Puo E o E Bonang!
GO TLILE jang gore o ithute puo ya gago? Gongwe e nnile ka go utlwa ba lelapa le ditsala ba bua fa o ne o sa ntse o le lesea. Mo bathong ba le bantsi, motho o itse puo ka go e utlwa mme o e tlhalosa ka go e bua. Batho ba ba kgonang go utlwa, fa ba leka go bua sengwe, go itiragalela fela ka tlholego gore, mo megopolong ya bone, ba tlhatlologanye mafoko le dipolelo tse di buiwang pele ga ba di buela kwa ntle. Le fa go ntse jalo, fa ngwana a tsalwa a le susu, a tlhaloganyo ya gagwe e ka kgona go bopa megopolo ka tsela e nngwe? A go na le puo e e ka kgonang go fetisa dikgopolo, tse di ikakanyediwang fela kana tsa dilo tsa mmatota, e di fetisa go tswa mo mogopolong o mongwe go ya go o mongwe kwa ntle ga gore go dirwe modumo ope fela?
E a Bonwa Mme ga e Utlwiwe
Nngwe ya dikgakgamatso tse di dirwang ke tlhaloganyo ya motho ke go kgona ga rona go bua puo le go kgona go e itse. Le fa go ntse jalo, fa o sa utlwe mo ditsebeng, gantsi go ithuta puo ke kgang ya gore o dirise matlho, e seng ditsebe. Se se itumedisang ke gore motho o na le keletso eo e e maatla ya go batla go buisana le ba bangwe, e leng se se re dirang gore re kgone go fenya sepe fela se se ka bonalang e le sekgoreletsi. Tlhokego eno e dirile gore batho ba ba Bosusu ba tlhame dipuo tse dintsi tsa diatla mo lefatsheng lotlhe. Fa ba ntse ba kopana mmogo, ba tsholelwa mo malapeng a Bosusu kana ba nna mmogo mo dikolong tsa bosusu le mo gare ga batho ba e leng bosusu, seno se ne sa felela ka gore go nne le puo e e raraaneng e e bonwang ka matlho—puo ya diatla.a
Mo go Carl wa kwa United States, puo eno e ne e le mpho go tswa mo batsading ba gagwe ba ba Bosusu.b Le fa gone a tlhagile a le susu, o ne a kgona a santse a le monnye thata go kwala matshwao a dilo, a beye matshwao ano mmogo, le go tlhalosa dikgopolo tse di ka akanngwang fela a dirisa Puo ya Diatla ya kwa Amerika. Bontsi jwa masea a a Bosusu a batsadi ba bone ba ba leng Bosusu ba dirisang puo ya diatla bo simolola go dirisa puo ya diatla fa ba na le dikgwedi di le 10 go ya go di le 12. Mo bukeng ya A Journey Into the Deaf-World, go tlhalosiwa gore “baitse ba dipuo jaanong ba a lemoga gore bokgoni jwa go itse puo ka tlholego fela le go e fetisetsa kwa baneng ba gago ke selo se se nweleletseng mo bobokong. Go sa kgathalesege gore a bo bonala mo puong ya diatla kana mo puong e e buiwang.”
Sveta o tsholetswe kwa Russia mo kokomaneng ya boraro ya lelapa la Bosusu. Ene le morwarraagwe yo o Bosusu, ba ne ba ithuta Puo ya Diatla ya kwa Russia. Ka nako ya fa a ne a kwadisiwa mo keretšheng ya bana ba ba Bosusu a na le dingwaga di le tharo, o ne a setse a kgona ka tlholego fela go bua ka diatla. Sveta o dumela jaana: “Bana ba bangwe ba ba Bosusu ba ne ba sa itse puo ya diatla mme ba ne ba ithuta mo go nna.” Bana ba le bantsi ba ba Bosusu ba nnile le batsadi ba ba Utlwang ba ba sa itseng puo ya diatla. Gantsi bana ba bannye ba ba Bosusu ba ne ba ithuta puo ya diatla kwa sekolong mo baneng ba ba godileng, mme seno se ne se ba tlhofofaletsa go buisana le batho ba bangwe.
Gompieno batsadi ba le bantsi ba ba Utlwang ba ithuta go dirisa puo ya diatla le bana ba bone. Ka ntlha ya seo, basha bano ba ba Bosusu ba kgona go buisana sentle le bone le pele ga ba tsena sekolo. Go ne go ntse jalo ka Andrew wa kwa Canada yo batsadi ba gagwe ba kgonang go utlwa. Ba ne ba ithuta puo ya diatla mme ba bua le ene ka yone a sa ntse a le monnye, ba mo direla motheo o a neng a tla tswelela mo go one mo dingwageng tse di neng di tla latela. Gone jaanong lelapa lotlhe le kgona go buisana ka sengwe le sengwe ba dirisa puo ya diatla.
Batho ba ba Bosusu ba kgona go bopa megopolo, ya dilo tse di ka akanngwang fela le tse e leng tsa mmatota, kwantle ga gore ba akanye ka puo e e buiwang. Fela jaaka mongwe le mongwe wa rona a kgona go bopa megopolo ka puo ya rona, batho ba le bantsi ba ba Bosusu ba akanya ka puo ya bone ya diatla.
Dipuo Tse di Farologaneng
Mo lefatsheng lotlhe batho ba ba Bosusu ba ile ba itlhamela puo ya bone ya diatla kgotsa ba dirisa dikarolo dingwe tsa dipuo tse dingwe tsa diatla. Dingwe tsa ditsela tsa go bua tsa Puo ya Diatla ya kwa Amerika gompieno di tserwe mo Puong ya Diatla ya kwa Fora dingwaga di ka nna 180 tse di fetileng. Di ne tsa kopanngwa le tse di neng di ntse di dirisiwa go le gale kwa United States mme jaanong di bidiwa Puo ya Diatla ya kwa Amerika. Dipuo tsa diatla di nna di gola fa dingwaga di ntse di ile mme di nna di ntse di tokafadiwa fa dikokomana di ntse di latelana.
Go le gantsi, dipuo tsa diatla ga di tsamaisane le dipuo tse di buiwang mo nageng ya tsone. Ka sekai, kwa Puerto Rico go dirisiwa Puo ya Diatla ya kwa Amerika, le fa gone go buiwa Se-Spain. Le fa go buiwa Seesemane kwa Engelane le kwa United States, kwa Engelane go dirisiwa Puo ya Diatla ya kwa Boritane e e farologaneng gotlhelele le Puo ya Diatla ya kwa Amerika. Gape Puo ya Diatla ya kwa Mexico e farologane fela thata le dipuo di le dintsi tsa diatla tsa kwa Latin America.
Fa motho a ithuta puo ya diatla, o kgatlhiwa thata ke go raraana ga yone go go sa lemotshegeng le tsela e e kgonang go itlhalosa bontle ka teng. O ka kgona go itlhalosa sentle ka puo ya diatla o tlotla ka dilo di le dintsi, megopolo, kana dikakanyo. Se se itumedisang ke gore jaanong go dirwa dibuka di le dintsi ka dikhasete tsa bidio di direlwa batho ba ba Bosusu, go dirisiwa puo ya tlholego ya diatla go anela dikgang, go tlhalosa maboko, go neela dipego tsa hisitori le go ruta boammaaruri jwa Baebele. Kwa dinageng di le dintsi batho ba le bantsi ba simolola go ithuta puo ya diatla.
Go Bala se se Iseng Se ko Se Utlwiwe
Gantsi batho ba ba Utlwang, fa ba bala, ba dirisa modumo wa mafoko go ikgopotsa tsela e a utlwalang ka yone. Ka jalo, dilo di le dintsi tse ba di balang ba a di tlhaloganya ka gonne ba kile ba di utlwa. Mo dipuong di le dintsi mafoko a a kwalwang ga a tshwane kgotsa ga a bontshe dikgopolo tsa dilo tse a di emelang. Batho ba bantsi ba ba Utlwang ba ithuta thulaganyo eno e e itlhamelwang ke motho fela kana molao ono ka go o bapisa le medumo ya puo e e buiwang e le gore ba tlhaloganye se ba se balang. Le fa go ntse jalo, leka go akanya fela o ise o ke o utlwe modumo ope, lefoko kana puo e buiwa mo botshelong jotlhe jwa gago! Go ka nna boima e bile ga go tlogela o tlaletswe fa o leka go ithuta molao ono o o kwadilweng o o itlhametsweng ke motho fela wa puo e o ka se e utlweng. Go a utlwala he go bo go bala puo e e ntseng jalo e ka nna kgwetlho e kgolo mo bathong ba ba Bosusu, segolobogolo go ba ba nnileng bosusu ba sa ntse ba le bannye kana ba ba iseng ba ke ba utlwe gotlhelele!
Ditheo di le dintsi tsa thuto tsa bana ba ba Bosusu mo lefatsheng lotlhe di bone melemo ya go dirisa puo ya diatla fa ngwana a sa ntse a simolola go ithuta puo eno. (Bona mabokose a a mo ditsebeng 12 le 14.) Ditheo tseo di fitlhetse gore go ruta ngwana yo monnye yo o Bosusu puo ya diatla ya tlholego le go mmontsha dikarolo tsa motheo tsa puo eno go tla mo thusa thata mo sekolong le mo setšhabeng mmogo le fa a ithuta puo e e kwalwang moragonyana.
Mokgatlho wa United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization o o malebana le go rutiwa ga batho ba ba Bosusu o boletse jaana: “Ga re a tshwanela go tlhola re itlhokomolosa puo ya diatla kana re tila go nna le seabe se se kalo mo go e diriseng go ruta batho ba ba sa utlweng.” Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga bolelwa gore go sa kgathalesege thuto e batsadi ba e tlhophelang ngwana wa bone yo o Susu, go botlhokwa fela thata gore batsadi ka bobedi ba nne le seabe ka botlalo mo go goleng ga ngwana wa bone.—Bona setlhogo se se reng “Ke ne Ka Ithuta Puo e Sele Gore ke Kgone go Buisana le Ngwanake,” mo go Tsogang! ya November 8, 1996.
Go Tlhaloganya Lefatshe la Bosusu
Fa bana ba ba Bosusu e nna bagolo ba ba Bosusu, gantsi ba bolela gore selo se ba neng ba se tlhoka thata mo batsading ba bone e ne e le go buisana le bone. Jack yo o Susu, o ne a leka go bua le mmaagwe yo o godileng yo o neng a setse a tloga a tlhokafala. Mmaagwe o ne a leka go mmolelela sengwe mme o ne a sa kgone go se kwala e bile a sa itse puo ya diatla. Mme a nna le kidibalo e kgolo mme moragonyana a swa. Jack o ne a tshwenyega thata mo maikutlong fa a gakologelwa metsotso eo ya bofelo e e kgobang marapo. Maitemogelo ano a ne a mo tlhotlheletsa go tlhagisa batsadi ba bana ba bone e leng Bosusu jaana: “Fa o batla go buisana sentle le ngwana wa gago yo o sa utlweng mo ditsebeng e bile o batla gore lo bontshane megopolo ya lona, maikutlo a lona, dikakanyo tsa lona le lorato lwa lona ka tsela e e molemo, buisana le ene lo dirisa puo ya diatla. . . . Mo go nna go setse go le thari. A go setse go le thari mo go wena?”
Ka dingwaga di le dintsi batho ba le bantsi ba ntse ba sa tlhaloganye se se diragalelang batho ba ba Bosusu. Bangwe ba ne ba bo ba nna le pono ya gore batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ga ba itse sepe ka gonne ga ba utlwe sepe. Batsadi ba ne ba sireletsa bana ba bone ba ba Bosusu go feta selekanyo kana ba tshaba go ba letlelela gore ba tswe ba ye go kopakopana le batho ba bangwe. Mo ditsong tse dingwe batho ba ba Bosusu ba ne ba tlhalosiwa ka phoso gore ke “dimumu,” le fa gone batho ba ba Bosusu gantsi ba se na bothata bope mo puong. Ke fela gore ga ba utlwe. Ba bangwe ba ne ba leba puo ya diatla e le selo sa bogologolo kana e le sa maemo a a kwa tlase ga puo e e buiwang. Ga go gakgamatse go bo ka ntlha ya go itlhokomolosiwa mo go ntseng jalo, batho bangwe ba ba Bosusu ba neng ba ikutlwa ba gateletswe e bile ba sa tlhaloganngwe.
Joseph yo o goletseng kwa United States ka bo1930, o ne a kwadisiwa mo sekolong se se kgethegileng sa bana ba ba Bosusu se se neng se thibela go dirisiwa ga puo ya diatla. Gantsi ene le baithutikaene ba ne ba otlhaelwa go dirisa puo ya diatla, le e leng le fa ba ne ba sa tlhaloganye puo ya barutabana ba bone. A bo ba ne ba eletsa go tlhaloganya le go tlhaloganngwa jang ne! Kwa dinageng tse mo go tsone go se nang thuto e e kalokalo ya bana ba ba Bosusu, bangwe ba bone ba gola ba sa rutega go le kalo. Ka sekai, mmegadikgang wa Tsogang! kwa Afrika bophirima o boletse jaana: “Botshelo mo go ba le bantsi ba ba Bosusu ba mo Afrika bo boima e bile bo tlhomola pelo. Gareng ga batho botlhe ba ba nang le bokoa bongwe mo go bone, gongwe batho ba ba Bosusu ke bone ba ba tlhokomologilweng thata le ba ba sa tlhaloganngweng go gaisa.”
Rotlhe re tlhoka go tlhaloganngwa. Ka maswabi, ba bangwe fa ba bona motho yo o Bosusu, ba bona fela mongwe yo o “sa kgoneng.” Go ipolelela mo mogopolong gore ga ba ka ke ba kgona dilo dingwe go dira gore re se ka ra bona dilo tse motho yo o Bosusu a ka kgonang go di dira tota. Go farologana le moo, bontsi jwa batho ba ba Bosusu bo itsaya e le batho ba ba “kgonang.” Ba kgona go buisana sentle ka bobone, ba kgona go itlotla, e bile ba kgona go dira sentle kwa sekolong, mo setšhabeng, le mo semoyeng. Sebe sa phiri ke gore go sa tshwarwe sentle ga batho ba le bantsi ba ba Bosusu go dirile gore ba se tlhole ba tshepa batho ba ba Utlwang. Le fa go ntse jalo, fa batho ba ba Utlwang ba bontsha go kgatlhegela le go tlhaloganya batho ba ba Bosusu le puo ya diatla ya tlholego mme ba bona batho ba ba Bosusu e le batho ba ba “kgonang,” botlhe ba solegelwa molemo thata.
Fa e le gore o ka rata go ithuta puo ya diatla, gakologelwa gore dipuo di bontsha kafa re akanyang ka teng mme di fetisa megopolo. Gore motho a ithute puo ya diatla sentle, o tshwanetse go akanya ka yone puo eo. Ke ka ntlha ya moo go ithuta matshwao a puo eno go tswa mo dikishinareng ya puo ya diatla go se kitlang go go thusa gore o itse puo eo sentle. Ke ka ntlha yang o sa ithute mo bathong ba ba dirisang puo ya diatla mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi—e leng batho ba ba Bosusu? Go ithuta puo ya bobedi mo bathong ba ba godileng ba e dirisa go go thusa go akanya le go fetisa megopolo ka tsela e e farologaneng, mme gone e le ka tsela ya tlholego.
Mo lefatsheng lotlhe, batho ba ba Bosusu ba oketsa bokgoni jwa bone ka go dirisa puo e e kgatlhang ya diatla. Tlaa o iponele puo ya bone ya diatla ka bowena.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo ditlhogong tseno, mafoko “Bosusu” le “Utlwang” ga a dirisiwa fela go tlhomolola batho ba ba bosusu le ba ba utlwang, go na le moo a tlhomolola gape ditso tse di farologaneng le maitemogelo a botshelo a ditšhaba tse pedi tseno.
b Go lekanyediwa gore go na le batho ba ka nna milione ba e leng bosusu kwa United States fela, ba ba nang le “puo le setso tse e leng tsa bone fela.” Gantsi bano ke ba ba tshotsweng e le bosusu. Mo godimo ga moo, go na le batho ba ba lekanyediwang go nna dimilione di le 20 ba ba sa kgoneng go utlwa sentle mme ba sa ntse ba kgona go buisana le ba bangwe ka puo ya segabone e e buiwang.—A Journey Into the Deaf-World, ya ga Harlan Lane, Robert Hoffmeister le Ben Bahan.
[Lebokoso mo go tsebe 12]
“New York e Tlile go Ruta Bosusu Puo ya Diatla le Seesemane”
Seno e ne e le setlhogo se se neng se tlhagile mo go The New York Times ya March 5, 1998. Felicia R. Lee o ne a kwala jaana: “Mo go se se tsewang e le phetogo e kgolo thata mo thutong ya baithuti ba ba sa utlweng mo ditsebeng, sekolo se le sengwe fela sa bosusu mo toropong eno se tla rulaganngwa sesha e le gore barutabana botlhe ba dirise thata puo ya diatla e e theilweng ka matshwao le go tlhalosa ka diatla.” O tlhalositse gore barutisi ba le bantsi “ba bolela gore patlisiso e bontsha gore puo ya konokono ya batho ba ba bosusu ke e e bonwang, e seng e e buiwang le gore dikolo tse di dirisang mokgwa o di o tlhophileng, o o bidiwang Puo ya Diatla ya kwa Amerika, di ruta baithuti ba tsone botoka go feta dikolo tse dingwe.
“Ba bolela gore baithuti ba ba bosusu ba tshwanetse ba tshwarwa jaaka baithuti ba ba itseng dipuo di le pedi, e seng jaaka digole.”
Porofesa Harlan Lane wa Northeastern University kwa Boston o rile: “Ke akanya gore [sekolo sa New York] se gatetse pele le dinako.” O boleletse Tsogang! gore ba ikaeletse gore kgabagare ba rute Seesemane e le puo ya bobedi e e ka balwang.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Ke Puo!
Batho bangwe ba ba Utlwang ba dirile phoso ya go konela fela gore puo ya diatla ke mofuta o o raraaneng wa go bua ka mmele wa gago. E bile e setse e tlhalosiwa e le puo ya ditshwantsho. Le fa gone puo ya diatla e dirisa thata sefatlhego, mmele, diatla le sebaka se se dikologileng, bontsi jwa matshwao a gone a bolela go le gonnye fela kana ga a bontshe gotlhelele dikgopolo tse a di tlhalosang. Ka sekai ka Puo ya Diatla ya kwa Amerika (ASL) letshwao le le ntshang mogopolo wa go “dira” le dirisa diatla tsoopedi di funnwe mabole, lebole le lengwe le le mo godimo ga le lengwe le ntse le sokwasokwa mo godimo ga lone. Le fa gone letshwao leno le tlwaelegile thata, ga le bue sepe mo mothong yo o sa bueng ka puo ya diatla. Ka Puo ya Diatla ya kwa Russia (RLS), letshwao le le tlhalosang kgopolo ya “go tlhoka” le bontshiwa ka go dirisa diatla tse pedi, kgonojwe nngwe le nngwe e ama monwana wa boraro mme e tsamaisiwa o bapa le one go o dikologa. (Bona dinepe tse di leng mo tsebeng eno.) Ka jalo, e re ka e na le dikgopolo tse dintsi jaana tse di ikakanyediwang fela, ga go kgonege go di tlhalosa ka puo ya ditshwantsho. Matshwao a a farologaneng le ano e tla nna a dilo tse di bonalang a a tlhalosang dilo, a a jaaka matshwao a a bontshang “ntlo” kana “ngwana.”—Bona dinepe tse di leng mo tsebeng eno.
Selo se sengwe gape ka puo eno ke go dirisa tsela ya go bua e e dirisiwang mo lefelong leo. Dipuo tsa diatla di na le one mokgwa oo mo thutapuong ya one. Ka sekai, setlhogo sa kgang mo seeleng sa Puo ya Diatla ya kwa Amerika gantsi se bolelwa pele, e bo e le gone go ka buiwang ka sone. Gape go rulaganya dilo go ya ka nako e di diragalang ka yone ke karolo e kgolo ya dipuo di le dintsi tsa diatla.
Bontsi jwa dipontsho tsa sefatlhego le tsone di thusa thata mo puong ka gonne di thusa go bontsha gore a selo ke potso kana ke taelo, a ke polelo e e tlhalosang sengwe kana ke polelo fela. Mokgwa o o bonwang wa puo ya diatla o e dirile gore e nne le dikarolo tseno le tse dingwe tse dintsi tsa mofuta o e leng wa tsone fela.
[Ditshwantsho]
“Dira” ka ASL
“Go tlhoka” ka RLS
“Ntlo” ka ASL
“Ngwana” ka ASL
[Lebokoso mo go tsebe 15]
Dipuo Tsa Mmatota
“Go farologana le dikgopolo tse e seng tsa boammaaruri, dipuo tsa diatla ga se kgang ya go tsamaisa mmele fela, go bua ka diatla, dilo tse di itlhametsweng ke barutisi kana matshwao a puo e e buiwang mo lefelong leo. Di fitlhelwa gongwe le gongwe kwa go nang le batho ba ba sa utlweng gone, mme puo nngwe le nngwe e a itlhomolola, e bile ke puo e e feletseng, e e dirisang mekgwa e e tshwanang ya go bua e e fitlhelwang mo lefatsheng lotlhe mo dipuong tse di buiwang.”
Kwa Nicaragua “dikolo di ne tsa leka go katisa bana [ba ba sa utlweng] gore ba reetse ka go lebelela dipounama ka kelotlhoko le go bua mme jaaka go ne go ntse gongwe le gongwe fela kwa mokgwa ono o lekilweng teng, ga wa ka wa atlega. Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa ba tshwenya thata. Kwa mabaleng le mo dibeseng tsa sekolo bana ba ne ba itlhamela matshwao a bone a go bua . . . Ka bonako fela mokgwa ono wa go bua o ne wa nonofa wa nna se jaanong re se bitsang Lenguaje de Signos Nicaragüense.” Kokomana ya bosheng ya bana ba ba bosusu e setse e simolotse puo e nngwe e e buiwang motlhofo e e bidiwang Idioma de Signos Nicaragüense.—The Language Instinct, ya ga Steven Pinker.
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Eno ke tsela e nngwe ya go bua ka diatla fa o re “Fa a tswa kwa lebenkeleng, o ne a ya kwa tirong” ka Puo ya Diatla ya kwa Amerika
1 Lebentlele
2 o
3 o ya
4 fetsa
5 o ya go
6 tirong