LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 10/1 ts. 15-20
  • Kotlhao e Ungwela Loungo lwa Kagiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kotlhao e Ungwela Loungo lwa Kagiso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thupa ya Kotlhao
  • Motswedi wa Kotlhao
  • Go Naya le go Amogela Kgalemo
  • Itshokele Kotlhao mme o Robe Loungo lwa Kagiso
  • Go Tlhaloganya Boikaelelo Jwa Kgalemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A O Ka Amogela Kotlhao?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Jehofa o Kgalemela Ba a Ba Ratang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • “Thupa ea Koatlhaō”—A E Siilwe ke Nako?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 10/1 ts. 15-20

Kotlhao e Ungwela Loungo lwa Kagiso

“Ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumedishō, ha e se tlhokohaco hèla: leha go nntse yalo, ea re kwa moragō, ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwèle louñō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.”​—BAHEBERA 12:11.

1. (a) Lefoko la ga Jehofa la reng kaga kgono ya motho ya go kaela tsela ya gagwe ya go tshela, mme gone batho bone ba reng? (b) Ke mang yo go supegileng fa a bua boammaaruri, mme yo o buang maaka ke mang?

LEFOKO la ga Jehofa la re “ga goeo mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Batho ba re motho o ka kgona go dira jalo, le gore fa e sale go tswa tshimologong ya go tsuologa kwa Edena, o dirile jalo. Go simologa nakong eo go tla go fitlha jaanong, mo bathong ba le bantsi go ntse jaaka go ne ga nna mo metlheng ya Baatlhodi ba Iseraele: Motho moñwe le moñwe [o] diha se se siameñ mo matlhoñ a gagwè ka esi hèla.” (Baatlhodi 21:25) Mme mafoko a ga Jehofa a a mo go Diane 14:12 a supegile a le boammaaruri: “Go na le tsela e eketeñ e siame mo mothuñ, me bokhutlō yoa eōna ke ditsela tsa losho.” Mo dingwageng tse 6 000, batho ba itseetse tsela e eketeng e siame mo go bone, mme mo nakong eo yotlhe go gogetse kwa ntweng, leuba, bolwetse, bokebekwa, le loso. Ditiragalo di supile fa mafoko a ga Jehofa a le boammaaruri le fa ditsela tsa batho e le tse eseng tsa boammaaruri.

2. Baithuta-tlhaloganyo ya ngwana ba tsaya boemo bofe malebana le titeo, mme go repisa dilo ga bone go tlhagisitse loungo lefe?

2 Batho ba ba sa itekanelang ba tlhoka kotlhao. Ba e tlhoka go tswa bonyaneng le fa ba ntse ba gola. Lefoko la Modimo la re: “Eo o rèkègèlañ thupa o ila morwawè: me eo o mo ratañ, o tla a mo oatlhaee go sa le galè.” (Diane 13:24) Bontsi jwa baithuta-tlhaloganyo ya ngwana ba ganetsa botlhale jono jwa bomodimo. Dingwaga tse dintsi tse di fetileng mongwe o ne a botsa ka gore: “A lona bomma-bana lo lemoga gore nako nngwe le nngwe fa lo itaya bana ba lona lo bontsha gore lo ila bana ba lona?” Lefa go le jalo go repisa ga bone go tlhagisitse go sa utlweng mo go golo ga thaka e tshesane mo eleng gore moatlhodi mongwe wa kgotla ya Brooklyn o ne a akgela jaana ka tshotlo: “Ke bona gore re tlhoka go babalela basha bangwe. Mme seo jaanong ga se tsewe jaaka selo sa segompieno. Jaanong re bolelelwa gore ga re a tshwanela go itaya ngwana; re ka nna ra bo re kgoreletsa kgolo ya letlhale.” Mme go repisa ga bone ga go a tlhagisa maungo ape a matlhale​—fa e se dikebekwa tse di ntsifetseng tsa batlola-molao ba basha fela.

3. Ke tshekamelo efe e e bonalang, jaaka go lemotsha dipolelo tsa balaodi ba le mmalwa?

3 Jaanong dilo di fetogile. Burton L. White, molaodi wa kgolo ya bana, o bolela gore go gagamatsa dilo ga gago ga go na go dira gore ngwana wa gago “a seka a go rata jaaka a ne a ka dira fa o ne o mo leseletsa. . . . Lefa o ka ba itaya ka metlha, o tla lemoga gore ba tla nna ba tla kwa go wena.” O gatelela go tlhoka ga ngwana “lorato lwa tlholego” lo logolo lwa kwa tshimologong Dr. Joyce Brothers o ne a bega ka patlisiso ya bana ba ba makgolo-kgolo ba ba gagamaleditsweng kotlhao ba setlhopha sa botlhano le sa borataro ba ba neng ba dumela gore melao e e gagametseng “e ne e le tshupo ya lorato lwa botsadi.” Pampiri ya dikgang ya Journal of Lifetime Living e ne ya re: “Baithuta-tlhaloganyo ya ngwana, ba ba neng ba ganetsanya ka ntlha ya go fepa ngwana ka dinako tse di rileng fa go bapisiwa le ga nako nngwe le nngwe fa a batla, go itaya fa go bapisiwa le go sa mo iteye, ba lemogile gore ga go sepe sa tsone se se dirang pharologanyo e e kalo fa fela ngwana a ratwa.” Le eleng Dr. Benjamin Spock, mokwadi wa Baby and Child Care, le ene o ne a ipona molato wa go tlhaela go nitama ga batsadi le diphelelo tsa go tlhoka kutlo. O ne a re molato ke wa bora-dikitso, “dingaka tsa bolwetsi jwa bana jwa tlhaloganyo, baithuta-tlhaloganyo ya bana, barutisi, badiri ba loago le dingaka tsa bana jaaka nna.”

Thupa ya Kotlhao

4. Thupa ya kotlhao ke sesupo sa eng, mme ke eng se se bontshiwang ke go dirisiwa ga yone ka tshwanelo phapaanong le go repisa dilo?

4 “Thupa” jaaka e dirisitswe fa godimo ga e reye fela go itaya; e raya tsela ya go siamisa, ka tsela epe fela e e ka dirwang ka teng. The New International Version e bua jaana ka temana eno: “Thupa. Gongwe mokgwa wa go bua wa kotlhao ya mofuta ope fela.” Thupa ke sesupo sa puso kana bolaodi​—mo ntlheng eno bolaodi jwa batsadi. Motsadi ga a lebogelwe sepe morago ka baka la go repisa ga gagwe le go senya ngwana: “Eo o sa leñ a godisa motlhanka [kana ngwana] oa gagwè mo bonyaneñ yoa gagwè ka tlekeeco, o tla mmōna a bile a le morwawè mo boheloñ.” (Diane 29:21) Go sa diriseng bolaodi jwa botsadi ka go repisa dilo go lere ditlhong mme go bontsha go itlhokomolosa dilo eseng lorato; go dirisa thupa ya kotlhao ka bopelonomi mme ka nitamo go supa kamego ya lorato. “Thupa le kgalemèlō di naea motho botlhale: me ñwana eo o lesiwañ hèla o tlhabisa mmagwè ditlhoñ.”​—Diane 29:15.

5. (a) Kakgelo nngwe ya reng kaga Diane 13:24, mme ke temana efe e nngwe ya Bibela e e dumalanang le seo? (b) Ke bomang ba Jesu le Jehofa a ba otlhayang?

5 Fa Commentary on the Old Testament ya Keil-Delitzsch, e akgela mo go Diane 13:24, e tlhalosa jaana: “Rangwana yo ka boammaaruri a eleletsang morwawe molemo o mo neela kotlhao e e gagametseng a sa le mosha, o e mo neela fa a santse a ka kgona go tlhotlhelediwa mo tseleng e e siameng, mme a sa letlelele diphoso dipe go nwela mo go ene; me yo o leseletsang ngwana wa gagwe fa a tshwanetse go gagamatsa, o dira jaaka ekete o mo eleletsa tshenyego.” New Translation of the Bible ya ga Moffatt mo go Diane 19:18 e dumalana le seo ka gore: “Otlhaya ngwana wa gago, fa go santse go ka kgonega, mme o se mo leseletse go ya tshenyegong.” Kotlhao ya bopelonomi mme e e gagametseng go tswa bonyaneng thata e supa lorato lwa botsadi. Jesu o ne a re: “Botlhe ba ke ba ratañ, ke a tlè ke ba kgalemèle, ke ba oatlhaeè.” Fa e le ka Jehofa, “eo Yehofa o mo ratañ oa tla a mo oatlhaee.”​—Tshenolō 3:19; Bahebera 12:6.

6. Gantsi kotlhao e nna ka tsela efe, mme ke dikai dife tse di tshegetsang karabo ya gago?

6 Fa gongwe kotlhao e ka kopanyeletsa go itaya, mme gantsi ga e dire jalo. Diane 8:33 ga e re, “utlwalelwang” ke kgakololo mme ya re, ‘reetsang kgakololo, lo tlhalefe.’ Mo makgetlong a mantsi kotlhao e tla ka tsela ya mafoko, eseng dititeo: “Dikgalemō tsa [kotlhao] ke tsela ea botshelō. “Chwara [kotlhao] thata-thata; u se ka ua e lesa: u e tshegetsè; gonne ke botshelō yoa gago.” (Diane 4:13; 6:23) Fa motlhanka wa ga Jehofa Jobe a ne a tlhoka go otlhaiwa, go ne ga dirwa jalo ka mafoko a kgalemo, la ntlha ke Elihu mme morago ke Jehofa ka boene. (Yobe, dikgaolo 32-41) Jobe o ne a amogela kgalemo mme a raya Jehofa a re: “Ke [ipherogela] sebete, kea ikwatlhaea ke le mo loroleñ le molōra.”​—Yobe 42:6.

7. Ke eng se se kaiwang ke lefoko la Segerika le le ranotsweng “kotlhao,” e tshwanetse go neelwa jang, mme e fitlhelela eng?

7 Pai dei’a ke lefoko la Segerika le le ranotsweng “kwatlhao.” Mo ditlhalosong tsa lone tse di farologaneng le raya go thapisa, go ruta, go ‘laya ka boikokobetso.’ (2 Timotheo 2:25) E amana bogolo jang le go ithapisa mo boitsholong go na le go nna le kitso. Kotlhao eno e tshwanetse go ‘laya ka bopelotelele jotlhe le ka go ruta.’ (2 Timotheo 4:2) E supega sentle mo kgakololong ya borre e e reng: “Le lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa; me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) Ka bopelonolo mme ka go gatelela, kotlhao eno e dirwa go kaela mosha mo tseleng ya go akanya ya ga Jehofa.

Motswedi wa Kotlhao

8. Re ka ikotlhaya go tswa motsweding ofe le ka ditsela dife?

8 Melao-metheo e e kopanyelediwang mo go otlhayeng bana gape e dira le mo bagolong. Bibela ke motswedi wa boikitsiso wa seo re tshwanetseng go se dira le seo re sa tshwanelang go se dira. Jaaka re e bala, re ka itlhatlhoba ka borona mme ra itshiamisa fa go tlhokegang teng. (2 Bakorintha 13:5) Jaaka re akanya ka ditaolo tsa boitsholo tsa ga Jehofa, boikutlo jwa go ipona molato bo ka tsoga mo go rona, bo re thusa go lemoga diphetogo tse di tlhokafalang mo go rona. Go ne ga diragala seno ka mopesalema: “Ke tla baka Yehofa, eo u nneileñ kgakololō; E, diphilō tsa me [“maikutlo a me a mo teng”] dia nthuta mo dipakeñ tsa bosigo.” (Pesalema 16:7) Re ka ikotlhaya ka borona jaaka Paulo a ne a dira: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rerèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.”​—1 Bakorintha 9:27.

9. Ke ditsela dife tse dingwe tse di nang le mosola mo kotlhaong?

9 Kotlhao e ka tswa mo mothong yo mongwe. E ka tla e le tebo, modilo, lefoko, kaiso, kgalemo ya molomo. Jesu o ne a leba Petere ka tsela e e neng e mo gakolola polelelo-pele ya sebe sa gagwe se se masisi, mme o ne a tswela kwantle a lela mo go botlhoko. (Luke 22:61, 62) Nako e nngwe gape e ne ya nna kgalemo ka mafoko a le marataro a a neng a utlwisa Petere botlhoko: “Tloga ha pele ga me Satana!” (Mathaio 16:23) Go bala dikgatiso tsa Watch Tower, go nna teng kwa dipokanong, go buisana le ba bangwe, go itshokela maitemogelo a a boima​—dilo tseno tsotlhe di ka re lemotsha mafelo ao re tlhokang go dira diphetogo mo go one. Lefa go ntse jalo. motswedi wa botlhokwa-tlhokwa le kaelo ya kgakololo, ke Lefoko la Modimo ka bolone.​—Pesalema 119:105.

10. Diane tsa ga Solomone di na le mosola ofe mo kotlhaong, mme gone bangwe ba ganelela mo go lateleleng tsela efe?

10 Diane tsa ga Solomone di ne tsa kwalelwa batho ba dingwaga tse di farologaneng gore ba “itse botlhale le [kotlhao]; go lemoga mahoko a tlhaloganyō; Go chola [kotlhao] ea go diha ka botlhale, ka tshiamō, le ka katlholō, le ka tekatekanyō; Go naea eo o sa tlhalehañ matseba, le motho oa lekau kicō le pharologanyō.” Mme gongwe motho “o tla a gane go siamisiwa ka puō hèla: gonne leha a tlhaloganya ga a ketla a go tlhōkōmèla.” (Diane 1:2-4; 29:19) Bangwe ba ba senang boitemogelo ba ganelela mo go ithuteng “ka go utlwa molao wa manong” mo botshelong, jaaka go ne ga dira morwa sesinyi pele ga “a itharabologèlwa.”​—Luke 15:11-17.

11. (a) Ba phuthego ya Korintha le Jona ba ne ba otlhaiwa jang? (b) Dañde o ne a iteretse matlhoko afe a kotlhao ka baka la boaka jwa gagwe le maiteko a go bo ñtlha? (c) Ke mafoko afe a Pesalema 51 a a kwadilweng ke Dañde a a bontshang boteng jwa boikotlhao jwa gagwe?

11 Fa Paulo a ne a akgela malebana le lekwalo leo a neng a ile a le kwalela phuthego ya Bokeresete ya kwa Korintha pelenyana ga moo, o ne a bolela jaana: “Lo hutsahadicwe loa ba loa ikwatlhaea: gonne lo hutsahadicwe kaha mokgweñ o o chwanetseñ poihōmodimo, . . . [mme go ne ga felela ka] go itlosa molatō.” (2 Bakorintha 7:9-11) Jona o ne a otlhaiwa ka tiriso ya setsuatsue sa lewatle le leruarua. (Jona 1:2, 3, 12, 17; 2:10; 3:1-4) Boaka jwa ga Dafide le maiteko a gagwe a go bo fitlha a ne a mo leretse ditlhokofatso tsa kotlhao, jaaka go bontshiwa mo go 2 Samuele 12:9-14. Boikotlhao jwa gagwe bo ne jwa tlhalosiwa ka mo go utlwisang botlhoko mo mafokong ano a a tswang mo Pesalemeng ya bo-ōl: ‘Ntlhapisa mo boikepong jwa me, nntlahatsè mo boleong jwa me, boleo jwa me bo fa pele ga me nako le nako. Phimola maikepo a me otlhe, bopa pelo e e itshekileng mo go nna, tsenya moteng ga me moya o mosha. O seka wa ntatlha wa ntlosa fa pele ga sefatlhego sa gago. Pelo e e phatlogileng, e e ngomogileng, ga o ketla o e nyatsa, Modimo.’​—Pes 51 Ditemana 2, 3, 9-11, 17.

12. Bangwe ba tlhoka dikgato dife tse dikgolo, mme bao ba ganang go amogela dikgalemo tsa nako le nako ba felela jang?

12 Mo bathong bangwe go ka tlhokega dikgato tse dikgolwane, jaaka Diane 26:3 e supa: “Seme ke seo sa pitse, le mogala ke seo sa esela, le thupa ke seo sa mekōtla ea dieleele.” Ka dinako tse dingwe Jehofa o ne a letla gore morafe wa gagwe wa Iseraele o gatelelwe ke mathata a ba a iteretseng: “Ba rukhutlhetse mahoko a Modimo, ba cwitla kgakololō ea Mogodimodimo: Ke gōna ka ntlha ea mo, a pagolola pelo ea bōnè ka mohuhucō: baa wa, me go no go sena opè eo o thusañ. Hoñ ba ikuèla Yehofa mo tlaleloñ ea bōnè, me a ba boloka, a ba ntsha mo dipitlaganoñ tsa bōnè.” (Pesalema 107:11-13) Lefa go ntse jalo, dieleele dingwe di ne tsa ithatafatsa dipelo mo di neng di sa kake tsa nolofadiwa ke kotlhao lefa e le ya mofuta ope: “Eo o reñ ai nntse a kgalemèlwa me a thatahatsa thamo, o tla rōywa ka choganeco, me e tla bo e le mo go senañ phodishō.”​—Diane 29:1.

Go Naya le go Amogela Kgalemo

13. Re tshwanetse go tila eng fa re neela kgalemo, mme e tshwanetse go neelwa jang?

13 E ka tswa kotlhao e le ya mofuta ofe, ga e a tshwanela le ka motlha go newa ka bogale. Ebile tota, go na le go thusa, ‘bogale bo tsosa kgang.’ Gape re gakololwa jaana: “Èna eo o bonya go galeha o na le tlhaloganyō e kgolo: Me eo o mōea o o potlakañ o godisa bosilo.” Mo godimo ga moo, “pharologanyō ea motho e mo diha gore a nnè bonya go galeha; le gōna ke kgalalèlō ea gagwè go tlhokomologa tlolō.” (Diane 29:22; 14:29; 19:11) Fa kotlhao e tlhokega, ga e a tshwanela le ka motlha go fetelediwa. E neele ka nako e e tshwanetseng le ka bogolo jo bo lekanetseng​—eseng ka bonako thata, eseng morago thata, eseng e le potlana thata, eseng e feteletse thata.

14. Ke dikaelo dife tse dingwe tse di neelwang bao ba neeleng kgalemo?

14 Dikaelo dingwe ke tseno tsa bao ba neelang kgalemo: “U se ka ua kgalemèla mogolwane, me o mo laeè yaka ha e ka bo e le rrago; le makau yaka bomonnao: Basadi ba ba godileñ u ba laeè yaka ha e ka bo e le bommago; le barweetsana yaka bokgantsadio, ka boitshèkō yotlhe.” (1 Timotheo 5:1, 2) A o a laya, o sa shakgale? “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa.” (Bagalatia 6:1) A re gakolola ka bonolo, ka metlha re itse fa re na le ditlhaelo le rona? “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba dihèlèñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) A o ipaya mo boemong jwa yo mongwe, o bontsha go tlhomoga pelo?

15. Go amogela kgalemo go tlhoka eng, mme bao ba kgalemelwang ba neelwa kgakololo efe e nngwe?

15 Go amogela kgalemo go tlhoka boikokobetso. A e lebega e latofatsa, e sa tshwanela, e gobelela? Se nne mafega. Akanya ka yone. Se tlhoke go e amogela. Akanya ka yone ka tsela e e tlhamaletseng Fa yotlhe e lebega e sena mosola, a gongwe bontlhabongwe jwa yone bo na nao? E amogele ka mogopolo otlhe fela, e seka-seke ka kelotlhoko. A o kukega maikutlo ka bonako, o kgopisega ka bofefo? Go ka tsaya nako go e leba ka tsela e e tlhamaletseng, morago ga go utlwa botlhoko ga kwa tshimologong kana kgopisego e sena go kokobela. Jalo nna bonya. Tshwara loleme lwa gago. Ka bonolo seka-seka se se builweng. A o ka tswa gongwe o atlholelapele yo o neelang kgakololo, mme o e gana mo motheong oo? Lefa go le jalo, e lebe jaaka e e nang le boikaelelo jo bo molemo mme o seka wa e gana yotlhe.

16. (a) Ke dikwalo dife tse dingwe le dipotso tse di amanang le tseo re tshwanetseng go di sekaseka fa re amogela kgakololo? (b) Re ka etsa boikutlo bofe jo bo bontshitsweng ke mopesalema?

16 Dikwalo dingwe ke tseno tse o ka di akanyetsang fa o kgalemelwa: “Eo o rèkègèlañ mahoko a gagwè o na le kicō: le eo o mōea o o tsididi ke motho oa tlhaloganyō.” (Diane 17:27) A o reetsa o bo o didimala? “Tsela ea lesilo e siame mo matlhoñ a yeōna: me eo o botlhale o tla a reetse kgakololō.” (Diane 12:15) A ka bofefo fela o fetsa ka gore ga o na phoso, kana a o reetsa ka kamogelo? “[O] nnè bonakō go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale.” (Yakobe 1:19) A o sala morago mafoko ano fa o gakololwa? “U se ka ua potlaka mo moeeñ oa gago go nna bogale: gonne bogale bo nna mo sehubeñ sa dieleele.” (Moreri 7:9) A o kgopisega ka bonako? Abo go le molemo jang ne go ikutlwa jaaka mopesalema a ne a ikutlwa: “A mosiami a ntiteè, e tla bo e le pelonomi hèla, a a nkōmanyè, e tla bo e le yaka ha loukwane lo thèlwa mo tlhogoñ ea me; a tlhōgō ea me e se lo gane.”​—Pesalema 141:5.

Itshokele Kotlhao mme o Robe Loungo lwa Kagiso

17. Ke ka ntlhayang fa gantsi go se motlhofo go amogela kotlhao, mme go nna re gakologetswe Bahebera 12:7, 11 go ka re thusa jang go e itshokela?

17 Gantsi kotlhao ga e motlhofo go amogelwa. E ka kopanyeletsa ditlhong kana ya lere dithibelo dingwe. E ka nna ya go utlwisa botlhoko. Mme itshokele tsotlhe tseo. E tla feta; boitumelo bo tla tla kwa morago. Gakologelwa: “Koatlhaō ke eōna e lo e ichōkèlañ; aitse Modimo o lo dihèla yaka bana; gonne ñwana ko ohe eo rragwè o sa mo oatlhaeeñ? Mo bakeñ lono, ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumèdishō, ha e se tlhokohaco hèla: Leha go nntse yalo, ea re kwa moragō, ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwèle louñō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.”​—Bahebera 12:7, 11.

18, 19. Jeremia gammogo le mopesalema ba ne ba bontsha maikutlo afe a a nonofileng a a re beelang tsela e re tshwanetseng go e tsaya fa re otlhaiwa?

18 Jalo fa kotlhao e utlwisa botlhoko ebile go le thata go e itshokela, emela leungo lwa kagiso le le tlang kwa morago. Letela Jehofa, jaaka go ne ga dira Jeremia: “Mōea oa me o sa nntse o di gopotse, me o obègile mo teñ ga me. Ke a ikgakolola go mo, me ke gōna ke nañ le cholohèlō.” (Dikhutsahalō 3:20, 21) Gakologelwa se mopesalema a se buileng ka ga gagwe fa a ne a gateletswe: “U inametseñ, wèna mōea oa me? Me o tlhodiegetseñ mo teñ ga me? Sholohèla hèla mo Modimoñ: gonne ke tla nama ke tla ke o bakèla thushō ea ighatlhōgō sa ōna.”​—Pesalema 42:5, 11; 43:5.

19 Fa re otlhaiwa, a mongwe le mongwe wa rona a letele Modimo. Morago ga re sena go rutintshiwa ke yone, re tla roba loungo lwa kagiso, e leng, tshiamo.

A O A Gakologelwa?

◻ Mosola wa go dirisa thupa ya kotlhao ke eng?

◻ Motswedi o mogolo wa kotlhao ke eng? Metswedi e mengwe ya kotlhao ke efe?

◻ Mo godimo ga mafoko a kgalemo, go ka tlhokwa dikgato dife tse di nonofileng?

◻ Ke dikao dife tse dingwe tsa go neela kgalemo?

◻ Ke kgakololo efe e e tla re thusang go amogela kgalemo?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

A ka botlhale ‘o reetsa kotlhao’?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Melao-metheo e e kopanyelediwang mo go otlhaeng bana o dira gape le mo bagolong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela