LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 6/8 ts. 21
  • Go Bua ka Maemo a Bosa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bua ka Maemo a Bosa
  • Tsogang!—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maemo a Bosa a a Fetofetogang le Bokamoso Jwa Rona—Baebele e a Reng ka Kgang Eno
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Go Diragalang ka Maemo a Bosa?
    Tsogang!—2003
  • A Polanete ya Lefatshe e mo Kotsing?
    Tsogang!—2008
  • A Baebele E ka Go Thusa go Itshokela Maemo a Bosa a a Bakang Tshenyo?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 6/8 ts. 21

Go Bua ka Maemo a Bosa

MAEMO a bosa a ama botshelo jwa motho mongwe le mongwe gongwe le gongwe kwa a ka tswang a nna teng. Fa go bonala gore letsatsi le tla tlhaba mme go nne mogote, o apara diaparo tse di botlhoswana. Fa go le tsididi, o apara baki o bo o rwale hutshe. Fa pula e na gone? O tsaya sekhukhu sa gago.

Ka dinako dingwe maemo a bosa a a re itumedisa; ka dinako dingwe a a re swabisa. Ka dinako dingwe, a bolaya batho ka dikgwanyape, dipula tsa matlakadibe, mauba, diphefo tsa semathana kana dipula tse di nang ka diphefo. Maemo a bosa a nna a le teng ka metlha, o ka tswa o a rata kana o a tlhoile, o a kgala kana o a itlhokomolosa, a tlhotlheletsa matshelo a rona go tloga fela fa re tsalwa go fitlha motsing re swang.

Mongwe o kile a re: “Mongwe le mongwe o bua ka maemo a bosa, mme ga go na ope yo o dirang sengwe ka one.” Eleruri, go sa le go lebega fa re ka se kgone go fetola maemo a bosa ka tsela epe fela. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa baitsesaense ga bo tlhole bo dumela jalo. Ba bolela gore khabonotaeokosaete e e kgwelwang mo atemosefereng ya rona le digase tse dingwe di dira gore go nne le phetogo mo thulaganyong ya nako e telele ya bosa—tlelaemete ya rona.

Baitseanape ba re ke eng se se bakang phetogo eno e e tlang? Gongwe karabo e e kgaolang kgang ke ya Intergovernmental Panel on Climate Change (IPCC), ya bomankge ba ba fetang 2500 ba e leng baitse ba tlelaemete, bomankge ba tsa ikonomi le baitseanape ba ba sekasekang dilo ba ba tswang kwa dinageng di le 80. Mo pegong ya bone ya 1995, IPCC e ne ya konela ka gore tlelaemete ya lefatshe e ntse e thuthafala. Fa e le gore dilo di tla tswelela di ntse jaana mo lekgolong le le latelang la dingwaga, go ka direga gore themperetšha e oketsege ka didikerii tsa Celsius di le 3,5.

Le fa gone dikerii di sekae di ka utlwala di sa tshwenye, go fetoga go sekae ga themperetšha ya tlelaemete ya lefatshe go ka baka masetlapelo. Batho ba le bantsi ba bonela pele dilo tse di latelang mo lekgolong le le tlang la dingwaga.

Maemo a bosa a a feteletseng mo mafelong mangwe. Kwa dikgaolong dingwe, mauba a ka tsaya lobaka lo loleele, fa kwa go tse dingwe, dipula e ka nna tsa matlakadibe. Difefo le merwalela di ka nna bogale; dikgwanyape ya nna tse di senyang thata. Le fa gone jaanong dimilione di setse di bolawa ke merwalela le leuba, go gotela ga kgolokwe go ka dira gore batho ba swe ka bontsi.

Go oketsega ga malwetse. Malwetse le dintsho tse di amanang le mogote di oketsega thata. Go ya ka World Health Organization, go gotela ga kgolokwe go ka oketsa le malwetse a boboatsatsi a a bakwang ke ditshenekegi, a a jaaka malaria le dengue. Mo godimo ga moo, go fokotsega ga metsi a a foreshe ka ntlha ya diphetogo tse di diragalang mo go neng ga pula mo dikgaolong le go wa ga semathana go ka nna ga oketsa malwetse a a bakiwang ke metsi le dijo le ke diparasaete.

Go nna mo kotsing ga manno a tlholego a ditshedi. Dikgwa le mafelo a a ratwang ke metsi, e leng tsone dilo tse di tlhotlhang moya wa rona le metsi, di ka nna mo kotsing ka ntlha ya dithemperetšha tse di bothitho le go fetoga ga pula. Gangwe le gape dikgwa di ka jewa ke molelo mme e le ka tsela e e feteletseng.

Go tlhatloga ga bogodimo jwa lewatle. Batho ba ba nnang kwa losing lwa mawatle ba tla tshwanelwa ke go fuduga kwantle ga fa go ka dirwa diporojeke tse di tlhwatlhwakgolo go thibela lewatle. Ditlhaketlhake dingwe di ka khurumediwa ke metsi.

A go na le lebaka la go boifa dilo tseno? A tlelaemete ya lefatshe e ntse e thuthafala? Fa e le gore go ntse jalo, a ke molato wa batho? E re ka seno se ama dilo di le dintsi thata, ga go gakgamatse fa bomankge ba ganetsana thata jaana ka dipotso tseno. Ditlhogo tse pedi tse di latelang di tlhatlhoba dingwe tsa dikgang tse di akaretsang seno le go sekaseka potso ya gore a re tshwanetse go tshwenyega ka isagwe ya polanete ya rona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela