LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 6/8 ts. 27
  • Tlelaemete E e Tlang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlelaemete E e Tlang
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsholofetso e e Lorato ya Mmopi
  • Maemo a Bosa a a Fetofetogang le Bokamoso Jwa Rona—Baebele e a Reng ka Kgang Eno
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Lefatshe le a “Lwala”—A go Na le Kalafi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Lefatshe le a Senyega—Baebele e a Reng ka Gone?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ga go Kitla go Tlhola go Nna le Masetlapelo a a Bakwang ke Maemo a Bosa!
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 6/8 ts. 27

Tlelaemete E e Tlang

GO KGOTLELWA ga atemosefere ya rona ke bongwe fela jwa mathata a tikologo a a bakilweng ke motho. A mangwe a akaretsa go kgaolakwa ga dikgwa, go nyelediwa ga mefuta ya diphologolo le go kgotlelwa ga dinoka, matsha le mawatle. Bongwe le bongwe jwa mathata ano bo sekasekilwe sentle ka kelotlhoko e bile go dirilwe dikakantsho tsa go a baakanya. E re ka mathata ano e le a lefatshe lotlhe, a tlhoka ditharabololo tsa lefatshe lotlhe. Batho ba le bantsi ba a dumalana ka mathata ano le ka se se ka dirwang go a baakanya. Ngwaga le ngwaga re utlwa go buiwa kaga gore go tsewe kgato. Ngwaga le ngwaga go dirwa go le gonnye fela. Go le gantsi batlhomamolao ba hutsafadiwa ke mathata ano mme ba dumalane gore go dirwe sengwe, le fa go ntse jalo, ba oketse ka gore “e seng ke rona, e seng gone jaanong.”

Ka 1970 fa go simolola go nna le Letsatsi la Lefatshe, badiraditshupetso kwa New York City ba ne ba tsholeditse setshwantsho se segolo. Setshwantsho seo se ne se tshwantshitse polanete ya Lefatshe e goa e re “Nthuseng!!” A go na le mongwe yo o tla thusang? Lefoko la Modimo le araba jaana: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene. Mowa wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.” (Pesalema 146:3, 4) Morago ga foo mopesalema o umaka Mmopi, ka go bo ke Ene fela yo o nang le maatla, botlhale e bile o rata go rarabolola mathata otlhe a a raraaneng a motho a lebaneng le one. Re bala jaana: “Go sego ene . . . yo tsholofelo ya gagwe e leng mo go Jehofa Modimo wa gagwe; o o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone.”—Pesalema 146:5, 6.

Tsholofetso e e Lorato ya Mmopi

Lefatshe ke mpho e e tswang go Modimo. O le tlhamile le go le bopa le na le dilo tsotlhe tse di raraaneng le tse di jesang kgakge tse di dirang gore tlelaemete ya lefatshe e nne e e itumedisang. (Pesalema 115:15, 16) Baebele e bolela jaana: “[Modimo] o dirile lefatshe ka nonofo ya one, o tlhomamisitse lobopo ka botlhale jwa one, o tsharolotse magodimo ka tlhaloganyo ya one. E a re o ntsha lentswe la one go nne kgwaso ya metsi kwa magodimong, o tlhatlose mouwane kwa dikhutlong tsa lefatshe; o direle pula dikgadima, mme o ntshe phefo mo mabolokelong a one.”—Jeremia 10:12, 13.

Lorato lo Mmopi o nang le lone mo bathong lo ne lwa tlhalosiwa ke moaposetoloi Paulo mo bathong ba kwa Lusetera wa bogologolo. O ne a bolela jaana: “[Modimo] o ne wa se ka wa itlogela o se na bosupi ka gore o ne wa dira molemo, wa lo naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, wa tlatsa dipelo tsa lona ka botlalo ka dijo le lethamo le legolo.”—Ditiro 14:17.

Isagwe ya polanete eno ga ya ikaega ka maiteko le ditumalano tsa batho. Ene yo o nang le maatla a go laola tlelaemete o ne a solofetsa batho ba gagwe ba bogologolo jaana ka yone: “Ke tlaa nesa dipula tsa lona mo dipakeng tsa tsone, lefatshe le tlaa ntsha totafalo ya lone, le ditlhare tsa lotlhagare di tlaa ntsha loungo lwa tsone.” (Lefitiko 26:4) Gautshwane batho ba tla itumelela maemo a a ntseng jalo mo lefatsheng lotlhe. Batho ba ba boikobo ga ba ne ba tlhola ba boifa ditsuatsue tse di senyang, makhubu a a bogale, merwalela, mauba kgotsa epe fela ya dikotsi tsa tlholego.

Makhubu, phefo le maemo a bosa tsotlhe di tla itumedisa. Batho ba tla nna ba bua ka maemo a bosa, mme ga ba kitla ba dira sepe ka gone. Mo isagweng e Modimo o tlileng go e lere, botshelo bo tla itumedisa thata mo e leng gore ga go kitla go tlhokega gore ba dire sengwe ka gone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela