LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 9/8 ts. 20-26
  • Bosula Jwa Ba-Nazi bo a Senolwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bosula Jwa Ba-Nazi bo a Senolwa
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ikuelwa Gore ba Tlhaloganngwe
  • Tlhaselo e a Simolola
  • Go Ema ga Basupi ba Tlhomame
  • Basupi ba Senola Bosetlhogo Jwa Ba-Nazi
  • Bosetlhogo Jwa Kwa Dikampeng bo a Senolwa
  • Ba-Nazi ba Bolaisiwa Pelo ke Basupi
  • Go Fenngwa ga Bophologolo
  • Basupi ba ga Jehofa—Ba Lebana le Banasi ba ba Kotsi ka Bopelokgale
    Tsogang!—1998
  • Baboloka Bothokgami ba ba Pelokgale ba Fenya Pogiso ya Banasi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Bosupi—Jwa Tumelo Ya Bone
    Tsogang!—1996
  • ‘Ba Ilwa ke Merafe Yotlhe’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 9/8 ts. 20-26

Bosula Jwa Ba-Nazi bo a Senolwa

KA BO1920, fa Jeremane e ntse e kgaratlhela gore e nonofe gape fa e sena go fenngwa mo Ntweng ya Lefatshe I, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhagafetse ba anamisa dibuka tse dintsi tsa Baebele. Seno se ne se sa gomotse batho ba Jeremane fela mme gape se ne se ba tsibosa gore ba lemoge puso e e setlhogo e e neng e tlhagoga. Fa gare ga 1919 le 1933, Basupi ba ne ba anamisa palogare ya dibuka, dibukana kana dimakasine di le robedi kwa lelapeng lengwe le lengwe la a a ka nnang dimilione di le 15 kwa Jeremane.

Dimakasine tsa The Golden Age le Consolation di ne di tlhola di bolelela batho ka bosole jo bo ntseng bo rulaganngwa kwa Jeremane. Ka 1929, dingwaga tse di fetang tse tharo pele Hitler a tla go busa, makasine wa Sejeremane wa The Golden Age o ne wa bolela jaana o gatelela: “Bososhialise Jwa Bosetšhaba ke . . . mokgatlho o o tlhaga . . . o o direlang mmaba wa motho, Diabolo ka tlhamalalo.”

Pele Hitler a simolola go busa, The Golden Age ya January 4, 1933, e ne ya re: “Go tlhagoga lekgotlho le le tshosang la mokgatlho wa Bososhialise Jwa Bosetšhaba. Go lebega motho a ka se kgone go dumela gore phathi ya bopolotiki e e simolotseng e se botlhokwa ka gope, e melao ya yone e farologaneng gotlhelele le e e itsiweng e bo e kgonne gore mo lobakeng lwa dingwaga di sekae fela e bo e godile mo e leng botlhokwa go feta thulaganyo ya puso ya bosetšhaba. Lefa go ntse jalo, Adolf Hitler le phathi ya gagwe ya bososhialise jwa bosetšhaba (Nazi) ba ne ba kgonne go dira selo seno se se sa tlwaelegang.”

Go Ikuelwa Gore ba Tlhaloganngwe

Hitler e ne ya nna tonakgolo ya Jeremane ka January 30, 1933, mme ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Magdeburg e ne ya gapiwa dikgwedi di sekae moragonyana ga foo, ka April 4, 1933. Lefa go ntse jalo, taolo eno e ne ya tlosiwa ka April 28, 1933 mme dikago tseo di ne tsa busiwa. Go ne go tlile go diragala eng morago ga foo?

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba rulagantse go nna le kopano kwa Berlin, kwa Jeremane ka June 25, 1933 le mororo go ne go itshupa gore puso ya ga Hitler e ne e sa ba rate. Go ne ga tla batho ba le 7 000. Basupi ba ne ba bolela maikaelelo ano a bone phatlalatsa: “Mokgatlho wa rona ga se wa bopolotiki ka tsela epe fela. Re batla fela go ruta batho Lefoko la ga Jehofa Modimo mme e bile re sa kgorelediwe.”

Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira maiteko ano a go tlhalosa kgang ya bone ka maikaelelo a a molemo. Go ne ga felela ka eng?

Tlhaselo e a Simolola

Puso ya ga Hitler e ne e ila go ema ga Basupi ba itlhaotse le go ikanyega ga bone mo Bogosing jwa Modimo ba nonofile. Ba-Nazi ba ne ba sa ikemisetsa go tlogela ope yo o sa dumalaneng le dikgopolo tsa bone.

Fela fa kopano eo ya kwa Berlin e sena go fela, Ba-Nazi ba ne ba gapa ofisi ya lekala e e kwa Magdeburg gape ka June 28, 1933. Ba ne ba phatlalatsa dipokano le go simolola go tshwara Basupi. Basupi ba ne ba simolola go lelekwa kwa ditirong ka bonako fela. Matlo a bone a ne a phuruphudiwa, ba itewa le go tshwarwa. Fa 1934 e simologa Ba-Nazi ba ne ba setse ba tsere ditone di le 65 tsa dibuka tsa Baebele tsa Basupi e bile ba di tshubetse ka kwa ntle ga Magdeburg.

Go Ema ga Basupi ba Tlhomame

Le mororo ba ne ba tlhaselwa jaana kwa tshimologong, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ema ba tlhomame mme ba bua kgatlhanong le go gatelelwa le go direlwa tshiamololo. Makasine wa November 1, 1933 wa The Watchtower o ne o na le setlhogo se se reng “Lo se ba Boife.” Se ne se kwaletswe segolobogolo Basupi ba Bajeremane, se ba kgothatsa gore ba nne pelokgale fa ba lebane le mathata ao a a neng a oketsega.

Ka February 9, 1934, J. F. Rutherford, poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a romelela Hitler lekwalo leno le le neng le ngongoregela se a neng a se dira, le re: “O ka palela motho ope fela kana batho botlhe, mme ga o kake wa palela Jehofa Modimo. . . . Mo leineng la ga Jehofa Modimo le Kgosi ya Gagwe e e tloditsweng, Keresete Jesu, ke laola badiredibagolo le batlhanka ba puso ya gago gore ba letle basupi ba ga Jehofa ba Bajeremane go kopana ka kagiso e bile ba sa kgorelediwe mo go obameleng Modimo.”

Rutherford o ne a ba beela letsatsi la March 24, 1934. O ne a bolela gore fa e ka re ka nako eo Basupi ba Bajeremane ba bo ba ise ba gololwe, o tlile go phasalatsa dikgang tsa pogiso ya bone mo Jeremane yotlhe le mo lefatsheng lotlhe. Ba-Nazi ba ne ba araba taolo eo ya ga Rutherford ka go oketsa pogiso ba romela Basupi ba ga Jehofa kwa dikampeng tsa pogisetso tse ba neng ba sa tswa go di tlhoma. Ka jalo, e ne ya nna bangwe ba magolegwa a ntlha a dikampa tseo.

Basupi ba Senola Bosetlhogo Jwa Ba-Nazi

Fela jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba boletse, ba ne ba simolola go itsise batho bosetlhogo jo bo neng bo dirwa kwa Jeremane. Basupi ba ba mo lefatsheng lotlhe le bone ba ne ba nna ba romelela puso ya ga Hitler makwalo a dingongorego gangwe le gape.

Ka October 7, 1934, diphuthego tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane di ne tsa kokoanngwa go tla go utlwa fa go balwa lekwalo le le neng le tlile go romelelwa badiredibagolo ba puso ya ga Hitler. Le ne le re: “Molao wa gago o thulana le molao wa Modimo . . . Ka gone, re go itsise gore lefa go ka nna jang re tlile go ikobela melao ya Modimo, re tlile go kokoana re ithuta Lefoko la Gagwe, e bile re tla mo obamela, le go Mo direla jaaka A re laetse.”

Mo go lone letsatsi leo, Basupi ba ga Jehofa ba ba mo dinageng tse 49 ba ne ba kokoana mo kopanong e e kgethegileng mme ba romelela Hitler thelekerama eno: “Batho botlhe ba ba siameng mo lefatsheng ba tshosiwa ke kafa o tshwereng basupi ba ga Jehofa maswe ka teng e bile seo se tlontlolola leina la Modimo. Tlogela go tlhola o bogisa basupi ba ga Jehofa; go sa nneng jalo Modimo o tlile go go nyeletsa le phathi ya gago ya bosetšhaba.”

Ba-Nazi ba ne ba tsibogela seo ka bonako fela ka go oketsa pogiso. Hitler o ne a tlhaeletsa jaana ka boene: “Ditsuanyane tse, di tla nyelediwa mo Jeremane!” Mme fa kganetso e ntse e nnela maswe kwa pele, Basupi le bone ba ne ba ititaya sehuba le go feta.

Ka 1935, The Golden Age e ne ya senola mekgwa ya pogiso ya Ba-Nazi e e neng e tshwana le ya Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi mmogo le thulaganyo ya yone ya ditlhodi. E ne ya senola le boikaelelo jo bogolo jwa mokgatlho wa ga Hitler wa Basha jwa go tlogedisa basha ba Jeremane go dumela mo Modimong. Letsholo la ngwaga o o neng wa latela oo la Gestapo le ne la felela ka gore go tshwarwe diketekete tsa Basupi. Ka bonako fela morago ga foo, ka December 12, 1936, Basupi ba ne ba tsibogela seo ka letsholo la bone, ba apesa Jeremane ka diketekete tsa dikhopi tsa maitlamo a a neng a bua kgatlhanong le go bogisiwa ga Basupi ba ga Jehofa.

Ka June 20, 1937, Basupi ba ba neng ba santse ba gololesegile ba ne ba anamisa molaetsa o mongwe o o neng o bolela sengwe le sengwe ka pogiso eo. O ne o bolela maina a badiredi ba bagolo e bile o ne o bolela matlha a ba go dirileng ka one le mafelo a teng. Ma-Gestapo a ne a gakgamadiwa ke go senolwa gono le go bo Basupi ba ne ba kgonne go dira jaana.

Go rata baagisani ke gone go neng go pateletsa Basupi gore ba tlhagise batho ba kwa Jeremane gore ba se ka ba tsiediwa ke puso e go neng go twe e tlile go tla e e itumedisang thata ya dingwaga tse di sekete ya Third Reich. “Re tshwanetse go itsise boammaaruri le go tlhagisa,” go ne ga bolela jalo bukana ya Face the Facts, e e neng ya gatisiwa ka 1938. “Re lemoga puso eno ya bokgokgontshi . . . gore ke selo se Satane a se lerileng mo boemong jwa bogosi jwa Modimo.” Basupi ba ga Jehofa e ne e le bangwe ba batho ba ntlha go sotliwa ke Ba-Nazi, mme gape ba ne ba bolela ka lentswe le le kwa godimo ka bosetlhogo jo bo neng bo direlwa Bajuta, Ba-Poland, digole le ba bangwe.

Maitlamo a a neng a re “Tlhagiso!” a a neng a tsewa ka 1938 kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Seattle, kwa Washington, kwa U.S.A., a ne a re: “Mekgatlho ya dipolotiki e e duleng mo tseleng ya Ba-Fascist le Ba-Nazi, e laola dinaga tse dintsi tsa Yuropa . . . Batho botlhe ba tlile go busiwa, ba tlile go tseelwa kgololesego ya bone e bile ba tlile go patelesega go ikobela puso ya mmusaesi yo o gatelelang mme jaanong Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya bogologolo e tla bo e tsosolositswe.”

Rutherford o ne a tlhola a bua mo radiong, a tlhalosa dithuto tse di nonofileng kaga tsela e puso ya Nazi e leng maswe ka teng. Dithuto tsa gagwe di ne tsa gasiwa gape mo lefatsheng lotlhe e bile dimilione tsa tsone di ne tsa gatisiwa tsa bo tsa anamisiwa. Ka October 2, 1938, o ne a neela puo e e reng “Puso ya Bo-Fascist kana Kgololesego,” e mo go yone a neng a kgala Hitler ka tlhamalalo.

Rutherford o ne a bolela jaana: “Batho fela ba kwa Jeremane ba rata kagiso. Diabolo o tlhomile moemedi wa gagwe Hitler, monna yo tlhaloganyo ya gagwe e sa direng sentle, yo o setlhogo, yo o tletseng letlhoo le yo o bolaalome, gore a laole . . . O bogisa Bajuta ka bosetlhogo gonne ba kile ba nna batho ba ga Jehofa ba a neng a dirile kgolagano le bone e bile ba bidiwa ka leina la ga Jehofa le ka gonne Keresete Jesu e ne e le Mojuta.”

