O ne O ka Reng?
Tlhalosa Setshwantsho seno
1. Mo pegong e e kwadilweng mo go Mathaio 25:31-46 ke mang yo o bidiwang “Morwa motho”?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mathaio 16:13-17.
․․․․․
2. Ke eng se se bontshang gore motho e tla nna nku kgotsa podi?
․․․․․
3. Ke eng se se diragalelang dinku le dipodi?
․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke bomang ba ba bidiwang ka mo go kgethegileng go twe ke “bomorwarre”? O ka dirang go ba thusa?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno, o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 3 Basotli ba tla reng mo metlheng ya bofelo? 2 Petere 3:․․․
TSEBE 7 Tshenyego ya tshoganyetso e tla tla leng? 1 Bathesalonika 5:․․․
TSEBE 20 Ke ka ntlha yang fa tlhogo ya lelapa e tshwanetse go tlamela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang? 1 Timotheo 5:․․․
TSEBE 28 Re tshwanetse ra eletsa go itshwara jang? Bahebera 13:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Ke Mang yo e Leng Karolo ya Losika Lwa ga Jesu?
Akanya ka dintlha tse di ka go thusang go bona dikarabo. Lebelela ditemana tsa Baebele. Mme o kwale maina a a tshwanetseng mo meleng eno.
4. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Ke rraa-gwemogolo wa ga Aborahame.
Bala Genesise 11:24-26.
5. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Ke ne ka fuduga le lelapa la me go tswa kwa motseng wa Ure go ya kwa nageng ya Kanana.
Bala Genesise 11:31.
6. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Jehofa o ne a fetola leina la me ka go bo a ne a re ke tla nna “rra boidiidi jwa ditšhaba.”
Bala Genesise 17:5.
◼ Dikarabo di mo tsebe 19
Dikarabo Tsa Dipotso Tse Di Mo Tsebeng Ya 31
1. Jesu.
2. Tsela e a tshwarang bomorwarraagwe Jesu ba semoya ka yone.
3. Dinku di newa botshelo jo bo sa khutleng; dipodi di isiwa kwa tshenyegong ya bosakhutleng.
4. Nahore.—Luke 3:34.
5. Tera.—Luke 3:34.
6. Aborahame.—Luke 3:34.