Nare Ya Metsi—E Boikanngo e Bile e Mosola
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA BRAZIL
‘Tshaba koo, tshaba koo! Nkwe ke eo!’ basimane ba ne ba tlhaeletsa jalo. Ba tabogela kwa dinareng tsa bone, ba tlolela mo mekwatleng ya tsone di bo di tshaba ka bone. Go ise go ye kae Saïdjah, mongwe wa basimane, o a relela a bo a wela mo masimong a reise—o tlile go jewa ke nkwe. Lefa go ntse jalo, nare ya ga Saïdjah e lemoga se se diregang. E a retologa, e bo e sireletsa tsalanyana eno ya yone ka mmele wa yone o mogolo e itebagantse le nkwe. Katse eno e kgolo e a tlhasela, mme nare e ema e sa tshikinyege e sireletsa botshelo jwa ga Saïdjah.
TIRAGALO eno e neng ya tlhalosiwa ke Eduard Douwes Dekker, mokwadi wa lekgolo la bo19 la dingwaga yo o neng a nna kwa Asia, e bontsha sengwe se se kgatlhang ka nare ya metsi: e boikanngo. Le gompieno e santse e le boikanngo fela jalo. Moitse mongwe o bolela gore, “nare ya metsi e tshwana fela le ntša ya mo gae. E go rata go isa losong fa fela o e tlhokomela sentle.”
Bana ba kwa Asia, tota le ba dingwaga tse nnè tota, ba dira jalo. Letsatsi le letsatsi ba kgweeletsa ditsala tseno tsa bone tse dikgolo mo nokeng go ya go di tlhapisa mmele otlhe mme ka diatlanyana tse dinnye tsa bone ba tlhapisa ditsebe, matlho le dinko tsa diphologolo tseno. Nare e tla tsibogela seo ka go kgwa mowa e supa fa e itumetse. Letlalo la yone le lentsho le monya mogote o montsi thata, mme ka ntlha ya gore nare e na le dikgeleswa tsa mofufutso di sekae fela fa di bapisiwa le tsa kgomo, mmele wa yone ga o kgone go tsidifala motlhofo. Ke sone se e ratang go ikina jalo mo metsing letsatsi le letsatsi! Buka nngwe e bolela gore: “Ka go rata go inwetsa jalo mo metsing kana mo seretseng di ntse di otla di tswetse matlho go sekae, seo se supa gore di itumetse tota.”
Ga se fela gore di rata metsi. Ke eng gape se di se ratang? Ke eng fa di le mosola? Sa ntlha, di bopegile jang?
Selo se se Nonofileng se se Fitlhelwang Lefatshe Lotlhe
Nare ya metsi (Bubalus bubalis) e bopegile jaaka pholo e e nonneng thata mme e bokete jwa dikilogerama di le 900 kana go feta. E na le letlalo le e keteng ga le na bobowa le le kwebu. E boleele jwa dimetara tse 1,8 fa magetleng—ka dinaka tse di kgogoropo, mokwatla o o tlhamaletseng, mmele o moleele, thamo e e leketlang e bile e mesifasifa—e nonofile tota. Maoto a yone a a nonofileng kwa tlase a ntse ka tsela e e dirang gore e kgone go tsamaya motlhofo mo seretseng: ditlhakwana tse dikgolo tse di tshwaraganeng le malokololo a a kgonang go kobegela kwa le kwa. Go kobega motlhofo gono go dira gore nare e kgone go kobela ditlhakwana tsa yone kwa morago, go ralala dikgoreletsi le go gataka lefelo le le diretseretse le dikgomo di ka palelwang ke go tsamaya mo go lone.
Dinare tsa metsi tse di kgwabofaditsweng tse di dimilione di le 150 mo lefatsheng di mefuta e le mebedi: tse di ratang lefelo le le tletseng seretse le tse di ratang noka. Go tloga kwa Philippines go fitlha kwa India, dinare tse di ratang mafelo a a tletseng seretse tse di nang le dinaka tsa boleele jwa dimetara tse 1,2 go ya go 1,8 tse di phekametseng kwa morago, di ratiwa thata mo ditshwantshong tsa diposekarata. Fa e sa ema jalo gore e tsewe ditshwantsho, e a bo e semeletse mo masimong a reise kana e goga kolotsana mo tseleng mo go ka dirang gore mokgweetsi wa lori a tsenwe ke tsebetsebe fa a tsena foo.
Nare ya noka e tshwana fela le e e ratang mafelo a a tletseng seretse. Mmele wa yone o monnye go sekae mme dinaka tsa yone di lekanetse fela—di matshopatshopa kana di wela kwa morago di tlhamaletse. Le fa gone bokete jwa yone e le jwa dikilogerama di le 900, e kgatlha tota. Mo nakong e e fetileng, bagwebi ba Baarabia ba ne ba lere mofuta ono wa tsone kwa Botlhabagare go tswa kwa Asia bophirima; mme moragonyana Batlhabanelatumelo ba ba neng ba boela kwa Yuropa ba ne ba tla ka tsone koo mme di santse di le gone koo.
Le mororo o se kitla o fitlhela nare ya metsi e tsamaya ka lobelo lo logolo—di itsamaela di iketlile ka lobelo lwa dikilometara di le tharo ka ura—ka bobedi dinare tse di ratang mafelo a a tletseng seretse le tsa noka di fitlhelwa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. O ka di fitlhela di agile mo lobopong lwa bokone jwa Australia, di le mo dintshing tsa setlhaketlhake sa Pacific tota le kwa dikgweng tsa Amazon o ka fitlhela metlhala ya tsone. Kwa Amazon tota?
Bakgarakgatshegi ba ba Atang Thata
Bajanala ba ba etelang Amazon go tla go ithuta ka ekholoji gantsi ba na le go gobea fa dintshing tsa teng tsa dinoka ba batla go bona mangau a masetlha kgotsa dinoga tse dikgolo tsa metsi, mme ba bowa ba sa bona sepe. Lefa go ntse jalo, ga ba ke ba tlhoka dibonelakgakala kgotsa tota le tsone diborele go bona baeti ba basha ba ba etetseng dikgwa tseo—dinare tsa metsi, di le diketekete.
Fa e le gore o akanya gore bakgarakgatshegi bano ba ba tswang kwa Asia ba ka nna ba tloga ba senya tikologo ya Amazon, o ka nna wa akanyetsa go ya go ba bega kwa mapodiseng a kwa Marajó, setlhaketlhake se se leng fa molomong wa noka eo. Lefa go ntse jalo, o nne kelotlhoko! Fa o fitlha kwa seteišheneng sa teng ba tla go reetsa ka tsoopedi ka gonne o ka nna wa rakana le lepodisi le le mo tirong ka nako eo le le mo tseleng go ya go paterola mo mebileng le palame modiredipuso yono yo o boifisang. Ee, o fopholeditse sentle, ke nare ya metsi—tota e bile ke mofuta wa tse di ratang mafelo a a tletseng seretse! Tota ke mang yo a ka yang go ngongorega ka tsone?
Dr. Pietro Baruselli, yo e leng ngaka ya diphologolo e e dirang kwa setheong sengwe sa tse pedi tse di dirang dipatlisiso ka dinare tsa metsi kwa Brazil o bolela gore totatota dinare tsa metsi ke dilo tse di botlhokwa thata mo kgaolong ya Amazon. O ne a bolelela Tsogang! gore dinare di na le thulaganyo ya tshilo ya dijo e e molemo thata e e dirang gore di kgone go otlwa thata ke mahulo a a ka bopamisang dikgomo. Baruakgomo ba tshwanelwa ke gore ka metlha ba reme dikgwa gore go nne le mafulo a masha, mme dinare tsone di kgona go tshela ka one mafulo ao a a setseng a le gone. Dr. Baruselli o bolela gore dinare tsa metsi “di ka thusa go somarela dikgwa tsa pula.”
