Lefatshe le le Rutilweng go Tlhoa
BATHO ba tsalwa ba le pelotshetlha. E bile bopelotshetlha, fa bo sa laolwe, bo ka fetoga letlhoo. Batho ba rutwa go nna pelotshetlha jaaka e kete bopelotshetlha jo ba tsalwang ka jone ga bo maswe ka tsela e e lekaneng!
Gone mme, go bua ka go akaretsa batho botlhe ga se ka metlha go leng boammaaruri, le fa go ntse jalo, mekgwa mengwe e aname thata mo e ka se tseweng fela gore ke e e farologaneng le e e tlwaelegileng. A boradipolotiki gantsi ga ba kgatlhegele fela go fenya ditlhopho go na le go thusa batho ba ba ba tlhophileng? A gantsi borakgwebo ga ba kgatlhegele fela go dira madi, fa go kgonega e le ka go tlhoka boikanyegi, go na le go thibela dilo tse di kotsi go tsena mo mmarakeng? A baruti gantsi ga ba kgatlhegele fela go itsege kgotsa go iponela madi go na le go kaela matsomane a bone mo ditseleng tsa boitsholo jo bo siameng le lorato?
Go Simolola ka Bana
Fa bana ba godisediwa mo tikologong e e repisitseng molao, totatota ba rutiwa go nna pelotshetlha, e re ka go akanyetsa le bopelotshweu di tlhokomologiwa e le fela gore go kgotsofadiwe dikeletso tsa bone tsa bongwana. Kwa sekolong le kwa kholetšheng, baithuti ba rutiwa go lwela go nna ba ntlha, e seng fela mo dilong tsa sekolo gape le mo metshamekong. Moano wa teng ke gore, “Fa o le wa bobedi, o ka nna wa nna wa bofelo!”
Metshameko ya bidio e e bontshang thubakanyo e ruta basha go rarabolola mathata ka tsela ya bopelotshetlha—e leng fela go bolaya mmaba! E leng boikutlo jo bo sa kgothaletseng lorato! Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, mookamedi wa dingaka tse di arang kwa United States o ne a lemosa gore metshameko ya bidio e ka nna kotsi mo basheng. O ne a re: “Tsotlhe di rotloetsa go bolaya mmaba. Ga go na sepe se se agang mo metshamekong eo.” Lekwalo le le yang go The New York Times le umakile gore bontsi jwa metshameko ya bidio “e senya maitsholo a a siameng a batho” gape le okeditse jaana: “E dira gore go nne le kokomana e e senang tlhaloganyo, basha ba ba pelokhutshwane.” Mongwe yo o ratang metshameko ya bidio go tswa kwa Jeremane o ne a ikanyega mo go lekaneng mme a dumela boammaaruri jwa se se boletsweng fa godimo fa a ne a re: “Fa ke e tshameka ke ne ke nna mo lefatsheng la ditoro le le kwa thoko koo moano wa bogologolo o sa ntseng o dira teng: ‘Bolaya kgotsa o bolawe.’”
Fa le kopanngwa le bomorafe, letlhoo le nna le le boifisang thata. Go phepafetse he gore Bajeremane ba amegile ka go nna gone ga dibidio tsa majelathoko tse di bontshang tirisodikgoka kgatlhanong le batswakwa, segolobogolo kgatlhanong le Ba-Turkey. Mme ba na le lebaka le le utlwalang ka gonne fa e sale go tloga ka January 1, 1994, Ba-Turkey ba dirile diperesente di le 27,9 tsa batswakwa ba le 6878 100 ba Jeremane.
Maikutlo a bomorafe a nonotsha se botšhaba bo se rutang bana go tswa boseeng, e leng go tlhoa baba ba morafe wa gaeno ga go phoso. Tlhamo e e kwadilweng ke mokwaledi wa Time e bong George M. Taber e boletse jaana: “Gareng ga hisitori ya melao yotlhe ya sepolotiki gongwe o o maatla go gaisa yotlhe ke wa botšhaba.” O ne a tswelela go tlhalosa jaana: “Go tsholotswe madi a mantsi ka ntlha ya gone go feta lebaka lepe fela kwantle ga bodumedi. Ka makgolokgolo a dingwaga baeteledipele ba tlhotlheleditse digopa tse di tlhagafetseng ka tsela e e feteletseng go pega merafe e e bapileng le bone molato wa mathata otlhe a bone.”
Letlhoo la nako e telele la merafe e e farologaneng, ditso kgotsa ditšhaba ke lebaka le le dirang gore go nne le mathata a mantsi jaana mo lefatsheng gompieno. Xenophobia e leng go boifa le go ila batho ba o sa ba itseng kgotsa batswakwa e ntse e oketsega. Le fa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore setlhopha sa baithutaloago ba kwa Jeremane se lemogile gore go boifa le go ila batswakwa go bonwa thata kwa go nang le batswakwa ba le mmalwa fela teng. Go lebega seno se supa gore gantsi se bakwa fela ke go tlhoa batho ba bangwe e seng ke se se diragaletseng motho ka namana. Baithutaloago ba fitlheletse gore, “letlhoo la basha le godisiwa thata ke ditsala le ba malapa a bone.” Eleruri, diperesente di le 77 tsa ba ba botsoloditsweng, le e leng le fa ba ne ba dumalana le go tlhoa batswakwa, ba ne ba ise ba ko ba kopane ka tlhamalalo le bone kgotsa ba kile ba kopana le bone go sekae fela.
Go ruta thuto ya bopelotshetlha ga go thata, ka gonne rotlhe re goditse bopelotshetlha jo bo rileng go tswa mo batsading ba ba sa itekanelang. Le fa go ntse jalo ke seabe sefe se bodumedi bo nang le sone mo pharologanong e e leng teng gareng ga lorato le letlhoo?
Bodumedi bo Ruta Eng?
Batho ka kakaretso ba akanya gore bodumedi bo rotloetsa lorato. Mme fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa dikgotlhang tsa bodumedi e le tsone lebaka la konokono la dintwa kwa Ireland Bokone, Botlhabagare le India fa re bolela dikai tse tharo fela? Ke boammaaruri gore batho bangwe ba lwela gore go tshwanetse ga bonwa dipolotiki molato ka ntlha ya dikgotlhang tseo, e seng bodumedi. Ke kgang e go ganetsanwang ka yone. Gone mme, go phepafetse gore bodumedi bo reteletswe ke go tsenya lorato lo lo maatla mo bathong go fenya letlhoo la bopolotiki le setso. Tota e bile bontsi jwa Bakatoliki le badumedi ba Orthodox le ba ditumelo tse dingwe, ba rotloetsa letlhoo, e leng mo go felelang ka tirisodikgoka.
Ga go phoso go leka go ganetsa dithuto le ditlwaelo tsa setlhopha se se rileng sa bodumedi tse motho a ikutlwang gore ga di a siama. Le fa go ntse jalo, a seno se mo neela thata ya go dirisa dikgoka go se lwantsha kana go lwantsha maloko a sone? The Encyclopedia of Religion e dumela jaana ka bopeloephepa: “Baeteledipele ba bodumedi ba ile ba rotloeletsa batho go tlhasela ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi gangwe le gape mo hisitoring ya Botlhaba le ya Yuropa.”
Saetlopedia eno e supa gore bodumedi bo na le seabe se segolo mo go diriseng dikgoka, ka go bolela jaana: “Balatedi ba ga Darwin ga se bone fela ba ba dumelang gore kgotlhang e botlhokwa mo go direng gore setšhaba se gatele pele le go gola mo maikutlong. Bodumedi bo nnile motswedi wa goyagoile wa dikgotlhang, wa tirisodikgoka mme ka jalo, le wa kgatelopele.”
Tirisodikgoka e ka se tsewe e siame ka lebaka fela la go bo e a tlhokega gore go nne le kgatelopele, ka gonne seno se tla bo se ganetsana le molaomotheo o o itsegeng o o neng wa tlhomiwa ke Jesu Keresete ka nako ya fa moaposetoloi Petere a ne a leka go mo sireletsa. Mme fa Petere “a ntsha seatla sa gagwe mme a somola tšhaka ya gagwe a ba a janya motlhanka wa moperesiti yo o kwa godimo mme a tlosa tsebe ya gagwe. Ka jalo Jesu a mo raya a re: ‘Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.’”—Mathaio 26:51, 52; Johane 18:10, 11.
Go tlhasela batho ba bangwe ka go dirisa dikgoka—ba siame kana ba le bosula—ga se tsela ya lorato. Ka jalo, batho ba ba dirisang dikgoka ba bua maaka fa ba ipolela gore ba dira dilo ka go etsa Modimo yo o lorato. Mokwadi mongwe e bong Amos Oz o ne a bolela seno bosheng jaana: “Ke tlwaelo ya batho ba ba feteletsang dilo mo bodumeding . . . gore ‘ditaelo’ tse ba reng ba di rewa ke Modimo ka metlha ke tse di botlhokwa, nngwe ya tsone ke: O bolaye. Modimo wa batho bano ba ba feteletsang dilo mo bodumeding o tshwana thata le diabolo.”
Baebele e bua sengwe se se tshwanang le seo: “Bana ba Modimo le bana ba ga Diabolo ba supega ka ntlha eno: Mongwe le mongwe yo o sa tsweleleng a dira tshiamo ga a thaege mo Modimong, lefa e le yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe. Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolayabatho setlhogo, mme lo itse gore ga go na mmolayabatho setlhogo ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo nnetseng ruri mo go ene. Fa mongwe a bua polelo e e reng: ‘Ke rata Modimo,’ mme lefa go ntse jalo a tlhoile mokaulengwe wa gagwe, ke moaki. Ka gonne yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo o mmoneng, ga a ka ke a bo a rata Modimo, o a iseng a o bone. Mme re na le taolo eno go tswa kwa go one, gore yo o ratang Modimo o tshwanetse a bo a rata le mokaulengwe wa gagwe.”—1 Johane 3:10, 15; 4:20, 21.
Bodumedi jwa boammaaruri, bo tshwanetse go latela tsela ya lorato, e e akaretsang go rata le baba. Re bala seno ka Jehofa: “[O] tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio 5:44, 45; bona gape 1 Johane 4:7-10.) A bo o farologane jang ne le Satane, modimo wa letlhoo! O hepisa le go faposa batho gore ba tshele matshelo a bofefe, tlolomolao le bopelotshetlha, ka go dira jalo ba tlatsa matshelo a bone ka bohutsana le tshotlego. O nna a dira seno le fa a itse sentle gore mokgwa o o kgopameng ono wa botshelo kgabagare o tla felela ka tshenyego. A ke mofuta wa modimo o go siameng go mo direla, yo o sa kgoneng—ka phepafalo a sa batle—go sireletsa balatedi ba gagwe?
Poifo, Bogale Kgotsa Kutlobotlhoko
Kgang ya gore mabaka ano a tlhotlheletsa letlhoo e ka tlhomamisiwa motlhofo. Time e bega gore: “Fa e sale go tloga ka dingwaga tsa bo1930 tse di tletseng matshwenyego ditlhopha tsa mekgatlho ya Yuropa ya majelathoko di ne tsa dirisa ditshono tse dintsi tse di neng tsa tlhaga gore di ate. . . . Ka gonne batho ba boifa go latlhegelwa ke mebereko ya bone, ga ba tlhole ba bona botlhokwa jwa go nna kgatlhanong le dipuso tse di repisitseng dilo le tse di pegang molato otlhe mo bathong ba e leng batswakwa ba ba nnang le bone.” Jörg Schindler mo go Rheinischer Merkur/Christ und Welt, o ne a lemosa batho ka dikete di le masomesome tsa batshabi ba dipolotiki ba ba neng ba thologela kwa Jeremane mo masomeng a mabedi a dingwaga a a fetileng. The German Tribune e tlhagisa jaana: “Go tlhaola batho ka lotso go a oketsega mo Yuropa yotlhe.” Thologelo ya bafaladi ba bantsi jaana e baka letlhoo. Batho ba ngongorega ka gore: ‘Ba dira gore re duele thata, ba re tseela ditiro tsa rona, ba kotsi mo barwading ba rona.’ Theodore Zeldin yo o leng leloko la St. Antony’s College kwa Oxford, o rile batho “ba rata go dirisa dikgoka ka gonne ba ikutlwa ba tshosediwa kgotsa ba tseelwa kwa tlase. Dilo tse di ba dirang gore ba nne bogale jalo ke tsone tse di tshwanetseng go elwa tlhoko.”
Mokwadi wa dikgang tsa thelebishene wa Borithane e bong Joan Bakewell o dirisa mafoko a a siameng go tlhalosa lefatshe la rona, le le rutang baagi ba lone go ila. O kwadile jaana: “Ga ke Mokeresete yo o dumelang mo thutong ya motheo ya bodumedi, le fa go le jalo ke lemoga sengwe se se boammaaruri tota mo thutong ya ga Jesu: bosula ke masetlapelo a a nnang teng fa go se na lorato. . . . Ke a itse gore re nna mo setšhabeng se se sa tseyeng thuto ya lorato tsia. Setšhaba se se sa tseyeng dilo masisi thata mo e leng gore se tsaya thuto e e ntseng jalo e le ya boeleele, go itiya fela, Toro, se se nyatsang mogopolo wa gore motho a itime dilo dingwe e le fela gore a tlhokomele ba bangwe le go ba thusa. Se tle se re ‘a re nne boammaaruri’ fa se ntse se fitlhelela mo maemong a bosheng a kgwebo, se tsietsa mo dilong tse se patelesegang go di dira e bile se tle se nyenyefatse bosupi jo bo senolang ka phepafalo gore se phoso. Lefatshe le le ntseng jalo le dira gore batho e nne ba ba reteletsweng, ba ba ikgogonang, batho ba ba sa itseng gore dilo tse setšhaba di di tsayang di le botlhokwa thata ke dife tse di jaaka katlego, go nna le seriti le malapa a a itumetseng.”
Ka phepafalo, modimo wa lefatshe leno e bong Satane o ruta batho go ila. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa rona a ka ithuta go rata ba bangwe. Setlhogo se se latelang se tla bontsha gore seno se ka kgonega.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A e ka tswa e le gore metshameko ya bidio e ruta bana ba gago go ila?
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Thubakanyo ya ntwa ke letshwao la botlhokakitso le letlhoo
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pascal Beaudenon/Sipa Press