Go Fenya go Tshwenyega Thata mo Maikutlong ga Basha
BAITHUTI ba ba dirang khoso ya go ithuta Seesemane kwa Mexico ba ne ba kopiwa gore ba baakanyetse polelo e e buang ka setlhogo sengwe le sengwe se ba se itlhophetseng. Maritza o tlhalosa jaana: “Go ne go na le nako nngwe e ke neng ke na le bothata jono jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Mme metseletsele ya ditlhogo tsa ‘Go Thusa Basha ba ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong’ tse di mo go Tsogang! ya September 8, 2001, di ne tsa nthusa. Ka jalo, ke ne ka dirisa tshedimosetso e e mo makasineng mme ke ne ka newa maduo a mantle tota mo polelong eo. Morago ga moo ke ne ka naya baithuti le barutabana khopi ya metseletsele ya ditlhogo tsa makasine oo.”
Morago ga dingwaga di le pedi fa Maritza a ne a le mo bodireding jwa Bokeresete, o ne a etela moithuti mongwe yo o neng a dira khoso e e tshwanang le e a neng a e dira ya Seesemane. Se se neng sa gakgamatsa Maritza ke fa moithuti yono a mmontsha khopi ya metseletsele ya Tsogang! e e buang ka ditlhogo tsa go tshwenyega thata mo maikutlong ga basha. Go ne go lebega fa morutabana a e rata thata jaana mo a bileng a naya mongwe le mongwe wa baithuti ba gagwe khopi ya ditlhogo tseno!
Tshedimosetso e e oketsegileng ka go tshwenyega mo maikutlong ga basha e ka bonwa mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Dikgaolo tsa yone di akaretsa ditlhogo tse di jaaka “Ke Ka Ntlhayang Fa ke Sa Ithate?,” “Ke Ka Ntlhayang Fa Pelo Ya me E Nna Botlhoko mo go Kana Kana?” le “Ke ka Dira Jang Gore ke Seka ka Jewa ke Bodutu?” O ka kopa khopi ya gago ya buka eno ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e bontshitsweng kgotsa kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
□ Kwantle ga go ipofa ke kopa khopi ya buka e e bontshitsweng fano.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.