LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 10/8 ts. 20-21
  • Malapa—Atamalanang Pele Lo Ka Thanya Le Le Tsebeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Malapa—Atamalanang Pele Lo Ka Thanya Le Le Tsebeng
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Di Tla Tswelela Pele Di Re Tlhokofatsa
  • Se Motho A Se Jalang, Ke Sone Se A Se Robang
  • Dingwaga tsa Bonyana—Nako E Maiteko Otlhe a Gago a Tlhokegang Thata ka Yone
    Tsogang!—1992
  • Dingwaga Tsa Bonyana—Se O Se Jalang Jaanong O Tla Se Roba Moragonyana
    Tsogang!—1992
  • Go Sireletsa Bana ba Rona mo Digopeng
    Tsogang!—1998
  • Bana Ba Ba Senang Magae—Ke Molato wa ga Mang?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 10/8 ts. 20-21

Malapa—Atamalanang Pele Lo Ka Thanya Le Le Tsebeng

“Lelapa ke setheo sa motho sa bogologolo go di gaisa tsotlhe. Le botlhokwatlhokwa ka ditsela di le dintsi. Ke karolo ya konokono go gaisa tsotlhe mo setšhabeng. Ditlhabologo tsotlhe di ile tsa tswelela pele di le gone kana di ile tsa nyelela, go ikaegile mo goreng a botshelo jwa lelapa ke jo bo nonofileng kana ke jo bo reketlang.”—The World Book Encyclopedia (Kgatiso ya 1973).

LELAPA le le nang le rre le mmè ke sengwe se se sireletsang tota mo baneng. Mo mafelong a le mantsi gompieno, sesireletsi seo se a reketla; mo mafelong a mangwe a mantsi, se setse se nyeletse ebile se sa tlhole se bonala. Malapa a a momaganeng gantsi a lebelwa kwa tlase jaaka a a siilweng ke nako. Metshameko ya thelebishene ya metlae gantsi e bontsha borre ba le dieleele, e bontshe bommè ba le botlhale go ba gaisa, mme bana bone ba le botlhale go ba gaisa botlhe.

Go sa ikanyegeng mo manyalong go aname gongwe le gongwe. Mo dinageng tse dingwe tse di tlhabologileng, mo manyalong mangwe le mangwe a ntlha a mabedi le le lengwe la one le felela ka tlhalo. Malapa a go leng motsadi a le mongwe fela mo go one a ntse a oketsega jaaka go tlhalana go ntse go gola jaana. Mo dipalong tse di golang, batho ba babedi ba setse ba nna mmogo ba sa nyalana. Basodoma ba batla ditsela tsa go dira gore kamano ya bone e nne le seriti ka go dira maikano a lenyalo. Tlhakanelodikobo, e e tlwaelegileng le e e sa tlwaelegang, ke sengwe se se gogelang thata se re se bonang mo dibaesekopong le mo dividiong. Dikolo di leba go itshwara sentle mo boitsholong jaaka sengwe se se seng botlhale go ka se dira mme di neela bana ba sekolo dikhondomo e le gore ba dire kgokafalo kwantle ga go ima—tse le tsone di sa kgoneng go go thibela. Malwetsi a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo le go ima ga basha go ntse go golela kwa pele ka lebelo le legolo. Bana ga ba tlhokomelwe—fa e le gore ga go a ka ga senngwa mpa mme ba tsholwa. Bana e nna bone ba ba amegang segolobogolo fa malapa a thubega.

