Kgaolo 17
Go Duelwa ga “Meya Ya ba Ba Neng ba Bolawa”
1. Re tshela mo lobakeng lofe, mme ke eng se se bontshang seno?
BOGOSI jwa Modimo bo a busa! Mopalami wa pitse e tshweu o tloga a wetsa phenyo ya gagwe! Pitse e khunou, pitse e ntsho, le pitse e tshetlha di patakela go kgabaganya lefatshe! Kwantle ga pelaelo, dipolelelopele tsa ga Jesu malebana le go nna gone ga gagwe ga segosi di a diragadiwa. (Mathaio, dikgaolo 24, 25; Mareko, kgaolo 13; Luke, kgaolo 21) Ee, re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. (2 Timotheo 3:1-5) Ka ntlha ya moo, a re eleng tlhoko fela thata jaaka Kwana, e bong Jesu Keresete, a kanolola sekano sa botlhano sa lokwalo loo. Jaanong ke tshenolo efe gape e re tlogang re kopanela mo go yone?
2. (a) Johane o ne a bona eng fa sekano sa botlhano se kanololwa? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go gakgamadiwa ke go bala kaga sebeso sa ditlhabelo sa tshwantshetso se se kwa legodimong?
2 Johane o tlhalosa pono e e amang maikutlo jaana: “Mme e rile a bula sekano sa botlhano, ka bona kafa tlase ga sebeso meya ya ba ba neng ba bolawa ka ntlha ya lefoko la Modimo le ka ntlha ya tiro ya go supa e ba kileng ba bo ba e dira.” (Tshenolo 6:9) Seo ke eng? A ke sebeso sa ditlhabelo kwa legodimong? Ee! Ke la ntlha Johane a umaka sebeso. Le fa go le jalo, o setse a kaile kafa Jehofa a ntseng ka teng a le mo setulong sa Gagwe sa bogosi, ditšheruba tse di mo dikologileng, lewatle la galase, dipone, le bagolwane ba ba 24 ba ba tshotseng maswalo—tsotlhe tseno di tshwana le dipopego tsa motlaagana wa selefatshe, felo ga boitshepo ga ga Jehofa mo go neng go le kwa Iseraele. (Ekesodo 25:17, 18; 40:24-27, 30-32; 1 Ditiragalo 24:4) A mme go tshwanetse go re gakgamatsa go bona sebeso sa tshwantshetso sa ditlhabelo le sone se le kwa legodimong?—Ekesodo 40:29.
3. (a) Kwa motlaaganeng wa bogologolo wa Bajuda, meya e ne e tshelwa “kwa tlase mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang” jang? (b) Ke ka ntlha yang fa Johane a ne a bona meya ya basupi ba ba neng ba bolailwe kafa tlase ga sebeso sa tshwantshetso se se kwa legodimong?
3 Kafa tlase ga sebeso seno go na le “meya ya ba ba neng ba bolawa ka ntlha ya lefoko la Modimo le ka ntlha ya tiro ya go supa e ba kileng ba bo ba e dira.” Seno se kaya eng? Eno e ka se ka ya bo e le meya e e duleng mo mebeleng—e e tshwanang le e baheitane ba Bagerika ba neng ba dumela mo go yone. (Genesise 2:7; Esekiele 18:4) Go na le moo, Johane o itse gore moya, kana botshelo, bo tshwantshediwa ke madi, le fa baperesiti kwa motlaaganeng wa Bajuda ba ne ba bolaya phologolo e e neng e ntshiwa setlhabelo, ba ne ba kgatšha madi a yone “go dikologa mo sebesong” kana ba a tshololele “kwa tlase mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang.” (Lefitiko 3:2, 8, 13; 4:7; 17:6, 11, 12) Ka jalo he, moya wa phologolo o ne o amana thata le sebeso sa ditlhabelo. Mme ke ka ntlha yang fa meya, kana madi, a batlhanka bano ba Modimo a bonwa kafa tlase ga sebeso sa tshwantshetso kwa legodimong? Ka gonne loso lwa bone lo lebiwa jaaka lwa go intsha setlhabelo.
