Maikutlo a Bibela
A Bajuda Ke Batho Ba Ba Itlhophetsweng ke Modimo?
GO TLHONGWA ga nagaselegae ya Bajuda ka 1948 e ne e le tiragalo e e sa jeseng di welang mo baruting ba le bantsi ba Labodumedi. Ba le bantsi ba bone ba ne ba ile ba ruta ka makgolokgolo a dingwaga gore Bajuda ba ne ba atlholetswe go kgarakgatshega le lefatshe ka ntlha ya boleo jwa bone kgatlhanong le Keresete, mme jaanong “Mojuda wa mokgarakgatshegi” o ne a se kitla a tlhola a kgarakgatshega ka gope.
Jaaka fa ditiragalo tsa bosheng jaana tsa kwa Botlhabagare di tswela pele go dira gore go tlhongwe matlho mo bathong ba Bajuda, dipotso tseo di leng malebana le dikgang tseo go neng go ithewa go twe ke bogologolo di rarabolotswe jaanong di a tsosiwa. A Bajuda e santse e le batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo? A Modimo jaanong o bontsha Bajuda lorato ka mo go kgethegileng?
Mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, Modimo o ne wa bolelela Baiseraele wa re: “Ha rure lo ka reetsa lencwe ya me, loa tshegetsa kgōlaganō ea me, hoñ lo tla nna boshwa bochwerwe yoa me, go heta dichaba cotlhe: gonne lehatshe yeotlhe ke ya me: Me lo tla bo lo nntse bogosi yoa baperisiti mo go nna, le morahe o o boitshèpō.” (Ekesodo 19:5, 6) Ditšhaba tsotlhe e ne e le tsa Modimo, mme lefa go ntse jalo Baiseraele ba ne ba ka fetoga boswa botshwerwe jwa gagwe, mme ya re kgabagare ba direla jaaka baperesiti mo boemong jwa setho sotlhe.
Mme lefa go ntse jalo a kamano eno e e kgethegileng le Modimo e ne e sa ikaega ka maemo a a rileng? Nnyaa! Modimo o ne o rile: “Ha rure lo ka reetsa lencwe ya me . . . hoñ lo tla nna boshwa bo chwerwe yoa me.” Ka gone go tswelela ga bone ba na le kamano e e kgethegileng eo le Modimo go ne go ikaegile ka maemo a a rileng, go ne go ikaegile ka gore ba tswelele pele ba ikanyega mo go ene.
Sekai Se Se Maatla
Seno se ne sa otlelelwa ke ditiragalo tsa lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., mo metlheng ya ga moperofeti Hosea. Go sa kgathalesege go bo ba ne ba bone kamogelo e e kgethegileng jaaka batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo, bontsi jwa Baiseraele ba ne ba latlha kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa. Jehofa o ne a dirang? “Ga nketla ke tlhōla ke utlwèla ba ntlo ea Iseraela botlhoko, go tla ke ba ke ba ichwarèla gopè [“gonne ruri ke tla ba tlosa,” NW]. . . . Ga lo batho ba me, le gōna ga nketla ke nna Modimo oa lona.” (Hosea 1:6, 9) Ka gone, Baiseraele bao ba batenegi ba ne ba se kitla ba nnela ruri e le ba ba amogelwang ke Modimo. E ne e tla nna masalela a a ikanyegang fela a bone ao e neng e tla re ka letsatsi lengwe a nne le tshiamelo ya go tsosolosiwa le go boela ba bona ditshegofatso tsa Modimo.—Hosea 1:10.
Go dumalana le boperofeti jono, Modimo o ne wa letla Baiseraele gore ba isiwe botshwarwa ke baba ba bone le gore tempele ya bone e senngwe, eleng seo se bontshang ka tsela e e maatla ya kafa ba neng ba latlhegetswe ke kamano ya go amogelwa ke ene ka gone. E ne ya nna masalela a a ikanyegang fela a Baiseraela (ao ka nako eo a neng a itsege jaaka Bajuda) a neng a boa go tswa kwa botshwarong ka 537 B.C.E. mme ba aga tempele ya ga Jehofa sesha, mme ba boela gape ba ipelela go amogelwa ke Jehofa jaaka batho ba gagwe ba a ba itlhophetseng.
Ke “Masalela a Bone” Fela Ao A Tswelelang a Ikanyega
Lefa go ntse jalo, mo makgolong a dingwaga ao a neng a latela morago ga moo, Bajuda ba ne ba dikaganyediwa ke tlhotlheletso ya botlhajana jwa Bagerika—jo bo ntseng jaaka thuto ya ga Plato ya gore moya ga o swe—mme seo sa felela ka dipharagobe mo kobamelong ya bone. Kobamelo eo e ne e se kitla e bo e boela e theiwa fela mo dithutong tsa ga Moshe le tsa baperofeti ba Bahebera.
A Jehofa o ne a tla tswelela a leba Bajuda jaaka batho ba gagwe ba ba itlhophetsweng? Fa Jesu a ne a lemoga gore ba le bantsi ba bone gape ba ne ba fetogile batenegi ba kobamelo e e sa tswakwang le sepe ya ga Jehofa, o ne a bolela jaana: “Bogosi yoa Modimo lo tla bo tlosediwa, me bo tla nèwa morahe o o tla ntshañ mauñō a yōna.” (Mathaio 21:43) Ba le bantsi ba bone ba ne ba palelwa ke go reetsa tlhagiso eo, mme ba tswelela ka tsela ya bone ya botenegi mme ba gana gore Jesu ke motlodiwa wa ga Jehofa. Ka gone, go ne ga seka ga tsaya lobaka morago ga moo fa Modimo o ne o letla gore tempele e e neng e agilwe sesha eo e senngwe, ka 70 C.E. (Mathaio 23:37, 38) A seno se ne se bolela gore Modimo jaanong o ne o latlha Bajuda botlhe?
Jaaka fa Paulo, eleng moaposetoloi wa Mojuda wa ga Keresete, a ne a tlhalosa: “Modimo ga oa ka oa latlha batho ba ōna ba o ba itsileñ galè. . . . Go nntse yalo le gompiyeno go na le masalèla kaha boitshenkeloñ yoa tshegōhaco.” (Baroma 11:2, 5) Fela jaaka fa go ka lalediwa batho ba le bantsi kwa moletlong wa lenyalo mme go bo go nna le ba sekae fela bao ba nnang gone mo go one, Modimo o ne o laleditse morafe otlhe wa Bajuda gore o nne le kamano e e kgethegileng le ene, mme lefa go ntse jalo e ne ya nna masalela a bano fela ao a neng a tswelela a na le kamano eo e e kgethegileng ba dira seo ka boikanyegi jwa bone. Eleruri Modimo o ne wa bontsha bopelonomi jo bo sa tshwanelang ka go ba itshokela jalo!
“Ba E Ne E Se Batho ba Me” Ba Fetoga “Batho ba Me”
Masalela ano a a ikanyegang a Bajuda e ne ya re ka bonako bao eseng Bajuda bao le bone ba neng ba eletsa go direla Modimo ba tsena mo go bone. Lemororo bagologolwane ba bone ba ne ba sena kamano epe e e kgethegileng le ene, jaanong Jehofa o ne a iketleeleditse go amogela batho bano bao eseng Bajuda jaaka batho ba gagwe. Ka go lemoga seno, Paulo o ne a kwala jaana: “Go no go ka tweñ, ha erile Modimo . . . [o] re bitsa e señ mo Bayudeñ ba le bosi, e leñ le mo go [bao eseng Bajuda] Badichaba? Yaka o bua le mo go Hosea, oa re, Ke tla bitsa bōnè batho ba me, ba e ne e se batho ba me.”—Baroma 9:22-25.
Ka gone, Bajuda mmogo le bao eseng Bajuda e ne e ka nna batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo, ba na le tebelelo ya go direla jaaka baperesiti mo boemong jwa setho sotlhe. Fa moaposetoloi wa Mokeresete ebong Petere, yo o neng a tsetswe e le Mojuda, a ne a buisana le baobamedi ba ba ikanyegang ba merafe e e farologaneng, o ne a kwala jaana: “Lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ . . . Lona ba e rileñ mo metlheñ e e hetileñ loa bo lo se chaba epè, me gompiyeno lo chaba ea Modimo.” (1 Petere 2:9, 10) Batho bano e ne e le “morahe,” batho ba ba nang le dinonofo tsa bomodimo, bao Jesu a neng a bolela gore ba ne ba tla tlhagisa ‘maungo a bogosi jwa Modimo’ le bao ka gone ba neng ba tla nna le kamano e e kgethegileng le Jehofa.—Mathaio 21:43.
Modimo o ne o batla tumelo le boitshwaro jo bo siameng fa a ne a tlhopha bano bao e tlileng go nna baperesiti, eseng losika longwe lo lo kgethegileng loo ba tswang mo go lone. Jaaka fa Petere a ile a bolela jaana: “Modimo [ga] se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.”—Ditihō 10:34, 35.
Ka gone, Modimo ga o tlhole o amogela motho ope ka tsela e e kgethegileng ka ntlha ya lotsalo lo a tswang mo go lone. O naya batho ba merafe yotlhe sebaka sa gore ba nne le kamano le ene. Ekete re ka bontsha gore re eletsa go nna batho ba Modimo ka tumelo le boitshwaro jwa rona.