Bokao Jwa Setshwantsho sa Sefatlhego
MONNA YO O REMANG DIKGONG O TSAMAELA NTLHENG YA SETLHARE SENGWE KWA SEKGWENG SA AFRIKA BOGARE, A TSHOTSE SELEPE. O YA GO DIRA TIRO YA BODUMEDI E E SA BOLONG GO NNA E DIRWA KA DIMILENIAMO TSE DINTSI TSE DI FETILENG MO AFRIKA.
MONNA yono yo o remang dikgong o dumela gore mo setlhareng seo, go nna meya e e tshwanelwang ke go tlotlwa thata. Pele ga a ya kwa sekgweng seno, o ne a ya kwa go nkadilatlha gore a mo sireletse gore meya eno e se ka ya mo gobatsa. Morago ga moo o dira moletlonyana wa go iitshekisa a bo ntshetsa meya eno ya setlhare setlhabelo.
O ratha setlhare ka selepe. Morago ga moo o baya molomo wa gagwe fa a rathileng teng a bo a gopa matute a teng gore a nne le botsalano le setlhare seo. Fa a sena go rema setlhare, o se tlogela se rapaletse fa fatshe malatsi a sekae gore meya eno e nne le nako e e lekaneng go batla legae le lesha felo gongwe. Lefa meya e ka tswa mo setlhareng, o dumela gore setlhare ka bosone se na le maatla mangwe. Maatla ano a setlhare a magolo thata mo go tlhokegang gore motho yo o tshwarang dikgong tsa sone a latele ditaelo tsa ngwao gore a se ka a gobala.
Ka diatla tse di botswerere tsa mmetli, legong leo le fetoga setshwantsho sa sefatlhego. Fa popego ya setshwantsho seo sa sefatlhego e ntse e tokafala, go dumelwa gore maatla a legong leo le one a oketsega. Mmetli ga a kake a le betla fela go ya ka tsela e ene a batlang ka yone; o tshwanetse go dira jalo go ya ka tsela ya ngwao ya morafe wa gaabo. Fa a sa dire jalo, a ka nna a kgopisa setšhaba sa gaabo a bo a galefisa le maatla a meya ya setshwantsho seo sa sefatlhego.
Fa setshwantsho seo sa sefatlhego se sena go fela, seepamere se tla bo se dira moletlo wa go se tlhomamisa o mo go one se tla tshasang setshwantsho seno sa sefatlhego ka mesunkwane ya gagwe. Morago ga seo go dumelwa gore setshwantsho seno sa sefatlhego se tla bo se na le maatla a magolo a a fetang a motho mme meya e se e diretsweng e tla bo e aga mo go sone. Jaanong setshwantsho seo sa sefatlhego se siametse go ka dirisiwa mo meletlong ya bodumedi.
Bokao Jwa Setshwantsho sa Sefatlhego mo Afrika
Mo mafelong a mantsi a kontinente ya Afrika ditshwantsho tsa sefatlhego di dirisiwa mo kobamelong. Buka ya Masks—Their Meaning and Function e bolela jaana: “Setshwantsho sa sefatlhego se ka dira dilo tse pedi: se ka dirisiwa jaaka selo se se nang le maatla a go sireletsa, jaaka go ntse ka ditshwantsho tsa sefatlhego tse di potlana; kgotsa se ka rwalwa ka maikaelelo a gore se golaganye motho le bagolwagolwane ba gagwe, le meya kana le ditshedi tse dingwe tse di fetang motho ka maatla.”
Fa Geoffrey Parrinder wa mokanoki a tlhalosa seno ka botlalo mo bukeng ya gagwe ya Religion in Africa, o bolela jaana: “[Ditshwantsho tsa sefatlhego tsa Afrika] ke tsa bodumedi go sa kgathalesege gore a ke tsa mmatota, tse di tlhophetsweng seo kana ke tse di sa betliwang. Di emela baswi kana meya e e nnang gone ka nako ya meletlo ya teng, kgotsa ‘ditlhopha dingwe tsa sephiri’ tse di amanang le baswi kgotsa di dirisediwa go kgoreletsa boloi. Go sa kgathalasege gore a ditshwantsho tseno tsa sefatlhego ga di ikutlwe kgotsa di a tshosa, gore ga di a bopega jaaka dilo tsa tlholego kgotsa gore ga di a tshwantshiwa le selo se se rileng, di supa thata kafa baswi ba ka boifisang ka teng le go supa gore loso ga se bokhutlo jwa dilo. Di diretswe gore di rwalwe ke batho ba ba itirang e kete ke baswi, gantsi o fitlhela mebele ya bone e khurumeditswe ka diaparo tse di telele mme batho ba teng ga baa tshwanela go bidiwa gore ke batho go na le moo ba bidiwa meya.”
Kwantle ga gore ditshwantsho tseno tsa sefatlhego di dirisiwa mo diphitlhong le go itshireletsa mo boloing, gape di dirisiwa mo meletlong ya go rupisiwa, mo meletlong, mo ditshekong, mo ngwaokobamelong ya dilo tse di amanang le go tshola bana le jaaka tsela ya go “buisana le baswi.” Ka dinako tse dingwe o ka fitlhela ditshwantsho tsa sefatlhego di dirisiwa thata le mo meletlong ya Labokeresete. Ka sekai, kwa Sierra Leone o tla fitlhela ka nako ya manyalo “bodiabolo” ba ba itsentseng ditshwantsho tsa sefatlhego ba bina mo lebaleng la kereke e le go supa tlotlo fa go na le manyalo. Mo dilong tseno tsotlhe tse ditshwantsho tsa sefatlhego di dirisiwang mo go tsone, di na le bokao bo le bongwe. Go ya ka buka ya African Masks, di “tshwantshetsa maatla a bomodimo, go sa kgathalasege gore a di diretswe go dirisiwa mo dilong tse di farologaneng kgotsa go kgatlha le go tlosa bodutu.”
Mo ditsong tse di fetang 1 000 tsa mo Afrika, mo e ka nnang tse 100 tsa tsone di dira ditshwantsho tsa sefatlhego. Ditshwantsho tseno tsa sefatlhego tsa ditso tseno di farologana thata go ya ka dipopego tsa tsone e bile di a farologana go ya ka tsela e di dirisiwang ka yone. Mme lefa di le mefutafuta jalo, go na le dipopego dingwe tse di rileng tsa tsone tse batho ba dikarolo tse dintsi tsa Afrika ba di itseng thata. Ka sekai, gantsi ditshwantsho tsa sefatlhego tse di tshwantshetsang meya ya bagolwagolwane di lebega di le bonolo, fa ditshwantsho tsa sefatlhego tse di tshwantshetsang meya e e seng ya batho tsone di lebega di boifisa. Phatla ya tsone e kgolo thata e tshwantshetsa botlhale le bomoya jwa maemo a a kwa godimo. Matlho a tsone a a rotogileng kana sefatlhego sa teng se se tlhamaletseng se supa fa se tsenwe ke moya. Mmala wa teng o mosweu o supa fa se na le meya ya baswi le dinonofo ‘tse e seng tsa lefatshe.’ Ditshwantsho tsa diphologolo tse di nang le dinaka, segolobogolo nare ya Afrika le tshepe di amana le meletlo e e dirwang ka nako ya fa go lelekwa meya e e bosula, di emela go kgarakgatsega ga meya le boloi.
Tiro ya Setshwantsho sa Sefatlhego
Mo Afrika, ditshwantsho tsa sefatlhego ga di dirisiwe fela go kgwagediwa mo leboteng; di dirisiwa mo ngwaokobamelong le fa go binwa. Se ka bipa sefatlhego sa motho yo o se rweleng kgotsa sa bipa tlhogo yotlhe. Mmele otlhe wa motho yoo o khurumediwa ka matsela a maleele kgotsa ka makakaba a makolane a raffia kana ditlhale tsa dimela.
Go tsewa gore motho yo o rweleng setshwantsho seo sa sefatlhego o na le maatla a meya ya sone. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa se se diregang: “Ka dinako tse dingwe fa motho a sena go rwala setshwantsho sa sefatlhego, kakanyo ya gagwe e a fetoga a bo a ipona a tshwana le moya o o emelang setshwantsho seo sa sefatlhego jaaka e kete o bona ponatshegelo. Lefa go ntse jalo, gantsi motho yo a se rweleng o leka ka botlhale go nna ‘molekane’ wa selo seno se a lekang go se etsa . . . Mme gantsi go ka lebega e kete motho yono yo o se rweleng o lomagana ka kakanyo le selo se a lekang go nna sone. O lebala tsela e ene a leng ka yone mme a bo a fetoga serepa fela a sa ikutlwe mo a nnang motlhanka wa selo se setshwantsho sa sefatlhego se se emelang.”
Mo bathong bao ba letleletsweng go tla go lebelela—bao gantsi e nnang banna fela—setshwantsho seo sa sefatlhego ga se tshwantshetse mongwe yo o fetang motho ka maatla fela. Ba dumela gore mongwe yo o fetang motho ka maatla o nna teng mo setshwantshong seo sa sefatlhego. Ka gone, setshwantsho seo sa sefatlhego se boitshepo ka bosone, mme setšhaba se tshwanetse go otlhaya motho ope fela yo o ka tlolang melao ya teng, ka dinako tse dingwe e le ka go bolawa. Motho yo o se rwalang o tshwanetse go latela ditaelo tsa teng tse di tshwanetseng gore a se tlhagelwe ke kotsi fela jaaka moremi le mmetli wa sone.
Bokao Jwa Setshwantsho sa Sefatlhego mo Bathong Ba ba Di Rekang
Batho mo lefatsheng lotlhe ba ntse ba tlhagafaletse go reka ditshwantsho tsa sefatlhego tsa Afrika segolobogolo mo dingwageng tse 100 tse di fetileng. Batho ba ba rekang ditshwantsho tsa sefatlhego ba di leba ka tsela e e farologaneng thata le tsela e batho ba ba latelang bodumedi jwa setso mo Afrika ba di lebang ka yone.
Batho bano ba ba di rekang ga ba di tseye e le dilo tsa bodumedi tse di boitshepo, go na le moo, ba leba ditshwantsho tseno tsa sefatlhego e le dilo tsa botaki tse di supang ngwao ya Seafrika. Go na le gore ba lebe setshwantsho sa sefatlhego go ya ka tiro ya sone mo setšhabeng, ba tsaya setshwantsho sa sefatlhego go ya ka tsela e se dirilweng motlhofo ka yone, eo se leng botlhokwa ka yone le e se amang maikutlo ka yone. Batho bano ba ba di rekang ba botsa jaana: Motho yo neng a se betla o ne a ikutlwa jang ka legong ka bolone, ka tsela e le logaganeng ka yone le tsela e le lebegang ka yone? Mmetli wa sone o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go tlhama dilo le botlhale go le kana kang go se dira mme o kgonne jang go se dira go ya kafa ngwao ya setso e batlang se nna ka teng?
Ke boammaaruri gore motho yo o se rekang ga a itlhokomolose seabe sa tsone mo bodumeding go ya ka tsela e se dirilweng ka yone. Gantsi, ka ntlha ya go farologana ga maikaelelo a mmetli, go nna le pharologano e kgolo fa gare ga ditshwantsho tsa sefatlhego tse di dirisiwang mo kobamelong le tse di betlelwang go rekisediwa kgwebo ya bojanala. Buka ya Masks of Black Africa e bolela jaana: “Mmetli o . . . tlhotlhelediwa ke tumelo e kgolo e a nang le yone mo go sone, tsela e a tlotlang tiro eo ya gagwe ya go betla motho yono wa semoya yo o nang le maatla a magolo le maemo a o a neilweng ke setšhaba go dira boikarabelo jono jo bo kgethegileng. Fa tumelo ya gagwe . . . e sena go ngotlega, o tla simolola go leba selo seno se a se dirileng e le se se senang mosola e bile e se selo se se kgatlhang sa botaki le mororo a se dirile ka botswerere.”
Batho ba ba rekang ditshwantsho tsa sefatlhego tse di isiwang kwa dimusiamong gantsi ba tlhokomela thata gore setshwantsho seo sa sefatlhego se ne se na le seabe sefe mo setšhabeng se se dirilweng kwa go sone go na le bao ba di rekang fela ka go bo di takilwe. Lefa go ntse jalo, tshedimosetso eo ya teng e a bo e sa lekana ka ntlha ya tsela e batho ba ileng ba nna le bontsi jwa ditshwantsho tsa sefatlhego ka yone. Tse dingwe ba ile ba nna le tsone e le dilo tse ba ikgopotsang sengwe ka tsone, tse dingwe e le dilo tse ba di gapileng ka nako ya ntwa mme tse dingwe tsone ba ile ba di reka ka bontsi gore di ye go rekisiwa. Ka ntlha ya seno, gantsi batho ga ba ne ba itse gore kwa tshimologong setshwantsho sengwe le sengwe sa sefatlhego se ne se diretswe eng le gore se ne se dirisediwa eng.
Bokao Jwa Setshwantsho sa Sefatlhego mo Bakereseteng
Ka gone, ditshwantsho tsa sefatlhego di na le bokao jo bo rileng mo bathong ba bodumedi jwa setso mme mo bathong ba ba di rekang ka gonne di takilwe e bile di supa ngwao nngwe di kaya sengwe se sele. Mo Bakereseteng, di na le bokao jo bo farologaneng gotlhelele.
Baebele e tlhalosa ka phepafalo gore ga go na setshwantsho sepe sa sefatlhogo kgotsa setlhare se se tswang mo go sone se se nang le maatla ape a a fetang a motho. Moperofeti Isaia o na a tlhalosa kafa go leng boeleele ka teng gore motho a dirise karolo nngwe ya legong la setlhare sengwe go ikapeela dijo le go le ora mme a bo a betla le le setseng go dira modimo yo a solofelang gore o tla mo thusa. (Isaia 44:9-20) Go ntse fela jalo le ka ditshwantsho tsa sefatlhego tsa bodumedi.
Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba a itse gore go na le “masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo.” (Baefeso 6:12) Ba tsietsa batho ka bodumedi jwa maaka ka gonne ba tlhotlhelediwa ke Satane.—Tshenolo 12:9.
Gape Bakeresete ba a itse gore badimona ba buisana le batho ka dilo tse di dirilweng ke batho go buisana le batho. Ka gone, batlhanka ba Modimo ba tila go nna le selo sepe fela sa bodumedi jwa meya, e ka tswa e le pheko, moreo, mohitshane wa boselamose kgotsa setshwantsho sa sefatlhego. Ba dira jalo ka go latela sekao sa Bakeresete ba pele ba kwa Efeso. Baebele e bua jaana ka bone: “Le ba le bantsi ba bone ba ba dirang ditiro tsa tseanyo, tse di forang, ba kgobokanya dikwalo tsa bone, ba di fisa ka molelo fa pele ga batho botlhe, mme ba bala madi a tsone, ba fitlhela a le diponto di le 5 000.”—Ditiro 19:19.
Batho ba ba ratang go direla Jehofa ga ba dirise ditshwantsho tsa sefatlhego kana go nna le tsone kgotsa selo sepe fela se se tsamaelanang le bodumedi jwa maaka. Seno re se lemoga mo kakgelong ya ga Pius, mogolwane wa Mokeresete wa kwa Nigeria: “Ditshwantsho tsa sefatlhego di supa tsela ya bodumedi e batho ba ba di dirisang ba akanyang ka yone. Ditshwantsho tseno tsa sefatlhego di na le maina mme di a obamelwa kana di boifiwa go ya ka tsela e modimo o di o emelang o ntseng ka teng. Ga nkitla ke tsamaya ke nna le setshwantsho sa sefatlhego mo ntlong ya me gonne seno ga se kitla se itumedisa Jehofa e bile gape se tla dira gore batho ba ba nketelang ba akanye gore ke dumalana le ditumelo tsa bodumedi tse se di emelang.”
Bakeresete ba boammaaruri ba a itse gore molao wa Modimo o o neng o tlhamaletse o a neng a o naya Baiseraele o ne o re: “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa.”—Ekesodo 20:4, 5.
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Ditshwantsho Tsa Sefatlhego mo Dingwaong Tse Dintsi
Mo go wena, lefoko “setshwantsho sa sefatlhego [mask]” le kaya eng? Mo dingwaong dingwe lefoko leno le emela sengwe se se thibang sengwe. Fa e le gore o rata metshameko, o ka nna wa akanya ka setshwantsho sa sefatlhego e le selo se se sireletsang sefatlhego sa motho gore se se ka sa gobala, mo motshamekong o o jaaka baseball le wa fencing. Gongwe o akanya ka selo se se bipang sefatlhego gore se se ka sa gobadiwa ke gase, se se dirisiwang ke dingaka kgotsa mmamatlhwane.
Lefa go ntse jalo, mo bathong ba le bantsi gompieno, setshwantsho sa sefatlhego se amana le bodumedi. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Ditshwantsho tsa sefatlhego tse di emelang maatla mangwe a a thusang a a boitshepo kana a a bosula mo ditantsheng tsa bodumedi—segolobogolo mo matlong a baitlami a Sebuda a Nepal, Tibet le Japane le mo ditšhabeng di le dintsi tse di sa tlhabologang—[ke] karolo ya dilo dingwe tse di boitshepo tse di emelang sengwe. Gantsi di a obamelwa fela jaaka difikantswe di obamelwa.”
Ditshwantsho tsa sefatlhego tsa bodumedi di fitlhelwa mo dingwaong tsotlhe mme e bile ke dilo tsa bogologolo thata. Gongwe mo bagologolwaneng ba rona, e ne e le dilo tse di nang le seabe se segolo thata mo bodumeding le mo go tsa loago. Buka ya Masks—Their Meaning and Function e bolela jaana: “Kwa tshimologong, setshwantsho sengwe le sengwe sa sefatlhego se ne se le botlhokwa ka tsela nngwe mme setshwantsho seo sa sefatlhego ka bosone kgotsa motho yo o se rweleng ka tsela ya masaitsiweng o ne a emela maatla mangwe kana moya.”