Lefa go ntse jalo, gore dinare tseno di kgone go tshela jalo mo sekgweng, di tshwanelwa ke go swela molemo dijonyana tse di gone ka nako eo—mme di dira fela jalo. Buka ya The Water Buffalo: New Prospects for an Underutilized Animal e bolela gore ka nako ya dipula, fa noka ya Amazon e hupeditse mafulo ka metsi, dinare di kgona go itlwaetsa matleputlepu ao. Fa dikgomo tsone di tla bo di sietse kwa mafelong a a mo dithoteng a a nang le mafulonyana ka matlho a mahibidu di tshwerwe ke tlala, dinare tsone di tla bo di gobua metsi ao di ja dimela tse di kokobetseng mo metsing kgotsa tota le go fula tlhaga e e kwa tlase ga metsi. Fa mafulo a tlhaga gape, dinare di tla bo di phatsima fela jaaka di ne di ntse pele ga foo.
Mmaetsho yo o Tsalang Moelela
Dinare tsa metsi tse di nnang kwa dikarolong tse dingwe tsa Brazil le tsone di ata tota. Fa e sa le go tloga ka bo1980, metlhape ya naga eo e ne ya oketsega go tloga go dikete di le makgolo a le mane go ya go dimilione di sekae. Tota e bile, dinare di ata ka dipalo tse dikgolo go gaisa dikgomo. Ka ntlha yang?
Wanderley Bernardes, yo o ruileng dinare kwa Brazil o tlhalosa gore nare e simolola go gwelwa e le dingwaga tse pedi fela. Morago ga dikgwedi di le lesome fela e sena go dusa, e tsala namane ya yone ya ntlha. Dikgwedi di le 14 morago ga foo, e tsala namane ya bobedi. Dinare di kgona go ata thata ka gonne dinamane tsa tsone ga di swe motlhofo e bile di kgona go emelana le malwetse. Di tshela lobaka lo lo kana kang? Mo e ka nnang dingwaga di feta 20. Di tsala go le kana kang?
“Ke tla go bontsha,” Rre Bernardes o ne a rialo ka nako ya fa a ne a kwakwanta mo mafulong a magolo a polasi ya gagwe ya diheketara di le 300 e e dikilometara di le 160 e e kwa bophirima jwa São Paulo. “Yo ke Rainha (Mmaetsho),” o ne a bua jalo ka boitumelo a supa nare e letlalo la yone le le kgobogileng le dinaka tse di robegileng di supang gore e tshedile lobaka lo loleele. O ne a oketsa jaana a nyenya: “O na le dingwaga tse 25, o na le ditlogolwana di le dintsi tota, mme legale, o sa tswa go tshola namane ya bo20 gone jaanong.” Ka bommèmogolo ba ba jaaka Rainha, ga go gakgamatse go bo baitse bangwe ba bonela pele gore mo lekgolong le le latelang la dingwaga, Brazil e tla bo e na le metlhape e mentsi thata ya dinare go gaisa mo lefatsheng lotlhe!
Terekere e e Tshelang le go Feta Moo
Lefa go ntse jalo, gone jaanong seo se direga kwa India, koo go nang le palo e e lekanang le halofo ya palo ya dinare tsotlhe tse di mo lefatsheng. Koo, le kwa dinageng tse dingwe tsa Asia, dimilionemilione tsa malapa a a humanegileng a balemi di kgona go itshedisa ka masimo a mannye ka thuso ya dinare. “Diterekere tse di tshelang” tsa bone tse di sa tlhokeng disele kana ditshipi tse disha, di ba thusa go goga dilo, go lema, go thuba makwete, go goga dikolotsana le go tlamela malapa a bone ka dingwaga tse 20. Mosadi mongwe wa kwa Asia o ne a re: “Mo lelapeng la me, nare e botlhokwa go nkgaisa. Fa ke swa, ba tla ntelela; mme fa nare ya rona e swa, ba ka nna ba bolawa ke tlala.”
Kwantle ga go thusa thata mo temong gape nare e tlamela ka dijo. Diperesente di le 70 tsa mashi otlhe a India a tswa mo dinareng tsa teng tsa noka, mme mashi a dinare a ratiwa thata mo e bileng go leng thata go rekisa mashi a kgomo. Ke eng fa batho ba le bantsi ba a rata? Buka ya The Water Buffalo: New Prospects for an Underutilized Animal e tlhalosa jaana: “Mashi a nare ga a na metsi a mantsi, a na le dikotla tse di loileng, mafura a mantsi, lactose e ntsi go sekae le diporoteine tse dintsinyana go gaisa mashi a kgomo.” A naya motho maikatlapelo a mantsi, a monate e bile a dirisiwa go dira tšhise ya mozzarella, ya ricotta le mefuta e mengwe e e monate.
Go tweng ka nama ya nare? Bernardes yo e leng morui wa dinare a re: “Batho ba e batla ka bontsi thata.” Fa go ne go batlisisiwa gore ke efe e e monate thata kwa Australia, Venezuela le kwa United States, batho ba ne ba rata nama ya nare go feta ya kgomo. Tota e bile, ka dinako tse dingwe batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba na le go mutlha nama ya nare ba akanya gore ke nama e e monate ya kgomo. Dr. Baruselli o akgela jaana: “Batho ba na le go e tseela kwa tlase, lefa go ntse jalo, nama ya nare e monate fela jaaka ya kgomo, e bile gantsi e a e gaisa.”
Go Ngotla Dinare
Lefa gone nare e ata thata, e mo kotsing. Earthscan Bulletin e bolela gore: “Gantsi dipoo tse dikgolo tse di ka bong di dirisediwa go di atisa, di tlhophelwa go dirisiwa jaaka diphologolo tse di gogang dikolotsana e bile di a fagolwa kgotsa di romelwa go ya go tlhabiwa.” Ka ntlha ya seo, losika lwa dinare tse dikgolo lo a nyelela mme bogolo jwa dinare bo a ngotlega. Moitse mongwe a re: “Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng kwa Thailand, go ne go tlwaelegile gore motho a bone nare e e bokete jwa dikilogerama di le 1 000; gone jaanong ga go motlhofo go bona tsa bokete jwa dikilogerama di le 750.” A bothata jono bo ka rarabololwa?
Ee, pego nngwe e e neng ya dirwa ke borasaense ba diphologolo ba le 28, e bolela jalo, mme “go tshwanetswe ga tsewa dikgato ka bonako . . . go ngomaela le go sireletsa dinare tsa mefuta e e bonwang sewelo.” Go fitlha jaanong, ba a dumela gore dinare di ntse di tlhokomologilwe, lefa go ntse jalo “e ka nna selo se se ka nnang mosola thata mo dinageng tse di santseng di tlhabologa fa go ka tlhaloganngwa dinare tsa metsi sentle.” Ba bolela gore dipatlisiso tse di oketsegileng di tla thusa gore “dinonofo tsa tsone tse di molemo di lemogiwe.”
Kgabagare, borasaense mo lefatsheng lotlhe ke gone ba lemogang se balemi ba Asia ba sa bolong go se itse ka makgolokgolo a dingwaga: Nare ya metsi e e boikganngo le e e mosola ke nngwe ya ditsala tse dikgolo tsa motho.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Ga se Yone
BUKA ya The Water Buffalo: New Prospects for an Underutilized Animal, e bolela jaana: “Go na le tumelo e e anameng thata ya gore nare ya metsi ga e botsalano e bile e bogale thata. Disaetlopedia di gatelela mogopolo ono.” Lefa go ntse jalo, totatota nare ya metsi e e ruilweng “e bokgwabo go gaisa diphologolo tsotlhe tse di ruiwang. Le mororo tebego ya yone e tshosa, e tshwana fela le phologolo ya mo gae—e botsalano, e bonolo e bile e ritibetse.” Mme jaanong go tlile jang gore nare ya metsi e senngwe leina jaana? E ka nna ya bo e le gore batho ba e tlhakatlhakanya le nare ya African Cape (Synceros caffer) eo tota e seng botsalano le mororo e nkgisana losika go sekae le eno. Lefa go ntse jalo, dinare tsa metsi ga di ke di gwelana le tsone. Di itumelela go katogana thata le ba losika bano ba tsone ba ba bosilo.