LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 9/8 ts. 26-29
  • Lebaka La go Bo Dikereke Di ne Di Didimetse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo Dikereke Di ne Di Didimetse
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seabe sa Kereke ya Katoliki
  • Ke Mang Gape yo a Neng a Didimala, Mme ke Mang yo a Neng a Bua
  • Lebaka La go Bo ba Ne ba Didimala
  • Go Tlhaola Balatedi ba Boammaaruri ba ga Keresete
  • Bodumedi Bo Nna le Seabe
    Tsogang!—1994
  • Basupi ba ga Jehofa—Ba Lebana le Banasi ba ba Kotsi ka Bopelokgale
    Tsogang!—1998
  • Bosula Jwa Ba-Nazi bo a Senolwa
    Tsogang!—1995
  • Baboloka Bothokgami ba ba Pelokgale ba Fenya Pogiso ya Banasi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 9/8 ts. 26-29

Lebaka La go Bo Dikereke Di ne Di Didimetse

KA DECEMBER 8, 1993, Dr. Franklin Littell wa Baylor University o ne a bua kwa United States Holocaust Memorial Museum kaga “boammaaruri jo bo nonofileng” joo bo tshwenyang thata. Seo e ne e le eng?

Littell o ne a re boammaaruri ke gore “dimilione di le thataro tsa Bajuta di ne tsa sotliwa mme polao ya tsone e ne e rulagantswe mo teng ga Labokeresete ke Baroma Katoliki ba ba kolobeditsweng, Baporotesetanta le Ba-Orthodox ba Botlhaba, ba ba ileng ba se ka ba kgalwa le fa e le gone go kgaolwa ke dikereke tsa bone.” Lefa go ntse jalo go na le lentswe le le lengwe le le neng la nnela go bua ka seabe sa baruti mo pusong ya ga Hitler. Mme jaaka re bone lentswe leo e ne e le la Basupi ba ga Jehofa.

Hitler e ne e le Moroma Katoliki yo o kolobeditsweng fela jaaka baeteledipele ba bantsi ba puso ya gagwe. Ke eng fa ba ile ba se ka ba kgaolwa? Ke eng fa Kereke ya Katoliki e ile ya se ka ya kgala bosetlhogo jo banna bano ba neng ba bo dira? Ke eng fa dikereke tsa Porotesetanta le tsone di ile tsa didimala fela?

A tota dikereke di ne tsa didimala fela? A go na le bosupi jwa gore di ne di ema Hitler nokeng mo ntweng ya gagwe?

Seabe sa Kereke ya Katoliki

Rahisitori wa Mokatoliki E. I. Watkin o ne a kwala jaana: “Le mororo go le botlhoko go dumela seno, lefa gone re ka tlhama sengwe sa maaka kana ka go tlhoka boikanyegi ra ganela kana ra itlhokomolosa ntlha ya gore Bobishopo ba ile ba ema nokeng dintwa tsotlhe tse di lolweng ke dipuso tsa dinaga tsa bone. . . . Ba ile ba buelela Kaesare koo bosetšhaba bo neng bo lwelwa teng.”

Fa Watkin a ne a re bobishopo ba Kereke ya Katoliki “ba ne ba ema nokeng dintwa tsotlhe tse di lolweng ke dipuso tsa dinaga tsa bone,” o ne a akaretsa dintwa tsa bosetlhogo tse di lolweng ke Hitler. Go ntse fela jaaka porofesa wa hisitori wa Moroma Katoliki wa kwa Vienna University, Friedrich Heer a ne a dumela jaana: “Mo dintlheng tse di ka se kang tsa ganelwa tsa hisitori ya Jeremane, Sefapaano le swastika di ne tsa atamalana thata, go fitlha swastika e nna yone e tlhaeletsang molaetsa wa phenyo go tswa kwa godimo ga dikereke tse dikgolo tsa Jeremane, difolaga tsa swastika di ne di pegilwe go dikologa dialetare mme baithutabomodimo, bagogi, baruti le boradipolotiki ba Bakatoliki le ba Baporotesetanta ba ne ba itumelela go tsalana le Hitler.”

Baeteledipele ba Kereke ya Katoliki ba ne ba ema dintwa tsa ga Hitler nokeng ka botlalo mo porofesa wa Moroma Katoliki Gordon Zahn a neng a kwala jaana: “Mokatoliki wa Mojeremane yo a neng a kopa kaelo ya semoya ya gore a o ka direla mo dintweng tsa ga Hitler o ne a arabiwa ka tsela e e tshwanang le ya fa a ne a ka botsa mmusi yoo wa Mo-Nazi ka boene.”

Porofesa Heer o ne a kwala ka botlalo gore Bakatoliki ba ne ba dira fela jaaka baeteledipele ba kereke ba ne ba ba kaela. O ne a akgela jaana: “Mo Bakatoliking ba Bajeremane ba ba ka nnang dimilione di le masomeamararo le bobedi—bao ba le dimilione di le lesome le botlhano le halofo ba bone e neng e le banna—ke [batho] ba le supa fela mo go bone ba ba neng ba gana phatlalatsa go nna masole. Ba le barataro mo go bano e ne le Ba-Austria.” Bosupi jwa bosheng bo supa gore Bakatoliki bangwe ba le mmalwa, mmogo le Baporotesetanta bangwe, ba ne ba nna pelokgale go ema kgatlhanong le Puso ya Nazi ka ntlha ya dilo tse ba neng ba di dumela thata tsa bodumedi jwa bone. Bangwe ba ne ba bolawa, fa baeteledipele ba bone ba semoya ba ne ba begela Third Reich ka bone.”

Ke Mang Gape yo a Neng a Didimala, Mme ke Mang yo a Neng a Bua

Jaaka go boletswe kwa godimo, Porofesa Heer o ne a akaretsa baeteledipele ba Baporotesetanta mo go ba ba neng ba “itumelela go tsalana le Hitler.” A seo se boammaaruri?

Baporotesetanta ba bantsi ba ile ba jewa ke segakolodi thata ka gonne ba ile ba didimala fela ka nako ya dintwa tse di setlhogo tsa ga Hitler. Ka sekai, baruti ba le 11 ba maemo a a kwa godimo ba ne ba kopana ka October 1945 go tla go kwala se se bidiwang tumelomolato ya Stuttgart. Ba ne ba re: “Re ipega molato ka go bo re ile ra se ka ra nna pelokgale go bolela dilo tse re di dumelang, re ile ra se ka ra ikanyega mo go rapeleng, re ile ra se ka ra itumelela go bolela tumelo ya rona le go supa lorato re nonofile.”

History of Christianity ya ga Paul Johnson e ne ya re: “Mo bagoging ba Evangelical ba le 17 000, ga go ise go ko go direge gore go nne le ba ba fetang masomeamatlhano ba bone ba ba neng ba atlholelwa nako e telele mo kgolegelong [ka go bo ba ne ba sa eme puso ya Nazi nokeng].” Fa a ne a bapisa bagogi bao le Basupi ba ga Jehofa, Johnson o ne a kwala jaana: “Ba ba neng ba le pelokgale thata e ne e le Basupi ba ga Jehofa, ba ba neng ba bolela dithuto tsa bone tse di neng di ganetsa ka tlhamalalo go tloga fela kwa tshimologong mme e bile ba ne ba bogisiwa fela jalo. Ba ne ba gana go dirisana mmogo le puso eo ya Ba-Nazi gotlhelele.”

Bogologolo ka 1939, ngwaga o Ntwa ya Lefatshe II e neng ya simolola ka one, Consolation e ne ya nopola moruti wa Porotesetanta, T. Bruppacher, a re: “Fa banna ba ba ipitsang Bakeresete ba ile ba palelwa jaana mo tekong e ba neng ba tshwanetse go itshupa tota mo go yone, basupi bano ba ba sa itsiweng ba ga Jehofa, ba ba neng ba swela tumelo ya Bokeresete, ba ne ba ema ba nonofile ba gana go pateletsa digakolodi tsa bone mme ba ne ba gana kobamelo ya seheitane ya medimo ya disetwa. Borahisitori ba isagwe ba tshwanetse gore letsatsi lengwe ba gakologelwe gore dikereke tse dikgolo ga di a ka tsa emelana le bogale jwa ledimona la Nazi mme batho bano ba ba neng ba buiwa leswe e bile ba sotliwa ba ne ba dira jalo . . . Ba gana go obamela Hitler le Swastika.”

Ka tsela e e tshwanang, Martin Niemoeller, moeteledipele wa kereke ya Porotesetanta yo ene ka boene a neng a kile a isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Ba-Nazi o ne a bolela jaana moragonyana: ‘Ruri go tshwanetse ga gakologelwa gore dikereke tsa Bokeresete, go ralala dingwaga tsotlhe, di ile tsa nna tsa segofatsa dintwa, masole le dibetsa le gore di ne tsa rapela ka tsela e e seng ya Bokeresete gore baba ba tsone ba nyelediwe.’ O ne a dumela jaana: “Molato ono ke wa rona le wa borraarona, mme ruri tota ga se wa Modimo.”

Morago, Niemoeller o ne a oketsa jaana: “Mme fa re tla go akanya gore rona Bakeresete ba gompieno re tlhabisiwa ditlhong ke batho ba ba bidiwang lekoko la baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele [Basupi ba ga Jehofa], bao makgolokgolo le diketekete tsa bone a neng a isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso mme a swela koo gonne ba ne ba gana go direla mo dintweng le go gana go thuntsha batho ba bangwe.”

Susannah Heschel, porofesa wa dithuto tsa Sejuta, o ne a bona makwalo mangwe a kereke a a neng a supa gore baruti ba Lutere ba ne ba batla, ee, ba iketleeditse go ema Hitler nokeng. O ne a bolela gore ba ne ba kopa ba khubame ka mangole gore ba letliwe go pega swastika mo dikerekeng tsa bone. Patlisiso ya gagwe e ne ya supa gore bontsintsi jwa baruti bo ne bo sa patelediwe go dumalana mme ba ne ba ema Hitler le dikgopolo tsa gagwe tsa Aryan nokeng ba le tlhaga tota.

Gantsi fa Heschel a ruta, maloko a kereke a mmotsa jaana, “Tota re ka bo re dirile eng?”

“Le ka bo le ile la tshwana le Basupi ba ga Jehofa,” o araba jalo.

Lebaka La go Bo ba Ne ba Didimala

Lebaka la go bo dikereke di ne tsa didimala le a phepafala. Ke ka gonne baruti ba Labokeresete le matsomane a bone ba ne ba latlhile dithuto tsa Baebele mme ba ema nokeng naga eo ya bopolotiki. Ka 1933, Kereke ya Roma Katoliki e ne ya dira tumalano le Ba-Nazi. Mokadinale wa Roma Katoliki Faulhaber o ne a kwalela Hitler jaana: “Go tshwarana ka diatla jaana le Bomopapa . . . ke tiro ya bopelokgale e e lereng lesego le legolo. . . . A Modimo o babalele Mokanseleri wa Reich [Hitler].”

Eleruri, Kereke ya Katoliki, mmogo le dikereke tse dingwe, di ne tsa nna malata a puso e e maswe ya ga Hitler. Le mororo Jesu Keresete a ne a boletse gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri “ga se ba lefatshe,” dikereke le batho ba ba di tsenang ba ne ba nna karolo ya botlhokwa thata ya lefatshe la ga Hitler. (Johane 17:16) Go ne ga felela ka gore ba palelwe ke go bua kgatlhanong le bosetlhogo jo bo neng bo direlwa batho jo bo neng bo dirwa ke Ba-Nazi mo dikampeng tsa bone tsa polaelo.

Ke boammaaruri gore, batho ba sekae ba ba pelokgale ba Bakatoliki, Baporotesetanta le ditumelo tse dingwe tse di farologaneng ba ne ba ema kgatlhanong le Puso ya Nazi. Le mororo bangwe ba bone ba ne ba bolawa, baeteledipele ba bone ba semoya, ba ba neng ba ipolela gore ba direla Modimo, ba ne ba dirisiwa ke Third Reich.

Lefa go ntse jalo, go na le lentswe le le lengwe fela le le neng le sa didimale. Lefa metswedi ya dikgang ka kakaretso e ne ya itlhokomolosa seabe se segolo se dikereke di neng di na le sone mo ditirong tsa Ba-Nazi, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ikutlwa ba patelesega go senola bonokwane le boitimokanyi jwa baruti, ba senola ditumalano tsa bone tsa sephiri tse di sa siamang. Mo ditsebeng tsa makasine o o neng o le teng pele ga ono, mmogo le mo dikgatisong tse dingwe mo dingwageng tsa bo1930 le bo1940, ba ne ba gatisa mafoko a a nonofileng a a neng a pega mekgatlho ya bodumedi e e neng ya nna malata a Ba-Nazi molato.

Go Tlhaola Balatedi ba Boammaaruri ba ga Keresete

Basupi ba ga Jehofa ba farologane gotlhelele le ditumelo tsa lefatshe leno. E re ka e se ba lefatshe, ga ba nne le seabe mo dintweng tsa ditšhaba. Ba ikobela taolo ya Modimo, mme ba ‘thutse ditšhaka tsa bone magale a megoma.’ (Isaia 2:4) Ee, ba ikobela ditaelo tsa ga Keresete tsa gore ba ratane. (Johane 13:35) Seno se raya gore ga ba ke ba ya kwa ntweng kana ba utlwisana botlhoko ka boomo.

Baebele e bua e tlhamaletse fela fa e tlhaola baobamedi ba boammaaruri ba Modimo fa e re: “Bana ba Modimo ba farologanyesega ka mokgwa o le bana ba diabolo; yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng mogagabo. Gonne e ke yone taetso e lo sa leng lo e utlwa mo tshimologong, gore re ratane. Re se ka ra nna jaaka Kaine a nna wa yo o bosula, a bolaya monnawe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—1 Johane 3:10-12.

Ee, hisitori e bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba supetsa batho ba bangwe lorato lefa ba ne ba gateletswe thata. Fa Hitler a ne a lwa mo Yuropa, Basupi ba ne ba ema ba nonofile kgatlhanong le maiteko a Ba-Nazi a go ba dira gore ba nne le seabe mo polaong eo ya kgailo. Porofesa Christine King o ne a sobokanya kgang eno sentle jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bua. Ba ne ba bua go tloga fela kwa tshimologong. Ba ne ba bua ka lentswe le le lengwe fela. E bile ba ne ba bua ka bopelokgale tota, joo bo re rutang sengwe rotlhe.”

Basupi ba ga Jehofa ba tla tswelela ba bua, go fitlha lefatshe leno le tsena ka pabalesego mo pusong ya ga Jehofa e bile go sa tlhole go na le ntwa le boikepo. Fela fa Morena Molaodi Jehofa a santse a letlile, makasine ono o tla senola bosula jotlhe jwa lefatshe leno le le tletseng bosatane mme o tla nna o buelela selo se le sengwe fela se batho ba ka se solofelang ka boammaaruri, Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 6:9, 10.

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

The New York Times, September 25, 1939, Late City Edition, page 6

New York Post, August 27, 1940, Blue Final Edition, page 15

The New York Times, December 7, 1941, Late City Edition, page 33

Metswedi ya dikgang ya United States e ne ya supa gore dikereke di ne di ema Bo-Nazi nokeng

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go farologana le dikereke, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgala Bo-Nazi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela