LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 9/8 ts. 9-11
  • Batho ba ba Rutilweng go Rata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba ba Rutilweng go Rata
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ikapeseng Lorato”
  • Go Emisetsa Letlhoo ka Lorato
  • Gautshwane Letlhoo le Tla Fela ka Bosakhutleng
  • Tsela e le Yosi Fela ya go Fedisa Letlhoo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Nako ya go Rata le Nako ya go Tlhoa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Nonotshiwa ke Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • “Tswelelang Lo na Le Lorato”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 9/8 ts. 9-11

Batho ba ba Rutilweng go Rata

LORATO ke maikutlo a a theilweng mo go kgatlhegeleng, mo go nneng molemo kgotsa mo go kgatlhegeleng dilo tse di tshwanang. Lorato ke botsalano jo bogolo. Ga lo pelotshetlha, lo boikanyego e bile lo dira gore motho a rate go direla ba bangwe dilo tse di molemo. Lorato ke selo se se farologaneng gotlhelele le letlhoo. Motho yo o tlhotlhelediwang ke letlhoo o jewa ke maikutlo ao a gagwe; yo o tlhotlhelediwang ke lorato o akanyetsa ba bangwe.

Ke efe e e laolang botshelo jwa gago—lorato kgotsa letlhoo? Eno ga se potso fela e e senang bokao ka gonne isagwe ya gago ya ka bosakhutleng e ikaegile ka karabo ya yone. Le fa re nna mo lefatsheng le le rutilweng go ila, dimilione tsa batho di ithuta go rata. Ba dira seno ka go apara motho yo mosha. Ga ba bue fela ka lorato; ba leka ka natla go lo bontsha.

Fa e le gore o kile wa nna teng kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa, o tshwanetse wa bo o ile wa kgatlhiwa ke se o neng wa se bona. Go sa kgathalesege gore ke ba setšhaba sefe, Basupi ba ga Jehofa ba obamela ka kutlwano. Ba bopa bokaulengwe jwa mmatota jwa boditšhabatšhaba. Seno se ka lemogwa mo diphuthegong tsa bone le kwa dikopanong tsa bone mme gongwe o ka bona seno sentle kwa go se ba se bitsang magae a Bethele. Tseno ke ditlhopha tsa baithaopi ba ba nnang le go bereka ba le mmogo jaaka lelapa mo go direng dibuka tsa Baebele le go di phasalatsa. Mo nageng nngwe le nngwe, bangwe ba bone ba okametse tiro ya koo e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. Eno ga se tiro e potlana, ka go bo e akaretsa—diphuthego tse go tloga ka 1997 di neng di feta 82 000—mo dinageng di le 233. Gore ba kgone go dira seno, batho ba ba fetang 16 000 ba direla kwa malapeng a Bethele mo lefatsheng lotlhe, go akaretsa le kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe le makala a mannye a a farologaneng mo dinageng di le 103.

Malapa a le mantsi a Bethele a dirilwe thata ka baagi ba naga e ofise ya lekala e leng mo go yone. Mme ga se otlhe a a ntseng jalo. Malapa a mangwe a Bethele a dirilwe ka Basupi ba dinaga di sele, merafe kgotsa ditso tse di farologaneng le ba pele ba neng ba le mo madumeding a a farologaneng. Ka sekai, kwa lelapeng la Bethele la batho ba ba ka nnang 1200 le le kwa Selters kwa Jeremane, go na le batho ba ba tswang kwa dinageng di ka nna 30. Ke eng se se ba thusang go nna, go bereka le go obama mmogo ka kagiso le ka kutlwano, mo tikologong e e senang letlhoo? Ba latela kgakololo ya Baebele e e tswang mo go Bakolosa 3:14 e e reng:

“Ikapeseng Lorato”

Ga go na ope yo o tsholwang a apere e bile ga go ope yo o ka aparang fela ka go bua ka gone. Go ikapesa go akaretsa go dira ditshwetso tse di tlhomameng le go tsaya matsapa a go dira jalo. Ka mo go tshwanang, ga go ope yo o tsholwang a apere lorato. Go bua ka lone fela ga go a lekana. Go tlhokega matsapa.

Go apara go thusa ka dilo di le mmalwa. Go sireletsa mmele, go fitlha dikarolo tsa mmele tse di sa tshwanelwang go bonwa kgotsa makoa e bile go senola botho jwa motho go ya bokgakaleng jo bo rileng. Lorato lo ntse fela jalo. Lo a sireletsa ka gonne go rata melaometheo e e siameng le botsalano jo bo siameng go thusa motho go tila botsalano kgotsa mafelo a a ka nnang kotsi. Lo sireletsa botsala jwa batho, jo re tshwanetseng ra bo tsaya bo le botlhokwa thata. Motho yo o ratang ba bangwe o tla ratiwa le ene, le yo o sa gobatseng ba bangwe le ene a ka se gobadiwe.

Lorato gape lo fitlha dikarolo tse di sa tshwanelwang go bonwa tsa botho jwa rona tse di ka nnang tsa tshwenya batho ba bangwe. A ga se gantsi re itlhaganelelang go itlhokomolosa makoa a mannye a batho ba ba lorato go na le a batho ba ba ikgogomosang, ba ba makgakga, ba ba sa kgathaleleng batho ba bangwe le ba ba senang lorato?

Batho ba ba ikapesang ka lorato ba senola botho jo bontle jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Le fa bontle jwa mmele e le fela jwa mo letlalong, bontle jwa semoya bo sutlhelela kwa tengteng ga motho. Gongwe o itse batho ba o ba tsayang ba le bantle e seng ka gonne ba na le tebego e ntle, mme e le ka gonne ba le botsalano tota. Mo letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa rona re kile ra kopana le basadi kgotsa banna ba ba leng bantle ba re neng ra se ka ra tlhola re bona bontle jwa bone fa re sena go lemoga botho jwa bone sentle. A bo go itumedisa jang ne go nna mo gare ga batho ba ba ikapesitseng ka lorato!

