LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 81
  • Modimo o Tlhokomela Jang Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Tlhokomela Jang Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa?
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela e Modimo a Lebang Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa ka Yone
  • Kafa Basupi ba ga Jehofa ba Thusang Batho Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa ka Gone
  • Ke Didirisiwa Dife Tsa go Ithuta Baebele Tse re Nang le Tsone?
  • Puo E o E Bonang!
    Tsogang!—1998
  • ‘Jehofa o Dirile Gore Sefatlhego sa Gagwe se ba Phatsimele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Anaanela Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Gago Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Nna o Ntshitse Matlho Gore o Bone Bosusu mo Tshimong ya Lona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 81
Mosupi wa ga Jehofa a eme kwa ntle ga shopo a bontsha mosadi mongwe bidio ya puo ya diatla. Mosadi yoo o lebile bidio a itumetse.

Modimo o Tlhokomela Jang Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa?

Gompieno mo lefatsheng lotlhe go na le batho ba ba ka nnang dimilione di le 70 ba ba sa kgoneng go utlwa, mme bontsi jwa bone ba buisana ba dirisa nngwe ya dipuo tsa diatla di feta 200. Se se utlwisang botlhoko ke gore, batho ba le bantsi ga ba tshware batho bano sentle, fela jaaka dintlha tse di latelang di bontsha:

  • “Mo lefatsheng lotlhe ditshwanelo tsa batho ba ba sa kgoneng go utlwa gotlhelele le tsa ba ba sa kgoneng go utlwa sentle, gantsi di a gatakwa.”—National Association of the Deaf (U.S.).

  • “Batho ba ba sa kgoneng go utlwa, ba ba nnang kwa dinageng tse di sa ntseng di tlhabologa ke bangwe ba batho ba ba humanegileng fela thata mme ga ba kgone go bona thuto, tiro le tshedimosetso e ba e tlhokang.”—World Federation of the Deaf.

Modimo o ikutlwa jang ka batho ba ba sa kgoneng go utlwa? Baebele e a reng ka bone? Mme Basupi ba ga Jehofa ba ba thusa jang gompieno?

Tsela e Modimo a Lebang Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa ka Yone

Baebele e a re Jehofaa Modimo o amega ka batho ba ba sa kgoneng go utlwa. O batla gore ba tshwarwe sentle le gore ba solegelwe molemo ke thuto e a e neelang batho.

Temana: “Ga o a tshwanela go tlhapatsa motho yo o susu.”—Lefitiko 19:14.

Se e se kayang: Molao o Jehofa a neng a o neile Baiseraele ba bogologolo o ne o sireletsa batho ba ba sa kgoneng go utlwa.

Temana: “Modimo ga a na tlhaolele.”—Ditiro 10:34.

Se e se kayang: Jehofa o amega ka batho ba ditso tsotlhe, ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng le ba ba buang dipuo tse di farologaneng, go akaretsa le ba ba sa kgoneng go utlwa.

Temana: “Jesu o ne a tswa letsholo . . . , a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.”—Mathaio 9:35.

Se e se kayang: Jesu o ne a tla mo lefatsheng go tla go ruta batho ka Bogosi Jwa Modimo le se bo tla se direlang batho botlhe—go akaretsa le ba ba sa kgoneng go utlwa.—Mathaio 6:10.

Temana: Jesu o ile a dira gore “bosusu ba utlwe le ba ba sa kgoneng go bua ba bue.”—Mareko 7:37.

Se e se kayang: Jesu o ile a bontsha se Bogosi Jwa Modimo bo tla se fitlhelelang fa batho ba ba sa kgoneng go utlwa ba tla bo ba kgona go utlwa le go bua gape. Ka yone nako eo, Jesu o ile a dirisa diatla go bua le monna mongwe yo o neng a sa kgone go utlwa le go bua, pele ga a ka mo fodisa.—Mareko 7:31-35.

Temana: “Ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa.”—Isaia 35:5.

Se e se kayang: Jehofa o ile a bolelela pele gore batho ba ba sa kgoneng go utlwa ba tla utlwa.—Isaia 29:18.

Kafa Basupi ba ga Jehofa ba Thusang Batho Ba ba Sa Kgoneng go Utlwa ka Gone

Basupi ba ga Jehofa ba rera molaetsa wa Modimo mo lefatsheng lotlhe, ba o rerela le batho ba ba sa kgoneng go utlwa. Re dira eng gore re kgone go ba rerela? Re gatisa Dibaebele le dibidio tsa go ithuta Baebele ka dipuo tsa diatla di feta 100. Re ithuta Baebele le batho ka puo ya diatla, gape re rulaganya gore go nne le dipokano tsa Bokeresete ka puo eo. Re dira seno sotlhe re sa duedise ope fela yo o batlang go itse Modimo. Goreng? Ka gonne Jesu o ile a re: “Lo ne lwa amogela mahala, nayang mahala.”—Mathaio 10:8.

O ka kgona go bona dikgatiso tseno kgotsa wa di downlouda mo Internet mo:

Letshwao la jw.org language.

JW.ORG. Tobetsa karolo e e kwa godimo e e bontshang puo mo websaeteng, go bona tshedimosetso ka puo ya diatla e o e batlang.

Letshwao la app ya“JW Library.”

App ya JW Library. Tsenya app eno ya mahala mo sedirisiweng sa gago mme o tla kgona go downlouda kgotsa go lebelela dibidio ka dipuo tsa diatla di feta 100.

Ke Didirisiwa Dife Tsa go Ithuta Baebele Tse re Nang le Tsone?

