Lorato Lo Lo Nnang Teng ka Bonako Fela Morago ga Lo Sena go Bonana ka Lekgetlo la Ntlha—Mme Lo Nnele Ruri Morago ga Moo!
“FA O lebelela masea morago ga gore ba tsholwe,” go bolela jalo Dr. Cecilia McCarton, wa Albert Einstein College of Medicine kwa New York, “ba botlhale thata ebile ba lemoga tikologo eo ba leng mo go yone. Ba lemoga se bommè ba bone ba se dirang. Kwa modumo o tswang gone ba retologela gone. Mme ba tlhome matlho mo sefatlhegong sa bommabone.” Mme mmè le ene a lebaganye matlho le lesea la gagwe. Ke lorato lo lo nnang teng ka bonako fela morago ga lo sena go bonana ka lekgetlo la ntlha—lo lo nnang teng mo go bone ka bobedi jwa bone!
Nako eno ya go bopagana ga mmè le ngwana e itiragalela fela fa e le gore ngwana o ne a tsholwa ka tsela e e tlwaelegileng, fa e le gore go ne go sa dirisiwe diokobatsi tse di ka koafatsang maikutlo a ga mmè mmogo le a lesea. Go lela ga lone go dira gore mmè a ntshe mashi a mantsi. Go kgomana ga mmele wa gagwe le wa ga mmagwe go dira gore go nne le horomone e e thibelang gore mmè a se ka a tswa madi thata morago ga go tshola lesea. Ngwana o tsholwa a na le dithulaganyo tsa boboko tse di tlhomamisang gore go nne le kamano e e rileng—tse di ntseng jaaka go lela, go anya, go balabala le go dira modumo o o rileng, go nyenya le go ragaraga a dira jalo gore a gape tlhokomelo ya ga mmagwe. Kamano eo lesea le nang le yone segolobogolo le mmalo, e dira gore go kgonege ka lesea go nna le lorato le go amega ka ba bangwe le go ba ikanya. Ka bonako fela rre le ene o nna motho yo o botlhokwa thata mo kamanong eno. Dikamano tsa gagwe le ngwana di tlhaela go atamalana thata goo mmè a nang le gone le lesea mme lefa go ntse jalo o tsenya dikarolo tse di botlhokwatlhokwa tseno: tse di ntseng jaaka go le kgotlakgotla, go le tsitsitlha, go le latlhela kwa godimo ka tsela e e bonolo, tse mo go tsone lesea le arabelang ka setshego le go itshikinyatshikinya.
Dr. Richard Restak o bega gore go tshwara ngwana yo o sa tswang go tsholwa le go mo tlamparela go tshwana le dikotla tsa mmele. O bolela gore, “go tshwarwa ke selo sa botlhokwa mo leseeng gore le gole sentle fela jaaka fa go ntse ka dijo le okesijene. Mmè o atlarela ngwana, a mo atametse mo sehubeng, mme bontsi jwa ditsela tsa go akanya ga ngwana gore o a ratiwa di dumalana le seo.” Fa a tshwarwa ka tsela eno le eleng boboko ka bojone bo simolola go nna le “dipopego tse di farologaneng tsa go ruruga le go phatloga ka kwa ntle ga jone.”
Tilang go Arogana
Ba bangwe ba ile ba bontsha gore fa kamano eno e e magareng ga mmè le lesea e sa bontshiwe ka nako ya fa le tsholwa, go tla nna le mathata kwa pele. Ga go a nna jalo. Mo kgodisong e e lorato go na le dilonyana tse dintsinyana tse di atamalanyang lesea le mmè tse di dirang gore kamano eno e nne e e bolokesegileng mo dibekeng tse di latelang. Lefa go ntse jalo, go itlhokomolosa dikamano tse di ntseng jalo ka lobaka lo lotelele go ka gogela mo diphelelong tse di kotsi. “Lemororo rotlhe re tlhoka motho yo mongwe mo matshelong a rona,” Dr. Restak o re bolelela jaana, “re mo tlhoka thata mo ngwageng wa ntlha. Go sa bontsheng ngwana lesedi, go mo tima tshono ya go tlhoma matlho mo sefatlhegong sa motho, a sa tlhole a ipelela go tlamparelwa, a sa bewe mo sehubeng, a sa kuruetswe, a sa tsewe tsia, a sa tshwarwe—mme lesea leno ga le ne le itshokela go tingwa dilo tse di ntseng jalo.”
Masea a a lela ka ntlha ya mabaka a le mantsi. Gantsi a dira jalo e le gore a elwe tlhoko. Fa go sena sepe se se dirwang fa a lela morago ga nako e telele, a ka nna a didimala. A ikutlwa gore motho yo o a tlhokomelang ga a tseye kgato epe. A simolole go lela gape. Fa go santse go se na sepe se se dirwang, a ikutlwa a tlhokomologilwe, a sa bolokesega. A leke thata go feta pele. Fa seno se tswelela pele ka lobaka lo lotelele ebile se boelediwa kgapetsakgapetsa, lesea leno le ka ikutlwa gore le latlhilwe. Sa ntlha le a tenega, le eleng go gakala, mme la bofelo le a itlhoboga. Karogano e simolola go nna gone. Ereka le sa amogele lorato, ga le ithute gore le lone le bontshe lorato. Segakolodi sa lone ga se gole sentle. Ga le ikanye ope, ga le amege ka ope. Mo mabakeng a a sa tlwaelegang, le simolola go nna ngwana yo o tlhogo e thata le yo boitshwaro jwa gagwe e leng jwa motho yo o sa tlalang sentle mo tlhaloganyong yo o sa kgoneng go swabela ditiro tsa bokebekwa tse a di dirileng.
Lorato lo lo nnang teng ka bonako fela morago ga lo sena go bonana ka lekgetlo la ntlha ga se bofelo jwa dilo. Lo tshwanetse lwa tswelela pele go ya go ile morago ga moo. Lo se ka lwa bontshiwa fela ka molomo mme gape lo bontshiwe le ka ditiro. “A re se rateñ ka molomo hèla, leha e le ka loleme hèla; ha e se ka tihō le boamarure.” (1 Yohane 3:18) O ka dira jalo ka go mo tlamparela le go mo atla ka makgetlo a le mantsi. Mo rute le go mo kaela ka ditekanyetso tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo, Bibela, go tloga fela kwa tshimologong, pele o ka thanya le le tsebeng. Go tswa foo bana ba gago ba tla nna jaaka Timotheo a ne a ntse jaana: ‘Dikwalo tse di boitshepo o sale ka o di itse go tswa bonyaneng jwa gago, e le tse di ka kgonang go go tlhalefisa.’ (2 Timotheo 3:15) Ka malatsi otlhe senya nako o na le bone, mo dingwageng tsa bone tsa bongwana go ya go tsa bolesome. “Mahoko a ke a gu laolèlañ gompiyeno, a a nnè mo peduñ ea gago: Me u a rutè bana ba gago ka tlhōahalō, u buè kaga aōna ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa.”—Duteronome 6:6, 7.
‘Re Ka Nna Ra Lela, Mme Seno Se Direlwa go Re Solegela Molemo’
Kotlhao ke sengwe se se amang mo bathong ba le bantsi. Lefa go ntse jalo, ke karolo nngwe ya botlhokwa ya go bontsha lorato lwa botsadi fa e neelwa ka tshwanelo. Mosetsanyana mongwe o ne a lemoga seno. O ne a kwalela mmagwe karata, e atereseditswe “Go Mmè, Go Mohumagadi Yo O Molemo.” E ne e kgabisitswe ka letsatsi le le phatsimang, e kgabisitswe ka dinonyane di fofa, le ka dithunya tse dikhibidu go dirisitswe metako. Karata eno e ne e balega jaana: “Ke go kwaletse karata eno ka gonne rotlhe re go rata. Re batla go bontsha kafa re anaanelang seno ka gone ka go kwala karata eno. O saena dipampiri tsa rona tsa sekolo fela le fa maduo a rona a le kwa tlase. Fa re sa itshware sentle o a re itaya. Re ka nna ra lela, mme re itse gore seno se tla re solegela molemo. . . . Se ke batlang go se bua fela ke gore ke go rata thatathata. Ke itumelela dilo tsotlhe tse o di ntirelang. Lorato le dikatlo. [E saennwe ke] Michele.”
Michele o dumalana le Diane 13:24: “Eo o rèkègèlañ thupa o ila morwawè: me eo o mo ratañ, o tla a mo oatlhaee go sa le galè.” Go dirisiwa ga thupa, eleng e e emelang taolo, go ka akaretsa go itaya, mme ka dinako tse dintsi ga go a nna jalo. Go tlhokafala kotlhao e e farologaneng mo baneng ba ba farologaneng, mo boitshwarong jo bo sa siamang jo bo farologaneng. Kgalemo e e neelwang ka bopelonomi e ka nna ya lekana mo go seno; ngwana yo o tlhogo e thata a ka nna a tlhoka kotlhao e e nonofileng: “Kgalemèlō e tsèna kwa teñ ga motho eo o nañ le tlhaloganyō, go heta dithupa di le lekgolo mo seeleeleñ.” (Diane 17:10) Kgakololo e nngwe e e dirang mo go seno e a re: “Motlhanka [kana, ngwana] o tla a gane go siamisiwa ka puō hèla: gonne leha a tlhaloganya ga a ketla a go tlhōkōmèla.”—Diane 29:19.
Lefoko le le reng “koatlhaō” mo Bibeleng le raya go kaela, go ruta, go tlhamalatsa—gape le ka raya go itaya fa e le gore seo se a tlhokega gore o baakanye tsela ya boitshwaro. Bahebera 12:11 e bontsha boikaelelo jwa yone: “Mo bakeñ lono, ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumèdishō, ha e se tlhokohaco hèla: leha go nntse yalo, ea re kwa moragō, ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwele louñō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.” Batsadi ga ba a tshwanela go nna bogale thata mo go otlhaeng ga bone: “Borra bana, se chwenyeñ bana ba lona, gore ba se ka ba shulahala pelo.” (Bakolosa 3:21) Le gone ga ba a tshwanela go lesa gore go itaolwe: “Thupa le kgalemèlō di naea motho botlhale: me ñwana eo o lesiwañ hèla o tlhabisa mmagwè ditlhoñ.” (Diane 29:15) Go lesa gore go itaolwe go bolela jaana, ‘Dira se wena o se ratang; o se ka wa ntshwenya.’ Go otlhaya go bolela jaana, ‘Dira se se siameng; ke amegile ka wena.’
U.S.News & World Report, ya August 7, 1989, e ne ya bolela jaana ka tshwanelo: “Batsadi ba ba sa otlhaeng ka bogale, mme lefa go ntse jalo e le ba ba tlhomang melelwane e e tiileng ebile ba e ngaparela, go lebega ba ka nna le bana ba ba atlegang thata ebile ba kgona go dirisana sentle le ba bangwe.” Setlhogo seno kwa bokhutlong jwa sone se ne sa bontsha jaana: “Ka gongwe pego e e tlhomologileng thata e e tswang mo dipatlisisong tsotlhe tsa saense ke ya gore go tlhomiwa ga sekao sa lorato le sa boikanyegi le ditekanyetso tse di amogelesegang mo lelapeng lengwe le lengwe ke sone se se leng botlhokwa tota, mme eseng go kgobelelwa ka ditaolo. Boikaelelo jwa mmannete jwa kotlhao . . . ga se fela go otlhaya bana ba ba ditlhogo di thata mme go na le moo ke go ba ruta le go ba kaela le go ba thusa go nna le digakolodi.”
Ba Utlwa Se O Se Bolelang, Ba Etsa Se O Se Dirang
Setlhogo sengwe se se malebana le kotlhao go The Atlantic Monthly se ne sa simololwa ka mantswe ano: “Go ka lebelelwa gore ngwana a itshware sentle fa fela batsadi ba gagwe ba tshela tumalanong le ditekanyetso tse ba di mo rutang.” Setlhogo seno se ne sa tswelela pele go bontsha botlhokwa jwa digakolodi: “Basha ba ba neng ba itshwara sentle go lebega e le ba ba nang le batsadi bao ba neng ba dira dilo segolo, ba tlhomame, ebile ba le boikgapo—bao ba neng ba tshela tumalanong le ditekanyetso tseo ba neng ba di bolela le go kgothaletsa bana ba bone gore ba di latele ka mo go tshwanang. E ne ya re fa basha ba ba molemo ba ne ba kopanngwa le ba ba ditlhogo di thata, seno se dirwa jaaka bontlhanngwe jwa patlisiso eno, boitshwaro jwa bone bo ne jwa se ka jwa amegela ruri. Ba ne ba ile ba dira gore ditekanyetso tsa batsadi ba bone e nne tsone di ba kaelang thatathata mo botshelong.” Go ne ga tshwana fela le jaaka fa seane seno se bolela: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.”—Diane 22:6.
Batsadi ba ba neng ba leka go tsenya ditekanyetso tsa boammaaruri mo baneng ba bone, mme e le tse bone ka bobone ba neng ba sa di latele, ba ne ba se ka ba atlega. Bana ba bone “ba ne ba sa kgona go dira gore ditekanyetso tseo e nne tsone di ba kaelang mo botshelong.” Patlisiso eno e ne ya bontsha gore “se se neng sa dira gore go nne le pharologanyo eno e ne e le kafa batsadi ba neng ba tshela ka gone tumalanong le ditekanyetso tseo ba neng ba leka go di ruta bana ba bone.”
Go tshwana fela le jaaka mokwadi James Baldwin a ne a bolela jaana: “Bana ba tlhotswe ke go reetsa bagolo ba bone, mme lefa go ntse jalo ga ba ise ba ko ba tsamaye ba palelwe ke go ba etsa.” Fa e le gore o rata bana ba gago ebile o batla go ba ruta ditekanyetso tsa boammaaruri, dirisa tsela eno e e di gaisang tsotlhe: O tshwanetse wa nna sekao sa seo o se rutang. O se ka wa tshwana le bakwadi le Bafarasai bao Jesu a neng a ba kgala a re ke baitimokanyi: “Ke gōna cotlhe tse ba di lo raeañ, lo di dihè, lo di tlhōkōmèlè: me lo se ka loa diha kaha ditihoñ tsa bōnè; gonne ba tla ba bue, me ba se ke ba dihe.” (Mathaio 23:3) Kana eseng jaaka bao moaposetoloi Paulo a neng a ba botsa jaana a ba tshwaya phoso: “Ka re, wèna eo u rutañ eo moñwe, a u bile ga u ithute? wèna eo u rèrañ gore motho a se ka a ucwa, a u bile ua ucwa?”—Baroma 2:21.
Batho ba le bantsi gompieno ba latofatsa Bibela ka gore e siilwe ke nako le ka gore ditaelo tsa yone ga di mosola go ka dirisiwa. Jesu o gwetlha boemo joo ka mafoko ano: “Me botlhale bo atlholecwe tshiamō ke bana botlhe ba yōna.” (Luke 7:35) Dikakgelo tse di latelang tsa malapa tse di tswang mo dinageng di le dintsi di bontsha fa mafoko a gagwe a le boammaaruri.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Go nna le kamano e e atamalaneng thata le mmè go thusa lesea go gola mo maikutlong
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Go ipha nako ya go nna le ngwana ga ga rre le gone go botlhokwa