Singapore—Sebenyane sa Asia se se Nang le Selabe
THWAA! Dikgoro tse di bokete tsa tshipi tsa Kgolegelo ya Basadi ya Changi kwa Singapore di ne tsa thubaganngwa jalo ka tsela e e tshosang fa motlholagadi wa dingwaga di 71, yo e leng Mokeresete a sena go tsena. Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a lekile go tlhalosetsa moatlhodimogolo boemo jwa gagwe jaana: “Ga ke dire sepe se se kgatlhanong le puso eno.”
Thwaa! Go latela mmèmogolo yo mongwe wa dingwaga di le 72, yo le ene e leng Mokeresete. Molato wa gagwe ke eng? Go fitlhelwa a na le dikgatiso tse nnè tsa Baebele tsa Mokgatlho wa Watch Tower, go akaretsa le khopi ya gagwe ya Baebele e e Boitshepo ka boyone.
Palogotlhe ya baagi ba le 64 ba Singapore ba dingwaga tsa go tloga go 16 go ya go 72 ba ne ba tshwarwa ba bo ba bonwa molato. Ba le 47 mo go bone ba ne ba gana go duela tuelo ya teng ka ntlha ya mabaka mme ba ne ba atlholelwa go nna mo kgolegelong ka lobaka lo lo sa tshwaneng go tloga go beke e le nngwe go ya go di le nnè. Seno se ka direga jang mo motsemogolong o go tweng ke lengwe la mafelo a a gaisang otlhe mo lefatsheng go ka nna mo go lone? Seno se ka direga jang mo motsemogolong o o itsegeng lefatshe lotlhe ka go tlhomama ga ikonomi ya teng, o o tlhabologang thata, o o nang le dikago tsa segompieno le o o ipolelang gore o letlelela madumedi otlhe?
Motsemogolo wa Segompieno
Sa ntlha, mma re bue ka hisitori ya teng ka bokhutshwane. Hisitori ya segompieno ya Singapore e simologile ka 1819 fa Sir Thomas Stamford Raffles wa Boritane a ne a goroga teng. Raffles yo e neng e le moemedi wa East India Company, o ne a batla lefelo le a ka simololelang kgwebo mo dinageng tsa Botlhaba mo go lone. O ne a swetsa ka go leka Singapore. Lefelo leo la kgwebo le le neng la tlhotlheletsa tlhabologo ya Asia Botlhaba go tla go fitlha gompieno le ile la simologa jalo.
Pele ga Singapore e bona boipuso go ne go tle go twe ke motse o o tlhakatlhakaneng. Gompieno, ga go na ope yo o ka reng Singapore e tlhakatlhakane. Ga ya nna jalo. Mo dingwageng tse 30 tse di fetileng, motse otlhe o ntse o agiwa sesha, mo go kgonegang teng go bolokwa popego ya teng ya bogologolo e ka tswa e le ka go tlogela bokafapele jwa dikago tsa bogologolo kana ka go kopanya dikago tsotlhe tsa bogologolo le tsa segompieno. Singapore e fetogile bokopanelo jwa pharakano ya dikepe mo Botlhaba, gantsi e nna le dikepe tse dintsi tse di ka nnang 800 mo boemakepe ka nako e le nngwe. Didirisiwa tsa segompieno tsa tegenoloji ya maemo a a kwa godimo di thusa gore sekepe se segolo se se rwalang dithoto se folose dithoto le go pega tse dingwe mo diureng di sekae fela. Setheo se segolo sa madi sa toropokgolo eno se di duedisa madi a setsha mme e bile se amogela tlhwatlhwa ya go tloga ka R280 200 kana go feta mo sekweremmetareng se le sengwe.
Palo ya baagi ba ka nna 3400 000 e dirilwe ka batho ba ba tlhakanyeng ba Ba-China, Ba-Malay, Baindia, Bayuropa le ba bangwe. Gareng ga dipuo tse ba di buang go na le Mandarin, Malay, Tamil le Seesemane.
Thulaganyo e e bonako ya dipalangwa tse di tsamayang mo godimo le ka fa tlase ga lefatshe ya dikilommetara tse 83 e dira gore Singapore e nne lengwe la mafelo a a nang le thulaganyo ya dipalangwa e e tlhabologileng le e e manontlhotlho go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Diparaka tse ditala di tletse gotlhe mo toropong eo di tla di tsenwa fa gare ke dikago tsa segompieno tse di goletseng kwa godimo. Selo se mojanala yo e leng la ntlha a etela koo a “kgatlhegelang go se bona” ke Hotele e e agilweng sesha ya Raffles, e jaanong e kaiwang e le sefikantswe sa naga eo ka go bo e simologile ka 1889. Lefelo la bobedi ke tshimo ya dimela le maungo ya diheketara di le 52, e diheketara di le nnè tsa yone di bolokilweng e le sekgwa se ka nako nngwe bonkwe ba neng ba sasanka mo go sone.
Kgololesego ya Bodumedi e a Tlhomamisiwa
Sengwe se se oketsang kgatelopele ya Singapore e e sa lekaneng le epe, ke go solofetsa ga yone kgololesego ya bodumedi go banni botlhe. Ka maswabi, Singapore ga ya diragatsa tsholofetso ya yone. Go ntse jalo segolobogolo ka batho ba ba kopanelang le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa.
Molaomotheo wa Repaboliki ya Singapore, mo Setlhogong sa 15(1), o naya motho tetla ya go obamela ka kgololesego: “Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go ipolela le go diragatsa bodumedi jwa gagwe le go bo atisa.”
Setlhogo sa 15(3) sa Molaomotheo se tlhomamisa gore: “Setlhopha sengwe le sengwe sa bodumedi se na le tshwanelo ya go—
(a) laola dikgang tsa sone tsa bodumedi;
(b) itlhomela le go itlhokomelela ditheo tsa sone tse di dirisediwang dilo tsa bodumedi kana tsa go thusa ba ba tlhokang; le go
(c) ipatlela le go nna le setsha se e leng sa sone le go se tlhokomela tumalanong le molao.”
Bogologolo kwa ka 1936, Basupi ba ga Jehofa e ne e le karolo ya setšhaba sa Singapore. Ka dingwaga di le dintsi ba ne ba ntse ba tshwarela dipokano tsa bone tsa phuthego mo Holong ya bone ya Bogosi e e neng e le mo 8 Exeter Road, go bapa fela le mmaraka o o tlhanaselang. Phuthego e ne ya gola, mo godimo ga moo e nna le seabe mo go thuseng gore botshelo jwa setšhaba e nne jo bo siameng.
Basupi ba ga Jehofa ba a Ilediwa
Gotlhe go ne ga fetoga ka January 12, 1972. Go ne ga ntshiwa taolo mo tlase ga Government Banishment Act kgaolo 109, e e laolang gore morongwa wa Mokeresete e bong Norman David Bellotti le mosadi wa gagwe Gladys ba ba nnileng mo Singapore ka dingwaga di le 23 ba tswe mo nageng eo. Seno se ne sa latelwa ka bonako fela ke taolo e e phimolang Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya Singapore mo dibukeng tsa puso. Mo diureng di sekae fela Holo ya Bogosi e ne ya gapiwa ke mapodise a a neng a thubile kgoro e e kwa pele gore ba tsene ka yone. Se se neng sa latela mo e ka nnang morago ga moo e ne ya nna go thibelwa semmuso ga dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Ka jalo ga simologa nako ya go gatelela Basupi ba ga Jehofa.
Holo ya Bogosi moragonyana e ne ya rekisiwa ke puso e le karolo ya yone ya go tsaya dikgato tsa katlholo, seno sotlhe se dirilwe kwantle ga go itsise—go sa reediwa kgetse, go sa sekwa, go se na le tshono ya go ikarabela.
Puso ya Singapore ka makgetlho a mantsi e ne ya umaka go sa nne le seabe mo bosoleng ga Basupi ba ga Jehofa e le lone lebaka la semolao la go ba thibela gotlhelele. Bosheng jaana ka December 29, 1995, Rre K. Kesavapany, e bong moemedi wa leruri wa Singapore kwa lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa Geneva, mo lekwalong le le neng le ya kwa go H. E. Ibrahim Fall, e bong Mothusa Mokwaledimogolo wa Ditshwanelo tsa Botho wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa Geneva, o ne a bolela seno:
“Puso ya me e ileditse mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa ka go tlhotlhelediwa ke maikutlo a go sireletsa setšhaba. Go tswelela ga mokgatlho ono go tla nna kotsi mo molemong le mo tolamong ya setšhaba sa Singapore. Go tsamaisana le go phimolwa ga Basupi ba ga Jehofa mo dibukeng tsa puso e ne ya nna go kganelwa ga dikgatiso tsotlhe tsa bone e le go nonotsha go ilediwa ga mokgatlho ono le go kganela go phasalatsa le go anamisiwa ga tumelo ya bone.”
Go ya ka lebaka le ba le umakang la gore ba kotsi mo tshireletsegong ya setšhaba sa Singapore, go tshwanetse ga elwa tlhoko gore palo ya makau a a ganang go ya bosoleng e ka nna batho ba le batlhano fela ka ngwaga. Singapore e na le masole a ka nna 300 000. Puso ya Singapore e ganne le go akanyetsa go dirisa palonyana eno ditiro tsa tirelosetšhaba.
Go Gatelelwa Phatlalatsa
Morago ga dingwaga di le mmalwa tsa go letlelelwa mo go sa tlhomamang, go ne ga tlhaga sengwe se sesha malebana le go gatelelwa phatlalatsa ga ditshwanelo tsa batho ka 1992 fa batho ba le mmalwa ba ne ba tshwarwa—ba latofalediwa go fitlhelwa ba na le dibuka tse di thibetsweng go ya ka molawana wa Undesirable Publications Act. Ka 1994 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa romela W. Glen How wa dingwaga di le 75 yo e leng Mogakolodi wa Kgosigadi le mmueledi e bile e le Mosupi wa ga Jehofa mo botshelong jotlhe jwa gagwe kwa Singapore. Maemo a gagwe a go nna Mogakolodi wa Kgosigadi a ne a dira gore a tsewe tsia mo a neng a letlelelwa go tlhaga fa pele ga dikgotlatshekelo tsa Singapore. Ka ntlha ya fa Molaomotheo o buelela kgololesego ya bodumedi, o ne a dira boikuelo kwa Kgotlatshekelokgolong ya Singapore, go akaretsa le go gwetlha mabaka a go tshwarwa ga bone le go ba iletsa ka 1972. Ka August 8, 1994, boikuelo joo bo ne jwa tshololwa ke Moatlhodimogolo Yong Pung How wa Kgotlatshekelokgolo ya Singapore. Maiteko a mangwe a go ikuela ka tshwetso e e dirilweng ga a ka a atlega.
Mo tshimologong ya 1995 go bonala gore boikuelo jo bo neng jwa dirwa malebana le Molaomotheo wa Singapore bo ne jwa baka gore go nne le dikgato tse dingwe tse di gatelelang thata. Badiredibagolo ba ba direlang mo sephiring ba Secret Societies Branch ya Lephata la Tlhotlhomiso ya Dikebekwa ba ne ba tlhasela ditlhopha di le dintsi tse dinnye tsa Bakeresete ba ba neng ba kokoane mo magaeng mangwe ba dirisa leano le le tshwanang le la masole le le bidiwang Operation Hope. Baofisiri ba ka nna 70 le ba ba thusang ba ne ba tla go ba phuruphutsa ka tsela ya sesole mo go ileng ga felela ka gore go tshwarwe batho ba le 69. Botlhe ba ne ba romelwa kwa mafelong a go ba botsolotsa, ba bangwe ba ne ba botsolodiwa bosigo jotlhe, mme botlhe ba ne ba latofalediwa go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le go nna le dikgatiso tsa Baebele. Ba bangwe ba ne ba tswalelwa ba le nosi diura di ka nna 18 ba sa kgone le e leng go founela ba malapa a bone.
Ditatofatso kgatlhanong le batswakwa di ne tsa phimolwa. Mme ba le 64 ba e leng baagi ba Singapore ba ne ba sekisiwa kwa kgotlatshekelong mo bofelong jwa 1995 le mo masimologong a 1996. Botlhe ba le 64 ba ne ba bonwa molato. Ba le 47 ba ba gareng ga dingwaga tsa 16 le 72 ga ba a ka ba duela molato wa bone wa diranta di le diketekete mme ba ne ba romelwa kwa kgolegelong go tloga ka lobaka lwa beke go ya go lwa dibeke di le nnè.
Pele ga ba isiwa kwa diseleng tsa bone, banna le basadi ba ne ba apolwa ba sala ba sa ikatega mme ba phuruphudiwa mo pele ga batho ba le mmalwa. Basadi bangwe ba ne ba laelwa go otlolola matsogo a bone, go kotama ka makgetlho a le matlhano le go bula melomo mme ba tsholetse maleme a bone. Mosadi a le mongwe o ne a laelwa go bula marago a gagwe ka menwana. Kwa kgolegelong, banna bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go nwa metsi a a tswang mo megopong ya ntlwana ya boithomelo. Basadi bangwe ba basha ba ne ba tshwarwa jaaka dikebekwa tse di kotsi, ba tswalelwa ba le nosi lobaka lotlhe lo ba lo nnileng mo kgolegelong mme ba newa halofo ya dijo tse batshwarwa ba bangwe ba di newang. Batlhokomedi ba bangwe ba kgolegelo ba ne ba ganela Basupi ka Dibaebele tsa bone.
Mme a re utlweng dikakgelo di sekae tsa basadi bangwe ba ba neng ba tshwerwe. Se ba se begileng se farologana gotlhelele le bokafapele jo bontle jwa dikago tsa motse ono wa segompieno.
“Phaposi ya kgolegelo e ne e le leswe. Mogopo o o tlhapelang le ntlwana ya boithomelo di ne di le mo boemong jo bo boifisang. Di tletse seretse mme di le leswe. Ka fa tlase ga banka e ke neng ke nna mo go yone go ne go na le bobi jwa segokgo e bile e le leswe.”
“Ke ne ka laelwa go apola ke sala ke sa ikatega mme ka neelwa diaparo tsa kgolegelo, mogotshwana wa sesepa (o se na sesepa) le borashe jwa meno. Ke ne ka bolelelwa ke batshwarwa ba bangwe mo seleng ya me gore batshwarwa ba nakwana ga ba newe sesepa sa go tlhapa meno kana pampiri ya ntlwana.”
“Re ne re le 20 mo seleng e le nngwe. Ntlwana ke e o kotamang mo godimo ga yone mme lebota la yone le fitlha fela mo lethekeng la me. Botlhapelo bo ne bo na le shawara e le nosi fela le mogotshwana wa go tlhapela o le mongwe o o nang le thepe. Re ne re tshwanetse ra tlhapa ka ditlhopha tsa batho ba le barataro—rotlhe mo seleng re ne re tshwanetse ra bo re tlhapile mo halofong ya ura mo mosong.”
Go sa kgathalesege botlhoko jwa go tshwarwa, botlhe ba ne ba go tsaya e le tshiamelo go direla Modimo—nako nngwe le nngwe, gotlhe fela, go sa kgathalesege maemo. Ela tlhoko kakgelo eno ya mosha wa mosetsana:
“Go tloga fela fa ke tsena ka kgolegelo, ke ne ka nna ke ikgakolola lebaka la go bo ke le foo. Letsatsi le letsatsi ke ne ke rapela Jehofa gore a reetse thapelo ya me mme a se ntlogele. Ke ne ka ikutlwa gore o arabetse thapelo ya me ka ntlha ya gore e ne ya nna moya wa gagwe o o boitshepo o o neng wa nthusa gore ke itshoke. E ne ya nna gone ke lemogang ka fa ke tsalanang thata le ene ka teng, mme seo se nnonotshitse thata ka ke ne ke itse gore o re shebile. Ke ikutlwa e le tshiamelo go bo ke kgonne go fenya teko eno ka ntlha ya leina la gagwe.”
Makwalodikgang mo lefatsheng lotlhe a ne a utlwalela tiragalo eo ka bonako. Boradikgang kwa Australia, Canada, Hong Kong, Malaysia, United States, Yuropa le kwa mafelong a mangwe ba ne ba bega ditiragalo tseno ba bo ba di boeletsa. The Toronto Star ya Canada e ne ya sobokanya ditiragalo tseo tsa bosetlhogo ka setlhogo sa yone se se reng “Nkoko o Tshwaretswe go Nna le Baebele.” Ke boammaaruri gore lefatshe le na le mathata a mantsi a a masisi a a amang batho ba le bantsi thata, le fa go ntse jalo mo kgannyeng eno, potso e e bodiwang ke batho ba ba gakgametseng gotlhe ke e e tshwanang. “Kwa Singapore tota?”
Go thata go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa bodumedi jo bo dirang ka kgololesego bo sireleditswe ke molao mo dinageng tse di fetang 200 go dikologa lefatshe bo tshwanetseng go bogisiwa jaana mo Singapore. Go sa ntse go le thata go tlhaloganya fa re ela tlhoko gore ga go na bodumedi jo bongwe gape kwa Singapore jo bo kileng jwa tshwarwa ka tsela eno e e sa akanyetseng le e e setlhogo.
Eleruri, motlatsa mookamedi wa mapodise yo o neng a eteletsepele letsholo la go phuruphutsa Basupi ba ga Jehofa o ne a dumela kwa kgotlatshekelo gore leno e ne e le lekgetlho la ntlha le ene le mapodise a gagwe ba kileng ba laelwa go senya pokano ya bodumedi. Mafoko a a latelang re a nopotse mo direkotong tsa bosupi:
P: (Go mosupi) Ka fa o itseng ka teng a Secret Societies Branch e kile ya phuruphutsa le go atlhola setlhopha sepe fela sa bodumedi se se seng ka fa molaong kwantle ga Basupi ba ga Jehofa?
K: E seng kafa ke itseng ka teng.
Mme dipotso di a tswelela.
P: (Go mosupi) A o kile ka nako nngwe fela wa nna mo letsholong le le tshwanang le leno la go phuruphutsa setlhopha se sennye sa bodumedi se se kopanelang mo legaeng lengwe mme se sa ikwadisa ka fa molaong mo tlase ga Societies Act?
K: Nnyaa.
Boikuelo Jwa go Tsaya Kgato
Amnesty International le International Bar Association nngwe le nngwe e ne ya romela moelatlhoko wa yone yo o kgethegileng go tla go tlhotlhomisa bothokgami jwa ditsheko tseno. Moelatlhoko yo o sa gobeleleng wa Amnesty International e bong Andrew Raffell, yo ene ka boene e leng mmueledi wa tsa boikuelo kwa Hong Kong o ne a bua seno: “Ke bega gore e ne e tshwana le kgotlatshekelo ya batho ba ba ineileng molao mo matsogong.” O ne a tlhalosa gape gore badiredibagolo ba puso ba ba neng ba kopilwe go nna basupi ba ne ba sa kgone go tlhalosetsa kgotlatshekelo gore ke ka ntlha yang fa dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa di kaiwa e le tse di sa siamang. Raffell o ne a bontsha lenaane la dikgatiso tsa Baebele tse di thibetsweng tse di akaretsang Happiness—How to Find It le Bosha Jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. O ne a ba a oketsa ka gore ga di a tshwanela go tsewa jaaka tse di sa siamang ka tsela epe fela.
Moelatlhoko wa International Bar Association e bong Cecil Rajendra o ne a bolela jaana:
“Mo go nna, go tloga fela kwa tshimologong, go ne go phepafetse gore tsheko eno yotlhe sentlentle e ne e le . . . go bontsha lefatshe ka tsela e e sokameng gore puso ya batho ka batho e sa ntse e diragadiwa mo Singapore.
“Tshwetso e e neng e dirilwe e ne e le e motho a neng a ka e bonela pele mme go ne go se na pelaelo epe pele ga moo, ka nako ya tsheko kana kwa bofelong jwa yone gore botlhe ba ba latofadiwang ba tla bonwa molato fela jaaka ba ne ba atlhotswe.
“Le fa tota tsheko e ne e tshwaretswe mo kgotlatshekelong e nnye e bile ditatofatso tsa teng e le tse di fapogileng Societies Act go sekae, boemo jo bo neng bo le mo kgotlatshekelong e ne e le jwa go boifisa le go tshosetsa.
“Boemo bo ne bo dirwa maswe ke ntlha ya gore go ne go na le mapodisi a ka nna 10 a a apereng diaparo tsa tiro ba ba neng ba le moo (ba le 6 mo teng ga kgotlatshekelo, ba le 4 kwa ntle) le banna ba ba tswang go Special Branch ba sa apara diaparo tsa tiro ba ntse mo mathuding.”
Fa a bua ka tsela e tsheko ka boyone e neng e tsamaisiwa ka yone, Rajendra o tswelela jaana:
“Boitshwaro jwa Moatlhodi yo o boletsweng fa godimo mo nakong ya fa ke ne ke etse tlhoko tsheko eno (le mo nakong yotlhe ya tsheko jaaka fa go supelwa ke bosupi jo bo rekotilweng) bo ne bo sa kgotsofatse. . . . Go farologana le mokgwa wa tsheko e e sa gobeleleng, gangwe le gape Moatlhodi o ne a tsaya letlhakore la basekisi mme a kgoreletsa mmueledi wa balatofadiwa go botsolotsa basupi ba balatofatsi ka makwalo a a neelang bosupi, ka sekai, basekisi ba ne ba ntsha thanolo ya Baebele ya King James go bontsha gore balatofadiwa ba fitlhetswe ba na le dikgatiso tse di thibetsweng ka fa molaong!”
Batho ba dinaga tse dingwe ba ne ba tshwentswe thata ke go bo Singapore e gatelela ditshwanelo tsa batho mo e leng gore makasine wa Belgium o o nang le setlhogo se se reng Human Rights Without Frontiers o ne wa gatisa pego ya ditsebe di le 18 e e bolelang thatathata ka tsela e puso ya Singapore e neng e tlhasela Basupi ba ga Jehofa ka yone. Fa a tlhalosa maikutlo a gagwe, Willy Fautré yo o leng morulaganyimogolo wa lokwalopaka loo o ne a tlhalosa sentle tsela e e siameng ya go naya batho kgololesego mo pusong nngwe le nngwe ka tsela eno:
“Le fa tota kgololesego ya bodumedi e le nngwe ya dilo tse di bontshang maemo a kgololesego ya batho ka kakaretso mo setšhabeng sengwe le sengwe, ke mekgatlho e sekae fela ya ditshwanelo tsa batho e e ileng ya nna le seabe mo go fediseng mekgwa eo ya go tlhaolana le go tlhoana ka ntlha ya bodumedi kana tumelo, kana mo go tlhagogeng ga megopolo e e sireletsang le go rotloetsa kgololesego ya bodumedi.”
Human Rights Without Frontiers e gatisitse lenaane la dikgakololo ka ditlhaka tse di bontsho jo bo tseneletseng mo tsebeng e e ka fa morago ya pego ya teng.
Basupi ba ga Jehofa ba mosola thata mo Singapore. Ba tlotla ditshwanelo tsa baagelani ba bone mme ga ba ka ke ba ba direla bokebekwa. Ga go na moagi ope wa Singapore yo o ka tshwenyegang ka gore ntlo ya gagwe e tla thubelwa kana gore o tla tlhaselwa, a itewa kana a betelelwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Bodiredi jwa bone jwa phatlalatsa jo ba bo dirang ka go rata bo nonotsha le go tokafatsa botshelo jwa lelapa le go godisa boagisani jo bo molemo. Ba tshwara dithuto tsa Baebele mahala le mongwe le mongwe yo o batlang go ithuta melaometheo e e agang ya Baebele le ka moo a ka e dirisang ka teng mo botshelong jwa gagwe. Dipokano tsa bone tsa thuto ya Baebele le thapelo ke karolo ya bone ya thuto ya Bokeresete. Seno se ba dirile gore e nne baagi ba ba molemo.
Baagi ba Singapore ba ba tlotlang repaboliki ya bone mme ba e batlela isagwe e e molemo thata ba tshwanetse ba rotloetsa puso go akanya sesha ka seemo sa Basupi ba ga Jehofa mo setšhabeng sa Singapore. Ke nako ya go tlogela go ba iletsa mme ba ba busetse se moagi mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le sone—e leng go obamela ka kgololesego.
[Lebokoso mo go tsebe 30]
Lefatshe Le Lebile
1. “Fa mapodise a Singapore a ne a tlhasela magae a le matlhano ka tshoganetso bosigo bongwe ka February yo o fetileng mo letsholong le le jaaka la masole, banna, basadi le basha ba le 69 ba ne ba tshwarwa le go gogelwa kwa ntlokgolong ya mapodise. Ga se ka moo dipokano tsa thuto ya baebele di tshwanetseng tsa bo di fedile ka teng.”—The Ottawa Citizen, Canada, December 28, 1995, tsebe A10.
2. “E tla nna selo se se itumedisang botlhe ba ba amegileng ka kgololesego ya bodumedi le ditshwanelo tsa digakolodi fa Puso ya Singapore e ka tlhabolola boemo jwa yone tebang le batho bano ba ba se nang molato le ba ba seng kotsi le go ba letla go diragatsa le go itsise tumelo ya bone kwantle ga poifo kana kgoreletso.”—Porofesa Bryan R. Wilson, wa Yunibesithi ya Oxford, Engelane.
3. “Mo motseletseleng wa ditsheko tse di neng tsa tsoga tse di neng tsa kgopisa ditlhopha tsa kgololesego tsa dinaga tse dingwe, dikgotlatshekelo tsa Singapore di ne tsa bona Basupi ba ga Jehofa ba le 63 molato go tloga ka November e e fetileng.”—Asahi Evening News, Japane, January 19, 1996, tsebe 3.
4. “Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse ba letlelelwa go kokoana le go dira ditiro tsa bodumedi jwa bone ka kagiso ba sa tshosediwe ka go tshwarwa kana go tsenngwa mo kgolegelong. Kgololesego ya bodumedi ke tshwanelo ya botlhokwa mo Molaomotheong wa Singapore.”—Amnesty International, November 22, 1995.
5. Chan Siu-ching, modulasetilo wa Justice and Peace Commission wa Kgaolo ya Katoliki mo Hong Kong, mo lekwalong la gagwe la June 1, 1995 go Lee Kuan Yew, yo e leng Tonakgolo, mo Ofising ya Tautona, o ne a bolela seno: “Kgang ya botlhokwa ke gore le fa puso ya Singapore e akanya gore ba ba ganang ditirelo tsa sesole ba tlola molao le gore ba tshwanetse go bonwa molato, maloko a mangwe a a nnang le seabe fela mo dikokoanong tsa bodumedi ka mabaka a kobamelo ga ba a tshwanelwa go amiwa ke seno. . . .
“Ka jalo re kwalela Puso ya lona go kopa gore:
1. e se thibele Basupi ba ga Jehofa e le gore ba ka obama ka kgololesego le ka segakolodi se se gololesegileng;
2. e tlogele go atlhola maloko a Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang teng kwa dikokoanong ka mabaka a bodumedi.
3. e golole maloko a Basupi ba ga Jehofa ba ba tshwerweng bosheng jaana ka go bo fela ba le mo ditirong tsa bodumedi.”
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Basupi ba ga Jehofa kwa kgotlatshekelo morago ga go atlholwa
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Mosupi yono wa dingwaga di le 71 o ne a bolelela moatlhodi gore: “Ga ke dire sepe se se kgatlhanong le puso eno.” Le fa go ntse jalo, o ne a latlhelwa mo kgolegelong