Baebele ka puo ya diatla. Baebele ya ntlha e e ileng ya ranolwa e feletse mo lefatsheng lotlhe, ke Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Puo ya Diatla ya America. Gone jaanong Baebele e teng e feletse kgotsa e sa felela ka dipuo di le dintsi tsa diatla. Mme ngwaga le ngwaga go tsenngwa dipuo tse dingwe. (Fa o batla go bona dipuo tse di leng gone kgotsa o batla go lebelela Baebele mo Internet, bona lebokoso le le reng “Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Puo ya Diatla.”)

  • Go bona gore ke eng se re se dirang gore re kgone go nna le Baebele ka puo ya diatla, bona bidio e e reng, The Complete New World Translation Is Available in ASL.

  • Gore o kgone go itumelela go bala Baebele sentle, tsenya app ya JW Library. App eno e go thusa gore o kgone go tlhopha temana e e rileng mo Baebeleng ya puo ya diatla.

  • Dmytro le Vita ga ba kgone go utlwa mme bana ba bone ba kgona go utlwa. Bona gore lelapa la bone le thusitswe jang ke go lebelela Baebele ka puo ya diatla letsatsi le letsatsi.

Dibidio tse di thusang batho go ithuta Baebele. Basupi ba ga Jehofa ba dirile dibidio tsa dipuo tsa diatla tse di thusang batho go tlhaloganya le go dirisa kgakololo ya Baebele e e amang . . .

  • Banyalani le malapa

  • Basha

  • Bana

Go ithuta Baebele le mongwe. Ithute Baebele le mongwe ka puo ya diatla ka selekanyo se o ka se kgonang. Kopa go bontshiwa gore thuto eno ya mahala ya Baebele e tshwarwa jang.

Jeson Senajonon o nna kwa Philippines. Bona gore thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele e mo thusitse jang go nna tsala ya Modimo.

Mario Antúnez a bua puo ya diatla.

Mario Antúnez e ne e le moruti mo kerekeng nngwe kwa Honduras. Bona gore o ile a bona jang dikarabo tsa dipotso tse a neng a na le tsone ka Baebele mo setlhogong se se reng, “Ke ne Ke na Le Dipotso di le Dintsi.”

Dipokano le dikokoano. Re na le diphuthego le ditlhopha tsa dipuo tsa diatla mo lefatsheng lotlhe, kwa batho ba ba sa kgoneng go utlwa ba kopanang gone beke le beke go ithuta le go obamela Modimo. Gape ngwaga le ngwaga re rulaganya dikokoano tse dikgolo tsa go ithuta Baebele ka puo ya diatla. Kwa dipokanong le kwa dikokoanong tsa rona, batho ba ba sa kgoneng go utlwa e bile ba sa kgone go bona ba ranolelwa puo ya diatla e e ranolwang ka gore motho a tshware diatla tsa yo mongwe gore a kgone go tlhaloganya se se buiwang. Gape re dira dikgatiso tsa mokwalo wa difofu mahala.

  • Batla phuthego e e gaufi le wena.

  • Bona tshedimosetso ka dikopano tsa rona tse dikgolo le tse dinnye, tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga.

  • Nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu, e leng tiragalo e e botlhokwa thata e re e tshwarang ngwaga le ngwaga.

José Luis Ayala o nna kwa Mexico. O tshotswe a sa kgone go utlwa mme moragonyana o ne a foufala. Bona gore o thusitswe jang gore e nne morutisi wa Baebele yo o nang le bokgoni.

Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Puo ya Diatla

Thanolo eno ya Baebele e go leng motlhofo go e tlhaloganya e gone e feletse kgotsa e sa felela ka dipuo tse di latelang, go tloga ka January 1, 2026.

Letshwao la Baebele e e butsweng.

Baebele e e Feletseng

  • Puo ya Diatla ya America

  • Puo ya Diatla ya Brazil

  • Puo ya Diatla ya Colombia

  • Puo ya Diatla ya Italy

  • Puo ya Diatla ya Korea

  • Puo ya Diatla ya Mexico

  • Puo ya Diatla ya Russia

Letshwao la Baebele e e butsweng.

Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika (“Tesetamente e Ntšha”)

  • Puo ya Diatla ya Angola

  • Puo ya Diatla ya Argentina

  • Puo ya Diatla ya Britain

  • Puo ya Diatla ya Chile

  • Puo ya Diatla ya Ecuador

  • Puo ya Diatla ya France

  • Puo ya Diatla ya Germany

  • Puo ya Diatla ya India

  • Puo ya Diatla ya Indonesia

  • Puo ya Diatla ya Japan

  • Puo ya Diatla ya Malawi

  • Puo ya Diatla ya Peru

  • Puo ya Diatla ya Poland

  • Puo ya Diatla ya South Africa

  • Puo ya Diatla ya Spain

  • Puo ya Diatla ya Venezuela

  • Puo ya Diatla ya Zambia

  • Puo ya Diatla ya Zimbabwe

Letshwao la Baebele e e butsweng.

Dibuka Tse Dingwe Tsa Baebele

  • Puo ya Diatla ya Australia (Auslan)

  • Puo ya Diatla ya China

  • Puo ya Diatla ya Cuba

  • Puo ya Diatla ya Ghana

  • Puo ya Diatla ya Mozambique

  • Puo ya Diatla ya Nigeria

  • Puo ya Diatla ya Philippines

Gape go ranotswe ditemana dingwe tsa Baebele mo dipuong tse dingwe tsa diatla.

a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng, “Jehofa ke Mang?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela