Lebaka La go Bo re Le Mono
BAEBELE e bontsha gore Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo, ga a ke a dira dilo a se na lebaka. Ka sekai, akanya ka modikologo wa metsi o a o dirileng o o dirang gore re kgone go tshela mo lefatsheng. Baebele e o tlhalosa ka tsela ya poko le e e nepileng fa e re: “Dinoka tsotlhe di thelegela kwa lewatleng, le fa go ntse jalo lewatle ga le a tlala, felong kwa dinoka di yang gone, di be di ye gone gape.”—Moreri 1:7, Baebele e e Boitshepo.
Baebele e tshwantsha go ikanyega ga ditsholofetso tsa Modimo le modikologo o o tlhalositsweng. Jaaka re itse gompieno, mogote wa letsatsi o dira gore metsi a mawatle, a dinoka le a matsha a mowafale, mme moragonyana a bo a boela mo lefatsheng e le pula. Jehofa o dira gore re akanye ka modikologo ono mme a bo a tlhalosa jaana: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:10, 11.
Metsi a a phepa a boela mo lefatsheng go tswa kwa marung go dira gore re kgone go tshela mo lefatsheng. Ka tsela e e tshwanang, “lefoko le le tswang mo molomong wa [Modimo]” le kgona go re thusa mo botshelong jwa rona jwa semoya. Go ntse jaaka Jesu Keresete ka boene a ne a tlhalosa: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.”—Mathaio 4:4.
Go ithuta ka Modimo go dira gore re kgone go dira gore matshelo a rona a tsamaisane le maikaelelo a gagwe. Le fa go ntse jalo, pele ga re ka dira jalo, re tshwanetse go tlhaloganya gore boikaelelo jwa Modimo ke eng. Ka sekai, ke ka ntlha yang fa Modimo a dirile lefatshe? Mme maikaelelo a gagwe malebana le lefatshe a re ama jang? Mma re bone.
Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe
E re ka Modimo a batlela batho dilo tse di molemo, o ne a baya monna wa ntlha le mosadi wa ntlha e bong Adame le Efa kwa Edene, tshimo ya paradaise. Morago ga foo o ne a ba laela gore ba nne le bana ka go ba raya a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.”—Genesise 1:26-28; 2:8, 9, 15.
Re ka swetsa ka goreng go tswa mo ditaelong tseno? A ga go bontshe sentle gore Modimo o ne a batla gore lefatshe lotlhe le dirwe legae la paradaise la batho? Lefoko la gagwe le bolela jaana: “Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.”—Pesalema 115:16.
Le fa go ntse jalo, gore batho ba tle ba bone go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo jwa gore ba itumelele go tshelela ruri mo lefatsheng, ba tshwanetse go bontsha Jehofa tlotlo ka go mo ikobela. A mme Adame o ile a dira jalo? Nnyaa, o ile a leofa ka go sa utlwe Modimo. Mme ditlamorago e ne ya nna dife? Bana botlhe ba ga Adame, go akaretsa le rona rotlhe gompieno, re ile ra rua boleo le loso, fela jaaka Baebele e bolela jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.
Ka ntlha ya seo, batho botlhe ba a swa mme lefatshe ga le ise le fetolwe go nna paradaise ya lefatshe lotlhe. A mme seo se raya gore boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe bo fetogile?
Nnyaa, gakologelwa gore Modimo o ne a re: “Lefoko la me le le tswang mo molomong . . . ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela” mme “ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.” Mo godimo ga moo, Modimo o ile a solofetsa jaana: “Ke tla dira sengwe le sengwe se ke se kgatlhegelang.” (Isaia 45:18; 46:10; 55:11) Mme se Modimo a se kgatlhegelang—boikaelelo jwa gagwe—ke gore lefatshe leno lotlhe e nne paradaise e mo go yone go tla nnang batho ba ba tla mo direlang ka bosakhutleng le ka boitumelo jaaka a ne a ikaeletse mo tshimologong.—Pesalema 37:29; Isaia 35:5, 6; 65:21-24; Tshenolo 21:3, 4.
Boikaelelo Jwa Modimo bo Tla Diragadiwa Jang?
Jehofa o ne a bontsha botlhale le lorato lwa gagwe lo lo sa tshwaneng le lwa ga ope ka go dira gore batho ba gololwe mo boleong jo ba bo ruileng le ditlamorago tsa gone—bosaitekanelang mme kgabagare loso. O ile a dira seno ka go dira gore go kgonege gore morwawe a tsholwe a sena boleo jo batho botlhe ba bo ruileng mo mothong wa ntlha e bong Adame. Thulaganyo eno e bidiwa thekololo e e ileng ya ntshiwa gore batho ba ba tshwanelegang ba tle ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Mathaio 20:28; Baefeso 1:7; 1 Timotheo 2:5, 6) Thekololo e ne ya ntshiwa jang?
Moengele wa ga Jehofa e bong Gabariele o ne a itsise mosadi wa kgarebana yo o bidiwang Marea ka tsela e e gakgamatsang e a tla tsholang ngwana ka yone, a tlhalosa kafa ngwana a tla tsholwang ka teng le fa a ne a ‘sa tlhakanela dikobo le monna.’ Kgakgamatso e Modimo a neng a e dira e ne e le ya go fetisetsa botshelo jwa Morwawe wa leitibolo go tswa kwa boemong jwa gagwe jwa kwa legodimong go tsena mo seleng ya lee mo teng ga sebopelo sa ga Marea. Ka tsela eo, o ne a ima ka ntlha ya moya o o boitshepo wa Modimo.—Luke 1:26-35.
Jesu o ne a tsholwa dikgwedi di le robongwe moragonyana e le motho yo o itekanetseng, yo o lekanang le motho wa ntlha e bong Adame. Fa nako e ntse e ya, o ne a kgona go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng ka go swa loso lwa setlhabelo. Ka go dira jalo, Jesu o ne a nna ‘Adame wa bobedi’ mme ka tsela eo a thaya motheo o batho botlhe ba ba ikanyegang mo Modimong ba ka kgonang go rekololwa ka one mo boleong le mo losong. —1 Bakorintha 15:45, 47.
Ka gone, lorato lo logolo lono lo Modimo a lo re bontshitseng lo tshwanetse go re ama! Jaaka Baebele e bolela, “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Potso ke gore, Re tla tsibogela jang lorato lwa Modimo? A ga ya tshwanela go nna ka go anaanela mpho ya gagwe? Akanya ka dikai tsa bangwe ba ba ileng ba bontsha kanaanelo e e ntseng jalo.
Go Nna le Botshelo jo bo Nnang le Bokao
Denise, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a fitlhela gore go tlotla Modimo ka go ikobela melao ya gagwe le ditaelo tsa gagwe go dirile gore botshelo jwa gagwe bo nne le bokao. O anela jaana: “Ke ile ka ithuta mo Baebeleng gore mo godimo ga gore Modimo a bo a na le boikaelelo ka batho, go na le tiro e kgethegileng e a batlang gore batho ba ba mo obamelang ba e dire. Ga ke kgone go akanya ka botshelo jo bongwe jo bo ka kgotsofatsang kwantle ga jwa gore ke dirise kgololesego ya go itlhophela e a e nneileng gore ke mmake ka go tshela tumalanong le boikaelelo jwa gagwe.”
Le rona re ka dira se se tshwanang ka go ithuta gore go rata ga Modimo ke eng mme go tswa foo re bo re go dira. Gone ke boammaaruri gore ga re ise re solegelwe molemo ka botlalo ke setlhabelo sa thekololo se se tla dirang gore re kgone go nna le botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng le lesha la tshiamo. Mme fa re ntse re letile seo, go potlakile gore re kgotsofatse keletso e re nang le yone e Modimo a e tsentseng mo go rona ya go batla dilo tsa semoya.
Dave, yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono, ke mongwe yo o ileng a kgona go bona kgotsofatso ya keletso eo. O ne a bona dikarabo tsa dipotso tse di malebana le bokao jwa botshelo. A re: “Fa ke leba kwa morago, ke bona botshelo jwa me jwa pele ga fa ke ithuta ka boikaelelo jwa Modimo e le matsapa a mantsi a bophiri. Ka nako eo ke ne ke sa itse, mme go ikutlwa ke le lolea jalo e ne e le ka go bo ke ne ke na le keletso ya dilo tsa semoya e e neng e sa kgotsofadiwa. Gone jaanong, le ka motlha ga nke ke nna le boikutlo joo. Ke tlhaloganya lebaka la go bo ke le mono le gore ke tshwanetse go dira eng ka botshelo jwa me.”
Ee, go farologana le megopolo ya batho ba ba sa itekanelang, tsela e Modimo a lebang bokao jwa botshelo ka yone jaaka e tlhalosiwa mo Baebeleng ke sengwe se se kgotsofatsang tota. Re mono ka ntlha ya boikaelelo jo Jehofa a re dirileng ka jone—gore re bake leina la gagwe, re nne le kamano e e molemo le ene mme ka tsela eo, re kgotsofatse keletso ya rona ya dilo tsa semoya. Re ka kgona go itumelela go diragadiwa ga mafoko ano a a tlhotlheleditsweng gompieno le ka bosakhutleng: “Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!”—Pesalema 144:15.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]
BOTHATA JWA GO BOGA
Go boga go boletswe fa e le nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tsa go tlhaloganya lebaka la go bo re le mono. Viktor Frankl o ne a bolela jaana: “Fa e le gore tota botshelo bo na le bokao, he, go tshwanetse ga bo go na le lebaka la go bo re boga. Go boga ke nngwe ya dilo tse go sa kgonegeng gore di tlosiwe mo botshelong fela jaaka go ntse ka taolelogale le loso.”
Baebele e tlhalosa lebaka la go bo re boga le go swa. Ga se Modimo a go bakang. Go na le moo, dilo tseno ke ditlamorago tsa tshwetso e e kotsi e banyalani ba ntlha ba ileng ba e dira mo botshelong jwa bone ya go sa batle go laolwa ke Mmopi wa bone. Tlwaelo eno ya boleo e ile ya ruiwa ke bana ba bone botlhe mme ke modi wa go boga ga batho.
Le fa gone go tlhaloganya lebaka la go bo re le mono go sa rarabolole mathata otlhe a botshelo, go re thusa gore re kgone go lepalepana le one. Mme gape, re newa tsholofelo ka isagwe, nako e ka yone Modimo a tla bong a fedisitse go boga le loso ka bosakhutleng.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Baebele e bapisa tsela e ditsholofetso tsa Modimo di ikanyegang ka yone le modikologo o o gakgamatsang wa metsi
[Setshwantsho]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Pula
Go mowafala
Go mowafala
Matsha, dinoka
Mawatle
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore fa nako e ntse e ya, lefatshe le tla nna paradaise e e tletseng ka batho ba ba itumetseng ba ba nang le botsogo jo bo siameng?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
‘Ga ke kgone go akanya ka botshelo jo bongwe jo bo kgotsofatsang jo bo gaisang jwa go dirisa kgololesego ya me ya go itlhophela gore ke e dirisetse go direla Modimo.’—Denise