4. Ke ka tsela efe loso lwa Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya eleng lwa go intsha setlhabelo?
4 Eleruri, botlhe ba ba tsalwang go nna bomorwa Modimo ba semoya ba swa loso lwa go intsha setlhabelo. Ka ntlha ya seabe se ba tla nnang le sone mo Bogosing jwa ga Jehofa jwa kwa legodimong, ke go rata ga Modimo gore ba latlhe ba bo ba ntshe setlhabelo tsholofelo epe fela ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng. Ka tsela eno, ba ineela go swela bolaodi jwa ga Jehofa loso lwa go intsha setlhabelo. (Bafilipi 3:8-11; bapisa 2:17.) Go ntse jalo ka tsela ya mmatota ka ba Johane a neng a ba bona kafa tlase ga sebeso. Ke batlodiwa bao e rileng ba sa ntse ba tshela ba bolawa ka ntlha ya go tlhagafalela bodiredi jwa bone mo go tshegetseng Lefoko la ga Jehofa le bolaodi jwa gagwe. ‘Meya ya bone e bolaetswe lefoko la Modimo ka ntlha ya tiro ya go supa (mar·ty·riʹan) e ba kileng ba bo ba e dira.’
5. Ke jang meya ya baikanyegi, le mororo e sule, e lelelang go lefediwa?
5 Pono eo e a tswelela: “Mme ya goa ka lentswe le le kwa godimo, ya re: ‘Morena Molaodimogolo yo o boitshepo le yo o boammaaruri, o tla ithiba go atlhola le go busolosa madi a rona mo go ba ba nnang mo lefatsheng go fitlha leng?’” (Tshenolo 6:10) Meya ya bone, kana madi, a ka lelela go lefediwa jang, e re ka Baebele e bontsha gore baswi ga ba ikutlwe? (Moreri 9:5) Ebu, a madi a ga Abele wa mosiami ga a ka a lela morago ga fa Kaine a sena go mmolaya? Jehofa ka nako eo o ne a raya Kaine a re: “O dirileng? Reetsa! Madi a ga monnao a goela kwa go nna go tswa mo mmung.” (Genesise 4:10, 11; Bahebera 12:24) Go ne go sa reye gore madi a ga Abele a ne a bua ka tsela ya mmatota. Go na le moo, Abele o ne a sule a se na molato, mme e ne e le tshiamiso gore yo o mmolaileng a otlhaiwe. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete bao ba baswelatumelo ga ba na molato, mme go ya ka tshiamiso ba tshwanetse go lefediwa. (Luke 18:7, 8) Selelo sa tefetso se segolo ka gonne diketekete tse dintsi tsa batho ba sule ka tsela eo.—Bapisa Jeremia 15:15, 16.
6. Ke go tshololwa ga madi afe a a se nang molato mo go neng ga lefediwa ka 607 B.C.E.?
6 Seemo seo gape se ka tshwantshanngwa le sa Juda wa motlhanogi fa Kgosi Manase a ne a tsaya setulo sa bogosi ka 716 B.C.E. O ne a tsholola madi a a se nang molato a le mantsi, gongwe a ba a ‘fatoganya’ moperofeti Isaia. (Bahebera 11:37; 2 Dikgosi 21:16) Le mororo Manase a ne a ikotlhaya moragonyana a ba a fetoga, molato oo wa madi o ne wa nna wa mo ngaparela. Ka 607 B.C.E., fa Bababelona ba ne ba senya bogosi jwa Juda, “e ne e le fela ka taelo ya ga Jehofa gore go bo go diragetse kgatlhanong le Juda, go e tlosa mo ponong ya gagwe ka ntlha ya maleo a ga Manase, go ya ka sotlhe se a neng a se dirile; gape ka ntlha ya madi a a se nang molato a a neng a a tsholotse, gore a tlatse Jerusalema ka madi a a se nang molato, mme Jehofa a se ka a dumela go itshwarela.”—2 Dikgosi 24:3, 4.