Mo dingwageng tse di fetileng, mogapasekgele sa Nobel ebong Alexis Carrel, o ne a ntsha tlhagiso eno mo bukeng ya gagwe ya Man, the Unknown: “Mokgatlho wa batho ba segompieno o ile wa dira phoso e kgolo thata ka go baya sekolo mo boemong jwa gore e nne sone se godisang bana mo lelapeng. Bommè ba isa bana ba bone kwa dikolong tsa keretšhe [jaanong jaana, ba tlhokomelwa letsatsi lotlhe ebile ba isiwa kwa dikolong tse dipotlana] gore ba kgone go ya ditirong tsa bone, go ya go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tsa go batla ditiro tsa maemo a a kwa godimo, go ya go ikgotsofatsa mo menateng ya tlhakanelodikobo, go kgotsofatsa go rata go rutega ga bone ba bala dibuka tse dintsi kana ba dira ditiro tsa botaki, kana ka go tshameka dikarata fela, ka go ya dibaesekopong, le ka go senya nako ya bone mo ditirong tse di seng mosola. Ka lone lebaka leno, ba ikarabelela mo go thubegeng ga malapa koo eleng gore ngwana o ne a ka ikopanya le bagolo mme a ithuta mo gontsi go tswa mo go bone. . . . Ngwana o tlhoka go ikgaoganya le malapa a mangwe mme a bone tlhokomelo fela mo lelapeng la ga bone gore a nonofe ka botlalo.”—Tsebe 176.

Maloba fela jaana, rametlae ebong Steve Allen o ne a akgela malebana le tsela eo thelebishene e tshosetsang malapa ka gone, ka go fitlhela gore e tletse ka puo ya matlhapa le boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong. O ne a bolela jaana: “Puo eno ya matlhapa le boitsholo jo bo sa siamang tseo di sa kganelweng ke sepe di ntse di re gogela ka dinako tsotlhe mo boemong jo bo tlhabisang ditlhong. Yone puo eno e eleng gore batsadi ba thibela bana ba bone go e dirisa jaanong e setse e sa kgothalediwe fela mo pepeneneng ke barulaganyi ba thelebishene, mme mo godimo ga moo e setse e kgothalediwa le ke diteishene tse dikgolo tsa thelebishene tseo di kileng tsa bo di itseela kwa godimo thata. Go bontshiwa ga bana le ba bangwe ba dirisa puo ya matlhapa mo dithulaganyong tsa thelebishene go otlelela kafa malapa a Amerika a oleng ka gone.”

Ke eng jaanong se batho ba se tlogelelang bana ba bone? Bala dipampiri tsa dikgang, lebelela thelebishene, tlhokomela mo dividiong, bulela dikgang tsa maitseboa, reetsa metlotlo e eleng gone mo mminong, lebelela dikao tsa bagolo gongwe le gongwe kwa o leng teng. Bana ba bolaisiwa dilo tseo di senang mosola mo tlhaloganyong le mo maikutlong a bone. “Fa o batla go nyeletsa naga nngwe,” go ne ga bolela jalo Sir Keith Joseph yo pele e neng e le mokwaledi wa thuto kwa Borithane, “o tshwanetse wa senya boleng jwa madi a yone.” Mme o ne a oketsa ka go re: “Tsela e o ka dirang ka yone gore o nyeletse setšhaba sengwe ke go dira gore bana ba tsenelele mo bopepeng.” “Bopepe,” bo tlhalosiwa e le “go katogela kgakala le ditekanyetso tsa boitshwaro tse di siameng kana tse di tlhomologileng.” Gompieno seo se setse se dirwa ka tsela e e feteletseng thata. Go buiwa thata malebana le kafa bana ba tlolang molao ka gone; go tshwanetswe ga buiwa thata ka ditsela tse bagolo ba tlolang molao ka tsone.

Di Tla Tswelela Pele Di Re Tlhokofatsa

Geneva B. Johnson, yo eleng mokaedi ebile e le molaodimogolo wa Family Service America, o ne a bolela jaana mo puong nngwe eo e neng ya neelwa mo ngwageng ono fa o ne o simologa: “Setheo sa lelapa se lwala thata, gongwe se lwala moo se ka nnang sa swa le go swa.” O bitsa seno a re ke “sengwe se se utlwisang botlhoko mo baneng ba rona ba le bantsi,” go tswa foo o ne a bolela go sa le pele a re: “Go tlhokomologiwa ka boomo ke setšhaba ga bana ba rona ba le bantsi bao ba senang matlo, ba ba senang dijo tse di lekaneng, ba ba sa boneng kalafi e e tshwanetseng, le ba ba sa boneng thuto e e tshwanetseng, se ba itlhokomolosa jaaka bana ba ba latlhilweng mo mokgatlhong wa batho o o humileng, go tlile go re boaboela le go re tlhokofatsa.” E setse e le sengwe se se re tlhokofatsang. O ka bala ka seno mo dipampiring tsa dikgang, o ka utlwa ka sone mo kgasong ya dikgang, le eleng go se bona mo thelebisheneng ya gago. Go latela dikai di sekaenyana fela tsa seno fano:

Judonne o ntsha tlhobolo mme o hula Jermaine mo sehubeng gararo. Jermaine o sule; o ne a na le dingwaga di le 15. Judonne ene o na le dingwaga di le 14. E ne e le ditsala tse di ntshanang se inong. Go ne go tsogile kgaruuruu mo gare ga bone malebana le mosetsana mongwe.

Batho ba le lekgolo ba phuthaganela kwa phitlhong ya ga Michael Hilliard wa dingwaga tse 16. O ne a hulwa kafa morago ga tlhogo jaaka a ne a re o tswa mo kgaruurung e e neng e le gone mo motshamekong mongwe wa bolotloa.

Kwa Brooklyn, New York, basha ba le bararo ba ne ba fisa banyalani bangwe bao ba neng ba sena legae. E ne ya re fa setlolo se se nang le tagi se ne se sa kape molelo fa ba ne ba re ba a se dirisa, ba ne ba dirisa peterolo. Yone e ne ya tshwara molelo.

Kwa Florida ngwana mongwe wa dingwaga tse tlhano o ne a kgoromeletsa ngwana yo o sa tswang go ithuta go tsamaya a mo kgoromeletsa kwa tlase mo ditepising go tswa kwa boalong jwa botlhano mme a swa.

Kwa Texas ngwana mongwe wa dingwaga tse di lesome o ne a tsaya tlhobolo mme a hula yo a neng a tshameka le ene mme a fitlha setopo sa gagwe kafa tlase ga ntlo.

Kwa Georgia mosimane mongwe wa dingwaga tse 15 o ne a tlhaba mogokgo wa gagwe ka thipa a ntse a otlhaiwa.

Kwa New York City, segongwana sengwe sa dijammogo se se fetsang dingwaga tsa sone tsa bolesome ebile se le mo masimologong a dingwaga tsa sone tsa bo 20, se tlhomeletse ka dithobane, diphaepe, dilepe, dithipa, le ka seletswana se se bogale sa nama, se ne sa “dira bothubaki jo bogolo” gaufi le moo go neng go thibeletse batho ba ba neng ba sena magae gone, se ne sa gobatsa batho ba le bantsi mo go bone mme sa tlogela yo mongwe a kgaogile mometso. Boikaelelo jwa seno e ne e le bofe? Mmatlisisi mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Se ne sa tlhasela batho ba ba senang magae bano e le go ijesa monate fela.”

Kwa Detroit, Michigan, mosimane mongwe wa dingwaga tse 11 a na le yo mongwe wa dingwaga tse 15 ba ne ba betelela mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse pedi. Go lebega fa erile ba sena go mmetelela ba mo tlogela kwa Thotobolong ya matlakala.

Kwa Cleveland, Ohio, basimane bangwe ba ba mo dingwageng tsa borataro go ya go tsa borobabongwe ba le bane ba ne ba betelela mosetsana mongwe wa dingwaga di robabongwe kwa sekolong sengwe se sepotlana. Mokwaladikgang ebong Brent Larkin, fa a ne a akgela mabapi le seno ka go kwala go Plain Dealer ya Cleveland, o ne a re: “Tiragalo eno e bua go gaisa mafoko ka se se diragalang mo nageng eno, kafa ditekanyetso tsa rona tsa go tshela di welang mo boemong jo bo tlhabisang ditlhong ka gone.”

Dr. Leslie Fisher, motlhatlheledi mo go tsa tlhaloganyo kwa Cleveland State University, o ne a baya thelebishene molato. O ne a e bitsa gore ke “motšhini o mogolo wa tlhakanelodikobo,” le “gore bana ba dingwaga tse 8 le tse 9 ba lebelela tsone dilo tseno.” O ne a bo a baya le batsadi molato ka ntlha ya go thubega ga malapa a Amerika: “Mama le papa ba tshwaregile thata ka mathata a bone mme ga ba kgone go ipha nako ya go tlhokomela bana ba bone.”

Se Motho A Se Jalang, Ke Sone Se A Se Robang

Dilo tse di farologaneng mo mokgatlhong wa batho, segolobogolo metswedi ya dikgang, batho ba ba tlosang bodutu, le intaseteri ya dilo tsa go intsha bodutu—ke tseo di dirisiwang go bona madi a mantsi ka go kgotsofatsa dikeletso tsa batho ka bosula—di supa tlhakanelodikobo le bothubaki le boikepo tse di seng kana ka sepe mme ka go dira jalo di tlatseletsa mo go reng go nne le basha le malapa a a tlhabisang ditlhong. Jalo he molao ono o santse o dira: Fa motho a jala sebodu, o tla roba sebodu. Se motho a se jalang, ke sone se a tla se robang. Motho o amogela maduo a a bosula a ene a a ipaketseng—mme maduo ano ga a monate.

A batho ba godisa losika lwa bana lo lo senang digakolodi? Batho ba le bantsi ba ne ba ipotsa potso eo morago ga tiragalo e e sa jeseng monate e e itsegeng thata ya kwa New York’s Central Park koo segongwana sengwe sa dijammogo se se itaolang sa basha se neng sa itaya le go betelela mmè mongwe wa dingwaga tse 28 gore a bo a swe. Mapodisi a ne a bolela gore se ne se “itumetse ka seo se diragetseng ebile se sa se ikotlhaele” mme ka nako ya fa se ne se tshwarwa “se ne se dira metlae ka seo ebile se tlotla fela le go ikopelela.” Se ne sa fa mabaka a gore ke eng se ne sa dira jalo: “E ne e le go ijesa monate fela,” “Re ne re jewa ke bodutu,” “E ne e le sengwe se setona go se dira.” Makasine wa Time o ne wa se bitsa gore ke “segongwana sa dijammogo seo se sa tlalang sentle mo tlhaloganyong” seo se “latlhegetsweng ke karolo eo ya tlhaloganyo e re e bitsang gore ke segakolodi, ka gongwe se ise se ko se tsamaye se nne nayo.”

U.S.News & World Report e ne ya akgela jaana: “Setšhaba seno se tshwanetse sa tsaya kgato e e rileng e le gore se se ka sa tlhola se nna le losika lo longwe gape lwa bana ba ba senang segakolodi.” Dr. Ken Magid, moithutatlhaloganyo yo o tumileng thata, le Carole McKelvey ba gatelela yone kotsi eo mo bukeng ya bone e e sa ratiweng ya High Risk: Children Without a Conscience. Direkoto tse di bontshang ka boitshwaro jwa motho le bosupi jwa jone tse di tswang go bontsi jwa baithutatlhaloganyo le dingaka tsa tlhaloganyo di tshegetsa kgang eno ya ga Magid thata: Go palelwa ke go nna le sebofo se se nonofileng gareng ga motsadi ka nako ya fa ngwana a tsholwa le mo dingwageng tsa gagwe tsa go gola tse di latelang morago ga moo ke lone lebaka la konokono le le bakang seno.

Eleruri, malapa a tshwanetse a atamalana mo dingwageng tseo tsa go gola ga bana pele a ka thanya le le tsebeng!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela