Isagwe e e Babalesegileng Kafa Tlase ga Puso ya Modimo
GO ISE go ye kae ditlhobaelo tsa rona ka isagwe di tla bo di fedile, ka gonne Modimo o tla laola polanete ya Lefatshe ka go tlhoma puso ya gagwe e e bidiwang Bogosi jwa Modimo. Jesu Keresete o ne a akantse ka isagwe e e ntseng jalo fa a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.
Bogosi jwa Modimo bo ka se ka jwa dirisana le e leng go dirisa baeteledipele ba batho ba dipolotiki. Go na le moo, bo tla fedisa puso epe fela ya batho, jaaka go bontshitswe mo boporofeting jo bo latelang jwa ga Daniele jo bo buang ka ‘metlha ya bofelo’ nako e re tshelang mo go yone. (2 Timotheo 3:1) “Mme mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. . . . Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Mafoko ao ga a neye batho ba ba ratang puso ya batho tsholofelo epe, mme botlhe ba ba batlang bolaodi jwa Modimo jo bo tla busang ka Bogosi jwa gagwe ba itumelela tsholofelo eo.
Isagwe e e Itumedisang!
Fa Bogosi jwa Modimo bo busa mo lefatsheng lotlhe, babusiwa ba jone ba tla bo ba sa kgaoganngwa ke dipolotiki, morafe, bodumedi kgotsa melelwane ya mafelo a ba nnang mo go one. Go na le moo, ba tla bopa bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jo mo go jone ba kopanngwang ke boammaaruri ka ga Modimo le lorato lwa mmatota. (Johane 13:34, 35; 17:3, 17) Ee, kafa tlase ga puso ya Bogosi “mosiami o tla tlhoga,” mme go tla nna “le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng.”—Pesalema 72:7.
Mo godimo ga dilo tseno, Bogosi jwa Modimo bo tla thusa batho ba ba kutlo go nna le boitekanelo mo mogopolong le mo mmeleng, bo fedise malwetse otlhe, go boga le loso. (Tshenolo 21:3, 4) Matswela e tla nna eng? Polanete ya rona e tla nna paradaise ka mo go feletseng, mme ka tsela eo boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong jo a neng a bo tlhalosa kwa Edene bo diragadiwe.a —Genesise 1:28.
Dikgang Tse di Molemo Tse e Leng Tsone Fela Tsa Mmatota
Fa Jesu a ne a tlhalosa sesupo sa gagwe se se nang le dikarolo tse dintsi sa “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” o ne a akaretsa karolo e e botlhokwa e re tlhokang go e ela tlhoko. (Mathaio 24:3-7) O ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.
Tumalanong le go rata ga Modimo, ka 2007 Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang dimilione di le supa mo dinageng di le 236 ba ne ba bolelela baagelani ba bone ka molaetsa wa Bogosi, ka boitumelo ba dirisitse diura tse di fetang dibilione di le 1,4 tsa nako ya bone mo tirong eno. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba tlhomamisegile thata jaana ka ditsholofetso tse di mo Baebeleng? Karabo e motlhofo. Jaaka setlhogo se se latelang se tla tlhalosa, ka metlha Modimo o diragatsa se a se buileng.—Baroma 3:4.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo sa “Baebele ya Reng: A Lefatshe Le Tla Nna Paradaise?” mo tsebeng ya 10.
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 7]
Baebele ya re go tla nna le “letlotlo la kagiso”