LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/08 ts. 3
  • Lebaka La go Bo ba Le Bantsi ba Itlhoboga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo ba Le Bantsi ba Itlhoboga
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Diragalang ka Maemo a Bosa?
    Tsogang!—2003
  • Maemo a Bosa a a Fetofetogang le Bokamoso Jwa Rona—Baebele e a Reng ka Kgang Eno
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • A ke Matshwao a Mathata?
    Tsogang!—2008
  • Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego E a Re go Tloga go Nna Bosigogare
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 5/08 ts. 3

Lebaka La go Bo ba Le Bantsi ba Itlhoboga

Go na le diphetogo tse di tshosang go ralala lefatshe tse di dirang gore batho ba boife isagwe. Mo ditoropong di le dintsi, go na le dikhamera tse di nnang di beile baagi leitlho. E re ka go boifiwa dirukhutlhi, mafelo a le mantsi a boemadifofane a setse a tshwana le dikampa tsa masole. Dipalo tse di oketsegang tsa magodu le batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba fenyenkolola Internet gore ba tle ba bone batho ba ba ka ba tlhaselang ba ba sa ba lebelelang. Fa go tla mo kgannyeng ya tikologo, kgotlelo, go rengwa ga ditlhare, go nyelela ga ditshedi le go gotela ga moya o o mo loaping ke dilo tse di tshosetsang botshelo mo nakong e e tlang mo polaneteng ya rona.

LE FA gone dilo tseno di ka tswa di ne di ka utlwala e le tse di ka se kang tsa direga mo nakong ya dikokomana tse pedi kgotsa tse tharo tse di fetileng, gompieno ke dilo tse di tshwenyang mongwe le mongwe mo lefatsheng. Go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba ipotsa gore go diragala eng ka lefatshe le gore bone le bana ba bone ba lebanwe ke botshelo jo bo ntseng jang. A go tla nna le nako eo ka yone batho ba tla bong ba boifa thata go palama bese, terena kgotsa sefofane. E re ka ditlhwatlhwa di nnela go tlhatloga mme le makgetho a a duelelwang didirisiwa tse di mo lefatsheng le one a tlhatloga, a kokomana ya nako e e tlang e tla kgona go nna le madi a a lekaneng go duelela kalafi e e molemo, dijo tse di siameng le a setukisi se se lekaneng?

Mookamedi mongwe wa tsa boitekanelo wa kwa Canada o ne a bolela jaana malebana le go tlhatloga ga madi a go duelela ditshenyegelo tsa kalafi: “Isagwe e lebega e tshosa fela thata.” Mme e bile, batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka ditlhwatlhwa tsa dijo le ditukisi. Ka ntlha yang? E le gore dinaga dingwe di kgone go fokotsa tsela e di ikaegileng thata ka yone ka ditukisi tse di tlwaelegileng, di dirisa madi a mantsi go nna le setukisi se se jaaka ethanol se se tswang mo dijalong. Ka jalo, e le ka lekgetlho la ntlha mo hisitoring, lefatshe le le ntshang dikungwa le tshwanetse go di ntsha go tlamela batho ka dijo le go thusa dipalangwa ka setukisi. Go tlhatloga ga ditlhwatlhwa le gone go setse go bonala mo mading a a duelelwang dijo.

Mme ka nako e e tshwanang, pharologano e e leng fa gare ga bahumanegi le bahumi e ntse e oketsega mme seo se oketsa dikgogakgogano tsa ditšhaba. Pego nngwe ya Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo ya re: “Mo dingwageng tseno tsa ntlha tse di lesome tsa lekgolo la bo21 la dingwaga, go ile ga dirwa kgatelopele e kgolo mo boitekanelong jwa batho mme ka nako e tshwanang go nnile le tlhaelo e kgolo. Mo go dingwe tsa dinaga tse di humanegileng thata batho ba tshela sebaka sa sephatlo fela fa go bapisiwa le nako e batho ba ba kwa dinageng tse di humileng thata ba tshelang ka yone.” Seno se bakiwa thata ke malwetse le tlhakatlhakano mo setšhabeng le mo go tsa itsholelo mo mafelong a seemo sa dipolotiki se sa tlhomamang gone.

Mo godimo ga mathata ano otlhe, akanya ka go gotela ga moya o o mo loaping o o ka nnang wa dira gore mafelo a mantsi e nne dikaka le gore maemo a bosa a nne maswe le go feta. Mme ga go gakgamatse fa batho ba tlhobaela ka isagwe. Bulletin of the Atomic Scientists e e leng yone e tlhomang nako ya se go tweng ke Tshupanako ya Tshenyego, e ne ya bontsha fa e boifa gore ga go na isagwe e e itumedisang “e re ka baitsesaense ba nna ba ntse ba bona gore [go gotela ga moya o o mo loaping] go ama dikarolo dingwe tsa tikologo e e raraaneng ya Lefatshe.”

A ditsholofelo tsa rona di lolea ka tsela e di lebegang di le ka yone? A tsholofelo e le yosi fela e re nang le yone ya go nna le isagwe e e itumedisang e ikaegile ka baeteledipele ba kgwebo, ba dipolotiki, ba bodumedi le ba saense? Bangwe ba ka nna ba bolela gore, ‘Ke eng se sengwe se re ka ikaegang ka sone?’ ‘Ke rona re ipaketseng mathata ano ka jalo, re tshwanetse go a rarabolola.’ Batho ba bangwe ba akanya gore batho ba ka se kgone le e seng go rarabolola mathata a rona mme tsholofelo e le yosi fela e re nang le yone ya go nna le isagwe e e itumedisang ke go ikaega ka Modimo. Fa e le gore go ntse jalo, ke eng se se re tlhomamisetsang gore Modimo o a re kgatlhegela, gore o tla re thusa gore re se ka ra inyeletsa? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dipotso tseno.

[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 3]

A tsholofelo e le yosi e re nang le yone ya go nna le isagwe e e itumedisang e ikaegile ka baeteledipele ba kgwebo, ba dipolotiki, ba bodumedi le ba saense?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela