LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 6/8 ts. 31
  • Melemo ya Boikgapho Le go Se Nyale Lefufa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Melemo ya Boikgapho Le go Se Nyale Lefufa
  • Tsogang!—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • AIDS—E Tla Fela Jang?
    Tsogang!—1992
  • Ke ka Tila Jang go Tsenwa ke AIDS?
    Tsogang!—1993
  • Go Thusa Ba Ba Nang Le AIDS
    Tsogang!—1994
  • AIDS—Bothata Jo Bogolo jwa Basha
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 6/8 ts. 31

Melemo ya Boikgapho Le go Se Nyale Lefufa

GO TLA go fitlha jaanong, dimilione di ka nna 30 tsa batho di na le baerase ya AIDS, mme ba ba fetang dimilione tse 6 ba sule. Go fitlhelwa e tshwere ba bangwe ba basha ba le 8500 letsatsi le letsatsi—ba le 1400 mo go bone e le bana, ba gantsi ba swang mo ngwageng wa bone wa ntlha wa botshelo. Matsholo a go tweng ke a tlhakanelodikobo e e sireletsegileng a ile a tsibosa setšhaba, mme bangwe ba akanya gore seno ga se a lekana. Dr. Steven J. Sainsbury o ne a kwala jaana go The Tampa Tribune: “AIDS ke bolwetse jo bo bolayang, mme maiteko ape fela a a tsewang go kganela go anama ga yone e tshwanetse go nna a a dirang ka diperesente di le 100.”

Dr. Sainsbury o ne a akgela jaana malebana le go dirisa dikhontomo jaaka mokgwa wa go kganela AIDS: “E lebe ka tsela eno. A re re gongwe ka mabaka a a sa itseweng, dikoloi ka tshoganetso di simolola go thunya nako le nako fa mongwe a di dumisa. Boradikoloi ba bolawa ke seno mo nageng yotlhe. Kgabagare, puso e tla ka tharabololo. Ba re, tshela selonyana seno mo peterolong, mme poifo ya gore e tla thunya e tla fokotsega ka diperesente di le 90. A o ka tsaya gore bothata bo rarabolotswe? A o tla nna o kgweetsa koloi ya gago? Ga ke dumele. Jalo he, ke ka ntlha yang fa re amogela gore dikhontomo ke tsone tharabololo ya AIDS?”

E re ka a lemogile gore AIDS gantsi e bakwa ke tlhakanelodikobo, Dr. Sainsbury o ne a tla ka tharabololo eno: “A go se tlhakanelwe dikobo go fitlha motho a siametse go ka nyalana le monna kana mosadi a le mongwe yo o sa tshwaetsegang. Dilo tsa botlhokwa ke boikgapho le go se nyale lefufa.”

Baebele e laela batho ba ba iseng ba nyale gore ba ikgaphe mo go tlhakaneleng dikobo mme ba ba nyetseng gore ba se nyale lefufa. Molao wa maemo a a kwa godimo wa Baebele o iletsa kgokafalo, boaka le bosodoma. (Mathaio 19:4-6; 1 Bakorintha 6:9, 10; 7:8, 9) Le fa bontsi bo nyatsa molao ono, ba re o setse o feletswe ke nako kana ke wa bogologolo, boitsholo jwa Baebele bo dira gore motho a itekanele sentle le go nna a ritibetse mo maikutlong.—Isaia 48:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela