Boitlosobodutu jo bo Molemo bo Teng
BAEBELE ga e nyatse monate wa boitlosobodutu, e bile ga e tseye monate wa boitapoloso e le tshenyo ya nako. Go na le moo, Moreri 3:4 ya re go na le “motlha wa go tshega” le “motlha wa go bina.”a Batho ba Modimo kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba ipelela mefuta e e farologaneng ya boitlosobodutu, e e akaretsang mmino, go bina le metshameko. Jesu ka boene o ne a nna teng mo moletlong o mogolo wa lenyalo mme mo tiragalong e nngwe gape, a nna gone mo “[modirong] wa mokete o mogolo.” (Luke 5:29; Johane 2:1, 2) Ka jalo Baebele ga e kgatlhanong le go ijesa monate.
Le fa go ntse jalo, e re ka bontsi jwa boitlosobodutu jwa gompieno bo rotloetsa boitsholo jo bo sa itumediseng Modimo, potso e e tlhagang ke ya gore, Ke eng se o ka se dirang gore dilo tse o tlhophang go itlosa bodutu ka tsone e nne tse di molemo?
Tlhopha Sentle
Fa Bakeresete ba tlhopha boitlosobodutu, ba tla batla go kaelwa ke melaometheo ya Baebele. Ka sekai, mopesalema Dafite o ne a kwala jaana: “Jehofa o leka basiami; moikepi le yo o ratang go thubaka, mowa wa gagwe o a ba ila.” (Pesalema 11:5) Mme Paulo o ne a kwalela Bakolosa gore: “Jalo, bolayang, ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng malebang le kgokafalo, bosengphepa, go fisegela tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha . . . Di tloseng tsotlhe tota mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e bifelesegang.”—Bakolosa 3:5, 8.
Boitlosobodutu jo bontsi jo bo leng teng gompieno ka phepafalo bo thulana le kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng. Bangwe ba ka nna ba gana ba re, ‘Mme nna nka se dire dilo tse ke di bonang di dirwa mo thelebisheneng.’ Go ka nna ga bo go le jalo. Mme le fa boitlosobodutu jwa gago bo sa supe gore o tla nna le botho jo bo ntseng jang, bo ka nna jwa senola sengwe ka botho jo o setseng o na le jone. Ka sekai, bo ka nna jwa bontsha gore a o mongwe wa batho ba ba “ratang thubakanyo” kana ba ba tshwaregileng ka ‘kgokafalo, go eletsa tlhakanelodikobo, bopelotshetlha le polelo e e sa siamang’ kgotsa gore a o mongwe wa ba tota ba ‘ilang bosula.’—Pesalema 97:10.
Paulo o ne a kwalela Bafilipi jaana: “Dilo lefa e le dife tse di boammaaruri, dilo lefa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo lefa e le dife tse di siameng, dilo lefa e le dife tse di itshekileng, dilo lefa e le dife tse di rategang, dilo lefa e le dife tse di buiwang molemo, lefa e le bomolemo bofe jo bo leng gone jo bogolo thata le selo lefa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se leng gone, tswelelang lo akanyetsa dilo tseno.”— Bafilipi 4:8.
A mme lekwalo leno le bolela gore baesekopo, buka kana thulaganyo ya thelebishene nngwe le nngwe e mo go yone karolonyana nngwe ya teng e bontshang mokgwa mongwe fela o o sa siamang, gongwe e le bokebekwa e bosula? Kgotsa a metlae yotlhe ga ya siama ka gonne e sa ‘tsewe ka masisi’? Nnyaa, ka gonne kgang e e dikologileng e bontsha gore Paulo o ne a sa bue ka boitlosobodutu mme o ne a bua ka go akanya ga pelo, gore go tshwanetse ga sekamela mo dilong tse di itumedisang Jehofa. (Pesalema 19:14) Le fa go ntse jalo, se Paulo a se buileng se ka re thusa go tlhopha boitlosobodutu jwa rona sentle. Re ka ipotsa jaana re dirisa molaomotheo o o mo go Bafilipi 4:8, ‘A boitlosobodutu jo ke bo tlhophang bo ntira gore ke tlhatlhanye ka dilo tse di sa itshekang?’ Fa go ntse jalo he re tlhoka go dira diphetogo.
Le fa go ntse jalo, fa Bakeresete ba sekaseka boitlosobodutu jwa bone, ba tshwanetse go dira gore ‘go nna kakanyetso ga bone go itsiwe mo bathong botlhe.’ (Bafilipi 4:5) Go phepafetse gore go na le boitlosobodutu jo bo feteletseng jo eleruri bo sa siamelang Bakeresete ba boammaaruri. Mo godimo ga moo, mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka mabaka ka kelotlhoko mme a itirele ditshwetso tse di tla mo tlogelang ka segakolodi se se phepa mo pele ga Modimo le batho. (1 Bakorintha 10:31-33; 1 Petere 3:21) Ga go ne go siama go atlhola ba bangwe mo dilong tse e seng tsa sepe kana go tlhoma melao e e feteletseng e e laolang se ba bangwe ba tshwanetseng go se dira.b—Baroma 14:4; 1 Bakorintha 4:6.
Seabe sa Batsadi
Batsadi ba na le seabe se se botlhokwa mo kgannyeng ya boitlosobodutu. Paulo o ne a kwala jaana: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Ka jalo, batsadi ba na le boikarabelo jwa go tlamela ba malapa a bone e seng fela mo nameng mme gape mo semoyeng le mo maikutlong. Seno se tla akaretsa le go ba baakanyetsa boitapoloso jo bo siameng.—Diane 24:27.
Ka dinako dingwe karolo eno ya botshelo jwa lelapa e a tlhokomologiwa. Morongwa mongwe kwa Nigeria a re: “Ka maswabi batsadi bangwe ba tsaya boitapoloso e le tshenyo ya nako. Ka ntlha ya seo, bana bangwe ba tlogelwa ba le nosi mme ba iponela ditsala tse di sa siamang le mokgwa o o sa siamang wa go itumedisa.” Batsadi, se letleng seno go direga! Tlhomamisang gore bana ba lona ba bona boitapoloso jo bo siameng jo bo tla ba lapolosang.
Mme go tlhokega gore lo ele tlhoko. Bakeresete ga ba a tshwanela go tshwana le bontsi jwa batho ba gompieno e leng “barati ba menate go na le barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Ee, boitlosobodutu bo tshwanetse go dirwa sentle. Bo tshwanetse go lapolosa—e seng go laola botshelo jwa motho. Ka jalo bana le bagolo ga ba tlhoke fela mofuta o o siameng wa boitlosobodutu mme gape ba tlhoka jo bo lekaneng.—Baefeso 5:15, 16.
Itumelele Ditiro Tse Dingwe
Bontsi jwa boitlosobodutu bo dira gore batho ba nne botshwakga go na le go ba dira matlhagatlhaga. Ka sekai, akanya ka thelebishene. Buka ya What to Do After You Turn Off the TV e akgela jaana: “[Thelebishene] ka mokgwa wa yone e re ruta go nna botshwakga: Boitlosobodutu le e leng go ithuta e nna selo se re se bonang kwantle ga matsapa, ga se selo se re itirelang sone re le matlhagatlhaga.” Gone mme, boitlosobodutu jo bo sa tlhokeng matsapa a a kalo bo ka nna molemo. Mme fa bo jela motho nako e ntsi e a sa direng sepe ka yone, bo mo amoga ditshono tse di itumedisang.
Mokwadi mongwe e bong Jerry Mander yo o bolelang gore ke “mongwe wa dikokomana tse di godileng pele ga go nna le thelebishene,” o tlhalosa dinako tsa fa a ne a tle a jewe ke bodutu fa e sa ntse e le ngwana: “Ke ne ke tla gape ke tlhobaela. Go ne go le bosula ka tsela e e feteletseng, go le bosula mo e leng gore ke ne ke feleletsa ke tsere kgato—go dira sengwe. Ke ne ke founela tsala ya me, ke iphokisa phefo. Ke ne ke tswa go ya go tshameka bolo. Ke ne ke bala. Ke ne ke dira sengwe. Fa ke leba kwa morago, ke leba nako eo ya go jewa ke bodutu, ya ‘go sa dire sepe,’ e le seemo se se bosula se se neng se tlhotlheletsa motho go itirela dilo.” Mander o bolela gore gompieno bana ba dirisa thelebishene e le yone tharabololo ya ka bonako ya go leleka bodutu. O oketsa jaana: “Thelebishene e nyeletsa go tlhobaela le go kgona go itirela dilo go bo ka dirang gore go nne gone.”
Ka jalo, bontsi bo lemogile gore ditiro tse di tlhokang gore motho a nne le seabe go na le go nna fela di ka kgotsofatsa thata go feta ka moo ba neng ba akanya ka teng. Ba bangwe ba lemogile gore go balela kwa godimo ba na le ba bangwe go ka itumedisa tota. Ba bangwe ba dira ditiro tsa go itlosa bodutu tse di jaaka go tshameka seletswa sa mmino kana go taka ditshwantsho. Gape go na le ditshono tsa go rulaganya dikokoano tse di agang.c (Luke 14:12-14) Boitapoloso jo bo sa direlweng mo gae le jone bo ka nna molemo. Mmegadikgang wa Tsogang! kwa Sweden o bega jaana: “Malapa a mangwe a tswa go ya go thibelela kana go tshwara ditlhapi, kgotsa go tsamayatsamaya mo sekgweng, maeto ka mokoro, go tsamaya mo dithabeng jalo le jalo. Basha ba itumelela dilo tseno.”
Go nna gone ga dilo tse di senyang mo boitlosobodutung ga go a tshwanela go re gakgamatsa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re batho ba ditšhaba ba “tsamaya mo bosenangpoelo jwa megopolo ya [b]one.” (Baefeso 4:17) Ka jalo, go tshwanetse ga lebelelwa gore bontsi jwa se ba se bonang se tlosa bodutu se tla nna “ditiro tsa nama.” (Bagalatia 5:19-21) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse go itlwaetsa go dira ditshwetso tse di siameng malebana le gore ba batla go dira boitlosobodutu jo bo ntseng jang le jo bo kana kang. Ba ka nna gape ba dira boitapoloso karolo ya lelapa mme ba ka nna ba leka le dilo tse disha tse di tla lapolosang le go nna di gakologelwa dingwaga di le dintsi tse di tla latelang. Ee, boitlosobodutu jo bo molemo bo teng!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dikarolo tse dingwe tsa mafoko a Sehebera a a ranotsweng e le “go tshega” a ka kaya “go tshameka,” “go itumedisa,” “go keteka,” kgotsa “go ijesa monate.”
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tsogang! ya March 22, 1978, ditsebe 16-21 (ka Seesemane) le December 8, 1995 ditsebe 6-8 (ka Seesemane).
c Go bona dikaelo tsa Dikwalo ka dikokoano tsa botsala, bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1992, ditsebe 15-20 le October 1, 1996, ditsebe 18-19.
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Boitapoloso jo bo molemo bo ka nna mosola