Fa bogale jwa Ba-Nazi mo Basuping ba ga Jehofa bo ntse bo gakala, mafoko a Basupi ba neng ba ba kgala ka one a ne a nna bogale le go feta. Makasine wa Consolation wa May 15, 1940, o ne wa bolela jaana: “Hitler ke ngwana wa ga Diabolo tota mo e leng gore dipuo le ditshwetso tse di tswang mo molomong wa gagwe di tshwana le metsi a a tswang mo letangwaneng le le agilweng sentle le le olelang mantle.”

Bosetlhogo Jwa Kwa Dikampeng bo a Senolwa

Le mororo batho ka kakaretso ba ile ba se ka ba itse ka dikampa tsa pogisetso go fitlha ka 1945, go ile ga tlhalosiwa thata ka tsone kgapetsa mo dikgatisong tsa Watch Tower ka bo1930. Ka sekai, ka 1937, Consolation e ne ya bolela ka ditekeletso tse di neng di dirwa ka gase e e botlhole kwa Dachau. Ka 1940, dikgatiso tsa Basupi di ne di setse di umakile dikampa tse 20 tse di farologaneng e bile di boletse ka maemo a a maswe thata a tsone.

Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itse thata jaana ka dikampa tsa pogisetso? Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e simologa ka 1939, go ne go setse go na le Basupi ba le 6 000 ba ba neng ba le kwa dikampeng tsa pogisetso le kwa dikgolegelong. Rahisitori wa Mojeremane, Detlef Garbe o fopholetsa gore palo ya Basupi ka nako eo e ne e le fa gare ga diperesente tse 5 le tse 10 tsa batho botlhe ba ba mo dikampeng!

Garbe o ne a bolela jaana kwa seminareng nngwe e go neng go buiwa ka Basupi le Polao ya Kgailo kwa go yone: “Mo bathong ba le 25 000 ba ba neng ba ipolela gore ke Basupi ba ga Jehofa fa Third Reich e simolola go busa, mo e ka nnang 10 000 e ne ya tsenngwa mo kgolegelong ka lobaka lo lo sa lekaneng lwa nako. Mo go bone, ba ba fetang 2 000 ba ne ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso. Seno se raya gore, Basupi ba ga Jehofa, kwa ntle ga Bajuta fela, e ne e le bone setlhopha sa bodumedi se se neng se bogisiwa botlhoko thata ke Ma-SS.”

Consolation e ne ya bolela jaana ka June 1940: “Go ne go na le Bajuta ba le 3 500 000 kwa Poland fa Jeremane e ne e simolola Blitzkrieg . . . , mme fa e le gore dipego tse di fitlhang kwa dinageng tsa Bophirima di boammaaruri, go lebega ba tlile go nyelediwa botlhe.” Consolation e ne ya akgela jaana ka 1943: “Ditšhaba tse dikgolo jaaka Bagerika, Ba-Poland le Ba-Serb di gailwa tsotlhe.” Ka 1946, ke fa The Golden Age le Consolation di setse di umakile dikgolegelo le dikampa tsa pogisetso di le 60 tse di farologaneng.

Ba-Nazi ba Bolaisiwa Pelo ke Basupi

Le mororo Ba-Nazi ba ne ba leka go khutlisa dikgatiso tsa Watch Tower, modiredi mongwe yo mogolo wa kwa Berlin o ne a bolela jaana a dumela: “Go thata go bona mafelo a sephiri ao dibuka tsa Baithuti ba Baebele di santseng di gatisiwa kwa go one mo Jeremane; ga go na ope yo o tsamayang a tshotse maina kana diaterese e bile ga go na yo o ntshang maina a ba bangwe.”

Le mororo ba ne ba dira maiteko a magolo, Ma-Gestapo ga a ise a ko a kgone go tshwara go feta halofo ya palo yotlhe ya Basupi ba kwa Jeremane ka nako nngwe. Akanya fela kafa tsamaiso ya ditlhodi ya Nazi e neng e paletswe ka teng—e ne ya palelwa ke go tshwara lesomo le lennye leno le go le didimatsa kana go emisa go anamisiwa ga dibuka. Dikgatiso tseno di ne tsa fetela mo mebileng le go tsena mo magoreng a diterata tse di logilweng tsa dikampa tsa pogisetso!

Go Fenngwa ga Bophologolo

Ba-Nazi, ba ba neng ba itsiwe e le ditswerere mo go diriseng batho dilo tse ba sa di batleng ba ne ba leka ka natla go dira gore Basupi ba ga Jehofa ba tlogele go nna ba itlhaotse jaaka Bakeresete, mme ba ne ba palelwa tota. Buka ya The Theory and Practice of Hell e ne ya re: “Motho o tshwanetse go dumela gore, fa go buiwa ka go fetola tlhaloganyo ya motho le boitshwaro jwa gagwe, Ma-SS ga a ise a ko a kgone Basupi ba ga Jehofa.”

Eleruri, Basupi, ba ba neng ba engwa nokeng ke moya wa Modimo ba ne ba fenya. Mokwadi wa hisitori, Christine King, mokanseleri wa Staffordshire University ya kwa Engelane, o ne a tlhalosa matlhakore oomabedi a ntwa eno jaana: “Kafa letlhakoreng le lengwe [Ba-Nazi] ba ne ba nonofile, ba le maatla, go lebega ba ka se ka ba fenngwa ke sepe. Kafa go le lengwe, go na le [Basupi] ba ba bokoa thata . . . ka tumelo ya bone fela, ba sa tshola sebolao sepe . . . Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fenya Ma-Gestapo a a nonofileng ao ka boitsholo jwa bone.”

Basupi ba ga Jehofa e ne e le setlhotswana se sennye se se ratang kagiso mo pusong ya Ba-Nazi. Lefa go ntse jalo, ba ne ba lwa ntwa ba bo ba e fenya ka tsela ya bone fela—ntwa ya tshwanelo ya go obamela Modimo wa bone, ntwa ya go rata moagisani le ntwa ya go bolela boammaaruri.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Basupi E ne E le Bangwe ba Batho ba Ntlha Kwa Dikampeng

MADAME Geneviève de Gaulle, setlogolo sa ga Charles de Gaulle, yo e kileng ya nna poresidente wa kwa Fora e ne e le leloko la French Resistance. O ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa fa a sena go tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong moragonyana kwa kampeng ya pogisetso ya Ravensbrück ka 1944. Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Madame de Gaulle o ne a tsamaya a ruta go ralala Switzerland mme gantsi o ne a bua ka bothokgami le bopelokgale jwa Basupi. O ne a bolela jaana ka bone fa a ne a botsolodiwa ka May 20, 1994:

“E ne le bangwe ba batho ba ntlha go isiwa kwa dikampeng. Bontsi bo ne bo setse bo sule . . . Re ne re ba lemoga ka dibetšhe tsa bone tse di sa tshwaneng le tsa ba bangwe. . . . Ba ne ba thibetswe gotlhelele go bua ka tumelo ya bone kana go tshola dibuka dipe fela tsa bodumedi, segolobogolo Baebele, e e neng e lebiwa e le yone buka e e tlhotlheletsang boepapuso. . . . Ke itse [mongwe wa Basupi ba ga Jehofa], e bile go ne go na le ba bangwe gape ba ke neng ka bolelelwa gore ba ne bolaelwa go bo ba ne ba tshotse ditsebe di sekae tsa ditemana tsa Baebele. . . .

“Se se neng se nkgatlha thata ka bone ke gore ba ne ba ka gololwa nako nngwe le nngwe fela fa ba ne ba ka saena pampitshana ya go itatola tumelo ya bone. Kgabagare, basadi bano, ba ba neng ba lebega ba le bokoa e bile ba fedile, ba ne ba nonofile go feta Ma-SS, a a neng a na le maatla le sengwe le sengwe. [Basupi ba ga Jehofa] ba ne ba nonofile, mme go ne go sena ope yo o neng a ka kgona go ba koafatsa.”

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Basupi Ba ne Ba Senola Gore Dikampa di Teng

LE MORORO Auschwitz, Buchenwald, Dachau le Sachsenhausen e ne e le maina a bontsi jwa batho ba neng ba sa a itse go fitlha Ntwa ya Lefatshe II e fela, babadi ba The Golden Age le Consolation ba ne ba a itse sentle. Dipego tse Basupi ba ga Jehofa ba neng ba di ntsha ka sephiri mo dikampeng tsa pogisetso ba baya matshelo a bone mo kotsing mme di phasaladiwa mo dikgatisong tsa Watch Tower, di ne di senola maikaelelo a a bolaalome a Third Reich.

Ka 1933, The Golden Age e ne e na le pego ya ntlha ya tse dintsi tse di neng di bega gore go na le dikampa tsa pogisetso kwa Jeremane. Ka 1938, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gatisa buka e e reng Crusade Against Christianity, ka Sefora, Sejeremane le Se-Poland. E ne e bua ka tsela e e setlhogo e Ba-Nazi ba neng ba tlhasela Basupi ka yone e na le ditshwantsho tsa dikampa tsa pogisetso tsa Sachsenhausen le Esterwegen.

Dr. Thomas Mann, mogapi wa sekgele sa Nobel o ne a kwala jaana: “Ke badile buka ya lona e e buang ka dilo tse di tshosang tseno mme e nkamile maikutlo tota. Ga ke kgone go tlhalosa kilo le letlhoo le le tletseng mo pelong ya me fa ke ntse ke bala direkoto tseno tsa batho ba ba maswe le bosetlhogo jono jo bo maswe thata. . . . Fa motho a didimala fela, e tla bo e le go itumedisa lefatshe leno le le itlhokomolosang dilo . . . Lo dirile tiro ya lona ka go gatisa buka eno le go itsise batho dintlha tseno.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Boitshwaro Jwa Basupi Kwa Dikampeng

KA NTLHA ya go rata baagisani—batho ba ba neng ba nna nabo mo diseleng, mo matlwaneng, le mo kampeng—Basupi ba ne ba sa ba abele fela dijo tsa semoya mme gape le dijo dipe fela tse ba neng ba na natso.

Mojuta mongwe yo a neng a falola kwa kampeng ya Buchenwald o ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ka kopana le Bibelforscher koo. Ba ne ba tlhola ba naya bosupi ka tumelo ya bone. E bile tota, go ne go se sepe se se ka ba thibelang go bua ka Modimo wa bone. Ba ne ba thusa magolegwa a mangwe thata. Fa babolai ba ne ba romela Bajuta ba bantsi kwa kampeng ka November 10, 1938, ‘Jehovah’s schwein’ jaaka badisakgolegelo ba ne ba ba bitsa, ba ne ba naya Bajuta ba ba tsofetseng le ba ba bolailweng ke tlala senkgwe sa bone, ba nna ba sa je ka malatsi a a ka fitlhang go a le mane.”

Ka tsela e e tshwanang, mosadi mongwe wa Mojuta yo o neng a le mo kgolegelong kwa kampeng ya kwa Lichtenburg o ne a bolela jaana ka Basupi: “E ne e le batho ba ba pelokgale, ba ba neng ba itshokela se se ba diragalelang ba le pelotelele. Le mororo magolegwa a baditšhaba a ne a thibelwa go bua le rona, basadi bano ga ba ise ba ko ba ikobele taolo eo. Ba ne ba re rapelela jaaka e kete re ne re le ba malapa a bone, mme ba re kgothatsa gore re itshoke.”

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Maiteko a go Latola Polao ya Kgailo A ne A Bolelelwa Pele

MAKASINE wa Consolation wa September 26, 1945, o ne wa akgela ka gore mo isagweng go ka nna ga dirwa maiteko a go fetola hisitori mme ga latolwa se se diragetseng. Setlhogo se se reng “A Bo-Nazi bo Sentswe?” se ne sa bolela jaana:

“Batho ba ba anamisang dikgang tse di seng boammaaruri ba akanya gore batho ba tla lebala ka bonako. Maikaelelo a bone ke go phimola hisitori, ba itshupa ka tsela ya segompieno e kete ba batla go direla batho molemo, ba leka go fitlha pego ya gore ba ne ba na le seabe mo go seno.”

Makasine oo o ne wa tlhagisa jaana ka tsela e e supang temogo: “Go fitlha Jehofa a lwa ka ntwa ya Haramagetone, Bo-Nazi bo tlile go nna bo ntse bo tlhagelela.”

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

(For fully formatted text, see publication)

Ditshwantsho tseno tsa dikampa tsa pogisetso di ne tsa tlhaga mo dikgatisong tsa Basupi ka 1937

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Badiri ba ba 150 ba kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Magdeburg ka 1931

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa bolela gore dikereke di ema Bo-Nazi nokeng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela