LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/08 ts. 3-4
  • Ke ka Ntlha Yang Fa re Le Mono?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang Fa re Le Mono?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba ba Botsang Potso Eno
  • Loeto lo lo Atlegileng mo Botshelong
  • O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
  • A Botshelo Bo na Le Bokao Bope Jwa Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A o Tla Ikanyega Jaaka Elija?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 12/08 ts. 3-4

Ke ka Ntlha Yang Fa re Le Mono?

Bokao jwa botshelo ke eng?

MO GODIMO ga dipotso tse gantsi batho ba di botsang, ba le bantsi ba ka botsa e nngwe gape: A re ka lebelela se se fetang go tshela fela lobaka lo lo khutshwane lwa dingwaga di le 70 kgotsa 80 mme morago ga foo re bo re swa?—Pesalema 90:9, 10.

Gongwe re ipotsa dipotso tse di ntseng jalo thata fa re lemoga kafa tota botshelo jwa rona bo leng bokhutshwane ka gone. Gone mme, ga re tlhoke go lebana le seemo se se tshosang gore re tle re botse potso ya gore ke ka ntlha yang fa re le mono. Go kgobega marapo le gone go ka dira gore re ipotse potso eno. Mme bangwe ba ipotsa yone fa ba ntse ba akanya kafa botshelo jwa bone bo ntseng ka teng.

Dave o ne a na le tiro e e mo duelang sentle le folete e ntle mme e bile o ne a itumelela go iketla le ditsala tsa gagwe tse dintsi. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke ya gae ke tswa phathing bosigo bongwe fa potso eno e tla mo mogopolong wa me ‘A seno ke sone fela se botshelo e leng sone?—A ke tla tshela ka lobakanyana fela mme go tswa foo ke bo ke swa? Kgotsa a go na le sengwe se se fetang seo?’ Se se neng se ntshwenya thata e ne e le kafa botshelo jwa me bo neng bo se na bokao ka teng ka nako eo.”

Mo bukeng ya gagwe ya Man’s Search for Meaning, Viktor Frankl o ne a bolela gore bangwe ba batho ba jaaka ene ba ileng ba falola Go Gailwa ga Batho ke Banasi ba ne ba ipotsa potso e e ntseng jalo fa ba sena go gololwa mo dikampeng tsa pogisetso. Fa bangwe ba bone ba boela gae, ba ne ba fitlhela batho ba ba ba ratang ba sule. Frankl o ne a kwala jaana: “A bo e le maswabi jang ne mo mothong yo e reng fa kgabagare a bona ditoro tsa gagwe di nna boammaaruri a bo a fitlhela gore go farologane gotlhelele le se a neng a se lebeletse!”

Batho ba ba Botsang Potso Eno

Potso e e reng ke ka ntlha yang fa re le mono e tlwaelegile mo dikokomaneng tsotlhe. Baebele e bolela ka batho ba ba batlang go itse bokao jwa botshelo jwa bone. Fa monna mongwe e bong Jobe, a sena go latlhegelwa ke khumo ya gagwe le bana ba gagwe, le ka nako ya fa a ne a itshoketse bolwetse jo bo botlhoko, o ne a botsa jaana: “Ke ka ntlha yang ke ne ke sa swe fa ke tswa mo sebopelong? Ke ka ntlha yang ke ne ke sa tswe mo mpeng mme ka swa?”—Jobe 3:11.

Moporofeti Elija le ene o ne a ikutlwa jalo. Ka nako ya fa a ne a ikutlwa e le moobamedi wa ga Jehofa a le nosi, o ne a ngongorega jaana: “Go lekane! Jaanong tlhe Jehofa, tsaya moya wa me, gonne ga ke botoka mo go borremogologolwane.” (1 Dikgosi 19:4) Boikutlo jo bo ntseng jalo bo tlwaelegile. Eleruri, Baebele e tlhalosa Elija jaaka “motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.”—Jakobe 5:17.

Loeto lo lo Atlegileng mo Botshelong

Gantsi botshelo bo tshwantshiwa le loeto. Fela jaaka o ka kgona go simolola loeto o sa itse gore o tla felela kae, o ka kgona go tshela botshelo jwa gago o sa bone boikaelelo jwa mmatota mo go jone. Fa o ka dira jalo, o itsenya mo kotsing ya se mokwadi yo o tumileng e bong Stephen R. Covey a reng ke “go tshwarega mo botshelong.” O ne a kwala ka batho ba ba “iphitlhelang ba na le diphenyo tse di se nang mosola, katlego e e ileng ya dira gore ba latlhegelwe ke dilo tse ka tshoganyetso ba neng ba lemoga gore di ne di le botlhokwa thata mo go bone go gaisa katlego eo.”

A ga o dumalane le kgang ya gore go oketsa lobelo fa re le mo loetong go ka se re thuse ka sepe fa e le gore ga re ye kwa ntlheng e e siameng? Ka mo go tshwanang, go batla bokao jwa botshelo ka go oketsa fela “tsela e re tshwaregileng ka yone” go tla dira fela gore re ikutlwe re sa kgotsofala go na le gore re bone kgotsofalo ya mmatota.

Go batla go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa re le mono go tlwaelegile mo bathong ba dingwaga tsotlhe le ba ditso tsotlhe. Go bakwa thatathata ke keletso e rotlhe re nang le yone, keletso ya semoya e e ka nnang ya se ka ya kgotsofadiwa le fa re sena go bona dilo tse di bonalang tse re di tlhokang. Akanya kafa bangwe ba ileng ba leka go kgotsofatsa keletso eno ka gone fa ba ntse ba batla go itse gore boikaelelo jwa botshelo ke eng.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Go batla bokao jwa botshelo ka go oketsa fela “tsela e re tshwaregileng ka yone” go tla dira fela gore re ikutlwe re sa kgotsofala go na le gore re bone kgotsofalo ya mmatota

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Jobe o ne a ipotsa gore ke ka ntlha yang fa a ne a tsholwa

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Elija o ne a na le “maikutlo a a tshwanang le a rona”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela