LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 11/8 ts. 14-15
  • O ka Ikanya Kaelo ya ga Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Ikanya Kaelo ya ga Mang?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Kaela Batho ba Gagwe
  • Itshwarelele ka Seatla sa Modimo!
  • “Emang lo Nitame Mme lo Bone Poloko ya ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • ‘Jah o a Mpoloka’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Kgakgamatso Kwa Lewatleng le Lehibidu
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Modimo o Golola Baiseraele mo Bokgobeng
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 11/8 ts. 14-15

Kgopolo E e Mo Baebeleng

O ka Ikanya Kaelo ya ga Mang?

RRE mongwe o ne a raya morwaawe wa dingwaga tse tlhano a re: “Ke nako ya gore re tsamaye!” Rre o otlolola seatla sa gagwe mme morwaawe o itshwarelela ka menwana ya ga rraagwe ka letsogonyana le lennye kwantle ga go okaoka. Gongwe le gongwe kwa go iwang teng, ngwana yono o ikantse kaelo ya motsadi wa gagwe mme o mo latela ka go mo tshepa. Go sa kgathalasege se se ka diregang, ngwana o nna a itshwareletse.

Ka re tshela mo malatsing ano a go sa tlhomamang ga tsa itsholelo, dipolotiki le botshelo jwa motho ka namana, a o ne o ka se itumelele kaelo e e tswang mo go mongwe yo o ka mo ikanyang gotlhelele? Lefa go ntse jalo, re tshela mo nakong e mo go yone batho ba ba sa ikanyegeng ba tsietsang batho ba ba senang maitemogelo. Ka jalo, go botlhokwa thata go nna kelotlhoko gore re ikanya mang. Gongwe o kile wa swaba thata fa mongwe yo o neng o ikantse gore o tla go kaela a go phuaganya.

Lefa go ntse jalo, Baebele e re kgothaletsa go ikanya Modimo. Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “Gonne nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tlaa tshwara seatla sa gago se se siameng, ke go raya ke re: ‘Se boife; ke tlaa go thusa.’” (Isaia 41:13) Moaposetoloi Petere le ene o ne a gakolola jaana: “Ke gone ikokobeletseng fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo, gore o tle o lo goletse mo lobakeng lo e leng lone; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka o a lo babalela.”—1 Petere 5:6, 7.

Go ntse go le jalo, o ka nna wa botsa, ‘Ke eng fa ke tshwanetse go ikanya Modimo?’ Mabaka a a latelang a a utlwalang re bona mo pegong ya Baiseraele ba bogologolo.

Modimo o Kaela Batho ba Gagwe

Motseletsele wa ditiragalo tse di neng tsa dira gore bosigo jwa Nisane 14, 1513 B.C.E. bo tlhomologe, di ne tsa pateletsa Faro wa mokgokgontsi le Baegepeto gore ba golole batho ba Modimo, Baiseraele, mo bokgobeng. (Ekesodo 1:11-13, 12:29-32) Ka Nisane 15, setšhaba se se itumetseng sa Iseraele se ne sa tsaya mosepele mo gare ga naga se lebile kwa Nageng e e Solofeditsweng. Tsela e e tlhamaletseng e ne e kgabaganya bokone jwa Memefise gaufi le losi lwa lewatle la Mediterranean gaufi thata le lefatshe le go neng go nna Bafilisitia ba ba ba boifang, mme e tsena ka Naga e e Solofeditsweng. Lefa go ntse jalo, Modimo o ne a akantse ka tsela e sele.—Ekesodo 13:17, 18; Dipalo 33:1-6.

Modimo o ne a kaela setšhaba sa bogologolo sa Iseraele a dirisa selo se ba neng ba se bona, se se neng se bonala jaaka mosipuri wa leru motshegare le mosipuri wa molelo bosigo. (Ekesodo 13:21, 22) Jehofa o ne a dirisa monna yo o boikanyego Moshe e le moemedi wa gagwe wa mo lefatsheng mmogo le dilo tseno tse di sa tlwaelegang. (Ekesodo 4:28-31) Ka jalo, go ne go na le bosupi jo bo ka sekeng jwa ganediwa jwa gore seatla sa Modimo se ne se kaela Baiseraele.

