Maemo a Bosa A a Sa Iketlang
BONTSI jwa rona re ikaegile ka dilo tse di nang le khabone ka ditsela tse di farologaneng. Re kgweetsa dikoloi le dirori tse dingwe tse di tsamayang ka peterolo kana ka disele. Re dirisa motlakase o o fetlhiwang mo diteisheneng tsa motlakase tse di dirisang magala, gase ya tlholego kana oli. Re besa dikgong, gase ya tlholego le magala gore re apaye kana re ithutafatse. Dilo tseno tsotlhe di oketsa khabonotaeokosaete mo atemosefereng. Gase eno e tshwara mogote wa letsatsi.
Gape re oketsa digase tse dingwe tse di tshwarang mogote mo atemosefereng. Dinontshammu tse di nang le naeterojene tse di dirisiwang mo temothuong di ntsha nitrous oxide. Masimo a reise le mafelo a a nontshang dikgomo a ntsha methane. Digase tsa di-chlorofluorocarbon (di-CFC) le tsone di bakwa ke madirelo a polasetiki le madirelo a mangwe. Ga se fela gore di-CFC di tshwara mogote gape di senya le boalo jwa lefatshe jwa ozone jo bo mo karolong ya stratosphere.
Kwantle ga dilo tsa CFC, tse jaanong di setseng di laolwa sentle, digase tseno tse di tshwarang mogote di setse di kuisediwa kwa atemosefereng ka selekanyo se se kwa godimo thata. Seno se bakwa go sekae ke palo ya batho e e ntseng e oketsega mo lefatsheng, mmogo le motlakase o montsi o o dirisiwang, madirelo le temothuo. Environmental Protection Agency ya kwa Washington e bolela gore gone jaanong ngwaga le ngwaga batho ba kuisetsa ditone di ka nna dimilione di le dikete di le thataro tsa khabonotaeokosaete le digase tse dingwe tse di bakang gore go nne mogote mo lefaufaung kwa atemosefereng. Digase tseno tse di bakang gore go nne mogote mo lefaufaung ga di nyelele ka bonako; di nna mo atemosefereng ka masomesome a dingwaga.
Baitsesaense ba tlhomamisegile thata ka dilo dingwe tse pedi. Sa ntlha ke gore, mo masomeng le mo makgolong a bosheng jaana a dingwaga, selekanyo sa khabonotaeokosaete le sa digase tse dingwe tse di bakang gore go nne mogote mo lefaufaung tse di mo atemosefereng se oketsegile. Sa bobedi ke gore mo dingwageng di le lekgolo tse di sa tswang go feta, palogare ya themperetšha ya lefatshe e oketsegile ka selekanyo se se magareng ga dikerii tsa Celsius di le 0,3 le di le 0,6.
Potso ke gore, A go na le kgolagano epe gareng ga go gotela ga lefatshe le dilo tse motho a di dirang tse di oketsang digase tse di bakang gore go nne mogote mo lefaufaung? Baitsesaense bangwe ba bolela gore gongwe ga go jalo, ba ntsha lebaka la gore go tlhatlhoga ga themperetšha go dirwa ke go sa tlhomama ga dilo tse di farologaneng tsa tlholego le gore letsatsi ke lone le bakang seno. Le fa go ntse jalo, bomankge ba le bantsi ba tlelaemete ba dumalana le mafoko a a mo pegong ya Intergovernmental Panel on Climate Change. E ne ya bolela gore go tlhatloga ga themperetšha “go ka tswa go sa bakiwe gotlhelele ke dilo tsa tlholego” le gore “bosupi jo bo ntshitsweng bo bontsha gore mo maemong mangwe go bonala fa motho a nna le seabe mo go tlhotlheletseng tlelaemete ya lefatshe.” Le fa go ntse jalo, go santse go sa tlhomamisiwe sentle gore a ke ditiro tsa motho tse di dirang gore polanete e gotele jaana—segolobogolo ka ga gore lefatshe le ka nna la gotela ka bonako go le kana kang mo lekgolong la bo21 la dingwaga le gore totatota go tla lere ditlamorago tse di ntseng jang.
