O ne O ka Reng?
Toro e ne e Bolela Eng?
Bala pego ya Baebele e e kwadilweng mo go Daniele 2:25-45, mme o bo o araba dipotso tse di kafa tlase.
1. Setshwantsho se dirilwe ka dimetale dife tse nnè?
․․․․․
․․․․․
․․․․․
․․․․․
2. Dimetale tseo di emela eng?
․․․․․
3. Go direga eng ka setshwantsho?
․․․․․
4. Ke eng se se nnang mo boemong jwa setshwantsho mme se nna nako e e kana kang?
․․․․․
․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Pego eno e bontsha jang gore Daniele e ne e le monna yo o bori? Fa o dira tiro sentle kana o na le bokgoni ka tsela nngwe, ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go nna bori?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno, o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 8 Ke eng se banyalani ba tshwanetseng go itlhaganelela go se dira? Baefeso 4:․․․
TSEBE 9 Ke eng se banyalani ba tshwanetseng go se ela tlhoko? Bafilipi 2:․․․
TSEBE 11 Modimo o laela batlhanka ba gagwe gore ba tile eng? Duteronome 18:․․․
TSEBE 21 Fa mosha a sa nne moutlwi fela mme a nna modiri, o tla nna eng? Jakobe 1:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Ke Mang yo e Leng Karolo ya Losika Lwa ga Jesu?
Akanya ka dintlha tse di ka go thusang go bona dikarabo. Lebelela ditemana tsa Baebele. Mme o kwale maina a a tshwanetseng mo meleng eno.
5. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Setlogolo sa me se ne sa nna kgosi ya bobedi ya Iseraele.
Bala 1 Samuele 16:13, 14; 1 Ditiragalo 2:12-15.
6. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Isaia o ne a porofeta gore mongwe wa ditlogolwana tsa me o tla ‘ema jaaka sesupo sa ditšhaba.’
Bala Isaia 11:10.
7. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Ke ne ke itsege ka go dira diletswa tsa mmino.
Bala 2 Ditiragalo 7:6.
◼ Dikarabo di mo tsebe 22
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Gouta, selefera, kopore, tshipi.
2. Magosi a manè.
3. Se a thubaganngwa.
4. Bogosi jwa Modimo; bo tla nnela ruri.
5. Obede.—Luke 3:31, 32.
6. Jese.—Luke 3:32.
7. Dafide.—Luke 3:31.