Mo Ethame, “fa tshimologong ya sebaka sa naga fela,” mo bothibelelong jwa bone jwa bobedi, Jehofa a kaela Moshe go boela morago le go thibelela fa losing lwa Lewatle le Lehibidu, kwa Pihahirothe. (Ekesodo 13:20) Motsamao ono o o ka se kang wa tlhalosiwa o ne wa dira gore Faro a akanye gore Baiseraele “ba kgweleilwe ke lefatshe, ba kaletswe ke naga.” Ka go bo Faro a ne a boetswe ke bopelokgale gape, o ne a fetola mogopolo. Ka jaana a ne a ikaeletse go busetsa Baiseraele gape kwa bokgobeng, o ne a kokoanya masole a gagwe mme ba ba latela go ya go ba gapa.—Ekesodo 14:1-9.

Ka go isa Baiseraele kwa ntlheng e sele, e leng kwa go se go bonalang e ne e le naga e e lolea fela e e lebisang kwa Lewatleng le Lehibidu, go ne go bonala e kete Moshe o ne a dira gore Baiseraele ba iphitlhele ba kgabeletswe fa gare ga dithaba tse di neng di le mo matlhakoreng oomabedi a bothibelelo kwa Pihahirothe, Lewatle le Lehibidu le masole a ga Faro a a neng a atamela. Go ne go bonala e kete Baiseraele ba ka tlhaselwa motlhofo fela le go fenngwa kana go nyelediwa.

Seno se ne sa ba ama jang? A ba ne ba tla bontsha go ikanya kaelo ya ga Jehofa? Go ne go bonala ba le mo nakeng tsa kukama. Ka jalo, bangwe ba simolola go boifa. Fa ba bangwe bone ba ne ba simolola go ngongoregela Moshe. Bangwe e bile ba ne ba setse ba ineela gore ba ka boela kwa bokgobeng jwa Egepeto!—Ekesodo 14:10-12.

Itshwarelele ka Seatla sa Modimo!

Mo boemong jono Baiseraele ba ne ba tlhoka go ikanya Mothatayotlhe fela jaaka ngwana. Jehofa o ne a na le lebaka le le utlwalang le setšhaba sotlhe se neng se sa le itse la go laela Moshe go tshela Lewatle le Lehibidu kwa Pihahirothe. Jehofa o ne a bontsha lorato lo lo nang le temogo ka go dira gore Baiseraele ba tseye tsela e e yang kwa Nageng e e Solofeditsweng e e fetang ka fa borwa jwa naga ya Bafilisitia. Morago ga go nna dingwaga di le 215 kwa Egepeto, go ne go sena pelaelo gore Baiseraele ba ne ba sa ipaakanyetsa go lwa le setšhaba seo sa masole a a bogale. Ka jalo, Jehofa o ne a tlhopha tsela e e neng e ba thusa go tila ntwa eo.a—Ekesodo 13:17, 18.

Go gololwa ga setšhaba seno le go fenngwa ga Faro le masole a gagwe kwa Lewatleng le Lehibidu go ne ga supa maatla a a gakgamatsang a Modimo o sireletsang ka one. Mo godimo ga moo, a bo Baiseraele ba ne ba leboga jang ne, go bo ba ile ba se ka ba tlogela letsogo la Modimo lefa ba ne ba sa tlhaloganye lebaka la go bo Modimo a ba kaetse go tsaya tsela e sele! Ba ne ba itshwarelela mme ba bona fa Lewatle le Lehibidu le kgaogana ka kgakgamatso le go bona baba ba bone ba nyelediwa. Ba ne ba bona matswela a go ikanya kaelo ya ga Jehofa.—Ekesodo 14:19-31.

A re akanyeng gape ka sekao sa ngwana yo o tshwereng seatla sa motsadi. Fa ngwana a tlhobaela o itshwara jang? Go na le gore ngwana a tlogele seatla sa motsadi, o tla ngangatlela menwana ya gagwe ka seatlanyana sa gagwe se sennye. Ka go dira jalo, o supa gore o ikanya a sa belaele gore motsadi o tla mo naya kaelo e e siameng le go mo nonotsha ka nako ya mathata.

Ka mo go tshwanang, fa re nna le mathata mo botshelong jwa rona, re tlhoka go ingangatlela, re ikanya kaelo ya Modimo thata! Lefoko la gagwe, Baebele, le ka nna lebone la rona go re kaela. (Pesalema 119:105) Gape, gakologelwa gore go ikanya go tsamaisana le boitshoko. Ka jalo, re tshwanetse go naya Jehofa nako ya go rarabolola dilo, lefa e le gore ka dinako tse dingwe ga re tlhaloganye sentle lebaka la gore a re kaele ka tsela e e rileng. Ee, re ka ikanya kaelo ya Modimo.—Ekesodo 15:2, 6; Duteronome 13:4; Isaia 41:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Pihahirothe, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 638-9, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela