Kgopolo e e mo Baebeleng
‘Go se Nne Karolo ya Lefatshe’—Go Bolela Eng?
MO LEKGOLONG la bonè la dingwaga C.E., ba le dikete ba ba neng ba ipolela e le Bakeresete ba ne ba tlogela dilo tse ba nang le tsone, ba losika le mokgwa wa go tshela go ya go tshela ba le bosi kwa dikakeng tsa Egepeto. Ba ne ba itsege e le baitlhaodi, go tswa mo lefokong la Segerika e bong a·na·kho·reʹo, le le rayang “Ke ikgogela morago.” Mokwalahisitori mongwe o ba tlhalosa e le ba ba itlhaolang mo bathong ba bangwe. Baitlhaodi ba ne ba akanya gore ka go ikgogona mo bathong ba bangwe, ba ne ba ikobela taolo e e laetsweng Bakeresete ya ‘go se nne karolo ya lefatshe.’—Johane 15:19.
Baebele e gakolola Bakeresete “go ipoloka ba se na selabe se se tswang mo lefatsheng.” (Jakobe 1:27) Dikwalo di re lemosa seno ka phepafalo: “Basadi ba baakafadi, a ga lo itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo? Jalo, lefa e le mang yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.” (Jakobe 4:4) Le fa go ntse jalo, a seno se raya gore Bakeresete ba tshwanetse go nna baitlhaodi, ba ikgogona mo go ba bangwe ka tsela ya mmatota? A ba tshwanetse go itlhaola mo bathong ba ba sa dumeleng ditumelo tsa bodumedi jwa bone?
Bakeresete ba Botsalano
Go tlotliwa thata ka kgang ya go se nne karolo ya lefatshe mo dipegong di le mmalwa tsa Baebele tse di bontshang botlhokwa jwa gore Bakeresete ba itlhaole mo dilong tse dintsi tse batho ba di dirang tse di kgatlhanong le Modimo. (Bapisa 2 Bakorinthe 6:14-17; Baefeso 4:18; 2 Petere 2:20.) Ke gone ka moo, Bakeresete ba boammaaruri ka botlhale ba tilang mekgwa, metlotlo le boitsholo tse di sa dumalaneng le ditsela tse di siameng tsa ga Jehofa, tse di jaaka mokgwa wa lefatshe wa go gwalalela dikhumo, maemo a a kwa godimo le go ineela mo boitlosobodutung mo go feteletseng. (1 Johane 2:15-17) Gape ba nna ba ikgaogantse le lefatshe ka go se tseye letlhakore mo dintweng le mo dipolotiking.
Jesu Keresete o rile barutwa ba gagwe ‘ga se karolo ya lefatshe.’ Mme gape o ne a rapela Modimo gore: “Ke a go lopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo.” (Johane 17:14-16) Ka phepafalo, Jesu o ne a sa batle gore barutwa ba gagwe ba tlhoke botsalano, ba gane go kopana le batho ba e seng Bakeresete. Totatota, go ikgogona mo bathong ba bangwe go ne go tla kgoreletsa Mokeresete go diragatsa tiro ya gagwe ya go rera le go ruta “phatlalatsa le go tswa ntlong go ya ntlong e nngwe.”—Ditiro 20:20; Mathaio 5:16; 1 Bakorinthe 5:9, 10.
Kgakololo ya go nna ba se na selabe go tswa mo lefatsheng ga e neele Bakeresete motheo ope fela wa gore ba itseye ba le kwa godimo ga batho ba bangwe. Ba ba boifang Jehofa ba ila “boikgodiso.” (Diane 8:13) Bagalatia 6:3 e bolela gore “fa mongwe a akanya gore o sengwe fa a se sepe, o tsietsa mogopolo wa gagwe.” Ba ba itsayang ba gaisa ba bangwe ba a itsietsa ka gonne “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.”—Baroma 3:23.
‘Lo se Bue Ope Ka go Mo Utlwisa Botlhoko’
Mo motlheng wa ga Jesu go ne go na le batho ba ba neng ba nyatsa botlhe ba ba neng ba se mo ditlhopheng tsa bone tse di tlhomologileng tsa bodumedi. Gareng ga bano e ne e le Bafarasai. Ba ne ba itse Molao wa ga Moshe sentle le melawana e mennye ya ngwao ya Sejuta. (Mathaio 15:1, 2; 23:2) Ba ne ba ikgogomosa ka ntlha ya go latela dingwaokobamelo tse dintsi tsa bodumedi. Bafarasai ba ne ba itsaya ba feta batho ba bangwe fela ka ntlha ya botlhale jwa bone le maemo a bone mo bodumeding. Ba ne ba bontsha boikutlo jwa bone jwa boineelo le tlotlomalo ka go bolela jaana: “Boidiidi jono jo bo sa itseng Molao ke batho ba ba hutsegileng.”—Johane 7:49.
Bafarasai ba ne ba na le lefoko le le nyatsang batho ba e neng e se Bafarasai. Lefoko la Sehebera e bong ʽam ha·ʼaʹrets kwa tshimologong le ne le dirisiwa ka tsela e e siameng go kaya batho ba maemo a a tlwaelegileng mo setšhabeng. Mme fa nako e ntse e ya baeteledipele ba ba boikgodiso ba Juda ba ne ba fetola bokao jwa ʽam ha·ʼaʹrets go nna jo bo nyatsang. Ditlhopha tse dingwe go akaretsa le ba ba ipolelang go nna Bakeresete, ba dirisitse mafoko a a tshwanang le “moheitane” ka tsela ya lenyatso go kaya batho ba ba nang le ditumelo tsa bodumedi tse di farologaneng le tsa bone.
Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba leba jang ba e seng Bakeresete? Barutwa ba ga Jesu ba ne ba gakolotswe go tshwara ba e seng badumedi “ka bori” le ka “tlotlo e e boteng.” (2 Timotheo 2:25; 1 Petere 3:15) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao se sentle mo kgannyeng eno. O ne a le botsalano, a se boikgodiso. Go na le go ikgodisa, o ne a le boikobo e bile a kgothatsa. (1 Bakorinthe 9:22, 23) Mo lekwalong la gagwe le le tlhotlheleditsweng le le yang go Tito, Paulo o gakolola go se ‘bue ope ka go mo utlwisa botlhoko, go se nne baratantwa, go nna kakanyetso, go bontsha bori jotlhe mo bathong botlhe.’—Tito 3:2.
Mo Baebeleng polelo e e reng “motho yo o seng modumedi” ka dinako dingwe e dirisiwa go tlhalosa batho ba e seng Bakeresete. Le fa go ntse jalo, ga go na bosupi jwa gore polelo “motho yo o seng modumedi” e ne e dirisiwa e le leina kana tlhaloso e e tlhaolang. Ka phepafalo, le ne le sa dirisiwe go nyatsa kgotsa go kgala ba e seng Bakeresete, ka gonne seno se ne se tla ganetsana le melaometheo ya Baebele. (Diane 24:9) Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tila go nna bogale kgotsa go ikgogomosetsa batho ba e seng badumedi. Ba go tsaya e le boikgodiso go taya balosika kgotsa baagelani ba e seng Basupi maina a a nyatsang. Ba latela kgakololo ya Baebele, e e bolelang gore: “Motlhanka wa Morena . . . o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.”—2 Timotheo 2:24.
“A re Direng se se Molemo mo go Botlhe”
Go botlhokwa go lemoga dikotsi tsa go tsalana le lefatshe, segolobogolo le ba ba sa tlotleng melao ya Modimo gotlhelele. (Bapisa 1 Bakorinthe 15:33.) Le fa go ntse jalo, fa Baebele e gakolola go ‘dira se se molemo mo go botlhe,’ lefoko “botlhe” le akaretsa le ba e seng Bakeresete. (Bagalatia 6:10) Ka phepafalo, mo tlase ga mabaka mangwe a a rileng Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tle ba je dijo le ba e seng badumedi. (1 Bakorinthe 10:27) Ke gone ka moo, gompieno Bakeresete ba tshwarang ba e seng badumedi ka tsela e e lekalekaneng, ba ba leba e le batho jaaka bone.—Mathaio 22:39.
Go tla bo go le phoso go tsaya fela gore motho ga a tlotlege kgotsa ga a siama fela ka gonne a sa tlwaelana le boammaaruri jwa Baebele. Maemo le batho ba a farologana. Ke gone ka moo Mokeresete a tshwanetseng go swetsa gore ke go ya bokgakaleng bofe a tla laolang kamano ya gagwe le ba e seng badumedi. Le fa go ntse jalo, go tla bo go sa tlhokege e bile e se ga dikwalo gore Mokeresete a ikgogone ka namana jaaka baitlhaodi ba ne ba dira kgotsa a itseele kwa godimo jaaka Bafarasai ba ne ba dira.