7. Ke mang yo totatota a leng molato wa go tsholola “madi a baitshepi”?
7 Fela jaaka mo metlheng ya Baebele, jalo le gompieno bontsi jwa batho ka sebele ba ba neng ba bolaya basupi ba Modimo ba ka tswa ba sa bolo go swa. Mme phuthego e e dirileng gore ba bolaelwe tumelo ya bone e sa ntse e le teng e bile e na le molato wa madi. Ke phuthego ya ga Satane ya selefatshe, losika lwa gagwe lwa selefatshe. Karolo e e kwa godimo ya yone ke Babelona o Mogolo, eleng mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka.a O tlhalosiwa “a tagilwe ke madi a baitshepi le ke madi a basupi ba ga Jesu.” Ee, “go ne ga fitlhelwa madi a baporofeti le a baitshepi mo go ene le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” (Tshenolo 17:5, 6; 18:24; Baefeso 4:11; 1 Bakorintha 12:28) A molato o mogolo wa madi! Fa fela Babelona o Mogolo a sa ntse a le teng, madi a ba a ba bolaileng a tla lelela tshiamiso.—Tshenolo 19:1, 2.
8. (a) Ke ditiragalo dife tsa go swela tumelo tse di neng tsa diragala fa Johane a sa ntse a tshedile? (b) Ke dipogiso dife tse di neng tsa tlhotlhelediwa ke babusi ba Roma?
8 Johane ka boene o ne a iponetse ka matlho go bolaelwa tumelo mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa Noga e e setlhogo le losika lwa gagwe lwa selefatshe ba ne ba bololela go ya go tlhabana le phuthego e e neng e gola ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Johane o ne a bone Morena wa rona a bapolwa a bile a iponetse go bolawa ga ga Setefane, ga ga morwarraagwe e bong Jakobe, le ga ga Petere, Paulo, le ditsala tse dingwe tsa gagwe tse dikgolo. (Johane 19:26, 27; 21:15, 18, 19; Ditiro 7:59, 60; 8:2; 12:2; 2 Timotheo 1:1; 4:6, 7) Ka 64 C.E., Mmusimogolo wa Roma e bong Nero o ne a pega Bakeresete melato e ba neng ba sa e dira, a re ba jele motse ka molelo, a timetsa kgang ya gore ke ene yo o neng a le molato. Raditiragalo Tacitus o bega jaana: “[Bakeresete] ba ne ba bolawa ka go sotlwa; ba bangwe ba ne ba apesiwa matlalo a dibatana tsa naga mme go tswa foo ba gagoganngwe ke dintša, ba bangwe ba ne ba [bapolwa],b ba bangwe ba ne ba tshubiwa ka molelo ba dirwa dipone tsa go bonesa bosigo.” Pogiso e nngwe e e neng ya lerwe ke Mmusimogolo Domitian (81-96 C.E.) e ne ya feleletsa ka gore Johane a lelekelwe kwa setlhaketlhakeng sa Patamose. Fela jaaka Jesu a ne a bolela: “Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.”—Johane 15:20; Mathaio 10:22.
9. (a) Ke leano lefe le legolo la tsietso le Satane a neng a le simolola mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E., mme lone ke karolo e kgolo ya eng? (b) Babusi bangwe ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba tshwara Basupi ba ga Jehofa jang ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I le II?
9 Ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E., noga eo ya bogologolo, Satane Diabolo, o ne a setse a simolotse leano la gagwe le legolo la tsietso, e leng tumelo ya botlhanogi ya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete—tsamaiso ya Sebabelona e go neng go itshengwa gore ke ya “Bokeresete.” Ke karolo ya konokono ya losika lwa Noga mme jaanong e na le makoko a le mantsi a a sa dumalaneng. Fela jaaka Juda yo o sa ikanyegeng wa bogologolo, dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di na le molato o mogolo wa madi, ka go bo di ne di tseneletse thata mo matlhakoreng oo mabedi mo Ntweng ya Lefatshe I le II. Babusi bangwe ba sepolotiki ba dikereke tseno tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba ba ba dirisa dintwa tseno jaaka seipato sa go bolaya batlhanka ba ba tloditsweng ba Modimo. Fa e bega ka pogiso ya ga Hitler mo Basuping ba ga Jehofa, buka ya ga Friedrich Zipfel e e bidiwang Kirchenkampf in Deutschland (Go Tlhabana ga Dikereke mo Jeremane) e tlhalosa jaana: “Nngwe tharong ya bone [Basupi] ba ne ba bolawa, e ka ne e le ka taolo ya semolao, ditiro tse dingwe tsa bosetlhogo, tlala, bolwetse kana bokgoba. Ditiro tseno tsa bosetlhogo e ne e le sa ntlha di diragala mme e ne e le ka ntlha ya tumelo e e tiileng e e neng e sa dumalane ka gope le megopolo ya National Socialistic.” Ee, go buiwa ka dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, go akareletsa le baperesiti ba tsone ga twe: “Mo dintlheng tsa diaparo tsa gago go fitlhetswe matshwao a madi a meya ya ba ba humanegileng ba ba se nang molato.”—Jeremia 2:34.c
10. Ke dipogiso dife tse di neng tsa tlela makawana mangwe a boidiidi jo bogolo mo mafatsheng a mantsi?
10 Fa e sa le ka 1935 makawana a a ikanyegang a boidiidi jo bogolo ba itshoketse dipogiso tse di botlhoko mo mafatsheng a le mantsi. (Tshenolo 7:9) Le eleng fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e fela mo Yuropa, mo toropong e le nngwe Basupi ba ga Jehofa ba babotlana ba le 14 ba ne ba bolawa ka go kalediwa. Molato wa bone e ne e le eng? E ne e le go gana go “ithuta ntwa gape.” (Isaia 2:4) Bosheng fela jaana, makawana mangwe mo mafatsheng a Botlhaba le mo Afrika ba ile ba itewa go fitlha ba swa kana ba bolawa ka go thuntshiwa ka baka la kgang yone eno. Baswelatumelo bano ba basha, e leng baemanokeng ba ba tshwanelegang ba bomonnawe Jesu ba ba tloditsweng, ruri ba tla tsogela mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng.—2 Petere 3:13; bapisa Pesalema 110:3; Mathaio 25:34-40; Luke 20:37, 38.
Seaparo se se Telele se Sesweu
11. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba swetseng tumelo ba amogela “seaparo se se telele se sesweu” ka tlhaloganyo efe?
11 Morago ga moaposetoloi Paulo a sena go kwala kaga tumelo ya babolokabothokgami ba metlha ya bogologolo, o ne a re: “Mme le fa go ntse jalo bano botlhe, le mororo go ne ga neelwa bosupi ka ga bone ka tumelo ya bone, ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga tsholofetso, e re ka Modimo a ne a re bonelapele sengwe se se botoka, gore ba se ka ba itekanedisiwa kwantle ga rona.” (Bahebera 11:39, 40) “Sengwe se se botoka” seo ke eng se Paulo le Bakeresete ba bangwe ba ba tloditsweng ba se lebeletseng? Johane o se bona fano mo ponatshegelong: “Mme mongwe le mongwe wa yone wa newa seaparo se se telele se sesweu; mme ya bolelelwa gore e ikhutse ka lobakanyana, go fitlha go tladiwa le palo ya batlhankammogo le yone le bomorwarraayone ba ba neng ba tloga ba bolawa fela jaaka le yone e bolailwe.” (Tshenolo 6:11) Go amogela ga bone “seaparo se se telele se sesweu” go amana le gore ba tsosediwa mo losong go nna ditshedi tse di sa sweng tsa semoya. Ga ba tlhole ba rapaletse jaaka meya e e bolailweng kafa tlase ga sebeso, mme ba tsosediwa go nna karolo ya setlhopha sa bagolwane ba ba 24 ba ba obamelang fa pele ga setulo sa bogosi sa selegodimo sa Modimo. Koo, ka namana ba neilwe ditilo tsa bogosi, mo go bontshang gore ba neetswe ditshiamelo tsa segosi. Mme ba apere “diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu,” mo go kayang gore ba atlholetswe tshiamo, ba tshwanelwa ke boemo jo bo tlotlegang fa pele ga ga Jehofa mo kgotlatshekelong eo ya selegodimo. Seno gape ke tiragatso ya tsholofetso eo Jesu a neng a e solofetsa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba phuthego ya Saredisa: “Yo o fenyang o tla apesiwa diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu.”—Tshenolo 3:5; 4:4; 1 Petere 1:4.
12. Ke ka tsela efe batlodiwa ba ba tsositsweng mo losong ‘ba ikhutsang ka lobakanyana,’ mme go fitlha leng?
12 Bosupi jotlhe bo bontsha gore tsogo eno ya selegodimo e simologile ka 1918, morago ga fa Jesu a sena go bewa mo setulong sa bogosi ka 1914 le go palamela go simolola phenyo ya gagwe ya segosi ka go tlosa Satane le badimona ba gagwe kwa legodimong. Le fa go le jalo, batlodiwa bao ba ba tsositsweng mo losong ba tewa go twe ba “ikhutse ka lobakanyana, go fitlha go tladiwa le palo ya batlhankammogo.” Ba setlhopha sa Johane ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba tshwanetse go supa bothokgami jwa bone fa ba lekwa le fa ba bogisiwa, mme bangwe ba bano ba sa ntse ba ka nna ba bolawa. Le fa go le jalo, kwa bokhutlong madi otlhe a basiami a a tsholotsweng ke Babelona o Mogolo le dinyatsi tsa gagwe tsa sepolotiki a tla lefediwa. Mo nakong eno, ba ba tsositsweng kwantle ga pelaelo ba tshwaregile mo ditirong tsa selegodimo. Ba itapolositse, e seng ka go nna kwa ga mothakga, mme e leng gore ka bopelotelele ba letetse letsatsi la pusoloso ya ga Jehofa. (Isaia 34:8; Baroma 12:19) Go itapolosa ga bone go tla khutla fa ba iponela ka matlho go senngwa ga bodumedi jwa maaka mme, jaaka “ba ba biditsweng e bile ba tlhophilwe mme ba ikanyega,” ba kopanela le Morena Jesu Keresete mo go diragatseng katlholo mo dikarolong tsotlhe tse dingwe tsa losika lwa ga Satane lo lo bosula tse di mono mo lefatsheng.—Tshenolo 2:26, 27; 17:14; Baroma 16:20.
‘Ba ba Suleng ba Tsoga Pele’
13, 14. (a) Go ya ka moaposetoloi Paulo, tsogo ya selegodimo e simologa leng, mme ke bomang ba ba tsosiwang? (b) Batlodiwa ba ba sa ntseng ba le teng mo letsatsing la Morena ba tsosediwa go ya legodimong leng?
