Lebaka La go Bo ba Ne ba Sa Boife go Bua
FA GO lejwa kwa morago, go ka bolelwa gore go ne go se kafa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba ka se ka ba thulana le Bo-Nazi, kana Bososhialise jwa Bosetšhaba ka teng. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya dilo tse tharo tse Ba-Nazi ba neng ba di batla ka dikgoka tse di neng di thulana le dilo tsa motheo tse di thailweng mo Baebeleng tse di neng di dumelwa ke Basupi. Tsone ke: (1) Jehofa Modimo ke ene Molaodi yo Mogolo. (2) Bakeresete ba boammaaruri ga ba nne le seabe mo dipolotiking. (3) Modimo o tla tsosa batho botlhe ba ba swang ba ikanyega.
Dilo tseno tse Basupi ba ga Jehofa ba neng ba di dumela tse di thailweng mo Baebeleng ke tsone tse di neng di dira gore ba se ka ba dira dilo tse di maswe thata tse Ba-Nazi ba neng ba di batla. Ka jalo, ba ne ba bua ka bopelokgale ba senola Bo-Nazi gore bo ne bo le maswe thata.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana go bolela gore Hitler o tla ba boloka. Ba ne ba gana gonne Modimo ke one fela o ka ba bolokang e bile ke one fela o ba neng ba neetse matshelo a bone mo go one. Baebele e bolela jaana ka Jehofa: “Wena wesi; . . . o le Mogodimodimo, o okame lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.
Totatota, “Heil Hitler” e ne e kaya gore Hitler ke ene mmoloki. Ka jalo, Basupi ba ne ba ka se ka ba nna ba ikanyega mo Modimong mme gape ba bo ba ntse ba solofela poloko mo mothong yo mongwe. Ba ne ba neetse Modimo matshelo a bone, ba ikanyega e bile ba ineetse fela mo go ene.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba na le dikao tse ba neng ba setse ba di tlhometswe tsa go gana go dira dilo tse di phoso tse Hitler a neng a batla ba di dira. Ka sekai, baaposetoloi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ga Jesu ba ne ba gana fa ba ne ba laelwa gore ba tlogele go bolela mafoko a a molemo kaga Keresete. Ba ne ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” Baebele e bolela gore, ka go bo ba ne ba eme ba nonofile, balaodi ba ne ba ba “betsa, ba ba laya gore ba se ka ba bua mo ineng la ga Jesu.” Lefa go ntse jalo, baaposetoloi ba ne ba gana go ikobela taolo eno e e neng e le kgatlhanong le se Modimo o neng o se batla. “Ba se ka ba bakela go ruta le go rera.”—Ditiro 5:29, 40-42.
Bakeresete ba bantsi ba pele ba ne ba swa ka gonne ba ne ba utlwa Modimo go na le batho. Bontsintsi jwa bone bo ne jwa swela mo mafelong a metshameko a Roma gonne ba ne ba gana, totatota ba ne ba gana go supa gore Kaesare o tla ba boloka ka go mo obamela. Mme mo bathong bano go ikanyega mo Modimong go fitlha losong e ne e le selo se se botlhokwa thata e bile go supa fa ba fentse, go tshwana fela le lesole le le pelokgale le le iketleeditseng go swela naga ya lone.
Bangwe ba ile ba leba Basupi ba ga Jehofa jaaka batho ba ba leng kgatlhanong le dipuso tsa batho gonne ba buelela puso e le nngwe fela, Bogosi jwa Modimo. Mme legale seo ga se tshwenye. Ba etsa baaposetoloi ba ga Jesu ka gore “bone ga se ba lefatshe.” (Johane 17:16) Ba ipoloka ba itlhaotse mo dipolotiking. Ba ikobela melao ya dipuso tsa batho tse di ba busang gonne ba ikanyega mo Modimong. Eleruri, ba tlhoma sekao mo go “utlweng babusi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Ga ba ise ba ko ba tlhotlheletse ope go tsuologela puso epe fela ya motho!
Lefa go ntse jalo, go na le molelwane mongwe o ba sa o tloleng lefa go ka nna jang. Ke molelwane o o fa gare ga se Basupi ba ga Jehofa ba se direlang motho le se ba se direlang Modimo. Ba naya Kaesare kana puso epe se e leng sa ga Kaesare mme Modimo ba o naya se e leng sa Gagwe. (Mathaio 22:21) Fa motho mongwe a batla gore ba mo neye se e leng sa Modimo, o tla palelwa.
Go tweng fa Mosupi a tshosediwa ka gore o tla bolawa? Fa go nna jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tshepa gore Modimo o na le nonofo ya go dira gore ba tshele gape fa ba ka swa. (Ditiro 24:15) Ka jalo Basupi ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa Bahebera ba bararo ba babotlana ba kwa Babilone wa bogologolo. Fa ba ne ba tshosediwa ka gore ba tla bolawa ka go latlhelwa mo bodibeng jwa molemo, ba ne ba raya Kgosi Nebukatenesare ba re: “Fa go ka nna jalo, Modimo wa rona o re o direlang, o nonofile go re golola . . . o tle o itse kgosi, fa re gana go direla medimo ya gago, le go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.”—Daniele 3:17, 18.
Ka jalo, jaaka go boletswe kwa pelenyana, fa Hitler a ne a simolola go itlotlomatsa a itlhoma jaaka modimo, go ne go tlile go nna le ntwa ka ntlha ya megopolo e e sa tshwaneng. E re ka tšhaka ya Third Reich e ne e somotswe mo kgatleng ya yone, e ne e lebane le setlhotswana sa Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba ikanne gore ba tla ikanyega mo Modimong wa boammaaruri, Modimo Mothatayotlhe, Jehofa. Lefa go ntse jalo, go ne go setse go dirilwe tshwetso ya gore ntwa eno e tla felela jang le pele e simolola.
[Lebokoso mo go tsebe 19]
Go Ikanyega go Fitlha Losong
WOLFGANG KUSSEROW e ne e le mongwe wa ba ba neng ba bolawa gonne ba ne ba ikanyega mo Modimong e bile ba gana go ema Bo-Nazi nokeng. Pele a kgaolwa tlhogo ka March 28, 1942, o ne a kwalela batsadi ba gagwe le bomorwarraagwe jaana: “Jaanong, nna morwaalona wa boraro le mokaulengwe wa lona, ke tlile go lo tlogela ka moso mo mosong. Lo se ka lwa hutsafala, ka gonne nako e tla tla fa re tla bo re kopana gape. . . . A bo re tlile go itumela jang ne, fa re kopanngwa gape! . . . Jaanong re kgaogantswe, mme mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go lekwa; mme morago re tlile go duelwa.”
Pele a bolawa ka January 8, 1941, Johannes Harms o ne a kwalela rraagwe jaana la bofelo: “Ke setse ke boleletswe gore ke atlholetswe loso mme ke bofiwa ka dikeetane bosigo le motshegare—matshwao (a a mo pampiring) ke a dihakaboi . . . Rre yo o rategang, ke go kopa ka pelo yotlhe gore o nne o ntse o ikanyega, jaaka ke lekile go nna ke ikanyega mme fa go ka nna jalo re tla bonana gape. Ke tlile go akanya ka wena go fitlha ke swa.”