Go Reetsa ka Matlho a Gago
KE ENG se se ka go thusang go buisana sentle le motho yo o Bosusu? Go mo leba sentle mo matlhong le ka tsela e e tshwanetseng. O tshwanetse go dira jalo fa motho yo o Bosusu a bua. Tota e bile fa batho ba babedi ba buisana ka puo ya diatla, go tsewa e le go tlhoka maitseo fa mongwe wa bone a leba go sele mme a sa lebe yo mongwe mo matlhong. Mme o ka dira jang gore motho yo o Bosusu a go reetse? Go na le gore o bitse motho yoo ka leina, go ka nna botoka gore o mo kgome mo legetleng kana mo letsogong ka bonolo, o mo gwetlhe gore a kgone go go bona kana fa a le kgakala le wena, bolelela yo mongwe gore a mo gwetlhe gore a lebe kwa go wena. Go ikaegile ka boemo, o ka nna wa konyakonya fa fatshe kana wa tima dipone o bo o di tshube. Mekgwa eno le e mengwe e e tshwanetseng ya go dira gore a lebe kwa go wena e thusa batho ba ba Bosusu e bile ke karolo ya mokgwa o batho ba ba Bosusu ba buang ka one.
Sebofo se se Tshwaraganyang sa Puo
Bangwe, fa ba kopana le motho yo o Susu, ba ile ba swetsa fela ka phoso gore a ka kgona go ba utlwa ka go leba dipounama ka kelotlhoko. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba Bosusu ba go fitlhetse e le mokgwa o o thata wa go buisana. Gone batho ga ba tshwane, ka gonne ba bangwe ba kgona go bala puo, le fa go ntse jalo, ka kakaretso e tla bo e le go bontsha bopelonomi fa o sa ipolelele fela gore motho yono a ka kgona go go utlwa ka go lebelela dipounama tsa gago. Gongwe ka go dirisa motoloki kana wa kwala se o batlang go se bua mo pampiring go ka dira gore lo kgone go buisana sentle.
Le fa go ntse jalo, fa e le gore o kopana le batho ba ba Bosusu ka metlha, a ga go na go nna molemo go ithuta puo ya diatla? Abo seo se tla dira sebofo se se molemo jang ne, segolobogolo gareng ga ba e leng badumedimmogo! Go tshwana fela le go ithuta dilo tsa konokono tsa puo e nngwe fa go buiwa dipuo tse di farologaneng mo lefelong leo. Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go kgatlhegela go dira gore tshedimosetso e e kaga Jehofa Modimo e fitlhelele botlhe. Fa re lemoga gore batho ba ba Bosusu ba ka se kgone go ithuta go utlwa sentle, a bo go ka nna botoka jang ne fa re ka ikgolaganya le bone ka go dirisa puo ya diatla!—1 Bakorintha 9:20-22.
Antonino o bolela gore fa a ne a simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Italy ka lekgetlo la ntlha, “go ne go sa kgonege go tlotla le bakaulengwe ba ba utlwang. Ka gonne re ne re sa tlhaloganyane, ke ne ke ikutlwa ke latlhilwe.” Maloko a le mantsi a phuthego a ne a arabela ka go ithuta Puo ya Diatla ya Sentadiana. Batho ba ba Bosusu ba ba kgatlhegang ba ne ba simolola go ithuta Baebele mme dipokano di ne tsa tshwarwa ka Puo ya Diatla ya Sentadiana. Antonino o ne a kgothadiwa thata ke seno mme jaanong o eletsa “go bua le ditsala tsotlhe tsa me tsa Bosusu kaga dipokano le lorato lo logolo lo lo leng teng mo gare ga batho ba ga Jehofa.”
Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tlhoma diphuthego tse di dirisang puo ya diatla, koo batho ba ba Bosusu ba kgonang go ipelela kamano e e bothitho le e e lorato le ba bangwe. Kwa Spain ditlhopha tsa puo ya diatla tsa batho ba ba Bosusu di sa le di le teng ka dingwaga tse di fetang 20. Gone jaanong kwa United States, go na le diphuthego di le 19 tsa batho ba ba Bosusu le ditlhotshwana di le 47.
Batho ba ba Bosusu ba kgona go direla e le badiredi ba nako e e tletseng (babulatsela), batlhanka ba bodiredi le bagolwane mmogo le go neela dipuo kwa dikopanong, go ruta kwa Sekolong sa Tirelo sa Bobulatsela le go etelela pele ka ditsela tse di farologaneng. Mo maemong ano, ga go na ditlhaelo dipe, ke fela ditshono tsa go baka Jehofa ka bokgoni jo motho a nang le jone.
Go tlhoka bolekane le go buisana le ba bangwe mo re tsetsweng re na le gone go bontshiwa ka ditsela tse dintsi le ka dipuo di le dintsi go dikologa lefatshe. Go na le go bona batho ba ba Bosusu jaaka ba ba tlhaelang kana ba ba golafetseng, go ka nna botoka jang ne fa re bona diphitlhelelo, bokgoni le dinonofo tse di re dirang batho rotlhe! Ka gore re tlotle ba bangwe le go ba itlwaetsa ka go rata, rotlhe re dira gore re nne lelapa la batho ba mefuta e e farologaneng mme re le seoposengwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Fa o tlotla ka puo ya diatla, leba motho mo matlhong
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Batho ba ba Bosusu ba ipelela go direla e le badiredi ba nako e e tletseng
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go opela dipina tsa Bogosi go dirisiwa puo ya diatla ya kwa Spain
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go neela puo kwa kopanong ka Puo ya Diatla ya kwa Korea
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tsa bidio ka puo ya diatla