13 Se se lemotshiwang ke go kanololwa ga sekano sa botlhano se dumalana ka botlalo le dikwalo tse dingwe tse di buang kaga tsogo ya selegodimo. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Gonne seno ke se re se lo bolelelang ka lefoko la ga Jehofa, gore rona batshedi ba re tshelang go fitlha kwa go nneng gone ga Morena ga re na go etelela pele ba ba robetseng mo losong ka gope; ka gonne Morena ka boene o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi wa taelo, ka lentswe la moengele yo mogolo le ka terompeta ya Modimo, mme ba ba suleng ba le seoposengwe le Keresete ba tla tsoga pele. Morago ga moo rona batshedi ba re tshelang, mmogo le bone, re tla phamolelwa kwa marung go kgatlhantsha Morena mo moyeng; mme ka gone re tla nna le Morena ka metlha.”—1 Bathesalonika 4:15-17.
14 A bo ditemana tseno di bolela polelo e e kgothatsang jang ne! Bomonnawe Jesu ba ba tloditsweng ba ba tla bong ba sa ntse ba le teng mo go nneng gone ga ga Jesu, ke go re, ba ba sa ntseng ba tshedile mo lefatsheng mo nakong eno ya go nna gone ga gagwe, ba etelelwa pele go ya kwa legodimong ke ba ba setseng ba sule. Bao, ba ba swetseng mo go Keresete, ba tsoga pele. Jesu o a fologa, ke go re, o lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa go bone, a ba a ba tsosetsa kwa botshelong jwa semoya, a ba naya “seaparo se se telele se sesweu.” Morago ga moo, ba ba tla bong ba sa ntse ba tshedile e le batho ba digela tirelo ya bone ya selefatshe, bontsi jwa bone ba bolawa ka bosetlhogo ke baganetsi. Le fa go ntse jalo, ga ba robale mo losong jaaka ba ba ba eteletseng pele ba ne ba dira. Go na le moo, fa baa swa, ba fetolwa ka bonako—“ka ponyo ya leitlho”—ba tsholelediwa kwa legodimong go ya go nna le Jesu le malokokabone a mmele wa ga Keresete. (1 Bakorintha 15:50-52; bapisa Tshenolo 14:13.) Ka gone, tsogo ya Bakeresete ba ba tloditsweng e simologa fela morago ga bapalami ba banè ba dipitse ba Apokalipise ba simolola go palama ga bone.
15. (a) Go kanololwa ga sekano sa botlhano go lerile mafoko afe a a molemo? (b) Go palama ga Mofenyi wa pitse e tshweu go fitlha kwa setlhoeng sa gone jang?
15 Go kanololwa ga sekano seno sa botlhano sa lokwalo go neetse babolokabothokgami ba ba tloditsweng ba ba fentseng ka boikanyego, go ya fela kwa losong, dikgang tse di molemo. Mme ga go neele Satane le losika lwa gagwe dikgang dipe tse di molemo. Go palama ga Mofenyi yo o palameng pitse e tshweu go tswelela pele kwantle ga go kgaotsa mme go fitlha kwa setlhoeng sa gone ka nako ya go ikarabelela ga lefatshe leo ‘le le namaletseng mo maatleng a yo o boikepo.’ (1 Johane 5:19) Seno se phepafadiwa ke fa Kwana a kanolola sekano sa borataro.
[Dintlha tse di kwa tlase]
[Lebokoso mo go tsebe 102]
‘Meya ya ba ba neng ba bolawa’
Cyclopedia ya ga McClintock le Strong e nopola John Jortin, Moporotesetanta wa Moesemane wa lekgolo la bo18 la dingwaga, yo batsadi ba gagwe e neng e le ba French Huguenot, a re: “Kwa pogiso e simologang gone, Bokeresete bo a fela . . . E ne ya nna morago ga Bokeresete bo sena go tlhongwa jaaka bodumedi jwa mmuso wa [Roma], le morago ga fa baruti ba jone ba sena go kgobelelwa madi a mantsi le tlotlo, bosula jo bo boitshegang jwa pogiso bo neng jwa nonofa fela thata, mme jwa tsenya tlhotlheletso ya jone e e kotsi mo tumelong ya Efangele.”
[Setshwantsho mo go tsebe 103]
“Mme mongwe le mongwe wa yone wa newa seaparo se se telele se sesweu”