Go Emisetsa Letlhoo ka Lorato

Patlisiso e e neng ya dirwa mo Basuping ba ga Jehofa ba le 145 958 kwa Jeremane ka 1994 e bontsha gore letlhoo le ka emisediwa ka lorato.

Go nwa ka tsela e e feteletseng, go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo, bokebekwa, go betšha le boitsholo jwa go se tshedisane le batho kgotsa jwa go rata thubakanyo, ka tsela nngwe e e rileng, di supa bopelotshetlha jo bo ka tlhotlheletsang letlhoo. Mme diperesente di le 38,7 tsa ba ba neng ba botsolodiwa di ne tsa bolela gore e le gore ba fitlhelele ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Baebele tse di buelelwang ke Basupi, ba ne ba fenya bongwe kgotsa mangwe a mathata ano. Go rata Modimo le melao ya gagwe e e siameng ya boitshwaro go ne ga ba rotloetsa go dira jalo. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thusa ka lorato gantsi ba thusa mongwe le mongwe wa bone ka namana. Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng (1992-1996), go ne ga thusiwa batho ba le 1616 894 mo dinageng di le 233 gore le bone ba dire diphetogo, ba fenya letlhoo ka lorato lo lo kgonang go fenya.

Ka go nna lorato ka tsela e e seng ya bopelotshetlha mo manyalong a bone, Basupi ba ga Jehofa ba kgona go nna le malapa a a ritibetseng. Kwa dinageng tse dingwe lenyalo le le lengwe go a le mabedi kgotsa a le mararo le felela ka tlhalano. Le fa go ntse jalo, patlisiso e e boletsweng fa godimo e bontsha gore gone jaanong ke diperesente di le 4,9 fela tsa Basupi tse di tlhalanang kgotsa di kgaoganeng le balekane ba bone. Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga gakologelwa gore palo e ntsi ya bano ba tlhalane pele ga ba nna Basupi ba ga Jehofa.

E re ka Modimo wa lorato e le Motlhatlheledi yo Mogolo Thata yo o rutang ba ba mo ratang ditsela tsa gagwe, Basupi ba ga Jehofa ba bontsha lorato lwa bone, pele ga tsotlhe, kwa go ene. Go farologana le batho ba bangwe, ba e ka tswang e le “barati ba menate go na le Modimo,” Basupi ba ga Jehofa ba baya Modimo kwa pele. (2 Timotheo 3:4) Go farologana le ditsela tsa lefatshe leno le le sa laolegeng, Mosupi a le mongwe o dirisa diura di le 17,5 beke le beke mo ditirong tsa bodumedi. Go phepafetse gore Basupi ke batho ba semoya. Ke sone se se dirang gore ba itumele. Jesu o rile: “Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.”—Mathaio 5:3.

Mokwadi wa Pesalema 118 a re, motlhanka wa boammaaruri wa Modimo ga a tlhoke go boifa batho. “Jehofa o ntlheng ya me; ga nketla ke boifa; kana motho o ka ntirang?” (Temana ya 6) Go ikanya Modimo gotlhelele go tlosa lengwe la mabaka a go ila le go boifa batho ba bangwe.

Mokeresete yo o itseng gore Modimo o “bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko le boammaaruri,” o tla tila go nna bogale gotlhelele mo botshelong jwa gagwe ka gonne e ka nna jone selo se sengwe se se bakang letlhoo. Go tlhagolela maungo a moya wa Modimo, go akaretsa bori le boikgapo, go tla mo thusa go fitlhelela seno.—Pesalema 86:15; Bagalatia 5:22, 23.

Mokeresete wa boammaaruri o boikokobetso e bile ga a itseye a le botoka thata go feta ka fa a tshwanetseng ka gone. (Baroma 12:3) O leka go nna lorato fa a dirisana le batho ba bangwe. Go farologana le letlhoo, lorato “ga lo rumolesege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”—1 Bakorinthe 13:5.

Ee, poifo, bogale kgotsa kutlobotlhoko di ka baka gore batho ba tlhoane. Le fa go ntse jalo lorato, ka go amoga letlhoo motheo wa lone, lo a le fenya. Eleruri, lorato ke nonofo e e maatla go gaisa tsotlhe mo lobopong ka gonne “Modimo ke lorato.”—1 Johane 4:8.

Gautshwane Letlhoo le Tla Fela ka Bosakhutleng

E re ka bopelotshetlha le letlhoo e se karolo ya botho jwa ga Jehofa Modimo, ga di kitla di nna teng ka bosakhutleng. Di tshwanetse, go tlosiwa, di emisediwe ka lorato lo lo tla nnang teng ka bosaengkae. Fa e le gore o eletsa lefatshe le le senang letlhoo le le tletseng lorato, kopa Basupi ba ga Jehofa go go tlhalosetsa dilo tse di tlhokegang gore o tshele go le bona ba dirisa Baebele.

Ee, mongwe le mongwe wa rona o tla bo a dira sentle go botsa, ‘Ke nonofo efe e e laolang botshelo jwa me, lorato kgotsa letlhoo?’ Eno ga se potso fela e e senang bokao. Motho yo o latelang mmaba wa Modimo, modimo wa letlhoo, ga a kitla a nna teng lobaka lo loleele. Motho yo o latelang Jehofa, Modimo wa lorato, o tla nna teng ka bosakhutleng!—1 Johane 2:15-17.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Le e leng gompieno batho ba ka ikapesa ka lorato

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela