSHEGELO YA BO-15 (20:11–21:8): Tsogo ya batho botlhe le Letsatsi le Legolo la Katlholo; go bonala legodimo le lesha le lefatshe le lesha tse di tlelang batho ba ba siameng ka masego a bosakhutleng.

PONATSHEGELO YA BO-16 (21:9–22:5): Tshenolo e konelwa ka ponatshegelo e ntle ya Jerusalema o Mosha, mosadi wa ga Kwana. Thulaganyo ya Modimo ya go fodisa le botshelo mo sethong di elela go tswa motseng oo.

Tshenolo e digela ka mafoko a a omosang pelo a tumediso le kgakololo e e tswang kwa go Jehofa, Jesu, moengele, le kwa go Johane ka boene. Mongwe le mongwe o lalediwa go twe “Tla!”​—Tshenolo 22:6-21.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela