Ke ne Ka Ithuta Puo e Sele Gore ke Kgone go Buisana le Ngwanake
GO TSHOLWA ga morwa wa rona Spencer, ka August 1982 e ne ya nna tiragalo e e itumedisang go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa rona. E ne e le lesea le le itekanetseng sentle! Nna le monna wa me re ne ra rulaganya go nna dingwaga tse tlhano pele re nna le ngwana wa rona wa ntlha. Fa dikgwedi di ntse di feta a sena go tsholwa, a bo re ile ra itumela jang ne go mmona a gola! Ka metlha ngaka e ne e sa bone sepe se se phoso fa re mo isa kgwedi le kgwedi go ya go mo tlhatlhoba. Ke ne ka leboga Jehofa ka ntlha ya masego ao a a molemo.
Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa Spencer a le dikgwedi tse robonngwe, ke ne ka simolola go belaela gore go na le sengwe se se phoso. O ne a sa tsibogele mantswe kana medumo mengwe. Ke ne ke tle ke leke go bona gore a o a utlwa ka go ema mo a sa mponeng teng ke bo ke itaanya dipane kana dilwana tse dingwe. Ka dinako tse dingwe o ne a tle a gadime, mme e ne e se ka dinako tsotlhe. Ka nako ya fa ke ne ke mo isitse go ya go tlhatlhobiwa a le dikgwedi tse robonngwe, ke ne ka bolelela ngaka ya gagwe selo seo se se ntshwenyang, mme o ne a ntlhomamisetsa gore go ne go se molato ope ka morwaake le gore ke se ka ka tshwenyega. Mme gone, fa dikgwedi di ntse di feta, o ne a santse a sa tsibogele sepe kana go ntsha modumo ope.
Fa ke ne ke mo isitse go ya go tlhatlhobiwa a na le ngwaga, ke ne ka bowa ka bolelela ngaka selo seo se se ntshwenyang. Gape e ne ya se ka ya bona sepe se se phoso, lefa go ntse jalo e ne ya re re ye kwa ngakeng ya batho ba ba bosusu. Ke ne ka isa Spencer teng go ya go tlhatlhobiwa mme ba ne ba sa tlhomamisege sentle. Ke ne ka boa gape lekgetlo la bobedi le la boraro, ba nna ba re ga ba tlhomamise. Ngaka e ne ya akanya gore fa Spencer a ntse a gola ke gone e neng e tla kgona go lemoga sengwe. Dingwaga tse tharo tsa ntlha tsa ngwana di botlhokwa thata mo tseleng e a ithutang go bua ka yone. Ke ne ka simolola go tshwenyega thata. Ke ne ka nna ka botsa ngaka eno ya batho ba ba bosusu gore a ga go na tsela ya go tlhatlhoba e e botokanyana. Kgabagare, e ne ya re go na le tsela ya go tlhatlhoba thito ya boboko e e thusang motho go utlwa kwa kokelong ya Massachusetts Eye and Ear Infirmary.
Ke ne ka Tlalelwa
Beke e e latelang eo re ne ra ya kwa kokelong eo kwa Boston. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nnonotshe go amogela dipholo dipe fela tse ba neng ba tla di mpolelela. Mo pelong ya me ke ne ke ikutlwa gore Spencer o ne a sa utlwe sentle le gore o ne a ka thusiwa fela ke go newa sengwe se se ka mo thusang go utlwa. Ruri ke ne ke fositse! Fa motegeniki wa teng a sena go mo tlhatlhoba o ne a re biletsa mo ofising ya gagwe. Dipholo tsa teng di ne di sa kabakanye: Spencer o ne a na le bothata jo bo masisi jwa gore ditsibosi tsa gagwe tsa kutlo ga di bereke. Fa ke mo kopa gore a tlhalose gore seo se kaya eng, o ne a re morwaake ga a kgone go utlwa motho fa a bua le bontsi jwa medumo e mengwe. Ke ne ke sa solofela go utlwa seo; ke ne ka tlalelwa.
Teng fela foo ke ne ka ipotsa, ‘Go ka tla jang gore seo se direge? Ke eng se se ka tswang se go bakile?’ Ke ne ka akanya ka nako ya fa ke mo imile le fa a ne a tsholwa. Sengwe le sengwe se tsamaile sentle fela. Spencer o ne a ise a ko a tshwaetsege ditsebe ka tsela nngwe lefa e le go tshwarwa ke mofikela ope o o masisi. Ke ne ke tobekane maikutlo tota! Jaanong ke ne ke tlile go dira eng? Ke ne ka founela lelapa la gaetsho le ditsala dingwe mme ka ba bolelela dipholo tseo. Tsala nngwe ya Mosupi e ne ya nkgothatsa e re ke lebe seo e le kgwetlho; ke ne ke tshwanetse fela gore ke rute Spencer ka tsela e sele. Ke ne ka lebogela Jehofa go nnaya nonofo eo e ke neng ke e tlhoka.
Ke Eng se se Neng se ka Thusa Spencer?
Ke ne ke sa itse sepe ka go godisa ngwana yo o susu kana gore go nna motho yo o susu go ntse jang. Ke ne ke tlile go godisa ngwanake jang le go buisana le ene ka botlalo? Ke ne ka tlelwa ke dikakanyo tse dintsi.
Beke e e latelang eo re ne ra boela kwa kokelong, mme motegeniki wa teng o ne a tla go tlotla le rona ka mekgwa e re neng re ka e dirisa. O ne a tlhalosa gore mokgwa o mongwe, e bong wa go bua, o ne o le malebana thata le go tokafatsa tsela ya go bua le bokgoni jwa go reetsa ka go leba motho dipounama. Mokgwa o mongwe e ne e le wa go bua ka diatla e leng puo ya batho ba ba bosusu. Go ne go na le thulaganyo nngwe e e neng e ruta batho go buisana ka puo ya diatla mme morago e ba rute go reetsa yo mongwe ka go mo leba dipounama le mekgwa ya go kgona go bua. Motegeniki yono gape o ne a akantsha gore re dirise le dithusakutlo tse di neng di ka thusa morwaake go oketsa selekanonyana se a neng a kgona go utlwa ka sone. Go tswa foo re ne ra etela ngaka ya batho ba ba bosusu ya mo lefelong la rona e e neng ya tsenya Spencer dithusakutlo mo ditsebeng. Ka nako ya fa re etetse ngaka eno ya batho ba ba bosusu, e ne ya bolela gore Spencer e ne e tla nna moithuti yo o molemo thata wa mokgwa wa go ithuta go bua.
Ke eng se se neng se ka tshwanela Spencer? Ke ne ka akanya ka se tota se neng se le botlhokwa. Jehofa o batla gore re buisane le bana ba rona; seno se botlhokwa gore motho a atlege mo botshelong jwa lelapa. Re ne re ka leka mokgwa wa go buisana ka molomo le go gagamalela go mo ruta go bua le go kgona go reetsa ka go leba dipounama tsa motho. Go ne go ka nna ga direga gore Spencer a kgone go tokafatsa tsela ya gagwe ya go bua go fitlha mo ba bangwe ba neng ba ka kgona go mo tlhaloganya. Lefa go ntse jalo, go ne go tla feta dingwagangwaga re sa tlhomamise ka seo! Ke eng se re neng re tlile go se dira jaanong? Re ne ra swetsa gore re dirise mokgwa wa go buisana ka diatla.
Mo kgweding e e neng ya latela, re ne ra kwadisa Spencer mo go se se neng se bidiwa, thulaganyo ya go buisana ka botlalo. Nna le Spencer re ne ra ithuta thuto ya motheo ya go bua ka diatla mme gape Spencer o ne a rutwa go bua Seesemane le go reetsa ka go leba motho dipounama. Ke ne ka bontshiwa tsela e ke neng ke ka ruta morwaake ka yone. Dikgwedi di ne tsa feta, mme Spencer o ne a gatela pele sentle thata. Lefa go ntse jalo, ke ne ke santse ke tle ke ikutlwe ke tlaletswe. Ke ne ke tle ke kgobege marapo fa ke utlwa bana ba bangwe ba re “Mama” kana ba ithuta go re “Jehofa.” Mme go tswa foo ke bo ke ipotsa gore, ‘Ke eng fa ke ikutlwa jaana? Morwaake o itumetse e bile o itekanetse.’ Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse gore ke anaanele tshiamelo ya go nna le ngwana yo o itekanetseng jalo.
Fa Spencer a le dingwaga tse pedi, re ne ra dira dithulaganyo tsa go nna gone kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa koo thulaganyo ya teng e neng e tla ranolelwa mo puong ya American Sign Language (ASL). Ke ne ka tlotlela banyalani bangwe ba ba neng ba feditse dingwaga tse dintsi ba thusa Basupi ba ba bosusu kafa ke neng ke ikutlwa ka teng. Ba ne ba mpolelela ka dipokano tsa kgwedi le kgwedi tsa Basupi ba ga Jehofa tsa puo ya ASL tse di neng di tshwarelwa kwa Massachusetts mme ba nkgothaletsa go ya kwa go tsone.
Ke ne ka latela kgakololo ya bone mme nna le Spencer ra simolola go nna gone kwa go tsone. Fa re le koo, re ne ra nna le tshono ya go kopana le go buisana le batho ba ba godileng ba ba bosusu. Kwa phuthegong ya rona ya Seesemane, Spencer o ne a sa solegelwe molemo go le kalo mo dipokanong. O ne a tlhola a ingaparela ka nna ka jaana e ne e le nna fela yo o neng a ka bua le ene. Tsela e a neng a tlalelwa ka yone e ne ya oketsega fa a ntse a gola mme tsela e a neng a itshwara ka yone e ne ya etegela pele. Lefa go ntse jalo, fa re le kwa dipokanong tse di tshwarwang ka puo ya diatla, go ne go sa nne jalo. O ne a kgona go buisana le mongwe le mongwe a gololesegile go sa tlhokege gore mmaagwe a mo ranolele. O ne a tsalana le bangwe mo phuthegong ka tsela e e molemo thata. Nna le ene re ne ra tokafala thata mo tseleng e re neng re ithuta puo ya diatla ka yone mme ke ne ka ithuta tsela e ka yone ke neng ke ka nna morutisi yo o molemo mo thutong ya rona ya legae ya Baebele. A bo seo se ne se le molemo jang ne! Jaanong, e ne ya nna la ntlha ke neng ke kgona go nna le morwaake ke le MAMA fela e seng go nna moranodi!
Phetogo e Kgolo Thata mo go Nna
Fa Spencer a le dingwaga tse tharo, monna wa me o ne a dumela gore ke mo kwadise mo thulaganyong ya bana ba ba bosusu le ba ba sa utlweng sentle kwa sekolong sengwe sa puso. Go ne go tshwarwa dipokano le batsadi go ba ruta mme ke ne ka dirisa tshono eo go ithuta go le gontsi. Kwa go nngwe ya dipokano tseo, setlhopha sa batho ba ba godileng le basha ba ba bosusu se ne sa ema ba ba neng ba tlile ka lefoko. Setlhopha seo se ne sa bolela gore se kgona go buisana go sekae fela le batsadi kana ba malapa a bone mme mo gongwe ga se kgone go buisana le bone gotlhelele. Fa ke ne ke ba botsa lebaka la seo, ba ne ba araba ka gore batsadi ba bone ga ba a ka ba ithuta puo ya diatla, ka jalo ga ba ise ba ko ba kgone go buisana le batsadi ba bone ka tsa botshelo jwa bone, maikutlo le dilo tse ba di kgatlhegelang. Ba ne ba bonala e kete ga ba ikutlwe e le karolo ya ba malapa a bone.
Seo e ne ya nna phetogo e kgolo thata mo go nna. Ke ne ka akanya ka morwaake. Ke ne ke sa bone kafa ke neng ke ka kgona go itshokela go bona a gola a bo a tswa mo gae a ise a ko a nne le botsalano bope le batsadi ba gagwe. Ke ne ka ititaya sehuba le go feta gore ke tla tswelela pele ke tokafatsa bokgoni jwa me mo puong ya diatla. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola go lemoga thata gore tshwetso e re neng re e dirile ya go ithuta puo ya diatla e ne e le molemo go gaisa. O ne a nna a tokafatsa tsela e a neng a kgona go bua ka diatla ka yone mme ka jalo re ne re kgona go tlotla dikgang dingwe le dingwe fela le ene, tse di jaaka, “Re tla ya go ja malatsi a boikhutso kae?” kana “O batla go nna eng fa o gola?” Ke ne ka lemoga gore nkabo ke latlhegetswe thata fa nkabo ke ile ka ikaega ka mokgwa wa go bua le ene ka puo.
Fa a le dingwaga tse tlhano, Spencer o ne a tsenngwa mo tlelaseng ya sekolo se se tlwaelegileng ya bana ba ba kgonang go utlwa mme go na le morutabana yo o neng a kgona go bua ka diatla. O ne a tsena koo dingwaga tse tharo tse di telele. O ne a ila sekolo, mme go ne go se monate go mmona a lebane le mathata a magolo jalo. Ka lesego, ke ne ke nna ke buisana le ene fa re ntse re leka mekgwa e e farologaneng ya kafa a ka itshokelang tlalelo ya gagwe ka teng. Lefa go ntse jalo, kgabagare ke ne ka swetsa ka gore thulaganyo eo ya sekolo sa puso e ne e sa mo thuse ka sepe gore a itshepe kana gore a rutege sentle.
Ka 1989 lenyalo la me le ne la senyega. Jaanong ke ne ke le motsadi yo o nosi wa ngwana wa dingwaga tse thataro yo bokgoni jwa gagwe jwa go bua ka diatla bo neng bo tokafala thata. Lefa ke ne ke kgona go buisana le ene, ke ne ke itse gore ke tlhoka go tokafatsa bokgoni jwa me mo puong ya ASL e le gore re nonotshe puisano ya rona.
Nako ya go Fuduga
Ke ne ka sekaseka dithulaganyo tse dintsi tsa go ruta bana ba ba bosusu mo dinageng tse di farologaneng mme ka bona sekolo sengwe kwa Massachusetts koo go neng go rutwa puo ya ASL le Seesemane go twe ke tsela ya go ruta dipuo tse pedi. Mo godimo ga moo, ke ne ka itsisiwe gore go ne go tla tloga go nna le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya puo ya ASL mo kgaolong ya Boston mme tsala nngwe ya akantsha gore re fudugele teng. Go ne go se motlhofo go swetsa gore ke kgaogane le legae le ba losika le ditsala mo motseselegaeng wa rona wa New Hampshire mme re fudugela kwa toropong e kgolo thata ka ke ne ke le motsadi yo o nosi. Spencer le ene o ne a itumelela go nna mo dipolasing. Lefa go ntse jalo, go ne go na le dilo tse pedi go di akanyetsa. Spencer o ne a tlhoka go tsena sekolo se mo go sone barutabana le barutwana ba neng ba ka buisana le ene ka puo ya diatla ba gololesegile mme ke ne ka bona go le botoka go nna mo phuthegong ya Basupi ba ba bosusu.
Re ne ra fuduga dingwaga tse nnè tse di fetileng fa Spencer a ne a le dingwaga tse robonngwe. Go ise go ye kae morago ga foo, go ne ga tlhongwa Phuthego ya Puo ya Diatla ya Malden kwa Massachusetts, mme fa e sa le ka nako eo, Spencer o gatetse pele thata. Tsela e a itshwarang ka yone e tokafetse thata e bile o itumelela go nna gone kwa dipokanong. Ke itumela tota go mmona a tlotla le ba bangwe le go tsalana le bone. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba bosusu mo phuthegong ke dikao tse di molemo thata mo go morwaake, ba mo thusa go bona gore le ene a ka kgona go fitlhelela mekgele ya semoya. Mme o dirile fela jalo. Gone jaanong o neela dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e bile ke mmoledi yo o sa kolobediwang. O setse a boletse gore o batla go kolobediwa.
A bo ke itumela jang ne mo bodireding fa ke mmona a bolelela batho ba bangwe ba ba bosusu dilo tse a di dumelang ka puo ya diatla! Tsela e a itshepang ka yone e tokafetse fela thata. Spencer o mpoleletse kafa a ikutlwang ka teng ka phuthego. O ne a re: “Ke mo gae mo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kgona go bua le nna.” Morwaake ga a tlhole a nkopa gore re tsamaye ka bonako fela morago ga dipokano. Gone jaanong ke tshwanelwa ke go mmolelela gore ke nako ya gore re tswe mo Holong ya Bogosi!
Kwa sekolong se gone jaanong Spencer a leng mo go sone, o kgona go buisana sentle fela le bana ba bangwe ba ba bosusu. Go tlotla le bone go mo thusitse go bona pharologano fa gare ga tsela e Jehofa a lebang bana ka yone le e lefatshe le ba lebang ka yone. Nna le Spencer re tlotla fela re gololesegile e bile re tsalana ka tsela e e atamalaneng thata go dumalana le melaometheo ya Baebele. Fa a fitlha mo gae a tswa sekolong ka thapama, re fitlha re dira tiro ya sekolo ya kwa gae mmogo. Re tsamaya mmogo fa re ya dipokanong tsa rona le fa re ya bodireding jwa ntlo le ntlo. Lefa go ntse jalo, Spencer o kgona go lemoga gore ga se bana botlhe kwa sekolong ba ba tsalanang thata le batsadi ba bone.—Bakolosa 3:20, 21.
“Re Kgona go Tlotla ka Sengwe le Sengwe”
Mo e ka nnang ngwaga o o fetileng, ke ne ka bona Spencer a ntebile jaaka e kete o ne a batla go mpolelela sengwe. Ke ne ka mmotsa gore a o ne a batla sengwe. O ne a re, “Nnyaa.” Ke ne ka mmotsa dipotso di sekae malebana le gore dilo di ntse di ya jang kwa sekolong le tse dingwe. Ke ne ke kgona go lemoga gore go na le sengwe se a batlang go se mpolelela. Morago ga foo, o ne a bua jaana ka nako ya thuto ya lelapa ya Tora ya Tebelo, “A o ne o itse gore batsadi ba bana bangwe ba sekolo sa rona ga ba itse puo ya diatla?” Ke ne ka mo leba ke gakgametse. O ne a re, “Ke bua boammaaruri. Go na le batsadi bangwe ba ba sa kgoneng go bua le bana ba bone.” O ne a tlhalosa gore go na le batsadi bangwe ba ba kileng ba etela sekolo sa bone mme o ba bone ba tsamaisa diatla le go supa ka diatla ba leka go tlhalosa se ba batlang go se bua le bana ba bone. “Ruri ke lesego go bo o ile wa ithuta go bua ka diatla. Re kgona go buisana. Ga o supesupe fela ka menwana; re kgona go bua ka sengwe le sengwe.”
A bo seno se ile sa nkama pelo jang ne! Bontsi jwa rona ga re ke re anaanela maiteko a batsadi ba rona go fitlha re setse re godile. Mme morwaake ene, a le dingwaga tse 12 fela, o ne a mpolelela kafa a ntebogang ka teng ka go bo re kgona go buisana ka tsela e e molemo.
Ka gonne ke le mmè, mongwe wa mekgele ya me e ne e le gore ke tsalane ka tsela e e molemo le go atamalana thata le morwaake. Gongwe seno se ka bo se ile sa se ka sa kgonega fa nkabo ke sa ithuta puo ya diatla. Boineelo jwa me mo go Jehofa bo ne jwa ntlhotlheletsa go akanyetsa maikarabelo a me a botsadi ka tsela e e masisi; seno se ne sa dira gore go nne motlhofo go dira ditshwetso tse di botlhokwa malebana le tsela ya go buisana le ene. Nna le ene re ile ra solegelwa molemo thata semoyeng ka ntlha ya ditshwetso tseno. A bo mafoko a Duteronome 6:7 a le botlhokwa jang ne, ka go bo mo go one batsadi ba laelwa go buisana le bana ba bone ka ditaelo tsa ga Jehofa ‘fa ba dutse mo matlong a bone, le fa ba tsamaya mo tseleng, le fa ba rapame, le fa ba rapamologa.’ Ruri ke itumela tota go bo nna le Spencer re kgona go buisana sentle fela ka “ditiro tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditiro 2:11)—Jaaka go boletse Cindy Adams.
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
‘Ke ne ke sa bone kafa ke neng ke ka kgona go itshokela go bona a gola a ise a ko a nne le botsalano bope le batsadi ba gagwe’