O ka Bona Kae Dikarabo?
MOKGELE o le mongwe wa bodumedi ke go ruta ka boikaelelo jwa botshelo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba lemogile gore keletso ya bone ya semoya ga ya kgotsofadiwa ke dithuto tsa madumedi a bone. Denise yo o godisitsweng e le Mokatoliki, o gakologelwa jaana: “Katekasima ya Baltimore e akaretsa potso e e reng: ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a re bopile?’ mme e bo e araba ka gore, ‘Modimo o re bopile go bontsha kafa a leng molemo ka gone le gore re itumele le ene ka bosakhutleng kwa legodimong.’”
Denise o ne a tswelela jaana: “Seo ga se a ka sa dira gore ke tlhaloganye sentle lebaka la go bo ke le mono. Fa e le gore ke letetse fela go ya legodimong, ke tshwanetse go dira eng mo lefatsheng fa ke ntse ke letile?” Go na le batho ba le bantsi ba ba ikutlwang jaaka Denise. Patlisiso nngwe e ile ya fitlhela gore peditharong ya batho ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba dumela gore bontsi jwa dikereke le disinagoge ga di kgone go thusa batho gore ba bone boikaelelo jwa botshelo.
Ka ntlha ya seo, ba le bantsi ba batla dikarabo go sele—mo go saense kgotsa mo mefuteng e e farologaneng ya difilosofi e e jaaka humanism (tumelo ya gore batho ba ka kgona go tshela ka boitumelo kwantle ga bodumedi) nihilism (tumelo ya gore botshelo ga bo na mosola le gore ditekanyetso tsa batho ga di thuse ka sepe) le existentialism (mokgatlho o o dumelang mo filosofing ya gore lobopo ga lo na bokao bope jo bo botlhokwa kgotsa boikaelelo mme batho ba tshwanetse go ikarabelela sengwe le sengwe se se diragalang mo matshelong a bone). Ke ka ntlha yang fa batho ba nnela go batla le fa go bonala ba le bantsi ba sa kgone go bona kgotsofalo?
Batho Ba na Le Keletso ya Dilo Tsa Semoya ka Tlholego
Dr. Kevin S. Seybold a re ke “boikutlo jo go bonalang batho botlhe ba nang le jone jwa go batla go obamela sengwe.” Mo dingwageng tsa bosheng jaana baitsesaense ba ile ba swetsa ka gore, totatota batho ka tlholego fela ba batla bokao jo bo kwa teng jwa botshelo. Tota e bile, bangwe ba dumela gore bosupi jwa dijini le jwa tsela e motho a dirang dilo ka yone bo bontsha gore batho ba na le keletso ya tlholego ya go batla go nna le kamano le maatla mangwe a a kwa godimo.
Le fa gone bakanoki le batlhalefi ba ganetsana ka kgang ya gore batho ba na le keletso ya go batla dilo tsa semoya, bontsi jwa batho ga ba tlhoke batlhalefi go ba bolelela gore batho ba na le keletso eo. Ke keletso eo ya rona ya semoya e e dirang gore re ipotse dipotso dingwe tse di botlhokwa tse di jaaka: Ke ka ntlha yang fa re le mono? Re tshwanetse go dira eng ka matshelo a rona? A re ikarabelela fa pele ga Mmopi yo o maatlaotlhe?
Fa o ka ipha nako ya go sekaseka ka kelotlhoko dilo tsa tlholego tse di go dikologileng, o tla bona dikarabo dingwe tsa dipotso tseno. Ka sekai, akanya ka dilo dingwe tse di raraaneng thata tsa tlholego, go tloga ka ditshedinyana tse di nang le sele e le nngwe go ya go losagaripa lo lo bokgakala jwa sekgala se lesedi le ka se tsamayang dingwaga di le dimilione. A ga di re bolelele gore go na le Motlhami kgotsa Mmopi yo o botlhale thata? Baebele ya re: “Gonne dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo, mo e leng gore ga ba na seipato.”—Baroma 1:20.
Kgotsofatsa Dilo Tse o di Tlhokang mo Semoyeng
Baebele e bolela jaana malebana le kafa batho ba bopilweng ka teng: “O bile o tsentse bosakhutleng mo megopolong ya bone.” (Moreri 3:11, Byington) Re na le keletso e re tshotsweng ka yone ya go batla go tshela, e seng go swa. Keletso e re tshotsweng re na le yone ke ya go batla go itse bokao jwa botshelo, go batla dikarabo tsa dipotso.
Tota e bile, go batla dikarabo ke karolo ya go nna motho. Fa mokwadi mongwe wa The Wall Street Journal a se na go bona se batho ba se fitlheletseng mo go tsa saense le mo go tsa botegeniki, o ne a kwala jaana: “Re sa ntse re setse ka dipotso tsa gore re bomang le gore goreng re le gone le gore re ya kae.” Ka botlhale, re tla batla dikarabo go tswa mo motsweding o o molemolemo. Fa Baebele e bua ka motswedi oo ya re: “[Modimo] ke ene a re dirileng, e seng rona ka borona.”—Pesalema 100:3.
A ga go utlwale gore re batle go ikaega ka ene yo o dirileng dikgakgamatso tse di ntseng jalo tsa popo gore a re kgotsofatse ka dilo tse re di tlhokang semoyeng? Jesu Keresete o ne a akantsha gore re dire jalo. O ne a lemoga gore ke Motswedi wa botshelo fela—Mmopi wa rona—yo o kgonang go re kgotsofatsa ka dilo tse re di tlhokang semoyeng.—Pesalema 36:5, 9; Mathaio 5:3, 6.
Ga go na pelaelo gore go bona karabo e re ka e ikanyang malebana le potso e e reng Ke ka ntlha yang fa re le mono? go botlhokwa gore dilo tse re di tlhokang semoyeng di kgotsofadiwe. Tsweetswee ela tlhoko boikutlo jo bo lapolosang jwa Mmopi wa rona malebana le kgang eno.