Go sa Tlhomamisega go Baka Kganetsano
Fa baitse ba tlelaemete ba bolelela pele ka go gotela ga atemosefere go go tlang, ba ikaegile ka dikai tsa tlelaemete tse ba di dirang mo dikhomputareng tse di bonako le tse di maatla go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, tlelaemete ya lefatshe e lemogiwa go ya ka tsela e e raraaneng e go dikologa ga lefatshe, atemosefere, mawatle, aese, dibopego tsa naga le letsatsi di dirisanang mmogo ka yone. E re ka go na le dilo di le dintsi jalo tse di amegang thata mo kgannyeng eno, ga go na khomputara epe fela e e ka kgonang go bolelela pele ka tlhomamo se se tla diragalang mo dingwageng di le 50 kana di le 100 go tloga jaanong. Makasine wa Science o boletse seno bosheng jaana: “Bomankge ba tlelaemete ba tlhagisa gore ga go ise go phepafale gore ditiro tsa batho di setse di simolotse go dira gore polanete e gotele—kgotsa gore go gotela ga atemosefere fa go direga, go tla nna masisi go le kana kang.”
Go sa tlhomamisege gono go dira gore go nne motlhofo go gana go dumela gore go na le kotsi epe e e tlang. Baitsesaense ba ba sa dumalaneng le kgang ya go gotela ga lefatshe le madirelo a magolo a a batlang fela go solegelwa melemo mo go tsa ikonomi ka go boloka seemo se le kafa se leng ka teng, ba bolela gore kitso e e leng teng gone jaanong ga e neye lebaka le le utlwalang la gore go tsewe dikgato tse di ka jang madi a mantsi tsa go leka go baakanya seemo. Ba bolela gore isagwe e ka tswa e se maswe thata jaaka batho bangwe ba akanya.
Baithutatikologo ba tsibogela seo ka go bolela gore go sa tlhomamisege ga baitsesaense ga go a tshwanela ga dira gore batlhomamolao ba itlhokomolose dilo. Le fa gone go le boammaaruri gore tlelaemete ya isagwe e ka tswa e se kitla e nna maswe thata jaaka bangwe ba boifa, gape go ka direga gore boemo bo nne maswe le go feta! Mo godimo ga moo, ba bolela gore go se itse ka tlhomamo se se tla diragalang mo isagweng ga go bolele gore ba nne fela ba sa dire sepe go fokotsa kotsi e e ka tlhagang. Ka sekai, batho ba ba tlogelang go goga motsoko ga ba batle sesupo pele sa gore fa ba tswelela ba goga, ba tla tshwarwa ke kankere ya makgwafo dingwaga di ka nna 30 kana di le 40 moragonyana. Ba o tlogela ka ntlha ya go lemoga kotsi ya gone e bile ba batla go e fokotsa kana go e fedisa.
Go Dirwa Eng?
E re ka go ganetsanwa thata ka ga bogolo jwa bothata jwa go gotela ga lefatshe—le e leng gore a tota bothata jono bo teng—ga go gakgamatse go bo go na le maikutlo a a farologaneng jaana ka ga se se ka dirwang ka gone. Ka dingwaga di le dintsi ditlhopha tsa tikologo di rotloeditse gore go dirwe motlakase ka dilo tse di sa kgotleleng. Motlakase o ka fetlhiwa ka letsatsi, ka phefo, mo dinokeng le mo madutelong a ka fa tlase ga lefatshe a moya o o bolelo le metsi a a bolelo.
Gape baithutatikologo ba rotloeditse dipuso gore di tlhome melao e e tla fokotsang go kuisiwa ga digase tse di tshwarang mogote. Dipuso di ile tsa tsibogela seo ka go saena ditumalano. Ka sekai, ka 1992 kwa kokoanong ya Earth Summit kwa Rio de Janeiro kwa Brazil, baemedi ba dinaga di ka nna 150 ba ne ba saena tumalano e ka yone ba neng ba tlhomamisa fa ba ikaeletse go fokotsa go tlhagisiwa ga digase tse di bakang mogote mo lefaufaung segolobogolo khabonotaeokosaete. Mokgele e ne e le gore ka ngwaga wa 2000 dinaga tse di nang le madirelo di bo di fokoditse selekanyo se di kuisang digase tse di bakang mogote mo lefaufaung ka sone gore se lekane le sa ka 1990. Le fa gone dinaga di sekae di dirile kgatelopele mo ntlheng eno, bontsi jwa dinaga tse di humileng ga di ise di simolole le go diragatsa maitlamonyana a tsone. Go na le gore di fokotse, dinaga di le dintsi di tlhagisa digase tse di bakang mogote mo lefaufaung tse dintsi go feta pele! Ka sekai, kwa United States go akanngwa gore ka ngwaga wa 2000, go tlhagisiwa ga khabonotaeokosaete go tla bo go oketsegile ka diperesente di le 11 go feta ka 1990.
Bosheng jaana go nnile le maiteko a go “gagamatsa” ditumalano tsa ditšhabatšhaba. Batho bangwe ba batla gore go tlhomiwe selekanyo se ditšhaba tseno di patelediwang go tlhagisa digase tse di bakang mogote ka sone, go na le gore di letliwe gore di di fokotse fa di batla jaaka go dumalanwe ka 1992.
Ditshenyegelo Tsa go Fetola Dilo
Baeteledipele ba dipolotiki ba eletsa go lebiwa e le ditsala tsa lefatshe. Le fa go ntse jalo, gape ba etse tlhoko matswela a diphetogo di ka a bakang mo ikonoming. Makasine wa The Economist o bolela gore e re ka diperesente di le 90 tsa lefatshe di ikaegile ka ditukisi tse di dirilweng ka khabone go fetlha motlakase, go tlogela go di dirisa go ka baka diphetogo tse dikgolo; mme go ganetsanwa thata ka ditshenyegelo tse diphetogo tseno di ka di bakang.
Go tla ja bokae go fokotsa dilo tse di tlhagisang digase tse di bakang mogote mo lefaufaung ka ngwaga wa 2010 ka diperesente di le 10 go na le ka fa di neng di le ka teng ka 1990? Karabo ya potso eo e ikaegile ka gore o botsa mang. Akanya fela ka fa United States, naga e e kuisetsang digase tse dintsi tse di bakang mogote mo lefaufaung go gaisa tsotlhe e lebang dilo ka teng. Badiradipatlisiso ba madirelo mangwe ba bolela gore go di fokotsa gono go ka jela ikonomi ya United States didolara di le dimilione di le dikete ngwaga le ngwaga mme ga dira gore batho ba le 600 000 ba tlhoke mebereko. Go farologana le moo, baithutatikologo ba bolela gore go dira jalo go ka bolokela ikonomi didolara di le dimilione di le dikete ngwaga le ngwaga mme ga dira gore go nne le mebereko e mesha e le 773 000.
Le fa ditlhopha tsa baithutatikologo di kopa gore go tsewe kgato ka bonako, go na le madirelo a magolo—a dikoloi, dikhampani tsa oli le baepi ba magala fa re bolela a le mmalwa fela—a a dirisang madi a one a mantsi le tlhotlheletso go nyenyefatsa matshosetsi a gore lefatshe le gotela thata le go feteletsa tsela e go tlogela go dirisa ditukisi tse di dirilweng ka ditswammung go ka amang ikonomi thata ka gone.
Go santse go ganetsanwa. Le fa go ntse jalo, fa e le gore batho ba dira gore tlelaemete e fetoge mme ba bo ba sa dire sepe ka gone fa e se go bua fela, polelo e e reng mongwe le mongwe o bua ka maemo a bosa mme ga go na ope yo o dirang sengwe ka one e tla nna le bokao jo bosha.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
(For fully formatted text, see publication)
Go Bontshiwa Digase Tse di Bakang Mogote mo Lefaufaung
Go Gotela ga Atemosefere: Atemosefere ya lefatshe e tshwara mogote wa letsatsi fela jaaka galase mo ntlwaneng ya galase. Marang a letsatsi a thuthafatsa lefatshe, le fa go ntse jalo mogote o o dirwang ke gone—o o tsamaisiwang ke marang a a bakang mogote—ga o kgone go tswa ka bonako mo atemosefereng. Go na le moo, digase tse di bakang mogote mo lefaufaung di kganela marang ao mme di busetse mangwe a one mo lefatsheng, e leng se se oketsang mogote wa lefatshe.
1. Letsatsi
2. Go tshwarwa ga marang a letsatsi a a bakang mogote
3. Digase tse di bakang mogote
4. Marang a a tswang
[Lebokoso mo go tsebex 24, 25]
(For fully formatted text, see publication)
Dilo Tse di Laolang Tlelaemete
Gore re tle re tlhaloganye ngangisano ya gone jaanong ka ga go gotela ga lefatshe, re tshwanetse go tlhaloganya dilo tse di maatla tse di jesang kgakge tse di dirang tlelaemete eno ya rona. A re sekasekeng dingwe tsa tsone.
1. Letsatsi—Motswedi wa Mogote le Lesedi
Botshelo mo lefatsheng bo ikaegile ka leubelo le legolo thata le re le bitsang letsatsi. E re ka letsatsi le le legolo go feta lefatshe ga milione, le re tlamela ka mogote le lesedi ka metlha. Fa letsatsi le ka fokotsa maatla a lone, seo se tla dira gore polanete ya rona e nne aese; mme fa le a oketsa le tla dira gore lefatshe le bele jaaka ketlele. E re ka lefatshe le dikologa letsatsi ka sekgala sa dikilometara di le dimilione di le 150, le amogela fela halofo ya dimilione di le sekete tsa maatla a letsatsi le a ntshang. Le fa go ntse jalo, seno ke selekanyo se se lekaneng gore go nne le tlelaemete e dilo di kgonang go tshela mo go yone.
2. Atemosefere—Kobo e e Bothitho ya Lefatshe
Ga se letsatsi fela le le laolang themperetšha ya lefatshe; atemosefere ya rona le yone e na le seabe se se botlhokwa. Lefatshe le ngwedi di bokgakala jo bo lekanang go tloga mo letsatsing, ka jalo tsoopedi di amogela mogote o o lekanang go tswa kwa letsatsing. Le fa go ntse jalo, le fa gone palogare ya themperetšha ya lefatshe e le dikirii tsa Celsius di le 15, palogare ya ngwedi yone ke dikirii tsa Celsius tse di tsididitsididi di le -18. Ke ka ntlha yang di farologana jaana? Lefatshe le na le atemosefere; ngwedi yone ga e na yone.
Atemosefere ya rona—phate e e apesitseng lefatshe ya okosejene, naeterojene le digase tse dingwe—e tshwara bontlhanngwe jwa mogote wa letsatsi e bo e tlogela jo bongwe. Gantsi tiragalo eno e tshwantshanngwa le ntlwana ya galase. Ntlwana ya galase, jaaka gongwe o itse, e na le marulelo a galase kana a polasetiki. Marang a letsatsi a tsena motlhofo mme a gotetsa dilo tse di mo teng. Ka yone nako eo, marulelo le dipota di dira gore mogote o tswe ka bonya.
Ka tsela e e tshwanang, atemosefere ya rona le yone e letlelela marang a letsatsi go feta gore a gotetse lefatshe. Lefatshe le lone le busetsa maatla a mogote kwa atemosefereng jaanong e le marang a a bakang mogote. Bontsi jwa marang ano ga a ye ka tlhamalalo kwa lefaufaung ka gonne dingwe tsa digase tse di mo atemosefereng di monya marang ano mme di bo di a busetsa gape mo lefatsheng e leng se se oketsang mogote mo lefatsheng. Tiragalo eno e bidiwa go gotela ga atemosefere. Fa atemosefere ya rona e ne e sa tshware mogote wa letsatsi ka tsela eno, go ka bo go se na dilo tse di tshelang mo lefatsheng jaaka kwa ngweding.
3. Moya wa Metsi—Gase e e Botlhokwa Thata e e Gotetsang Atemosefere
Diperesente di le 99 tsa atemosefere ya rona di tletse ka digase tse pedi: naeterojene le okosejene. Le fa gone digase tseno di na le seabe sa botlhokwa thata mo medikologong e e raraaneng e e tlamelang ditshedi mo lefatsheng, ga di na seabe sepe fela ka tlhamalalo mo go laoleng tlelaemete. Tiro ya go laola tlelaemete e dirwa ke peresente e le 1 e e setseng ya atemosefere, digase tse di tshwarang mogote mo atemosefereng tse di akaretsang moya wa metsi, khabonotaeokosaete, nitrous oxide, methane, di-chlorofluorocarbon le ozone.
Gase e e leng botlhokwa thata e e bakang mogote mo atemosefereng—moya wa metsi—ga se gantsi go akanngwang gore ke gase, ka gonne rotlhe re tlwaetse go akanya ka metsi e le seeledi. Le fa go ntse jalo, molekhule mongwe le mongwe wa moya wa metsi mo atemosefereng o tletse ka mogote. Ka sekai, fa moya wa metsi o tsidifala mo marung mme o bo o gakologa, mogote o a tswa, e leng mo go bakang phetogo e e maatla mo moeleng wa moya. Motsamao o o maatla wa moya wa metsi mo atemosefereng ya rona o na le seabe sa botlhokwa thata le se se raraaneng mo go tlhotlheletseng maemo a bosa le tlelaemete.
4. Khabonotaeokosaete—E Botlhokwa mo Botshelong
Gase e go buiwang thata ka yone fa go tlotliwa ka go gotela ga lefatshe ke khabonotaeokosaete. Go a tsietsa go tsaya gore khabonotaeokosaete ke selo fela se se kgotlelang. Khabonotaeokosaete ke selo sa botlhokwa thata mo fotosenteseseng, tiragalo e ka yone dimela tse ditala di itirelang dijo ka botsone. Batho le diphologolo ba hema okosejene mme ba ntshe khabonotaeokosaete. Dimela di hema khabonotaeokosaete mme di ntshe okosejene. Totatota, eno ke nngwe ya dilo tse re di diretsweng ke Mmopi tse di dirang gore re kgone go tshela mo lefatsheng.a Le fa go ntse jalo, go nna le khabonotaeokosaete e ntsi mo atemosefereng go tshwana fela le go latlhela kobo e nngwe mo bolaong. Go ka dira gore go nne mogote thata.
Mefutafuta ya Dilo Tse di Raraaneng
Ga se letsatsi le atemosefere fela tse di tlhotlheletsang tlelaemete. Mawatle le dithaba tsa dikgapetla le tsone di na le seabe, diminerale tsa mo godimo le dimela, ditikologo tsa lefatshe, mefutafuta ya ditiragalo tse di amanang le dikhemikale le mokgwa o lefatshe le dikologang ka one. Go ithuta ka tlelaemete go akaretsa mo e ka nnang disaense tsotlhe tsa lefatshe.
Letsatsi
Atemosefere
Moya wa metsi (H20)
Khabonotaeokosaete (CO2)
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo e ka nna dilo tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng di bona maatla go tswa mo dikunong, ka jalo re ikaegile ka tlhamalalo kana mo e seng ka tlhamalalo ka marang a letsatsi. Le fa go ntse jalo, go na le ditshedi tse di tshelang sentle mo lefifing mo tlase ga lewatle tse di ikotlang ka go ja dikhemikale tse di tswang mo dilong tse di sa tsheleng. Ditshedi tseno go na le go dirisa fotosentesese, tsone di dirisa tiragalo e e bidiwang chemosynthesis.