A Batho ba ka Tlhomamisega Ka Isagwe e e Itumedisang?
O sa tswa go tsena mo ntlong e e agilweng ka ditena e e bonalang e nonofile e bile e le ntle. Ke selo se o sa bolong go se batla. Isagwe ya gago e bonala e le ntle! Mme mo dingwageng di se kae fela, ntlo e simolola go nna le mathata a a masisi mme e tshwanetse go thubiwa. O hutsa-fetse thata. Mme seno ga se diragalele wena fela. Go nnile le mathata a a tshwanang le mo matlong a mangwe mo lefelong le o nnang mo go lone. Dipatlisiso di bontsha gore mathata ano a bakilwe ke go bo dipolane tsa kago di ne di sa dirwa sentle mme le ditena di ne di sa siama.
FELA jaaka ntlo eo, lefatshe le aparetswe ke mathata a magolo. Le fa go dirilwe diphetogo tse dikgolo mo setšhabeng le mo go tsa dipolotiki e bile go nnile le kgatelopele e e gakgamatsang mo go tsa saense le tsa botegeniki, go bonala fa setšhaba ka bosone se phutlhama. Mo dinageng di le dintsi, tlolomolao le tlhakatlhakano ke dilo tse di tlwaelegileng. A batho ba tla tlhoma puso e e siameng e e tla nnelang ruri ka ntlha ya go tlhoafalela go rarabolola mathata a bone? Akanya ka se baeteledipele bangwe ba ileng ba se bolela malebana le rekoto ya batho ya nako e e fetileng.
“Re Lekile Sengwe le Sengwe”
Ka maiteko a go batla go dira lefatshe lefelo le le botoka, batlhalefi go simolola ka mofilosofi wa Mogerika e bong Plato go fitlha ka mofilosofi wa dipolotiki e bile e le mososhialise wa Mojeremane e bong Karl Marx, ba ile ba akantsha ditsela tse di farologaneng tsa puso. Matswela e nnile eng? Setlhogo sengwe mo lokwalopakeng lwa New Statesman se ne sa bolela jaana: “Ga re a fedisa khumanego kgotsa go tlhoma lefatshe le le nang le kagiso. Go na le moo, go bonala re dirile se se farologaneng thata le seo. Mme ga se gore ga re a dira maiteko. Re lekile sengwe le sengwe, go tloga ka bokomonisi go fitlha ka bokapitalisi; go tloga ka lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba go fitlha ka letsholo la go kokoanya dibetsa tsa nuklea. Re lwele ‘dintwa tse dintsi thata gore re tle re fedise dintwa.’” Setlhogo seo se ne sa tswelela ka gore: “Re ne ra simolola lekgolo la [bo20] la dingwaga re tlhagafetse re akanya gore baitsesaense ba tla re boloka mme re feleletsa re sa dumele sepe se ba se buang.”
Ka 2001 Eric Hobsbawm yo e kileng ya bo e le porofesa wa tsa ikonomi le hisitori ya batho kwa London University o ne a kwala gore dithulaganyo tsa dipolotiki tsa batho “di lebana le nako e mo go yone dilo tse batho ba di dirang di amang thata dilo tsa tlhago le lefatshe.” Go rarabolola kgotsa go fokotsa mathata ano “go tla tlhokega gore go tsewe dikgato, e seng ka go bona tshegetso ya diboutu tsa batho kgotsa go bona gore batho ba rata eng. Seno ga se kitla se thusa mo go fitlheleleng dilo tse di tla nnelang ruri mo pusong ya batho ka batho kgotsa tse di tla thusang lefatshe.”
Stephen Hawking yo e leng moitse wa fisikisi ya thutadinaledi yo o tumileng e bile e le mokwadi wa maemo a a kwa godimo o ne a botsa jaana fa a bona masetlapelo a batho ba lebaneng le one: “Batho ba ka kgona jang go tswelela ba tshela dingwaga tse dingwe di le 100, mo lefatsheng leno le le tlhakatlhakaneng mo go tsa dipolotiki, tsa loago le tsa tikologo?”
Ke Eng fa Rekoto ya Batho ya go Atlega e Hutsafatsa Jaana?
Ke Baebele fela e e tlhalosang ka tsela e e kgotsofatsang lebaka la go bo batho ba palelwa thata jaana go ipusa. Sa ntlha, Baebele e re naya tshekatsheko e e nepileng ya seemo sa batho. Ka sekai, akanya ka dintlha tseno tse nnè tse di boammaaruri tsa konokono.
Rotlhe ga re a itekanela.“Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Fela jaaka diphoso tse di leng mo diteneng di ka dira gore kago e nne bokoa kgotsa e we, go sa itekanelang go batho ba go ruileng go iponatsa ka ditsela tse di ka nnang tsa dira gore setšhaba se nne bokoa. Ditsela tseo di akaretsa tlwaelo ya boferefere, go sa ikanyege, bogagapa le go dirisa maatla ka tsela e e sa tshwanelang. Seno ga se selo se sesha. Mo e ka nnang dingwaga di le dikete di le tharo tse di fetileng, mokwadi mongwe yo o botlhale wa Baebele o ne a bolela jaana: “Motho [o laotse] motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.”—Moreri 8:9.
Baeteledipele ba puso le ba molao ba amogela lebaka la go bo re sa itekanela le gore re bokoa mme ba leka go dirisana le seo ka go tlhoma melao e mentsi. Mme ba dira jalo ba itse sentle gore ba ka se ka ba tlhoma melao e e pateletsang batho gore ba ratane kgotsa gore ba ikobele melao.
Rotlhe re a swa. “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene. Moya wa gagwe [kgotsa maatla a gagwe a botshelo] o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.” (Pesalema 146:3, 4) Kgosi Solomone wa kwa Iseraele ya bogologolo yo go tsewang e ne e le mongwe wa babusi ba ba botlhale thata yo o kileng a tshela, o ne a bona kafa matsapa a gagwe a ka nnang a felela e le a lefela ka teng. O ne a kwala jaana: “Mme nna, e leng nna, ke ne ka tlhoa tiro yotlhe ya me ya bonatla e ke neng ke e dira ka natla kafa tlase ga letsatsi, e ke neng ke tla e tlogelela motho yo o neng a tla nna teng morago ga me. Mme ke mang yo o leng teng yo o itseng gore a o tla nna botlhale kgotsa seeleele? Le fa go ntse jalo o tla laola tiro yotlhe ya me ya bonatla e ke neng ka e dira ka natla . . . Seno le sone ke lefela.”—Moreri 2:18, 19.
Re ka se ka ra kgona go ipusa sentle.“Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Le fa re ne re ka bo re itekanetse, Baebele e ruta gore go ya ka boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong, batho ga ba na tshwanelo e ba e filweng ke Modimo ya go busa e bile ba ka se kgone go ipusa ka tsela e e siameng. Ka sekai, ke ka ntlha yang fa batho ba tenwa ke go akanya fela ka gore motho yo mongwe kgotsa setlhopha se se rileng sa batho se ba bolelela gore ba dire eng kgotsa ba ba tlhomela melao ya boitsholo? Karabo ke gore: Re bopilwe ka tsela ya gore re batle go kaelwa mo botshelong ke mongwe yo o nang le taolo e e kwa godimo ga rona. Motho yo o nang le taolo e e ntseng jalo ke Modimo.—Isaia 33:22; Ditiro 4:19; 5:29.
Batho ba tlhotlhelediwa ke mmusi yo o sa bonaleng. “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Fa e le gore batho ba ba kwa godimo mo khampaning ba ne ba le boferefere ka mo go feletseng—e bile go se na ope yo o ka ba sekisang—mmereki yo o tlwaelegileng o ne a ka dira eng go baakanya dilo? Tota ga go na sepe se a ka se dirang. Go ntse jalo le ka go rarabolola mathata a tota a bakwang ke babusi ba ba sa bonaleng ba lefatshe leno—dibopiwa tse di bosula tsa moya tse di leng kafa tlase ga taolo ya ga Satane. Baebele e tlhalosa babusi bao e le “dipuso,” “balaodi,” “babusi ba lefatshe ba lefifi leno,” le “mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.”—Baefeso 6:12.
Le fa go ntse jalo, Baebele ga e senole fela go palelwa ga batho le babusi ba lefatshe ba ba sa bonaleng. E re naya gape le dikgang tse di molemo tsa tharabololo ya mmatota ya mathata a rona otlhe, mme ka tsela eo e re naya lebaka le le utlwalang la go nna le tsholofelo.
Mmopi wa Rona o Tla re Namola!
Fa re ne re ka tlogelwa gore re itharabololele mathata a rona, le ka motlha re ne re ka se ka ra bona tharabololo. Tota le e leng motho yo o botlhale thata, yo o maatla kgotsa yo o humileng thata a ka se ka a kgona go fetola le fa e le nngwe fela ya dintlha tse nnè tse di boammaaruri tse di umakilweng mo setlhogong seno.a Mme jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se latelang, Mmopi wa rona ga a re lebala e bile ga a re tlogela. Tota e bile, jaaka Molaodimogolo yo o tshwanetseng wa lefatshe, o tla tlosa sekgoreletsi sengwe le sengwe se se kgoreletsang boitumelo jwa rona. (1 Johane 4:8) Mo godimo ga moo, o tla dira jalo mo bogautshwaneng. Re itse jang?
Jaaka go tlhalositswe mo kgatisong ya makasine ono wa kgwedi e e fetileng, ditiragalo tsa lefatshe le maemo a setšhaba a bontsha sentle gore re tshela mo gare ga “metlha ya bofelo” ya lefatshe leno la gompieno. (2 Timotheo 3:1; Mathaio 24:3-7) Nnyaa, bokhutlo bo ka se tle ka tsela ya masetlapelo a nuklea kgotsa e le go thulana ga dipolanete dingwe kgotsa ka tsela nngwe e e tla nyeletsang batho ba ba siameng le ba ba sa siamang e sa tlhophe. Go na le moo, e tla bo e le fa Modimo a tsaya kgato kgatlhanong le batho ba ba boikepo, go akaretsa le ba ba ntseng ba ganelela mo go rotloetseng bolaodi jwa batho. (Pesalema 37:10; 2 Petere 3:7) Ka nako e tshwanang, Modimo o tla fedisa go boga gotlhe go go bakilweng ke baganetsi ba ba ntseng jalo ba Modimo.b —2 Bathesalonika 1:6-9.
Morago ga foo, Mmopi o tla rarabolola bothata jwa rona jwa puso ka go neela puso e go tweng ke “bogosi jwa Modimo” taolo e e feletseng mo lefatsheng. (Luke 4:43) Jaaka fa re tla tloga re bona, puso eo ya lefatshe e dira gore re lebe isagwe ka tsela e e farologaneng gotlhelele.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “A go Direla Batho Molemo go Tla Rarabolola Mathata?” mo tsebeng ya 19.
b Potso e e reng “Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letleletse Pogo?” e sekasekiwa mo tsebeng ya 106 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
“DITENA” TSE DI NANG LE DIPHOSO E LENG SETŠHABA SA BATHO
◼ Rotlhe ga re a itekanela.
◼ Re a swa.
◼ Re ka se ka ra kgona go ipusa sentle.
◼ Batho ba tlhotlhelediwa ke mmusi yo o sa bonaleng.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
BATHO BA KA SE KA BA SENYA LEFATSHE!
Baebele e tshegetsa thata boikaelelo jwa Mmopi jwa go dira gore lefatshe le nne lefelo le le babalesegileng le le le nang le kagiso mo bathong ba ba boifang Modimo. Akanya ka ditemana tse di latelang.
“O thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.”—Pesalema 104:5.
“O tlhomamisitse lefatshe ka thata, gore le nne le eme.”—Pesalema 119:90.
“Kokomana e a tsamaya, e bile kokomana e a tla; mme lefatshe le eme ka bosakhutleng.”—Moreri 1:4.
“Lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.
“[Jehofa ke] Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone, Ene Yo o le tlhomamisitseng thata, yo o sa le bopelang lefela, yo o le bopetseng go nniwa.”—Isaia 45:18.